Pogelo ya Kopano ya Kabinete ya la bo 04 Lwetse 2013

05 Sep 2013

1. Seemo sa Kabinete mo mererong e e kwa setlhoeng mo maemong a ga jaanong

1.1. Kabinete e amogela tlhomamiso ya Kgolagano ya Ditirelo tsa Baagi mme gape e tlotlomatsa mekgatlho ya badiri ba puso le Puso jaaka mothapi ka boitlamo jo bo dirilweng ka Kgolagano eno.

Kgolagano eno e tlhagisa maemo a ditirelo tsa puso a a totobetseng mo lekaleng la ditirelo tsa puso mme mekgatlho ya badiri ba puso e netefaditse boitlamo jwa tsona jwa go ema nokeng maemo a ditirelo.

1.2. Kabinete e ela tlhoko fa makala a mantsi ga jaana a tshwaragane le Dipuisano tsa Meputso. Kabinete e amogela ditumelano tse di dirilweng mo makaleng a manngwe, e bile e ela tlhoko fa makala a mangwe a ntse a tsweletse pele ka dipuisano. Kabinete e amogela gore mo nageng ya temokerasi, badiri ba na le tshwanelo ya go tshwara megwanto. Kabinete e gatelela fa tshwanelo eo e tshwanetse go diragadiwa ntle le tirisodikgoka le ka go obamela molao ka dinako tsotlhe.

Baeteledipele ba Mekgatlho ya badiri, bathapi le ditirelo tsa tshireletso ya puso ba na le maikarabelo a go netefatsa kobamelo ya molao, le go ikgatolosa maitshwaro a go rumulana le go diragatsa megwanto ya badiri ka mokgwa wa kagiso.

Kabinete e dira boikuelo go mekgatlho yotlhe go dira ka bo jotlhe go wetsa dipuisano tsa meputso ka bonako jo bo kgonagalang le go tiila dipuisano tse di tsayang nako e teleele. Ditumelano tsa ka bonako di tla thusa go fokotsa ditshenyegelo tsa khampani le go godisa maikaelelo a naga a ditiro le kgolo.

1.3.  Kabinete e amogetse Kopano ya bobedi ya Ngwaga ya Meepo eo e neng e tshwerwe mo bekeng e e fetileng. Kopano eo e tlhagisitse gape tšhono e ngwe go batsayakarolo ba botlhokwa mo indasetering ya meepo go tswelelapele ka dipuisano go bona ditharabololo tsa nako e teleele mo dikgwetlhong tse di lebaganeng le lephata leo. Ka fa tlase ga boeteledipele jwa Motlatsamoporesitente Kgalema Motlanthe, puso e tswelelapele ka go ema nokeng lenaanetsamaiso la tumelano le tiragatso ya lona go ntshetsapele kgolo le botsitso mo lephateng la meepo. 

1.4. Mo go ipaakanyetseng segopotso sa Dingwaga di le 20 tsa Kgolosego ka la bo 27 Moranang 2014, Kabinete e dira boikuelo go maAforika Borwa otlhe go keteka histori ya rona le go itumelela meetlo ya rona e e farologaneng ka Kgwedi ya Ngwaobošwa. Keteko ya monongwaga e tla diriwa ka fa tlase ga moono wa: “Pusetso, Poloko le Keteko ya Ngwaobošwa ya Rona e e Tswelelangpele”.

Letsatsi la ngwaobošwa le tla ketekiwa kwa Lebaleng la Metshameko la Sisa Dukashe mo Mdantsane, Mmasepala wa Buffalo City, wa Porofense ya Kapa Botlhaba ka la bo 24 Lwetse 2013.

Jaaka karolo ya letšholo la Dingwaga di le 20 tsa Kgololosego, kgolagano ya bosetšhaba ya tlhaeletsano e tla tlhomamisa ‘Labotlhano wa Kgololesego’ ka la bo 20 Lwetse 2013, go ka tlamela maAforika Borwa ka serala sa go tlotlomatsa kgololosego ya rona e e kgaratlhetsweng boima go netefatsa losika la isago le tla kgona go una molemo mo temokerasing ya rona e e tlhabologang.
Ka Lwetse, ka maikaelelo a go ema nokeng maano a Bojanala mo nageng, Kabinete e rotloetsa maAforika Borwa go etela mafelo a ngwaobošwa gore gakolola ka loeto lwa rona lwa go fitlhelela kgololosego. Gape, go e ma nokeng bošwa jwa rona jwa tlholego ka go etela diphaka tsa bosetšhaba ntle le tuelo go simolola ka la bo 9 go fitlha ka la bo 13 Lwetse 2013 jaaka karolo ya beke ya Borobedi ya Ngwaga le Ngwaga ya Diphaka tsa Bosetšhaba tsa Aforika Borwa (SANParks).

