Sekema sa Thuso ya Papatso ya Thomelontle le Peeletso

Sekema sa Thuso ya Papatso ya Thomelontle le Peeletso (EMIA) se tlhabolola dimmaraka tsa diromelwantle tsa dikuno le ditirelo tsa Aforikaborwa le go ngokela dipeeletso tsa boditšhaba tse dišwa mo nageng.

Dikgwebo tse di ka tsewang tsia ke:

  • Batlhagisi le baromelantle ba Aforikaborwa
  • Mekgatlo ya dikgwebo tsa kgwebisano ka diromelwantle e e emetseng bonnye dikgwebopotlana, dikgwebomagareng, kgotsa dikgwebo tse dinnye (SMMEs) tse tharo kgotsa dikgwebo tse beng ba tsona  e leng batho ba ba neng ba sena ditšhono mo malobeng
  • Baemedi ba dikhomišene tsa Aforikaborwa ba ba emetseng bonnye dikgwebo tse tharo tsa SMME / HDI
  • Makgotla a diromelwantle a Aforikaborwa, mekgatlo ya intaseteri le JAGs tse di emetseng bonnye ditheo tse tlhano tsa Aforikaborwa.

Bona go le gontsi ka thulaganyo e go tswa go Lefapha la Kgwebisano le Intaseteri (the dti).

 

the dtic Customer Contact Centre
Tel: 0861 843 384

Share this page