Ka ga kopo ya laesense ya setshwaraditlhapi sa selegae
Go nna le setshwaraditlhapi sa selegae mo Aforikaborwa, sediriswa seo se tshwanetse go kwadisiwa le maemo a folaga ya Aforikaborwa. O tshwanetse go dira kopo ya setifikheiti sa pabalesego kwa South African Maritime Safety Authority (Bothating jwa Pabalesego ya Mawatle jwa Aforikaborwa) le laesense ya setshwaraditlhapi kwa Department of Agriculture, Forestry, and Fisheries (Lefapheng la Temothuo, Jalo ya Dikgwa le Bodirelatlhapi kwa Cape Town.
Go tshwanelwa, o tshwanetse go bo o le:
- moaforikaborwa mme o le mong yo o nang le taolo e e tletseng ya sediriswa seo, kgotsa
- setheo sa koporasi, setlamo kgotsa mokgatlo ofe fela o o kwadisitsweng mo Aforikaborwa o bontsi jwa dišere tsa ona tse di nang le ditshwanelo tsa go vouta di laolwang ke Moaforikaborwa.
Setshwaraditlhapi se akaretsa diaparo, didiriswa, dipolokelo, thoto le lookwane le le mo go sona. Se ka akaretsa gape le setshwaraditlhapi kgotsa di le mmalwa tse di thusang kwa lewatle mo tiragatsong ya tiragalong efe fela e e amanang le bodirelatlhapi.
Ditiragalo tse di akaretsa le fa e se tsotlhe:
- paakanyo
- tlamelo
- polokelo
- go tsidifadiwa
- go tsamaisiwa kgotsa phetolo
- go tsena ka tlhamalalo mo ditiragalong tsa bodirelatlhapi ntle le Karolo e e Kgethegileng ya Ikonomi (Exclusive Economic Zone) (EEZ)/ metsi a boditšhaba ka fa tlase ga maemo a folaga ya Aforikaborwa.
Ela tlhoko: Ke tlolomolao go dirisa sediriswa se se sa kwadisiwang. Fa o sena ditshwanelo tsa go tshwara ditlhapi, o tshwanetse go nna le konteraka le mongwe yo o nang le tshwanelo ya go tshwara ditlhapi go ka dirisa setshwaraditlhapi sa gago.
Ga go setshwaraditlhapi sa kgwebo se se tshwanetse go dirisediwa merero ya boitapoloso.
Ditshwaraditlhapi tse di kwadisitsweng jaaka tsa kgwebo di golaganngwa le tshwanelo e e rileng mme di ka dirisiwa fela ka tshwanelo eo.
Paka ya tlhomamo ya laesense ya setshwaraditlhapi e golaganngwa le paka ya setifikheiti sa Samsa. Laesense ya setshwanraditlhapi e tlhomame mo pakeng e e lekanang le ya setifikheiti sa Samsa.
Nako ya tiragatso
Kopo e ka tsaya matsatsi a tiro a le mararo kgotsa go feta, go tloga ka letlha la netefatso ya tuelo fa fela kopo ya gago e dirilwe ka tshwanelo.
Tuelo ke bokae
Tariffs for each service is reflected on the application form.