1.5. Kabinete e rotloetsa batsadi botlhe le baemedi ba bana go thusa bana ba bona fa ba ipakaanyetsa Ditlhatlhobo tsa Bosetšhaba tsa Ngwaga (ANA) tsa go buisa le go bala tse di tla diragalang ka la bo 10 go fitlha Lwetse 2013.

Batsadi le baemedi ba bana ba tshwanetse go netefatsa fa ba itepanya le dipholo tsa ANA tsa 2013 ka gonne e le sedirisiwa se se botlhokwa go ka tlhomamisa bokgoni le bokoa jwa baithuti.
Go ipaakanyetsa ANA e e tla latelang batsadi, baemedi ba bana le baithuti ba rotloediwa go dirisa didirisiwa tse di tlamelwang ke Lefapha la Thuto ya Motheo. Se, se ka fitlhelwa mo webosaeteng ya Lefapha mo (http://www.education.gov.za).

1.6. Kabinete e romela molaetsa wa thotloetso go masole a Tshireletso ya Bosetšhaba ya Aforika Borwa ao a rometsweng kwa botlhabatsatsi jwa Rephaboliki ya Temokerasi ya Congo paka ya go tloga ka la bo 13 Seetebosigo 2013 go fitlha ka la bo 31 Mopitlwe 2014. Go diriwa boipiletso go maAforika Borwa go thusa le go tlotlomatsa masole ano, ba ba leng botlhokwa go diragatsa boitlamo jwa Aforika Borwa jwa kagiso, botsitso le matlafatso ya temokerasi mo kontinenteng ya Aforika.

1.7. Kabinete e akgola go thapiwa ke boporesitente jwa ga Rre Mxolisi Sandile Oliver Nxasana jaaka Mokaedi wa Bosetšhaba wa Batšhutšhisi le Vasantrai Soni (SC) jaaka Molaodi wa Lekala le le Kgethegileng la Dipatlisiso.

1.8. Kabinete e eletsa masego morafe wa maJuta wa Aforika Borwa Rosh Hashanah ya boitumelo (5-6 Lwetse 2013). Rosh Hashanah e botlhokwa go morafe wa maJuta ka gonne e bontsha tshimologo ya moono wa go ipatlisisa ka namana le go itebelela go tsamaelana le Yom Kippur, e leng Letsatsi la Poelano.

1.9. Kabinete e romela Matshidiso go Tona Mthetwa le losika la gagwe ka go tlhokafala ga mme wa gagwe Mohumagadi Nurse Gumbi ka la bo 03 Lwetse 2013.

2. Dipuisano le ditshweetso tsa Kabinete tse di botlhokwa

2.1. Kabinete e amogetse dipholo tsa pegelo ya Ditshekatsheko tsa Tiragatso ya Didirisiwa tsa Bolaodi (MPAT) jwa mafapha a bosetšhaba le a porofense boemong jwa ngwaga wa ditšhelete wa 2012/13. Maikaelelo a pegelo ke go dirisiwa jaaka sedirisiwa sa tlhabolola ya boleng jwa ditirelo tse di tlamelwang ke mafapha. Se sekaseka tlhabololo ya dintlhakgolo di le nne tse di anameng tsa bolaodi; ebong taolo ya kabo ya ditirelo, taolo ya didirisiwa tsa botho, thulaganyo ya togamaano le thebolo ya ditirelo. Tshekatsheko e diriwa ka magato a le mararo, tshekatsheko ya sebele; morago ga moo go latela tsamaiso ya thulaganyo ya boruni jwa mogare le thulaganyo ya setlhopa sa basekaseki ba ba ikemetseng.

Pegelo e tla tlhalosiwang ka botlalo ke Lefapha la Tekolo le Tshekatsheko ya Tiro ka leltha la tlhomamiso ya MPAT ka beke e e latelang kwa Motse Kapa.

