Pegelo ya Kopano ya Kabinete e e Neng e Tshwerwe ka Mafaratlhatlha a Ditlhaeletsano tsa Dibidio ya Laboraro, 6 Moranang 2022

A.    Merero ya ga Jaana

1.    Khonferense ya Peeletso ya Aforika Borwa (SAIC) ya Bone 

1.1.    Kabinete e amogetse go konosediwa ka katlego ga SAIC ya bone e e neng e tshwaretswe kwa Tikwatikweng ya Dikhonferense ya Sandton ka Labone, 24 Mopitlwe 2022, e mo go yona babeeletsi ba ka fa nageng le ba boditšhaba ba neng ba dira ditsholofetso tse dintšhwa tsa go beeletsa mo nageng ya rona. 
1.2.    Go dirilwe ditsholofetso tse dintšhwa di le 80 tsa go beeletsa ka fa nageng ya rona tse di ka dirang palogotlhe ya diranta di le dibilione di le 332. Seno se raya gore palo yotlhe ya ditsholofetso fa e kopanngwa e dira ditirilione tsa diranta di le 1.14, mme yona ga e supe fela gore re fitlheletse diperesente di le 95 tsa palogotlhe ya ditsholofetso tsa dipeeletso tse re di solofetseng, mme e re baya sentle gore re kgone go feta le palogotlhe ya matlole a re neng re ipeetse ona go a bokeletsa ka dipeeletso a ditirilione tsa diranta di le 1.2 mo dingwageng di le tlhano.
1.3.    Ditsholofetso tseno tsa dipeeletso di tlhomamisa maemo a naga ya rona jaaka lefelo la dipeeletso le le gaisang. 
1.4.    Go fitlha ga jaana, tse dingwe tsa dipeeletso tsa diranta di le dibilione di le 316 go tswa mo ditsholofetsong tseno di beeleditswe mo diporojekeng di le 46 tse di setseng di konoseditswe le mo diporojekeng di le 57 tse di santseng di dirwa. Kabinete e nopotse ditsholofetso tsa mo malobeng tse di diragaditsweng jaaka go builwe ka tsona kwa khonferenseng, mme mo bontsintsing jwa tsona go builwe ka makala a tlhagiso ya dikuno a mantšhwa, ka go farologana ga ona a a jaaka a dijanaga, a tlhagiso ya dijo, a melemo le a ditikwatikwe tsa dijithale. 
1.5.    Kabinete e ikuela mo makaleng otlhe mo setšhabeng go ema nokeng dikgato tse di botlhokwa tseno tsa go rarabolola matsapa a re nang le ona ka go dirisana mmogo go dirolola seelo sa rona sa botlhokatiro, se se tlhatlogetseng go diperesente di le 35.3, go ya ka dipoelo tsa go sa le gale tsa Dipatlisiso tsa Dipalopalo tsa Badiri tsa Kgeditharo e Nngwe le e Nngwe (QLFS) tse di rebotsweng ke Setheo sa Dipalopalo sa Aforika Borwa (Stats SA). 

