Kopo ya kabelo ya lesole

Ka ga
Se o tshwanetseng go se dira
Nako ya tiragatso
Tuelo ke bokae
Diforomo tse di tladiwang
O ka golagana le mang

 

 

Ka ga thebolelo ya bagale ba ntwa

Fa o ne o le lesole le le lweleng mo Ntweng ya Ntlha ya Lefatshe (1904-1918), Ntwa ya Bobedi ya Lefatshe (1939-1945), dikhuduego tsa Bazulu (1906) kgotsa Ntwa ya Korea mme o sa kgone go itlamela, o ka dira kopo ya thebolelo ya bagale ba ntwa.

O itse jang gore e a go tshwanela?

O tshwanetse go bo o:

  • le moagi kgotsa modudi wa leruri wa Aforika Borwa
  • nna mo Aforika Borwa
  • le dingwaga tse 60 kgotsa go feta kgotsa o golofetse
  • lwele mo Ntweng ya Bobedi ya Lefatshe kgotsa mo Ntweng ya Korea
  • sa ikamogelele thebolelo efe fela ya loago  
  • sa tlhokomelwe mo setheong sa puso
  • sa amogele go feta R 86 280 ka ngwaga. Fa o nyetse/nyetswe, lotseno lwa lona lo kopane ga le a tshwanela go feta R 172 560 ka ngwaga
  • dithoto tsa gago e se tsa boleng jo be fetang R 1 227 600 fa o sa nyala/nyalwa  mme wena le mogatso ga thoto ya lona ga e a tshwanela go feta R2 455 200.

Ela tlhoko: Fa o nna mo ntlong e e leng ya gago kgotsa ya molekane wa gago, boleng jwa yona ga bo tsewe tsia fa go dirwa teko ya bokgoni.

O tla newa bokae?

Bogolo jo o ka bo newang jwa thebolelo ke R 2 200 ka kgwedi.

O tla duelwa jang?

Setheo sa Tshireletso ya Loago sa Aforika Borwa (SASSA) e tla go duela ka nngwe ya ditsela tse di latelang:

  • madi a a seatleng kwa lefelong la tuelo ka letsatsi le le rileng
  • go tsenngwa ga madi mo akhaontong ya gago ka mokgwa wa eleketeroniki, kgotsa banka ya poso (banka e ka go duedisetsa tirelo e)
  • setheo se se dirang jaaka motsamaisi wa thebolelo, sk. mokgatlo wa katlaatlelo.

Ela tlhoko: Fa o sa kgone go ya go itseela madi ka bowena, o ka supa moemedi wa kantorong ya SASSA, kgotsa wa neela mongwe maatla a mmueledi a go ya go tsaya thebolelo eo mo boemong jwa gago.

Thebolelo ya gago e ka sekasekwa leng?

SASSA e ka sweetsa gore a thebolelo ya gago e tlhoka go sekasekwa. Lotseno lwa gago jaaka o lo tlhagisitse fa o ne o dira kopo ya thebolelo ke lona le tla laolang tshwetso eo. O tla itsisiwe dikgwedi tse tharo pele ga nako ka letlha le tebosešwa e tla diragalang kgotsa letlha le setifikeiti sa botshelo se batlegang. Fa o amogela madi a gago ka banka, setheo kgotsa moemedi, o tlhoka go tlatsa setifikeiti sa botshelo kwa kantorong ya SASSA ngwaga mongwe le mongwe.  

Thebolelo ya gago e ka sekegwa leng?

Dilo tse di latelang di ka baka go sekegwa ga thebolelo ya gago:

  • fa maemo a gago a fetoga
  • ditlamorago tsa tshekatsheko
  • fa o se na tirisanommogo fa thebolelo e lejwa sešwa
  • fa o dira bogwenegwene kgotsa o tsietsa
  • fa go ne go diragetse phoso fa thebolelo ya gago e amogelwa.

Thebolelo ya gago e ka fela leng?

Thebolelo e tla fela fa o

  • tlhokafala
  • amogelwa mo setheong sa puso
  • o sa lope dikgwedi tse tharo ka tatelano
  • se teng mo nageng.

Fa mosiamelwa a amogelwa mo setheong se se nang le konteraka le puso go tlhokomela le go tlamela mosiamelwa yoo, thebolelo ya loago e fokolediwa go 25% ya tlhotlhwa e e kwa godimo ya thebolelo ya loago go tloga ka kgwedi ya bone morago ga go amogelwa ga mosiamelwa mo setheong seo. Thebolelo e e fokoditsweng e busediwa maemong a yona ka letlha le mosiamelwa a gololwang mo setheong seo.

