Setifikeiti sa go hudusa bojalwa jwa thomeloteng

Ka ga
Se o tshwanetseng go se dira
Nako ya tiragatso
Tuelo ke bokae
Diforomo tse di tladiwang
O ka golagana le mang

 

 

Ka ga kopo ya go hudusa bojalwa jo bo rekilweng ntle

Fa o batla go tlosa bojalwa jo o bo rekilweng ntle kwa bogorogelong o tshwanetse go dira kopo ya setifikheiti go tswa go Lefapha la Temothuo, Jalo ya Dikgwa le Bodirelatlhapi, Karolo ya Tsholo e e Katolositsweng kwa bogorogelong gore bot le bo isiwe kwa o batlang go bo rekisa teng mo Aforikaborwa.

Fa Karolo ya Tsholo e e Katolositsweng ya DAFF e sena go dumelela kopo ya gago, e tla romela bojalwa jwa gago kwa polokelong sa se tswetsweng sa temothuo mo setshoding mme e itsise motlhatlhobi koo.

O tshwanetse go ya kwa polokelong e bojalwa jwa gago bo tla isiwang kwa go yona go neela motlhatlhobi setifikheiti sa go ntsha le go phutholola dikuno tsa bojalwa go tswa mo setshoding o etswe tlhoko ke motlhatlhobi.

O ka se kgone go tlosa bojalwa kwa bogorogelong go ya kwa bo tla rekisiwang kwa teng ntle le setifikeiti sa go hudusa bojalwa.

Se o tshwanetseng go se dira

  1. Etela Karolo ya Tsholo e e Katolositsweng kwa DAFF kwa bogorogelong mme o tlatse foromo ya Kopo ya go hudusa kgotsa o e download sitlholole.
  2. Tlatsa foromo mme o e romele go Karolo ya Tsholo e e Katolositsweng kwa DAFF kwa bogorogelong.
  3. O tshwanetse go tlatsa foromo e e farologaneng ya kumo nngwe le nngwe ya bojalwa ya bogolo jwa lebotlolo, popego, leina la kananyo le leibole tse di farologaneng. Diforomo tsa kopo di tshwanetse go tsamaya le tse di latelang:
    • sampole ya dimililitara tse  750 e motlhatlhobi a tla e tsayang mo kunong e e gorogileng
    • setifikheiti sa thekontle.
  4. Fa kopo ya gago e atlegile, dikuno tsa gago tsa bojalwa di tla isiwa kwa polokelong ya temothuo mo setshoding. O tshwanetse go ya kwa polokelong eo go naya motlhatlhobi setifikeiti sa go hudusa le phutholola nnotagi go tswa mo setshoding seo.

Nako ya tiragatso

Ga go nako e e beetsweng tirelo e.

Tuelo ke bokae

Dituediso tsa 2024/25

Diforomo tse di tladiwang

Application for a certificate of removal

O ka golagana le mang

 

Regional offices

Tel: 021 809 1660
Fax: 021 887 9457
E-mail: jeswaynen@dalrrd.gov.za
Physical address: Plant Quarantine Station, Polkadraai Road, Stellenbosch 7600
Postal address: Inspection Services – Stellenbosch, Private Bag X5015, Stellenbosch 7599

 

Share this page