2.    Go Khutlisiwa ga Maemo a Bosetšhaba a Matlhotlhapelo 

2.1.    Kabinete e amogetse gape le dikgato tsa go khutlisiwa ga Maemo a Bosetšhaba a Matlhotlhapelo tse di begilweng ke Moporesitente Cyril Ramaphosa ka Mosupologo, 4 Moranang 2022. Re kgonne go fitlhelela kgato eno ka ntlha ya emonokeng ya maAforika Borwa a a neng a ikobela melawanataolo yotlhe ya go itlhokomela mo Bolwetseng jwa Mogare wa Corona (COVID-19) e e neng ya dirwa ke puso go boloka matshelo le boleng ba botshelo. 
2.2.    Leroborobo le le tla tswelela go laolwa go ya ka Molao wa Bosetšhaba wa Boitekanelo, 2003 (Molao 61 wa 2003). Seralwa sa melawana ya boitekanelo e e tla tsenyang tirisong Molao wa Bosetšhaba wa Boitekanelo wa 2003 se buletswe ditshwaelo tsa baagi go fitlha ka 16 Moranang 2022. 
2.3.    Kabinete e gakolotse batho botlhe mo nageng go tswelela go dirisa mekgwathibelo e e maleba go itshireletsa mmogo le ba bangwe kgatlhanong le ditshwaetso tsa COVID-19. Yona e akaretsa go tswelela go tlhapa diatla ka sesepa kgotsa go dirisa sanithaesa e e nang le tagi ya bokana ka 70%, go apare mmaseke o o bipang nko le molomo fa o le mo teng ga dikago, go tshola sekgala sa katologano se se babalesegileng sa bonnye mmitara o le mongwe, go bula matlhabaphefo go kgontsha kelelo ya mowa le go enitwa. 
2.4.    Meento ya COVID-19 e nonofile go thibela bolwetse jo bo masisi, go amogelwa kwa bookelong le loso. Itshireletse mmogo le ba o ba ratang ka go etela lefelo le le gaufi nao la go tlhabela meento mahala, ga o sa tlhoka le gore o ba itsise gore o tla tla neng.

3.    Go Fetogela kwa Kgasong ya Dijithale 

3.1.    Go busediwa morago ga Letlha la go Tima Analoko go tswa go 31 Mopitlwe 2022 go ya go 20 Seetebosigo 2022 go naya puso nako e e lekaneng go konosetsa tiro ya go tsenyetsa malapa a a kwadisitseng ka nako e bile a tshwanetse go a amogela didirisiwa tsa go gasa kgaso ya dijithale (di-STB) pele go timiwa analoko. 
3.2.    Lefapha la Ditlhaeletsano le Dithekenoloji tsa Dijithale le tla netefatsa gore malapa otlhe a le 507 251 a a kwadisitsweng pele ga 31 Diphalane 2021 a golaganngwa pele ga 30 Seetebosigo 2022. Malapa a le 260 868 a a kwadisitseng magareng ga 31 Diphalane 2021 le 10 Mopitlwe 2022 a tla tsenyediwa di-STB tsa ona pele ga 30 Lwetse 2022. 
3.3.    Kabinete e na le bonnete ba gore go konosediwa ga tiragalo e go tla tshegetsa tiragalo ya go hudugela go dijithale le go rebolwa ga makhubu a lebelo le le kwa godimo. 

