Pegelo ya Kopano ya Kabinete ya Laboraro, 05 Phukwi 2023

A. Merero ya ga Jaanong

1. Motlakase

1.1. Kabinete e itumedisitswe ke maemo a a tokafetseng a Eskom a go Seketsa Motlakase, mo motlakase o o sekeditsweng o atumelang sekgala se se kanaka 70%. Go okeditswe motlakase ka dimekawate di le 400 mo diyuniting tsa tlamelo ya motlakase mme gape le matsholo a tlhokomelo le tsosoloso ya meago le dithoto a diragaditswe ka bonako.
1.2. Kabinete e nopotse tshwetso e e tserweng ke Motlhankedi wa Setheo sa Naga sa Merero ya Maemo a Mowa sa Lefapha la Merero ya Dikgwa, ya Botshwaro jwa Ditlhapile le ya Tikologo jaaka a neetse Eskom tetla ya go atolosa paka e e neng e beilwe ya go obamela Maemo a Kgotlhelo ya Mowa wa Tikologo ka Seteišene sa Motlakase sa Kusile kwa porofenseng ya Mpumalanga, mme tetla eno e na le maemo a a bogale a a tshwanetsweng gore a obamelwe.
1.3. Go atolosiwa ga nako eno go tla naya Eskom tšhono ya gore e kgone go baakanya dikarolo tse di senyegileng ka la bo 23 Diphalane 2022. Setlamo seno sa motlakase se tla aga gape le dikarolo tse dingwe gape di le tharo tsa motlakase tse go solofetsweng gore di tla tlhagisa motlakase o o kanaka dimekawate di le 2 100 tse di tla tsenngwang mo diyuniting tsa naga tsa tlamelo ya motlakase gore ditiragalo tsa motlakase o o tshabetseng ruri di kgone go fokodiwa ka magato a le mabedi.
1.4. Kabinete e boeletsa mafoko a yona a gore puso e ikemiseditse go Fetola Maemo a Motlakase (JET) mmogo le go thusa go baakanya maemo a phetogo ya maemo a loapi. JET e e simolotsweng ka ngwaga wa 2020, maitlhomo a yona ke go dira gore fa ngwaga wa 2050 o goroga go bo go se kgotlhelo ya maemo a loapi ka go kuelediwa ga mesi.
1.5. Kabinete e lebogile maAforika Borwa a a tswelelang go sonaga motlakase, segolobogolo mo nakong eo bontsi bo dirisang motlakase. Maiteko a rona a dirile gore re se tlhole re nna le dikgato tse dintsi tsa motlakase o o tshabetseng ruri.
1.6. Kabinete gape e itumedisitswe ke maikemisetso a a dirilweng kwa Kopanong ya Lefatshe ya Tumelano e Ntšhwa ya tsa Matlole e e neng e tshwaretswe kwa Paris, kwa nageng ya Fora go tloga ka la bo 22 go fitlha ka la bo 23 Seetebosigo 2023. Moporesitente Cyril Ramaphosa o ne a le teng mo kopanong eno, e maitlhomo a yona e leng go tlhama tumelano e ntšhwa magareng ga dinaga tsa Bokone le tsa Borwa go samagana le matsapa a phetogo ya maemo a loapi, a tlhabololo le a dikoloto.

