Thulaganyo ya Tokafatso ya Bokgoni mo go tsa Diaparo le Dikhai (CTCP)

Thulaganyo ya Tokafatso ya Bokgoni mo go tsa Diaparo le Dikhai (CTCIP) e ikaelela go bopa bokgoni gareng ga batlhagisi le mo motseletseleng wa tiro wa tsa diaparo mo Aforikaborwa, go ba kgontsha go tlamela bareki ba bona le go gaisana mo maemong a boditšhaba. Bokgoni jo jwa kgaisano bo akaretsa merero ya ditshenyegelo, boleng, temeko, boikanyego, tlwaelo le bokgoni jwa itlhamelo.

Go latela gore puso e baye seelo sa gore ditlhagisiwa tsa ka fa nageng se fitlhe mo go 100%, lekala la diaparo, masela, letlalo le ditlhako le bone ditlhagisiwa tse di neng di sa tlhole di tlhagisiwa mo nageng di simolola go tsholetsa tlhogo. Tsone di tsenyeletsa diaparo tsa setegeniki, ditlhako tsa pabalesego, diaparo tsa pabalesego le diaparo tsa lesela la bokate.

Letsholo leno, le le tshegeditsweng ke Lenaane le le Tokafaditsweng la Dikgaisano mo Dikgwebong tsa Diaparo le Masela, le nnile mosola mo go tsosoloseng lekala leno. Mo go samaganeng le ntletsentletse ya diaparo tse di sa tureng tse di rokilweng kwa dinageng tsa kwa ntle tse di rekisiwang ka fa nageng, puso e tlhatlositse lekgetho la dilwana tse di rekiwang kwa dinageng tsa kwa ntle ka 45% go itepatepanya le melawanataolo ya Mokgatlo wa Dikgwebo tsa Lefatshwe (WTO).

Bona go le gontsi ka ga thulaganyo e go tswa go Lefapha la Kgwebisano le Intaseteri (the dti).

 

the dti Customer Contact Centre
Tel: 0861 843 384

Share this page