4.    Go Lwantsha Bosenyi le Bonweenwee 

4.1.    Kabinete e akgotse Mokhomišenara wa Naga wa Sepodise, Mogenerala Sehlahle Fannie Masemola go latela go thapiwa ga gagwe ke Moporesitente Ramaphosa go sa le gale. Mogenerala Masemola o na le rekoto e e ntle thata mo tirong ya sepodisi go ralala Aforika Borwa. 
4.2.    Kabinete e amogetse ka diatla tsoopedi katlholo e e rebotsweng ke Kgotlatshekelokgolo ya Gauteng e e letlelelang Yuniti ya Kamogo ya Dithoto ya Bothati ba Bosetšhaba ba Botšhotšhisi (NPA) go dirisa dithata tsa yona tsa go amoga dithata tsa ba ba nnileng le seabe mo go ‘thuseng ka matlole’ setlamo sa ba ga Gupta sa Tegeta Exploration Resources go reka Moepo wa Malatlha wa Optimum ka diranta di le dibilione di le 2.1 ka ngwaga wa 2016. 
4.3.    Dikatlholo tse, tse di supang tsela e e nonofileng e bile e golagane ya NPA le Bokaedi ba Dipatlisiso tsa Bosenyi jo bo kwa Setlhoeng ba Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa, di romela molaetsa o o bogale ka ga bokgoni bo bo oketsegang ba puso go samagana le maiteko a go Goga Puso ka Nko le go netefatsa gore ba ba amegang ba rwala maikarabelo – le go tsaya, go ribolola le go busa madi a a utswitsweng.
4.4.    Go rwesa ba ba amegang mo bonweenweeng maikarabelo, Kabinete e amogetse katlholo ka Kgotlhatsekelo ya Palm Ridge e e samaganang le dikgetse tsa Bosenyi bo bo Kgethegileng ba Dikgwebo kwa Gauteng e e boneng molato molaodi wa matlole wa mo malobeng wa setlamo sa Eskom ka go tsietsa setlamo se sa motlakase bokana ka dimilione tsa diranta di le 35 jaaka a ne a tsenya ditshupatuelo tsa tsietso tsa go duelela ditirelo tsa go rwalwa ga malatlha mme go sena ditirelo tsa mofuta oo tse di reboletsweng setlamo seno e bile gape e amogetse le dikgato tse di tsewang go busetsa madi ano a a utswitsweng. 
4.5.    Jaaka tiro e e botlhokwa e e diriwang mo ntweng ya naga ya rona ya go lwantshana le bonweenwee, Kabinete e amogetse karolo ya bone ya Pegelo ya Khomišene ya Bosiamisi ya Dipatlisiso tsa go Goga Puso ka Nko e e rebotsweng. Moporesitente Ramaphosa e tla re ka di 30 Seetebosigo 2022 fa a isa pegelo yotlhe kwa Palamenteng a e itsise gape le gore ke dikgato dife tse di tla tsewang go diragatsa dikgato tse khomišene e akanyang gore di ka tsewa. 

5.    Samiti e e Kgethegileng ya Ditokololo tsa Troika tsa Dinagatlhabololo tsa Borwa jwa Aforika (SADC) 

5.1.    Kabinete e amogetse dipoelo tsa Samiti e e Kgethegileng ya Ditokololo tsa Troika ya SADC e e neng e tshwaretswe kwa Pretoria ka Mosupologo, 4 le Labobedi, 5 Moranang 2022. Aforika Borwa e nnile moamogelabaeng jaaka Monnasetilo wa SADC wa Lephata la Tirisano la Dipolotiki, Tshireletso le Pabalesego. Paka ya naga e, e simolotse ka Phatwe 2021 go fitlha ka Phatwe 2022.
5.2.    Samiti e e amogetse, gareng ga tse dingwe, pegelo ya seemo ya Morero wa SADC kwa Mozambique (SAMIM). SAMIM e ne ya romelwa go tshegetsa Mozambique go samagana le ditiragalo tsa bongangelele le tirisodikgoka e e tseneletseng. 

6.    Ikonomi 

6.1.    Kabinete e amogetse tshwetso ya setheo sa dielo tsa kerediti sa Moody go tlhatlosa tebo ya yona ya Aforika Borwa go tswa kwa maemong a a kwa tlase ga lefela go ya go maemo a a tlhomameng le tshwetso ya go tlhomamisa le dielo tsa Aforika Borwa tsa pakatelele tsa sekoloto sa ledi la boditšhaba le la ka fa nageng mo maemong a ‘Ba2’. 
6.2.    Tlhatloso e e netefatsa tiro ya puso ya go busetsa tsepamo mo matloleng a puso mo nageng, e leng se se tshegediwang ke kokoanyo ya lekgetho e e fetileng eo e neng e solofetswe. 
6.3.    Dipoelo tsa lotseno tsa paka ya Moranang 2021 go fitlha ka Mopitlwe 2022, e supile fa Tirelo ya Lekgetho ya Aforika Borwa e kokoantse diranta tse di fetang ditirilione tse 1.5. Se se supa koketsego ya diperesente tse 25 fa go bapisiwa le ngwaga o o fetileng, le koketsego ya diperesente tse 15 kwa godimo ga ya ngwaga wa bofelo pele ga leroborobo la COVID-19. 
6.4.    Puso e dirisa lekgetho leno le le oketsegileng go fokotsa sekoloto gore se se tswe mo taolong le go thusa baagi mo go tlhokagalang ka bonako, go oketsa dikgato tsa go tlholwa ga ditiro ka Lenaneo la Moporesitente la go Thapiwa ga Bašwa, le go tshegetsa lekala la boitekanelo la puso. 