2. Dipula tse di Bogale

2.1. Kabinete e lebogile Ditheo tsa Diporofense tse di Samaganang le Ditirelo tsa Masetlapelo jaaka di tsibogetse ka bonako masetlapelo le go tswa thuso baagi ba ba wetsweng ke leru la merwalela ya mo malobanyaneng kwa porofenseng ya KwaZulu-Natal le ya Kapa Bokone. Dipelo tsa rona di rotha kgodu e khibidu ka seo se diragetseng kwa KwaZulu-Natal mo ba bangwe ba latlhegetsweng ke maphelo a bona, mme ka jalo re romela matshediso a rona kwa go ba lelapa le ditsala tsa bao merwalela e fetileng ka matshelo a bona.
2.2. Mafaratlhatlha a a jaaka a ditsela, a motlakase, a kgeleloleswe mmogo le dintlo mo mafelong a a wetsweng ke leru leno kwa porofenseng ya KwaZulu-Natal a ripitlilwe ke merwalela eno, mme ditsela kwa mafelong a a rileng kwa porofenseng ya Kapa Bokone le teng di senyegile.
2.3. Puso mmogo le mekgatlho ya go tswa baagi thuso ba samagane le go thusa baagi ba ba amegileng kwa porofenseng ya KwaZulu-Natal, mme ba ba thusa le ka dijo, dikobo, masenke a polasetiki le ka dibokoso tsa go thusa ka tirelo ya tshoganyetso.
2.4. Eskom mmogo le mafapha a motlakase a dimasepala ba samagane le go baakanya mafaratlhatlha a motlakase mo dikgaolong tse di amegileng.

3. Leeto la Dinaga di le Pedi la Semmuso la go Jela Naga ya Rona Nala la Ditlhogo tsa Naga ya Netherlands le ya Denmark

3.1. Kabinete e itumeletse Leeto le le tshwerweng ka katlego la Dinaga di le Pedi la Semmuso la go Jela Naga ya Rona Nala la Ditlhogo tsa Naga ya Netherlands le ya Denmark mo Tonakgolo ya naga ya Netherlands, e bong Rre Mark Rutte mmogo le Tonakgolo ya naga ya Denmark, e bong Mme Mette Frederiksen ba jetseng naga nala mme seno se dira gore botsalano jwa dinaga tse pedi tseno bo gagamale le gofeta mo mererong ya leokwane la gase le le sa kgotlheleng tikologo, motlakase wa go fetlhiwa ka ditsela tse dintšhwa mmogo le mo go Fetoleng Maemo a Motlakase (JET).
3.2. Mo leetong leno go tlile gape le setlhopha sa babeeletsi ka fa nageng ya Aforika Borwa go bontsha maikemisetso a bona a go tshwarisana tiro mmogo le a botsalano magareng ga naga ya rona le dinaga tse pedi tse di botlhokwa tsa Yuropa.
3.3. Mo dipuisanong tsa semmuso, Mmemorantamo wa Ditumelano (MoU) mo Mererong ya Leokwane la Gase le le sa Kgotlheleng Tikologo le ne la saeniwa magareng ga Aforika Borwa le naga ya Netherlands, mme tumelano magareng ga naga ya Aforika Borwa le ya Denmark e nnile e e ka ga Tirisanommogo mo go Tlhabololeng Letsholo la go Dirisanammogo mo Mererong ya Motlakase le le kwalolotsweng sešwa mo ngwageng wa 2017.

4. Imbizo ya Moporesitente ya Leano la Tiragatso ya Kabo ya Ditirelo le le Ikaegileng ka Ditikologo (DDM) ya kwa Porofenseng ya KwaZulu-Natal

4.1. Moporesitente Ramaphosa, a felegediwa ke baeteledipele go tswa kwa maphateng otlhe a le mararo a puso (puso ya naga, puso ya porofense le pusoselegae), ba tsene mo letsholong la bo supa la Imbizo ya Moporesitente ya DDM ya Puso ya Borataro ka Labotlhano, la bo 30 Seetebosigo 2023 kwa Masepaleng wa Tikologo wa uThukela kwa Porofenseng ya KwaZulu-Natal. Baeteledipele ba puso ba sotse mosola letsholo leno ka go buisana le baagi mabapi le dikgwetlho tsa kabo ya ditirelo mmogo le go logela tlhabololo ya ditikologo maano.
4.2. Kabinete e ikuetse mo baaging go nna le seabe se se bonagalang mo go tleng ka maano a kamoso a mo metseng ya bona ka go nna le seabe mo go Imbizo ya Moporesitente ya DDM.
4.3. Baagi botlhe go ikuelwa mo go bona go nna le seabe ka go tsaya karolo mo tlhabololong ya metse ya bona. Ka go dirisanammogo re ka kgona go nopola matsapa a re nang le ona le go a rarabolola go dira gore re nne le kabo ya ditirelo.