2.2. Kabinete e amogetse le go atlenegisa dipegelo tsa kotara ya ntlha tsa ngwaga wa ditšhelete wa 2013/14 ka tiragatso ya Ditumelano tsa Ditirelo boemong jwa Dikaelo. Dipegelo tseno di tla tlhalosiwa ka botlalo ka nako ya ditshwaelo tse di rulaganyeditsweng bobegakgang mabapi le ngwe le ngwe ya Dikaelo tse di 12.

2.3. Kabinete e amogetse pegelo ka ga Porojeke ya go Tlosiwa ga Tshedimosetso e e sa Siamang ya Sekoloto mme e atlenegisitse ditshitshinyo tsa Komiti ya Ditiro tsa lekala la Dikgolagano tsa Kgwebisano le tsa Boditšhabatšhaba.

Seno se ikaeletse go lebagana le ntlha ya gore maAforika Borwa a kgone go fitlhelela sekoloto fa ba kgona sekoloto. Ba, ke badirisi ba ba ka neng ba duetse sekoloto sa bona ka botlalo e bile ba kgona sekoloto mme fela ba thibelwa ke tshedimosetso e e fosagetseng ya dintlha tsa bona ka sekoloto.

Maikaelelo ke go netefatsa fa Molao wa Bosetšhaba wa Sekoloto (Molao 34 wa bo  2005) o dira go ya ka maikaelelo a ona a go netefatsa fa badirisi ba ba kgonang sekoloto ba kgona go se fitlhelela. Tlhokego ya phitlhelelo kgotsa sekoloto se se kwa godimo se kgoreletsa kgolo. Phitlhelelo ya sekoloto se se kgonagalang e botlhokwa mo go matlafatseng maikaelelo a tlhabololo.

2.4. Kabinete e atlenegisitse Molaotshitshinyo ka Pusetsomorago ya Dikgetse tsa Batshwarwa ba ba mo kgolegelong le go tlhagisiwa ga ona fa pele ga Palamente.

Maikaelelo a Molaotshitshinyo ke go tlhabolola taolo ya lenaneo la batshwarwa ba ba letileng tsheko mo dikgolegelong tsa Aforika Borwa. Tokomane eno, e totobatsa moono yo o tla tlhotlheletsang taolo ya pusetsomorago ya dikgetse tsa batshwarwa ba ba mo kgolegelong. E bile, pegelo eno e tla tlhagisiwa go ya ka tsamaiso ya Palamente.

2.5.  Kabinete e amogetse gore pegelo ya Tumelano ya Setlhopa sa Dibetsa e romelwa kwa Palamenteng go amogelwa. Kabinete e ema nokeng go repitliwa ga mokowa wa setlhopa sa dibetsa go netefatsa kobamelo ya tumelano eno.

Ka Ngwanaitseele 2006 khonferense ya Dinagakopano ga ya ka ya kgona go fitlhelela tumelano ka mokgwa o go ka rarabololwang ditlamorago tse di sa itumediseng tsa dibetsa tseno mo bathong. Se se ile sa tlhotlheletsa gore setlhopa sa dinaga di le 46, go akarediwa le Aforika Bowa se tshwarwe dipuisano ntle le UN, mme ka ntlha ya seo gwa rebolwa tumelano e e bidiwang Tsamaiso ya Oslo ya kiletso ya setlhopa sa dibetsa.

Aforika Borwa mmogo le Dinaga tse dingwe di le 93, e saenile Tumelano eno ka Sedimonthole 2008. Tumelano e ile ya tsena tirisong ka la bo 1 Phatwe 2010. Tumelano e iletsa tiriso, tlhagiso, go bolokwa ga mokowa, le tsamaiso ya magato a a rileng a setlhopa sa dibetsa. Tetelelelo ya Tumelano e tsamaelana le boitlamo jwa Aforika Borwa jwa mametlelelo ya ditshwanelo tsa botho le molao wa botho fa e ikamana le ntwa ya dibetsa.

2.6.  Kabinete e amogetse pegelo e e tlhagisitsweng kwa Palamenteng ke Mokanokimogolokakaretso ka ga Boruni jwa Lefatshe la Puso le le Kwadisitsweng le tshekatsheko ya tshedimosetso ka ga Beng ba Lefatshe la Poraefete mo Aforika Borwa.