7.    Kgwedi ya Kgololesego

7.1.    Monongwaga mo kgweding ya Moranang Aforika Borwa e keteka Kgwedi ya Kgololesego mme e tsena mo go yona ka tsholofelo e e ntšhwafetseng ya gore la kamoso le tla tlhaba botoka, seno ke ka ntlha ya gore re itshoke sebaka sa dingwaga di le pedi tse di bokete ka fa tlase ga leroborobo la lefatshe lotlhe la COVID-19. Letsatsi la Kgololesego la ngwaga le ngwaga le tla ketekiwa ka Laboraro, 27 Moranang 2022. 
7.2.    Kgwedi ya Kgololesego e gopola le go akgola botlhe ba boineelo ba bona bo dirileng gore re kgone go itumelela ditshwanelo tsa botho le dikgololesego tse di mo teng ga Molaotheo wa rona wa Rephaboleki ya Aforika Borwa wa 1996 o o rolelwang hutshe lefatshe ka bophara.
7.3.    Kabinete e ikuetse go Maaforika Borwa otlhe go dira mmogo jaaka re tsweletsa kgaratlho ya rona go fenya COVID-19. Rotlhe re tlhoka go dira karolo ya rona go busetsa ikonomi ya rona mannong, ka Leano la Kagosešwa le Tsosoloso ya Ikonomi, mme re godise dikgwebo tse dintsi tse di tla kgonang go tlhola ditiro. 

8.    Kgwedi e e Boitshepo ya Ramadan

8.1.    Kabinete e eleletsa setšhaba sa Bamoseleme mo Aforika Borwa Kgwedi e e Boitshepo ya Ramadan. Ngwaga le ngwaga, Ramadan e ketekiwa lefatshe ka bophara ka thapelo, go itima dijo le ditiro tsa go abelana le ba ba tlhokang. Setšhaba sa Bamoseleme ke se sengwe sa ditšhaba tse di farologaneng tse di botlhokwa tse re nang le tsona mo nageng ya rona. 

B.    Ditshwetso tsa Kabinete

1.    Seralwa sa Leanolegolo la Bosetšhaba la Tlhabololo e e Golaganeng ya Dikgwebopotlana (NISED)

1.1.    Kabinete e dumeletse go phasaladiwa ga seralwa sa Leanolegolo la NISED go ngoka ditshwaelo tsa baagi. Togamaano e e Golaganeng ya Kgwebo le Dikgwebopotlana ya pele e ne ya amogelwa ka 2005. Togamaano e le NISED e e latelang di tsenya tirisong Lekwalo la Mabudusatsela la Puso ka ga Togamaano ya Bosetšhaba ya Tlhabololo le Thotloetso ya Dikgwebopotlana mo Aforika Borwa ya 1995. 
1.2.    Fa NISED e sena go amogelwa, e tla dira mo boemong jwa Togamaano e e Golaganeng ya Kgwebo le Dikgwebopotlana ya ga jaana. E tla tlamela ka letlhomeso la kgolagano ya bannaleseabe botlhe ba botlhokwa ba tikologo mo tlhabololong ya dikgwebopotlana. E kaela mekgwa ya momaganyo e e tla kaelang mananeo otlhe a a tshegetsang dikgwebopotlana. 
1.3.    Leano le le batla go oketsa go nna le seabe ga dikgwebopotlana mo ikonoming e e tlhomameng, go tlosa dithulaganyotatelano le go rotloetsa bonolo ba go dira kgwebo, segolo go dikgwebopotlana. 
1.4.    NISED ke ditlamorago tsa ditherisano tse di anameng le mafapha a a maleba mo makaleng a puso a bosetšhaba, porofense le a selegae, kgwebo, badiri, dirutegi le ditheo tse di farologaneng tse di maleba. 