5. Ikonomi

5.1. Kabinete e kelekile Dipalopalo tsa Badiri tsa Kotara ya sešweng tseo di golotsweng ke Setheo sa Dipatlisiso tsa Dipalopalo sa Aforika Borwa (StatsSA) tseo di bontshang gore go maphata mangwe a ditiro a badiri ba fokoditsweng mo go ona mmogo le maphata a mangwe a mo go ona badiri ba oketsegileng. Le fa kgolo e santse e ganelela, ikonomi ya rona kakatlelo ya yona ke yona e e tswelelang go tlhola ditiro, le fa e sa di tlhole ka lebelo le re batlang ka lona.
5.2. Dikgato tse di jaaka Letsholo la Maditshegetso a go Tlhola Ditiro la Moporesitente ke tsona tse di thusang go fetola maemo. Kabinete e rotloeditswe ke gore ka Mopitlwe 2023, batho ba feta 1, 2 milione letsholo leno le ba tswetse mosola fa e sale le tlhomiwa mo ngwageng wa 2020. Go fitlha ga jaana diphatlhatiro tsa nakwana di ka nna 800 000, tse bontsi e leng tsa bašwa, di setse di tlhodilwe mo makaleng a a botlhokwa a a jaaka lekala la thuto, lekala la thuto ya bomapimpana (ECD) mmogo le lekala la pabalesego.
5.3. Letsholo leno le dirile bonnete jwa gore maAforika Borwa a mantsi a a leng mo tlalelong ba nne le seabe mo ditirong tsa nnete le go iponela megolo. Letsholo leno le thusitse malapa a le diketekete a a neng a le mo tshotlegong.

6. Leokwane la Gase le le sa Kgotlheleng Tikologo

6.1. Kabinete e lebogile gape le tumelano e e utlwanetsweng e e ka ga maikemisetso a go tlhoma Setlhopha sa Merero ya Tiro ya Leokwane la Gase sa Naga ya Aforika Borwa le ya Jeremane, mme tumelano eno e saenilwe ke Tona e e rweleng maikarabelo a Motlakase mo Kantorong ya Moporesitente e bong Ngaka Kgosientsho Ramokgopa mmogo le Motlatsamotšhanseliri wa Naga ya Jeremane e bong Robert Habeck. Setlhopha seno se tla samagana le tiro ya go tlhola le go godisa maraka wa Leokwane la gase le le sa kgotlheleng tikologo, mmogo le go tlhola ditšhono magareng ga dikgwebo tsa dinaga tseno ka bobedi. Leokwane la gase le le sa kgotlheleng tikologo le tlhagisiwa ka motlakase wa go fetlhiwa ka ditsela tse dintšhwa e bile le fokoditse thata mesi e e kuelelang go feta eo e tswang mo leokwaneng le le tlwaelegileng.
6.2. Puso ga e a bolo go tlhoma maano a a mabapi le Mmotwana wa Leokwane la Gase, mme lona le tla tloga kwa porofenseng ya Limpopo, la gabalala kwa Johannesburg, le go leba kwa Durban. Mmotwana ono o tla tlhola ditšhono tsa diporojeke tse di tla simololang matsholo a leokwane la gase mo maitlhomo e tla bong e le go godisa ikonomi le go tlhola ditiro.