Tshedimosetso ka ga lefatshe e botlhokwa go ntshetsapele ditlhabololo tsotlhe mo nageng. Maikaelelo a tshekatsheko ya lefatshe la Puso le le kwadisitsweng ke go tlhomamisa gore puso e na le lefatshe le le kae, le dirisetswa eng le gore badudi kgotsa badirisi ba lona ke bo mang.

Se, se tla dirisediwa go matlafatsa bonnete jwa lenaneo la lefatshe, le le tla dirang jaaka motheo wa thulaganyo wa lefatshe le le matlafaditsweng le taolo, go akarediwa ditiro tse di lebaganeng le taolo ya merero ya thoto le thebolo ya ditirelo tse di tlhabolotsweng.

2.7. Kabinete e amogetse Sebopego sa Khampani ya Dikhoine ya Aforika Borwa mabapi le R2 ya 2013 (1/4 oz) segopotso sa tsweletso ya khoine ya digarata di le 24 tsa gauta le R1 ya 2013 (1/10 oz) segopotso sa tsweletso ya khoine ya digarata di le 24.

Tlhagiso ya khoine ya R2 ya 2013 e tla kwalwa ka puo ya se-San mme sebopego sa khoine ya gauta sa R1 ya 2013 e tla nna pollinatara ya boraro ya Mamanthane o o jang Maungo. Dibopego tsa dikhoine mmogo le Dikgoeletso tsa tsone di tla phatlalatswa mo Lokwalodikgang lwa Melawana ya Puso. Morago ga moo di tla tlhagisiwang le go rekisiwa ka tsela e e tlwaelegileng.

2.8.  Kabinete e amogetse ditshwaelo tse di dirilweng ke Komiti ya Dinaga tse Dikopaneng ka ga Ditshwanelo tsa Bana le Komiti ya Boitsanape ya Dinaga Kopano dipegelo di le 3 tse di amang tswelelopele e e dirilweng mabapi le tshireletso le boitekanelo jwa bana. Dipegelo tseno di tlamela ka tšhono e e totobetseng le e e botlhokwa go sekaseka tswelelopele e e dirilweng ke Aforika Borwa ka ga dintlha tseno;
a)  Pegelo ya Naga ya Protokholo ya Boikgetholo ka ga Thekiso ya Bana, go gweba ka mmele ga bana le Dipontsho tse di maponopono tsa Bana
b)  Pegelo ya tlhakanelo ya bobedi, boraro le ya bone ya Tumelano ya Dinaga Kopano ka ga Ditshwanelo tsa Bana
c)  Tšhata ya Aforika ka ga Ditshwanelo le Boitekanelo jwa Bana: Pegelo ya Ntlha ya Naga go Komiti ya Boitseanape ya Dinaga Kopano tsa Aforika ka ga ditshwanelo le Boitekanelo jwa Bana.

Kabinete e leboga mekgatlho e e farologaneng ya baagi le bomphato ba dinaga tsa boditšhabatšhaba bao ba ileng ba ipopa ngata e le nngwe le puso go ntshetsapele boitlamo jo bo dirilweng boemong jwa bana mo Molaotheong wa rona.

3. Melaotlhomo

3.1.  Kabinete e amogetse tshwaelo ka ga go tlhagisiwa kwa Palamenteng ga Molaotlhomo wa Pusetso ya Ditshwanelo tsa Lefatshe.

Maikaelelo a Molaotlhomo ke go tlhabolola Molao wa Pusetso go atolosa letlha la dipegelo tsa ditopo tsa pusetso go fitlhela ka la bo 31 Sedimonthole 2018; go akaretsa bosenyi jwa topo ya bofora jaaka tatofatso, nolofatso ya tsamaiso ya go thapiwa ga Baatlhaodi boemong jwa Kgotlatshekelo ya Ditopo tsa Lefatshe; le tlhabololo ya ditaelo tse di rileng tse di tobileng go godisa tiragatso e manontlhotlho ya Molao.  Go bulwa sešwa ga ditopo go tlhotlheleditswe ke ponelopele ya Leano la Bosetšhaba la Tlhabololo le Porograma e e Golagantsweng ya Tlhabololo ya Metsemagae le maano manngwe a kgolo ao a lebaganeng le go godisa poelano le kitlano ya setšhaba.