2.    Go akarediwa ga Setheo sa Tlamelo ka Matlole go Dikgwebopotlana (SEFA) le Setheo sa Tlhabololo ya Dibanka tsa Koporasi (CBDA) mo Setheong sa Tlhabololo ya Dikgwebopotlana (SEDA)

2.1.    Kabinete e dumeletse paka e e okeditsweng ya dikgwedi tse 20 ya go kopanya ditheo tse pedi tse. Kopano e, e ne e beetswe go ka tsena tirisong go tloga ka 1 Moranang 2022. Se e nnile morago ga gore Kabinete e dumelele go kopanngwa go go netefatsa gore puso e tlamela ka setheo se le sengwe se se tla tshegetsang tiro ya yona ya go tshegetsa dikgwebo tse dinnye le tse di magareng gammogo le dikoporasi. 
2.2.    Katoloso e e dumeletsweng e, e tla kgontsha Lefapha la Tlhabololo ya Dikgwebopotlana go konosetsa tshekatsheko ya melao go tlamela ka tikologo e e maleba ya melao le dipholisi e e letlang go bopiwa ga setheo se le sengwe – SEDA. Setheo se le sengwe se se nang le metswedithuso e e lekaneng se tla tlamela ka tshegetso e e tlhomameng sentle go tshegetsa dikgwebo tse dinnye le tse di magareng ga mmogo le dikoporasi. Kabinete e amogetse gape le go thapiwa ga Bakaedi ba Diboto tsa nakwana tsa SEFA le SEDA. 

3.    Melawana Tebang le Tshireletso, Thotloetso, Tlhabololo le Taolo ya Kitso ya Tlhago (IK) 

3.1.    Kabinete e dumeletse go phasaladiwa ga melawana ya IK go ngoka ditshwaelo tsa baagi. Melawana ya IK e tla thusa go tsenya tirisong Molao wa IK, 2019 (Molao 6 wa 2019). 
3.2.    Molao o o tlamela ka tshireletso, thotloetso, tlhabololo le taolo ya kitso ya tlhago. O tlamela ka go tlhongwa ga dithulaganyo tsa bosetšhaba tsa IK; taolo ya IK tsa setšhaba. O tlamela gape le ka go tlhongwa ga setlhopha sa bogakolodi; temogo ya dithuto tsa pele; tsamaiso le momaganyo ya IK. 
3.3.    Melawana e e tshitshinngwang e tla samagana le, gareng ga tse dingwe, go tlhongwa ga Setlhopha sa Bogakolodi; ditsamaiso tsa tumelelo; kwadiso ya bokgoni ba badiri ba IK; tsela ya go fitlhelela kgotsa go dirisa IK le go boloka direjisetara tsa IK. Melawana e e tlamela gape ka ditsela tsa tharabololo ya dikgotlang. 
3.4.    Melawana e e tla kwadisiwa mme e ka fitlhelelwa gape mo webosaeteng ya Lefapha la Saense le Itlhamelo: www.dsi.gov.za. Di tla fitlhelwa gape ka dipuo tsotlhe tsa semmuso. 

