Kopo ya thebolo ya poo gore di ntshiwe moroto wa senna

Ka ga
Se o tshwanetseng go se dira
Nako ya tiragatso
Tuelo ke bokae
Diforomo tse di tladiwang
O ka golagana le mang

 

 

Ka ga kopo ya go bona tumelelo ya go dirisa phologolo go aba sere sa bosika

Go tsaya sere sa bosika go tswa mo phologolong, o tshwanetse go bona tumelelo go tswa go Mokwadisi: Tokafatso ya Diphologolo.

O tshwanetse go tsaya sampole ya madi a phologolo e o batlang go tsaya sere sa bosika mo go yona. Romela disampole tsa madi kwa laboratoring e e maleba go dira diteko tsa DNA. Laboratori e tla go rebolela setifikheiti sa tshedimosetso ka DNA ya phologolo eo. Setifikheiti seo se tlhokega kwa mokgatlong wa kgodiso ya diphologolo go netefatsa botsadi jwa phologolo le go tlhalosa gore ke phologolo efe.

Ngaka ya diphologolo e tshwanetse go tlhatlhoba phologolo eo. Golagana le motlhankedi wa diphologolo kwa lefapheng la temothuo mo porofenseng ya gaeno. Gore phologolo e dumelelwe go ka aba sere, e tshwanetse go bo e itekanetse e bile e se na malwetse. Motlhankedi wa diphologolo o tla tlhatlhoba boleng jwa moroto wa senna wa phologolo le ditlhokego tse dingwe tse di maleba. Morago ga tlhatlhobo e, motlhankedi wa diphologolo o tla tlatsa le go saena karolo ya “kano” ya foromo. E seng jalo, o ka dirisa motlhankedi wa diphologolo wa poraefete.

Fa o sena go isa kopo ya gago, Mokwadisi le mokgatlo wa kgodiso ya diphologolo ba tla netefatsa tshedimosetso e e neetsweng ke motlhankedi wa diphologolo le tshedimosetso e e tswang kwa laboratoring. Fa ba kgotsofetse ka tshedimosetso eo, Mokwadisi o tla go itsise gore o rulaganye tlhatlhobo ya phologolo e e amegang ka motlhankedi wa diphologolo gore o newe setifikheiti.

Fa go na le go se itekanele ga dikoromosome mo tshikeng e e rileng, Mokwadisi o tla go itsise gore o ise setifikheiti sa kgololo sa karyotype. Fa Mokwadisi le mokgatlo wa kgodiso ya diphologolo ba sa kgotsofala, ba tla go itsise.

Ela tlhoko: Fa o batla go tsaya sere sa bosikamo diphologolong tse di fetang bongwe, o tshwanetse go dira dikopo tse di farologaneng go ya ka phologolo nngwe le nngwe.

Se o tshwanetseng go se dira

  1. Tsaya sampole ya madi mo phologolong e o ratang go e dirisetsa go tsaya sere sa bosikamo go yona gore a dirwe diteko tsa DNA kwa laboratoring e e maleba.
  2. Golagana le lefapha la temothuo go bona motlhankedi wa diphologolo
  3. Duela tlhotlhwa e e beilweng ka tšheke, otara ya poso kgotsa otara ya madi go Mokaedikakaretso: Lefapha la Temothuo, Jalo ya Dikgwa le Bodirelatlhapi. Fa o isa kopo ya gago le madi a kopo ka seatla o tshwanetse go netefatsa gore o newa rasiti ya tuelo. Fa o duela mokgwa wa phetisetso ya ileketeroniki, o tshwanetse go duela mo akhaontong e e latelang:
    The Director-General: Agriculture, Forestry and Fisheries
    Standard Bank
    Nomoro ya akhaonto: 011219556
    Lekala: Arcadia
    Nomoro ya lekala: 000845/010845.
    Ref: Leina le sefane
  4. Sitlholola le go tlatsa foromo e e maleba. Tlatsa dikarolo 1 go fitlha go 3 mo foromong eo.
  5. Kgomaretsa setifikheiti sa tshedimosetso ya DNA le bopaki jwa tuelo mo foromong ya kopo
  6. Romela kopo ya gago ka poso go: Private Bag X138, Pretoria 0001 kgotsa e ise ka seatla go: Delpen Building, Cnr Annie Botha Avenue and Union Street, Riviera, Pretoria

Nako ya tiragatso

Matsatsi a le 30.

Tuelo ke bokae

R620

O ka golagana le mang

 

Registrar: Animal Improvement

Tel.: 012 319 7424/34
Fax: 012 319 7570/7425

Physical address: Delpen Building, Cnr Annie Botha Avenue and Union Street, Riviera, Pretoria
Postal address: The Registrar of Animal Improvement, Private Bag X138, Pretoria, 0001.

 

Share this page