3.2. Kabinete e amogetse go tlhagisiwa kwa Palamenteng ga Molaotlhomo Tlhabololo wa Melao ya Saense le Thekhenoloji wa 2013.

Molaotlhomo Tlhabololo o tobile diphetogo tsa Melao e mentsi, e e laolang ditiro tsa ditheo (dikhansele tsa saense) tseo di neng di tlhamilwe go ya ka Molao ono. Maikaelelo a Molaotlhomo ke go golaganya tsamaiso ya go tlhopiwa le go thapiwa ga maloko le go tlatsa diphatlatiro tsa Diboto kgotsa Dikhansele tsa ditheo tseo. Molaotlhaomo o godisa bokgeleke jwa tiro le tolamo mo ditsamaisong le taolo ya ditheo tsa baagi tse di leng ka fa tlase ga taolo ya Tona ya Saense le Thekhenoloji.

Mo ntlheng ya matlafatso ya maikarabelo a tekolo ke Palamente, maikaelelo a Molaotlhomo ke go golola Palamente mo maikarabelong a a rileng a taolo mabapi le go thapiwa ga maloko le go tlatsa diphatlatiro tsa Diboto le Dikhansele tseo. Se, se tsamaelana le moono wa kgaogano ya maatla.

3.3. Kabinete e amogetse gore Molaotlhomo wa Merero ya Setso o phasalatswe mo Lokwalodikgang lwa Melawana ya Puso go abela baagi tšhono ya go tshwaela.

Molaotlhomo o tlamela ka ditaelo tsa semolao boemong jwa kamogelo ya maKhoi-San le go lepanya ditlhokego tsa molao wa ga jaana le boeteledipele jwa setso le taolo.

Fa e sale go tloga ka 1994 puso e etse tlhoko dikgwetlho tse di amang morafe wa  maKhoi-San le boeteledipele. Molaotlhomo o tla tlhotlheletsa dintlhakgolo tsa Leano la Bosetšhaba la Tlhabololo mabapi le matlafatso ya kutlwano ya setšhaba le kitlano mo go je lenngwe o lebaganye le ditshiamololo tsa puso ya maloba.

3.4. Kabinete e amogetse go tlhagisiwa kwa Palamenteng ga Lenaanetsamaiso la Tshekatsheko ya Pholisi ya Molao wa Bosetšhaba wa Sekoloto le ka nakMolaotlhomo Tlhabololo wa Bosetšhaba wa Sekoloto.

Molao wa Bosetšhaba wa Sekoloto wa 2005 (Molao bo 34 wa 2005) o tsentswe tirisong ka botlalo ka la bo 1 Seetebosigo 2007 ka nako ya go tlhagisiwa ga melawana ya sekoloto mo Lenaneong la Molao wa Aforika Borwa.

Maikaelelo a Molaotlhomo ke go matlafatsa bokgoni jwa Molaodi wa Bosetšhaba wa Sekoloto (NCR) go tobana le dikgwetlho tse di rileng, segolo jaang mabapi le ditsamaiso tsa kgotlatshekelo le godisa kobamelo le tiragatso ya ditaelo tsa Molao wa Bosetšhaba wa Sekoloto wa bo 34 wa 2005.

Lefapha la Kgwebo le Indaseteri (dti) le lona le dumetse fa pholisi ya Lenaanetsamaiso la Sekoloto sa Badirisi seo e leng motheo wa Molao wa Bosetšhaba wa Sekoloto wa bo 34 wa 2005, o siame e bile o le botlhokwa. Seno, se builwe morago ga tshekotsheko e e golagantsweng e e dirilweng ke dti ka 2012.

3.5.  Kabinete e amogetse tshwaelo ka ga Molaotlhomo Tlhabololo wa Tlhomamiso ya Meputso ya Maloko ka ga Merero ya Ditheo tsa Molaotheo wa 2013.

Maikaelelo a Molaotlhomo ke go tlhola mokgwa o o tshwanang mabapi le tlhomamiso ya meputso, diallawanse le dipeelo le mabaka a mangwe boemong jwa go thapiwa ga maloko a Ditheo tsa Chapter 9, ka maikaelelo a go godisa bokgeleke jwa tiro le tolamo mo tiragatsong ya ditiro le taolo ya ditheo tse di botlhokwa tseno.