7. Kopano ya Ditlhogo tsa Mebuso le Dipuso tsa Mokgatlho wa Dinaga tsa Borwa jwa Aforika (SACU)

7.1. Kabinete e nopotse Leeto la Moporesitente Ramaphosa go Etela ka Mabaka a Tiro Kopano ya Ditlhogo tsa Mebuso le Dipuso tsa SACU e e neng e tshwaretswe kwa Nageng ya Bogosi ya Eswatini ka Labone, 29 Seetebosigo 2023. Fa e sale mokgotla ono o tlhomiwa mo ngwageng wa 1910, SACU ke mokgatlho wa bogologolo wa tlhatlhobo ya dithoto kwa melelwaneng.
7.2. Mo kopanong eno go tlilwe ka ditharabololo le go abelana ka tshedimosetso e e mo dinakong mabapi le go tsenya tirisong Leano la go Diragatsa Maano a SACU mo Ngwageng 2022 - 2027. Leano leno la SACU le tsentswe tirisong ka Seetebosigo 2022 go dirisiwa jaaka leano la go tsenyeletsa tirisanommogo mo kgaolong mo mererong ya tlhatlhobo ya dithoto kwa melelwaneng mmogo le go dira gore botsalano magareng ga dinagaleloko di le tlhano bo gagamale le go feta mmogo le go itseela ditšhono tse di tlang le Letsholo la Kgwebisano ya Dinaga tsa Kontinente ya Aforika Ntle le go Kgorelediwa ke Sepe.

8. Lephata la Meepo

8.1. Kabinete e tshwenngwa ke ditiragalo tsa meepo tse di seng mo molaong mme puso e samagane le dikgato tsa go fedisa ditiro tseno ka go sola mosola tiro ya Setlhopha sa Naga sa Tsamaiso le Taolo ya Maano (NCSMT). Maitlhomo a NCSMT ke go golaganya matsapa a puso go lwantshana le ditiragalo tsa meepo tse di seng mo molaong mmogo le go rekisiwa ga dimenerale tse di botlhokwa ka tsela e e seng mo molaong.
8.2. Ditiragalo tsa meepo tse di seng mo molaong mmogo le go rekisiwa ga dimenerale tse di botlhokwa ka tsela e e seng mo molaong go phuaganya ikonomi ya naga ya rona e bile go ka tlisa dintelo tsa pabalesego le tsa boitekanelo mo mafelong a a gaufi le ditiragalo tseno.

9. Megwanto ya Baagi

9.1. Kabinete e boeleditse gore tirisodikgoka ga se selo se se tshwanetseng go dirisiwa go rarabolola matsapa a baagi ba iphitlhelang a ba aparetse mme e ikuetse mo baaging go sola mosola ditheo tse di leng teng gore di samagane le matsapa a ba tobaneng le ona.
9.2. Kabinete e ikuetse mo baaging ba Diepsloot mmogo le mo baaging ba mafelo a mangwe gore ba dirisane le puso, bakhanselara ba dikgaolo tsa bona mmogo le mapodisi go rarabolola matsapa a a jaaka bosenyi.

B. Ditshwetso tsa Kabinete

1. Sekwalwa se Iseng se Butswe sa Maano a Dipeeletso tsa Naga (CIS)

1.1. Kabinete e neseditse pula sekwalwa se iseng se butswe sa CIS gore se tsenngwe tirisong.
1.2. CIS, e e saleng e phasaladiwa ka ngwaga wa 2022 gore baagi ba ntshe se se mo mafatlheng a bona ka ga ona, maitlhomo a yona ke go dira gore kontinente ya Aforika e nne mmamoratwa fa go tla mo go beeletseng mo go yona, mme e dira seno ka go kgoboketsa babeeletsi ba ba botlhokwa go tswa kwa dinageng tsa boditšhaba le fa dinageng tsa mo kontinenteng tse di lebaganeng le diintaseteri tse di rileng.
1.3. Leano leno le ikaegile ka dikarolo tse di botlhokwa tse naga e batlang go beelediwe mo go tsona mmogo le mo kgodisong ya ikonomi e leng dilo tse di jaaka go oketsa palo ya batho ba ba nang le ditiro, go fokotsa tshokolo, mmogo le go ema nokeng dikgato tsa go fetola ikonomi ya rona gore e itshetlege mo didirisiweng tse di sa kueletseng mesi e mentsi mmogo le mo go nneng le motlakase o o sa tshabeleng ruri.
1.4. E abelana ka dikgato tse di ka dirisiwang tsa dipeeletso go ngokela dikgwebopotlana, tse dikgolo le tse dikgolokgolo gore di nne le seabe mo kgolong ya ikonomi, segolobogolo mo ikonoming ya tshomarelo tlhago. Leano leno le sola mosola gape le ditumelano di le dintsinyana tsa botsalano jwa dinaga tse dintsi, dinaga tsa kgaolo, le botsalano jwa dinagapedi tseo Aforika Borwa e di saenileng.
1.5. Leano leno le tsamaisana sentle le maitlhomo a Leano la Tlhabololo la Bosetšhaba mo mererong ya go fetola ikonomi mmogo le Leano la Mafaratlhatlha a Naga le le konoselang ka 2050 le le tsentsweng tirisong mo malobanyaneng.
1.6. Diporofense tsa naga mmogo le diteropokgolo tsa teng ke tsona tse di tla nnang le seabe se segolo mo go diragatseng leano leno, e leng lona le le tla dirisiwang go fetola maemo a ikonomi gangwe le gape.