4.    Letlhomeso la Ditšhabakopano la Tlhabololo e e Tswelelang e bile e Kopanetswe (UNSDCF) la 2020-2025 

4.1.    Kabinete e dumeletse go tsenngwa tirisong ga UNSDCF 2020-2025 la Aforika Borwa. Letlhomeso le le tlamela ka semphato sa maikarabelo fa gare ga puso, setšhaba ka kakaretso le kantoro ya UN ya naga mo Aforika Borwa. 
4.2.    UNSDCF e tlhagisa dipilara tse nne tsa botlhokwa tse di akaretsang (1) kgolo e e akaretsang, ya bosiamisi e bile e tswelela; (2) tlhabololo ya badiri le ya loago; (3) puso e e nonofileng, e e bokgoni e bile e tlisa diphetogo; le (4) tsepamo ya tlelaemete le dikumo tsa tlhago tse di laolwang ka tshwanelo.
4.3.    Dipilara tse tsa botlhokwa di golagane le Leanotlhabololo la Bosetšhaba la Naga: Ponelopele ya 2030 le Letlhomeso la Togamaano la Pakagare, gammogo le Maikaelelo a Kgolo e e Tswelelang a UN a a tsamaisiwang ke kantoro ya naga ya UN mo Aforika Borwa. Tsenyotirisong e tla diragadiwa ka mokgwa wa tiriso ya tlhakanelo ya metswedithuso. 

5.    Tsereganyo ya bosetšhaba kwa mmasepaleng wa Toropokgolo ya Mangaung le Mmasepala wa Selegae wa Enoch Mgijima 

5.1.    Kabinete e dumeletse tsereganyo e go ya ka Karolo 139(7) ya Molaotheo wa Rephaboleki ya Aforika Borwa wa 1996, e buisiwa mmogo le Karolo 150 ya Molao wa Tsamaiso ya Matlole a Bommasepala, 2003 (Molao 56 wa 2003), kwa mmasepaleng wa Toropokgolo ya Mangaung le Mmasepala wa Selegae wa Enoch Mgijima. Bommasepala ka bobedi ba ntse ba retelelwa mo mererong ya matlole le thebolelo ya ditirelo mo nakong e telele. 
5.2.    Khuduthamaga ya Porofense ya Foreisetata e beile Mmasepala wa Toropokgolo ya Mangaung ka fa tlase ga ditsereganyo tsa pateletso go ya ka Karolo 139(5) (a) le (c) ya Molaotheo ka Sedimonthole 2019. Morago ga moo, leano la tsosoloso ya matlole la pateletso le ne la tsenngwa tirisong ka 2020. Morago ga go retelelwa mo nakong e e fetang dingwaga tse pedi go tsenya tirisong ditsereganyo tsa leano la tsosoloso ya matlole, Toropokgolo e ga jaana e beilwe ka fa tlase ga tsereganyo ya bosetšhaba go ya ka Karolo 139(7) ya Molaotheo.
5.3.    Mmasepala wa Selegae wa Enoch Mgijima le ona o ne wa bewa ka fa tlase ga tsereganyo ya pateletso ke Khuduthamaga ya Porofense ya Kapa Botlhaba go ya ka Karolo 139(5) (a) ya Molaotheo ka 2018. Le fa go le jalo, morago ga gore mmasepala o o retelelwe ke go nna le tswelopele mo go tokafatseng tiragatso ya ona ya matlole le thebolelo ya ditirelo, Kabinete e ne ya swetsa go o baya ka fa tlase ga tsereganyo ya bosetšhaba. 
5.4.    Go dirisiwa ga tsereganyo ya bosetšhaba go ya ka Karolo 139(7) ya Molaotheo go kaya gore mo go bommasepala ka bobedi, puso ya bosetšhaba e tla tsaya taolo boemong ba Khuduthamaga ya Porofense. Mofuta o wa tsereganyo ke wa pateletso mme o latela mokgwatsamaiso wa Karolo 139(5) ya Molaotheo ka pharologano fela ya gore ga jaana puso ya bosetšhaba e tla rwala maikarabelo a ditsereganyo tse ka tlhamalalo. 
5.5.    Go kgontsha go rwala maikarabelo a, Baemedi ba Bosetšhaba ba Kabinete (NCR) ba tla tlhongwa kwa go bommasepala ba mo nakong e e sa fediseng pelo. Tona ya Matlole o tla neela dithata go NCR mme e tla thusiwa gape ke baitseanape ba maphatamantsi. Ga go tshwetso e e setseng e tserwe go ka phatlalatsa lekgotla la mmasepala go ya ka Karolo 139(5)(b) ya Molaotheo.
5.6.    Tsereganyo ya Bosetšhaba e tla diragala morago ga go kwadisiwa semmuso mo Kuranteng ya Puso, le fa go le jalo tsereganyo ya ga jaana ya Karolo 139(5) e tla tswelela go dira go fitlha ka letlha leo. Boemong ba tsereganyo ya Karolo 139(1) kwa Mmasepaleng wa Selegae wa Enoch Mgijima go tla dirisiwa tsereganyo ya Karolo 139(5) (a) le (c), e gape e tla akaretsang go retelelwa ga mmasepala go diragatsa maikarabelo a ona a khuduthamaga. Tona mo Kantorong ya Moporesitent, Rre Mondli Gungubele, mmogo le Tona ya Matlole Rre Enoch Godongwana le Tona ya Puso ya Tshwaraganelo le Merero ya Setso, Ngk Nkosazana Dlamini-Zuma, ba tla tshwara pegelo ya bobegakgang mo bekeng e e tlang go tlhalosa tsereganyo e ya bosetšhaba. 