4. Go thapiwa

4.1. Kabinete e amogetse go thapiwa ga Rre Mokutule Joseph Kgobokoe jaaka Motlatsamokaedikakaretso wa: Tshireletso ya Dijo le Tlhabololo ya Temothuo wa Lefapha la Temothuo, Dikgwa le Botšhwasi jwa Ditlhapi.

4.2. Kabinete e amogetse go thapiwa ga Mohumagadi Zandile Yvonne Mathe jaaka Motlatsamokaedikakaretso wa: Lekala la Bosetšhaba la Mafaratlhatlha ya Metswedi ya Metsi wa Lefapha Merero ya Metsi.

4.3. Kabinete e amogetse go thapiwa ga batho ba ba latelang jaaka maloko a boto ya Ajensi Tlhabololo ya Tlhakanelo ya Dipolokelo:
a) Sethe Patricia Makhesha (Modulasetilo)
b) Peter Koch (Motlatsamodulasetilo o thapiwa lekgetlho la bobedi)
c) Venete Jarlene Klein
d) Lufuno Nevondwe
e) Thabo Vaughan Shenxane
f) Samuel Senalor Akrong
g) David Ginsburg
h) Renganayagee Kisten

4.4. Kabinete e amogetse go thapiwa ga maloko a a latelang a Khansele ya Dipatlisiso tsa Temothuo go tsamaelana le karolo 9(1) ya Molao wa Dipatlisiso tsa Temothuo wa 1990 Molao wa bo 86 wa 1990 paka e e sa feteng dingwaga di le tharo.
a) Rre Jonathan Winston Alexander Godden (o thapiwa lekgetlho la bobedi)
b) MoporofesaraMichael Jeffrey Kahn (o thapiwa lekgetlho la bobedi)
c) MoporofesaraSibusiso Vil-Nkomo (o thapiwa lekgetlho la bobedi)
d) Ngaka Joyce Chitja (o thapiwa lekgetlho la bobedi)
e) Mohumagadi Wilna Jansen Van Rijssen (o thapiwa lekgetlho la bobedi)
f) Ms Dudu Msomi (o thapiwa lekgetlho la bobedi)
g) Rre Mzolisi Dyasi (o thapiwa lekgetlho la bobedi)
h) MoporofesaraFrans J.C Swanepoel (o thapiwa lekgetlho la bobedi)
i) Rre Gerard John Martin
j) Mohumagadi Dora Ndaba
k) Rre Ismail Cassim Motala
l) Mohumagadi Muhle Joyce Mashiteng
m) Mohumagadi Rowen Graham Nicholis
n) Rre Clive Douglas Kneale
o) Moporofesara Louw C. Hoffman
p) Rre. Allen Henry Bishop

4.5. Kabinete e dumelane le go thapiwa ga batho ba ba latelang ba Khansele ya Bolaodi Taolo jwa Tshireletso ya Diindaseteri tsa Poraefete, paka e e sa feteng dingwaga di le tharo:
a) Rre Daniel Claude Mojalefa Rathebe (Motlatsamodulasetilo)
b) Mobrigadiri Cynthia Lindiwe Philison (Molekgotla)
c) Rre Benjamin Somangamane Ntuli (Molekgotla)
d) MohumagadiNontokoza Mthembu (Molekgotla)

4.6. Kabinete e amogetse katoloso ya kgolagano ya tiro ya ga Ngaka Vuyelwa Nhlapo jaaka Motlhankedimogolomolaodi wa Ajensi Tlhabololo ya Bosetšhaba paka ya dingwaga di le 2 go simolola ka Lwetse 2013 go fitlha 31 Phatwe 2015.

4.7. Kabinete e amogetse go thapiwa ga Rre Mokadi Max Mathye jaaka Motlhankedi Molaodimogolo wa Bolaodi Katiso jwa Lekala la Thuto ya Dijo le Dino.

4.8. Kabinete e amogetse go thapiwa lekgetlho la bobedi ga maloko a ileng a netefatsa fa ba kgona gape go direla Khansele ya Tlhabololo ya Botho ya Aforika Borwa go simolola ka Lwetse 2013 go fitlha ka Phatwe 2018.