2. Pegelo ya Paka ya Boraro ya Ditumelano tsa Dinaga tsa Boditšhabatšhaba go Ema Kgatlhanong le go Diriwa Setlhogo le go Diriwa Bosula kgotsa go Tshwariwa Makgwakgwa kgotsa go Otlhaiwa (CAT)

2.1. Kabinete e neseditse pula Pegelo ya Paka ya Boraro ya CAT go isiwa kwa Mokwaledikakaretsong wa Mokgatlho wa Dinagakopano (UN). Pegelo eno e bontsha dikgato tse naga ya Aforika Borwa e di dirisang go thibela baagi go diriwa setlhogo le go tshwariwa makgwakgwa.
2.2. Naga ya Aforika Borwa e saenile tumelano eno ka ngwaga wa 2000 mmogo le go o utlwanela semmuso ka ngwaga wa 2008. Go ya ka Athikele ya bo 17 ya Thulaganyo e e ka Dirisiwang ya CAT, e nngwe ya maitlamo a Ditheo tsa Puso di tshwanetseng go a diragatsa ke go tlhoma dikgato tsa ka fa nageng tse di tla thibelang go diriwa setlhogo mme maitlamo ano a bidiwa gore ke Dikgato tsa Naga tsa go Thibela go Diriwa Setlhogo.
2.3. Mo dingwageng di le 29 tse di fetileng, puso ya temokerasi ka fa nageng ya Aforika Borwa e phimotse melao ya bogolotala ya puso ya tlhaolele, ya aga ditheo tse dintšhwa tsa temokerasi, mmogo le go tlhama melao e e tsamaisanang le ditshwanelo go ya ka molaotheo mmogo le kgololesego.
2.4. Baagi ba kgona go bulela mapodisi dikgetse kwa Setheong sa Bothati jo bo Ikemetseng jwa Dipatlisiso tsa Dikgetse tse di ka ga go Tlola Molao ga Sepodisi (IPID) fa e le gore mapodisi a ba dirile setlhogo gore setheo seno se dire dipatlisiso. Naga ya Aforika Borwa gape e na le Khomišene ya Ditshwanelo tsa Batho e e dirang, e leng setheo sa naga se se tlhomilweng gore se eme nokeng molaotheo wa temokerasi.

C. Go Thapiwa

Pele batho botlhe ba thapiwa go tla tlhatlhobiwa makwalo a bona a dithuto le ditlankana dingwe tse di tlhokagalang.

1. Mme Ntomboxolo Mbengashe o thapilwe go nna Mokaedikhuduthamagamogolo (CEO) wa Post Bank South Africa sebaka sa dingwaga di le tlhano.
2. Rre Sibusiso Bukhosini o thapilwe go nna CEO wa Isimangaliso Wetland Park Authority (o thapilwe sešwa).
3. Mme Tamlyn Bouwer o thapilwe go nna Motlhankedimogolo wa Matlole wa Lekgotla la go Kwadisa Baagi ba Dintlo tsa Bodulo ka fa Nageng.
4. Rre Morongwa Calvin Molongoana o thapilwe go nna Motlatsamokaedikakaretso (DDG): mo lekaleng la Kemonokeng ya Dipalopalo le Tshedimosetso e e Buang ka Dipalo kwa Setheong sa Dipalopalo sa Aforika Borwa (Stats SA).
5. Mme Daphney Yandiswa Morudu o thapilwe go nna DDG: mo lekaleng la Thulaganyo ya Dipalopalo tsa Naga ya Aforika Borwa kwa Stats SA.
6. Rre Rory Gallocher o thapilwe go nna Motlhankedimogolo wa Tsamaiso ya Tiro mo Kantorong ya Moporesitente.