C.    Tiragalo e e Tlang

1.    Imbizo ya Moporesitente e e ka ga Leano la Tiragatso ya Kabo ya Ditirelo le le Ikaegileng ka Ditikologo (DDM) 

1.1.    Moporesitente Ramaphosa o tla re ka Labotlhano, 8 Moranang le Lamatlhatso, 9 Moranang 2022 a rwale maoto a lebe kwa Tikwatikweng ya Metshameko ya Petrus Molemela kwa Mangaung, Foreisetata ka letsholo la Imbizo ya Moporesitente e e buang ka DDM. 
1.2.    Imbizo e, e e tshwarwang ka setlhogo: “Se tlogele ope kwa morago”, e tla sekaseka maemo a thebolelo ya ditirelo mo porofenseng e le go ela tlhoko tswelopele ya DDM, le go disa ditsereganyo le maano a botlhokwa.
1.3.    Imbizo ya Moporesitente ya DDM ke serala sa botlhokwa sa go nna le seabe ga baagi ka ntlha ya fa e neela baagi tšhono ya go ntsha se se mo mafatlheng mme le Moporesitente o nna le tšhono ya go reetsa le go tsibogela dingongorego tsa baagi. Maaforika Borwa a ka latela le go nna le seabe mo ditherisanong ka bebegakgang ba mafaratlhatlha a inthanete ka fa tlase ga setlhogwana sa #PresidentialImbizo.

D.    Go akgola 

Kabinete e akgotse le go eleletsa masego: 

  • Rre Nkosinathi Maphumulo, yo o itsegeng jaaka DJ Black Coffee, yo go sa le gale a gapileng sekgele sa gagwe sa ntlha sa Grammy mo karolong ya “Motantsho o o Gaisang/Alebamo ya Ileketeroniki” ka alebamo ya gagwe ya Subconsciously, kwa moletlong wa Dikabo tsa Grammy wa bo64 o o neng o tshwaretswe kwa Las Vegas, Amerika. 

E.    Go Thapiwa 

Pele batho botlhe ba thapiwa go tla tlhatlhobiwa makwalo a bona a dithuto le ditlankana dingwe tse di tlhokagalang.

1.    Rre Mpumelelo Tyikwe jaaka Motlhankedi Khuduthamagamogolo le Mokaedi Khuduthamaga wa Mokgatlo wa Aforika Borwa wa Diinšorense tse di Kgethegileng. 

Dipotso: Mme Phumla Williams – Sebueledi sa Kabinete 
Mogala: 083 501 0139
 

Share this page

Similar categories to explore