Modulasetilo wa Khansele ya kgakololo ya makala a mantsi ano ke Motlatsa Moporesitente Kgalema Motlanthe e bile e na le Ditona di le 13 bao e leng maloko a leruri a a emetseng puso. Gape, e tlhamilwe ka baemedi go tswa go mekgatlho ya kgwebo le ya badiri, barutegi, baagi le maloko a a tlhophilweng. (Maina mo Mametlelelo ya 1)

Kabinete e boetse gape ya amogela bathapiwa ba sešweng ba ba latelang:
a) Rre Mongwena John Maluleke (mokgatlho wa badiri)
b) Rre Thero Micarios Lesego Setiloane (mokgatlho wa kgwebo)
c) Rre Seeraj Mohamed (motlhatlheledi)
d) Ngaka Octavia Khabelani Mkhabela (leloko le le tlhophilweng)
e) Ngaka Raymond Patel (leloko le le tlhophillweng)
f) Ngaka Duduzile Rosemary Mkhize (leloko le le tlhophillweng)
g) Mohumagadi Happy Mavis Sibande (leloko le le tlhophillweng)

Dipotsiso: Phumla Williams (Sebueledi sa Kabinete sa namaotshwere)
Mogala: 083 501 0139

MAMETLELELO YA I

Go tlaleletsa bathapiwa ba sešweng ba le supa ba ba tlhalositsweng fa godimo, Kabinete e amogetse go thapiwa lekgetlho la bobedi ga batho ba ba latelang go direla Khansele ya Tlhabololo ya Botho ya Aforika Borwa go simolola ka Lwetse 2013 go fitlhela Phatwe 2018;
a) Rre Dennis George (FEDUSA)
b) Rre Narius Moloto (NACTU)
c) Mohumagadi Nolitha Fakude (SASOL)
d) Mohumagadi Lulama Nare (SADTU)
e) Mohumagadi Fezeka Loliwe (SADTU)
f) Rre JJ Mbana (Kholetšhe ya Midland mo Kapa Botlhaba)
g) Ngaka Jeffrey Mabelebele (Thuto e Kgolwane ya Aforika Borwa)
h) Ngaka Rob Adam (SETLHOPHA SA AVENGE)
i) Rre Bheki Ntshalintshali (COSATU)
j) Rre Nape Maepa (Akhademi ya Boenjenere ya Aforika Borwa)
k) Rre Brian Whittaker (VUMELANA)
l) Ngaka Allyson Lawless (Setheo sa Boenjenere jwa Botaki sa Aforika Borwa)
m) Rre Ravi Naidoo (Bogakolodi jwa Ditiro tsa Mafaratlhatlha le Tlhabololo)
n) Moporofesara Cheryl de la Rey (Yunibesithi ya Pretoria)
o) MoporofesaraVuyiswa Mazwi-Tanga (Yunibesithi ya Tekhenoloji ya Cape Peninsula)
p) Mohumagadi Buelah Mosupye (Kgokaganyo ya BLH)
q) Rre Sizwe Nxasana (Banka ya First Rand)
r) Mohumagadi Mzolisi Toni (Lefapha la Basadi, Bana le Batho ba ba nang le Bogole)
s) Moporofesara Peliwe Lolwana (Yunibesithi ya Witwatersrand)
t) Rre Brian Angus (Lekoko la Boeteledipele jwa Kgwebo mo Aforika Borwa)
u) Ngaka Florus Prinsloo (Lefapha la Thuto e Kgolwane le Katiso)
v) Mohumagadi Janet Lopes (Federešhene ya Bokgoni ya Diindaseteri tsa Boenjenere tsa Aforika Borwa)
w) Moadfokata Rams Ramashia (Rand Refinery Limited)
x) Ngaka Xolani Mkhwanazi (BHP Billiton)
y) Moporofesara Edward Webster (Yunibesithi ya Witwatersrand)
z) Rre Edward Majadibodu (Bolaodi jwa Bosetšhaba jwa Bokgoni)
aa) Rre Elija Litheko (Setheo sa Bolaodi jwa Botho)
bb) Moporofesara Lekoa Solly Mollo (Akhademi ya Boeteledipele jwa Tsamaiso ya Ditirelo le Taolo ya Puso)
cc) Mohumagadi Jenny Cargill (Puso ya Porofense ya Kapa Bophirima)
dd) Rre Yershen Pillay (Setheo sa Bosetšhaba sa Tlhabololo ya Bašwa)
ee) Mohumagadi Jenna Ferreirinha (Foramo ya maPotokisi)
 

Share this page

Similar categories to explore