Ka ga
Se o tshwanetseng go se dira
Nako ya tiragatso
Tuelo ke bokae
Diforomo tse di tladiwang
O ka golagana le mang
Ka ga go kopa go busediwa madi a laesense
Fa serori sa gago se utswitswe, phimotswe kgotsa se kailwe se sa siamela go ka dirisiwa leruri, o ka dira kopo ya go busediwa madi a laesense ya serori seo.
Kopo ya gago ya go busediwa madi e tshwanetse go lebisiwa go MEC wa porofense e serori sa gago se neng se kwadisitswe kwa go yona mo pakeng ya dikgwedi tse tharo morago ga letlha la kitsiso ya phimolo ya serorir sa gago. Madi a o tla a busediwang a tla balwa jaaka nngwe-somepeding ya tlhotlhwa ya laesense ya serori e e dueletsweng serori sa gago kgwedi nngwe le nngwe e laesense eo e sa ntseng e tlhomame.
Fa kopo ya gago e sena go amogelwa, MEC yo o maleba o tla go rebolela madi a gago – le fa go le jalo madi a a kwa tlase ga R100 a ka se busiwe.
Se o tshwanetseng go se dira
- Etela bothati jwa kwadiso mo porofenseng e o kwadisitseng serori kwa go yona o tshotse tse di latelang:
- lekwaloitshupo la gago
- afitafiti e e netefatsang gore serori se utswitswe, ga se a siamela go ka dirisiwa leruri kgotsa se na le setifikeiti sa phimolo.
- Tlatsa foromo ya RLF (Kopo ya go busediwa Madi a Laesense).
Nako ya tiragatso
Kopo e diragadiwa ka lona letsatsi leo, mme madi a tla busiwa morago ga matsatsi a le mmalwa ka ntlha ya ditsamaiso tsa boruni.
Diforomo tse di tladiwang
Foromo ya RLF (Kopo ya go busediwa Madi a Laesense) (Application for refund of licence fees (RLF) )
Diforomo di bonwa kwa bothating jwa dikwadiso (registering authority) kgotsa o ka di sitlholola mo webosaeteng ya eNaTis (eNaTIS website).
Contact the relevant municipality