D. Melaotlhomo

1. Sekwalwa se Iseng se Butswe sa Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Ditlamo wa Ngwaga wa 2023

1.1. Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go isa kwa Palamenteng Sekwalwa se Iseng se Butswe sa Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Ditlamo wa Ngwaga wa 2023 gore o ye go atlhaatlhiwa.
1.2. Ditshitshinyo tse di leng mo Molaotlhomong ono maitlhomo a tsona ke go fokotsa dikgoreletsi tse di tlisiwang ke melaotaolo le dikgatotsamaiso tse di amang beng ba dikgwebo mme seno se tla dira gore naga ya Aforika Borwa e gape babeeletsi maikutlo. Bontsi jwa dikgaolo tse di kwalolotsweng sešwa e ne e le tsa setegeniki, e bile maitlhomo e ne e le go baakanya le go tlosa dikgoreletsi tse di mabapi le tsamaiso le kobamelo.
1.3. E nngwe ya ditiro tse di botlhokwa thata mo pusong eno ya temokerasi ke go tlhola ditiro mme seno ga se kitla se kgonagala fa e le gore maemo a go dira kgwebo ka fa nageng ya Aforika Borwa ga go samaganwe le ona.
1.4. Dikarolo tse di kwalolotsweng sešwa di tlhamaletse fa go tla mo tshedimosetsong e dikarolo tsa molaotlhomo ono e buang ka tsona, tse maitlhomo a tsona e leng go fokotsa kgatelelo ya dikgwebo ka molao; go thibela ditiragalo tsa go tlhatswa tšhelete ya bogodu; go gagamatsa melao e e gapeletsang batho go tlhagisa tshedimosetso yotlhe ya gore ba dira jang letseno le go tlhatlosa maatla a batsholadišere ba nang le ona mo ditlamong.
1.5. Megolo e e kwa godimo, segolobogolo e e fitlhelwang mo badireding ba ba okameng maemo a a kwa godimo mo ditlamong, ke tlhobaboroko mo lefatsheng ka bophara le mo nageng ya Aforika Borwa.
1.6. Dikarolo tse di kwalolotsweng sešwa mo Molaotlhomong ono di tla dira gore go se nne le lehunelo mmogo le go baya mo pepeneneng maikarabelo a a rweleng ke bakaedi le a a rweleng ke batlhankedibagolo mo letlhakoreng le lengwe, fa ka fa letlhakoreng le lengwe o bontsha maikarabelo a a rweleng ke batsholadišere, mmogo le go samagana le matshwenyego a a leng teng mo setšhabeng a a ka ga go se lekane ga maemo a baagi.