Se o tshwanetseng go se dira

  • Etela kantoro e e gaufi nao ya Setheo sa Tshireletso ya Loago sa Aforika Borwa (SASSA) mme o tle le tse di latelang:
    • lekwaloitshupo la gago la bakhoutu ya ditlhakapalo tse 13 (ID). Fa o sena ID:
      • o tshwanetse go tlatsa afidafiti go ya ka popego e e dumelelwang ke SASSA fa pele ga Mokhomišinara wa Maikano yo e seng motlhankedi wa SASSA
      • o tshwanetse go tla le kanego se se kannweng e saenilwe ke motho yo o tlotlegang (jaaka molekgotla, moeteledipele wa setso, modirediloago, moruti wa tumedi kgotsa mogokgo wa sekolo) yo o ka netefatsang leina le dingwaga tsa gago
      • bopaki jwa gore o dirile kopo ya ID le/kgotsa setifikeiti sa botsalo kwa Lefapheng la Merero ya Selegae.
    • iD ya nakwana e e rebotsweng ke Lefapha la Merero ya Selegae (fa e le teng)
    • bopaki jwa paka ya tiro mo ntweng, sk. setifikeiti sa tirelo
    • fa o le ka fa tlase ga 60, tlhatlhobo ya boitekanelo kgotsa pegelo e e tlhalosang gore o ka se kgone go dira
    • bopaki jwa kemo ya lenyalo, fa:
      • o sa nyala/nyalwa, afidafiti e e tlhagisang ntlha e
      • nyetse/nyetswe, setifikeiti sa lenyalo le lekwaloitshupo la mogatso
      • tlhadile, lekwalo la tlhalo
      • mogatso a tlhokafetse, setifikeiti sa mogatso sa loso.
    • fa mogatso a dira, ditshupatuelo tsa mogatso
    • fa o sa dire, ya Letlole la Inšorense ya Botlhokatiro  ‘buka e tala’  kgotsa setifikeiti sa go ntshiwa mo tirong go tswa go mothapi wa gago wa pele
    • fa o na le akhaonto ya banka, kanego ya banka sa dikgwedi tse tharo tse di fetileng
    • fa o na le dipeeletso, tshedimosetso ka ga merokotso le dikabelo tse o di amogelang.

Ela tlhoko: Fa o tsofetse kgotsa o lwala mo o ka se kgoneng go ya kwa kantorong go dira kopo, leloko la lelapa kgotsa tsala e ka go dira kopo boemong jwa gago. Motho yoo o tshwanetse go tsamaya le lekwalo le le tswang mo go wena kgotsa mo ngakeng le le tlhalosang gore ke ka ntlha ya eng o ka se kgone go ya kwa kantorong.

  • latsa foromo ya kopo fa pele ga motlhankedi wa SASSA (ela tlhoko gore ke wena fela moamogeladitshiamelo kgotsa motlhankedi wa SASSA o ka tlatsang foromo ya kopo)
  • o tla newa rasiti. E tshole jaaka bopaki jwa gore o dirile kopo
  • fa o batla go ikwadisetsa tuelo ka madi a a seatleng, motlhankedi wa SASSA o tla go naya letlha le o tshwanetseng go boa ka lona le gore o tle le eng.

Go diragala eng fa kopo e gannwe?

Fa kopo ya gago e sa atlega, SASSA e tla go naya mabaka a go ganwa ga kopo ya gago ka go kwala.
Fa o sa dumelane le tshwetso eo, o ka ikuela go Tona ya Tlhabololo ya Loago. Ikuele mo malatsing a le 90 a go amogela kitsiso ka dipoelo tsa kopo ya gago.

Nako ya tiragatso

  • Go ka tsaya go fitlha go dikgwedi tse tharo go diragatsa kopo ya gago.
  • Fa kopo ya gago e atlegile, o tla duelwa go tloga ka letlha le o dirileng kopo.

Tuelo ke bokae

Tirelo e ke mahala.

Diforomo tse di tladiwang

Foromo ya kopo ga e teng mo inthaneteng. O ka e bona kwa kantorong e e gaufi nao ya tshireletso ya loago (SASSA).

O ka golagana le mang

 

SASSA Toll free: 0800 60 10 11
Email:  GrantEnquiries@sassa.gov.za  

Share this page