Poelo ya sekoloto

Fa mongwe a go kolota madi, o ka nna wa mo suwa gore a go duele sekoloto seo a se go kolotang. Seno se raya gore o ka dira gore mokoloti wa gago a tlhagelele fa pele ga Kgotlatshekelo ya Ditopotuelopotlana go leka go mo dira gore a go busetse madi a gago. Kgotlatshekelo eno e dira gore tsamaiso ya topotuelo e nne ka bonakonyana, bonojana le tlhotlhwatlase.

Bona tshedimosetso ka botlalo ka ga go duelelwa sekoloto kgotsa letsetsa Kantoro ya gago ya Kgaolo ya Lefapha la Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo e e gaufi le wena fa o na le dipotso kana dingongorego.

Share this page