2. Molaotlhomo wa Ngwaga wa 2022 wa Tsamaiso ya Maphata a Puso, Kemonokeng le Ditharabololo (IMSI)

2.1. Kabinete e amogetse gore go phasaladiwe Molaotlhomo wa Ngwaga wa 2022 wa IMSI gore baagi ba dire ditshwaelo.
2.2. Molaotlhomo ono o tla dirisiwa go rarabolola dikgwetlho tse dintse tse di a tleng di nne teng fa puso e tsaya tshwetso ya go tsenya tirisong karolo ya bo 100 le ya bo 139 ya Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa wa 1996 fa go na le a mangwe a maphata a puso a a sa direng tiro ya ona ka tshwanelo.
2.3. Karolo ya bo 100 e naya puso ya naga maatla a go tsaya dikgato fa puso ya porofense e retelelwa ke go tsamaisa ka tolamo kabo ya ditirelo mme karolo ya bo 139 yona e naya khuduthamaga ya porofense maatla a go tsaya dikgato fa puso ya masepala e retelelwa ke go dira tiro ya yona go ya ka melao le Molaotheo.
2.4. Molaotlhomo wa IMSI o tsengwa tirisong go dira jaaka molaotaolo wa go samagana le dikgwetlho tse di a tleng di nne teng fa go tsenngwa tirisong Karolo ya bo 139, e e buang ka go tlhoma leitlho le go sekaseka maemo mmogo le seabe se se a tleng se nne teng fa go tseewa dikgato.
2.5. Molaotlhomo ono o tla laola ka fao Karolo ya bo 139 ya Molaotheo e tla tsenngwang ka gone tirisong, mmogo le dithulaganyo tsa mothale oo. O tla tobana le mebasepala e e rileng e e tlhokang thuso, mmogo le go tlhoma leitlho maemo a dimasepala gore di kgone go diragatsa thomo ya tsona go ya ka melao le Molaotheo.

E. Ditiragalo tse di Tlang

1. Paka ya Lekgetho

1.1. Kabinete e gakolola baagi botlhe gore Paka ya Lekgetho ya mo ngwageng wa 2023 e tla bula ka Labotlhano wa la bo 07 Phukwi 2023 mme e tla tswalela ka la bo 23 Diphalane 2023. Baduelalekgetho ba rotloediwa go tsenya ditlankana tsa bona tsa lekgetho ka inthanete mo go eFiling kgotsa ba di tsenye ka mogala wa seatla mo epeng ya Setheo sa Tirelo ya Lekgetho la Aforika Borwa (SARS).
1.2. Mo matsatsing ano dithulaganyo tsa lekgetho di setse di nolofaditswe thata mme SARS e tla tswelela go dirisa tirelo ya yona ya lekgetho ya auto-assessments mo ngwageng ono. Go tloga ka la bo 01 go fitlha ka la bo 07 Phukwi 2023, baduelalekgetho ba tla longwa tsebe ka melaetsa ya mogala kgotsa ka imeile gore ba tlhophilwe gore ba abelwe ditirelo tsa auto-assessment. Fa o ka nna yo mongwe wa batho ba ba longwang tsebe ka molaetsa wa mogala, se o tshwanetseng go se dira ke go lekola tlhatlhobo ya gago mo epeng ya SARS kgotsa mo go eFiling. Fa e le gore o dumelana le maemo a gago go ya ka fao a tlhatlhobilweng ka gone, ga o tlhoke go tsaya kgato epe.
1.3. Go tsenngwa ka nako ditokomane tsa lekgetho go thusa baduelalekgetho gore ba kgone go obamela molao wa tuelo ya lekgetho, go thusa puso gore e kgone go diragatsa ditirelo tse maAforika Borwa a di tlhokang tota e bile gape go thusa go godisa ikonomi.

2. Sejana sa Lefatshe sa Ngwaga wa 2023 sa Metshameko ya Kgwele ya Dinao ya Basadi ya FIFA

2.1. Banyana Banyana, Bagale ba Kgwele ya Dinao mo Kontinenteng ya Aforika, dinaledi tseo naga e ipelang ka tsona, ba tla bo ba huparetse ditsholofelo le ditoro tsa maAforika Borwa fa ba tla bo ba tshameka mo metshamekong ya Sejana sa Lefatshe sa Ngwaga wa 2023 sa Metshameko ya Kgwele ya Dinao ya Basadi ya FIFA kwa nageng ya New Zealand le ya Australia go tloga ka la bo 20 Phukwi go fitlha ka la bo 20 Phatwe 2023.
2.2. Kabinete e ba eletsa masego jaaka ba tla bo ba ya go ipontsha gore ke baganka. Aforika Borwa e tla le ema nokeng mo sengwe le sengwe se le se dirang, e bile re le eletsa gore le atlege gore le kgone go rotloetsa dikokoma tsa kamoso.

