Kopo ya laensense ya lebala le thekiso

Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala

 

 

Tlhaloso

O ka dira kopo ya laesense ya lebala le thekiso kwaLefapheng la Diminerale le Maatla fa o rata go reka kgotsa go rekisa Ditlhagiswa tsa Peteroliamo kwa lefelong le le nang le laesense go maloko a setšhaba.

Ela tlhoko: Morekisi o letlwa go reka Ditlhagiswa tsa Peteroliamo go tswa go motlhagisi kgotsa rakgwebokgolo yo o nang le laesense.

Laesense eo e tla tswelela go dira fa fela kgwebo e sa ntse e dira.

Dikgato tse di latelwang

  • Tlatsa:
    • Application for site or retail licence: DME 398  (Kopo ya laesense ya lebala kgotsa khiro: DME 398)
    • Retail licence annual information (Submission Form): DME 395 (Tshedimosetso ya ngwaga le ngwaga ya laesense ya thekiso (foromo ya thomelo): DME 395) tse di bonwang kwa Lefapheng la Diminerale le Maatla.
  • Romela diforomo tse di tladitsweng kwaLefapheng la Diminerale le Maatla.

Boemo jwa tirelo

Molaodi o tshwanetse go tsaya tshwetso mo matsatsing a le 90.

  • Fa fela:
    • mo ntlheng ya kopo ya laesense ka modirakopo yo lefelo la gagwe la thekiso le leng teng kgotsa a tsweletse mo go le tlhomeng, paka e simolola ka letlha la go amogelwa ga kopo eo
    • mo ntlheng ya kopo ya laesense ya modirakopo yo o senang lefelo la thekiso ka nako ya go tsena tirisong ga Molaotlhabololo wa Ditlhagiswa tsa Peteroliamo, wa bo58 wa 2003, paka ya matsatsi a le 90 e simolola ka letlha la kamogelo ya go amogelwa ga bopaki jwa phasalatso ya kitsiso
    • mo dikgweding tsa ntlha morago ga go simolola ga Melawana e, paka ke matsatsi a le 250.

Tlhotlhwa

R500 ya tshedimosetso ya laesense ya thekiso ya ngwaga le ngwaga.

Lefelo la bodirelo, diaterese le megala

 

Share this page