Kwadiso ya diterasete

Terasete ke thulaganyo ya semolao e ka yona taolo ya thoto e fetisediwang kwa mothong kgotsa kwa setlamong (motlhokomedi wa terasete) go tswela motho yo mongwe mosola (moamogeladitshiamelo). O ka kwadisa mefuta e le mebedi ya diterasete, e bong terasete ya inter-vivos le terasete ya testementari. Terasete ya inter-vivos e diriwa fa gare ga batho ba ba tshelang, fa terasete ya testementari e tswa mo wiling e e tlhomameng ya moswi.

Bona tshedimosetso ka botlalo ka ga kwadiso ya diterasete kgotsa letsetsa Lefapha la Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo mo go 012 406 4805 kgotsa imeilela: Chiefmaster@justice.gov.za.
 

 

Share this page