3. Sejana sa Lefatshe sa Ngwaga wa 2023 sa Metshameko ya Bolotloa

3.1. Mo matsatsing a a sa fediseng pelo, barati ba metshameko ba tla leba kwa Motsekapa, mo nageng ya Aforika Borwa, jaaka metshameko ya Sejana sa Lefatshe sa Ngwaga wa 2023 sa Metshameko ya Bolotloa e tla bo e simolola ka la bo 28 Phukwi go fitlha ka la bo 6 Phatwe 2023. Leno ke lekgetlo la ntlha dikgaisano tseno di tshwarelwa mo kontinenteng ya Aforika.
3.2. Kabinete e ikuela mo go motho mongwe le mongwe ka fa nageng go ema nokeng basetsana ba rona jaaka ba leka go fenya gauta go e fenyela kontinente ya Aforika.

F. Melaetsa

1. Melaetsa ya go Akgola

Kabinete e romela melaetsa ya yona ya go akgola le go eletsa masego kwa go:

  • Yunibesiti ya Aforika Borwa (Unisa) jaaka e keteka dingwaga di le 150 e ntse e dira tiro e e tswileng diatla, mmogo le go nna setheo se segolo go gaisa seo e leng kgale se le teng mo Dinageng tse di ka fa Tlase tsa Bogare jwa Aforika seo se itomileng sesino mo go tliseng thuto e e nang le boleng e mongwe le mongwe a ka e fitlhelelang gotlhe mo lefatsheng ka bophara.
  • Rre Edward Kieswetter, Mokomišenare wa SARS, go latela gore a thapiwe go nna monnasetulo wa Mokgatlho wa Lefatshe wa Tlhatlhobo ya Dithoto kwa Melelwaneng mmogo le go nna moAforika Borwa wa bobedi go nna monnasetulo wa mokgatlho ono.
  • Moatefokate Pansy Tlakula go latela gore a tlhophiwe lekgetlo le lengwe gape mo Komiting ya UN e e samaganang le Merero ya go Fedisa Ditiraragalo tsa go Tlhaolana go ya ka Lotso. O tla tsorama setulo seno go tloga ka ngwaga wa 2024 go fitlha ka wa 2028.
  • Moatefokate Thembile Joyini jaaka a tlhophilwe go nna Moatlhodi wa Kgotla ya Merero ya Boditšhabatšhaba e e ka ga Melao ya Lewatle go tloga ka ngwaga wa 2023 go fitlha ka wa 2032.
  • Boto ya Ditshwantsho tsa Difilimi le tsa Makwalokgatiso (FPB) jaaka e tlhophilwe gore e nne tokololo ya leruri ya Mokgatlho wa Lefatshe wa Melao ya Taolo ya Pabalesego mo Inthaneteng. Go nna tokololo gono go tla kgontsha FPB gore e kgone go tsibogela maemo mo maemong a boditšhabatšhaba gore e kgone go lwantshana le botlhokotsebe jo bo diragalang mo inthaneteng mmogo le go tlotlomatsa tshireletsego mo inthaneteng mmogo le go tshwarisana tiro le ditheo tsa melaotaolo tsa naga ya Australia, United Kingdom, Fiji, Ireland le tsa dinaga tse dingwe.

2. Melaetsa ya Matshediso

Kabinete e romela matshediso a yone le kutlwelobotlhoko kwa go ba lelapa le ditsala tsa:

  • Mama Sally Motlana (yo a neng a na le dingwaga di le 96), yo e neng e le Segatlhamelamasisis mo mererong ya kgaratlhelo ya tokologo yo gape a amogetseng Kabo ya Tlotlo ya Naga ya Selefera ya Baobab.
  • Mme Maggie Mathabatha (yo a neng a na le dingwaga di le 61), mosadi wa Tonakgolo ya porofense ya Limpopo, e bong Rre Stanley Mathabatha.

Dipotsolotso:
Mme Nomonde Mnukwa – Mmueledi wa Puso wa Namaotshwere
Mogala: 083 653 7485

Share this page

Similar categories to explore