Go ikwadisa jaaka mooki wa moporofešenale

Fa o batla go dira tiro ya booki kgotsa ya go oka balwetse mo Aforika Borwa, o tshwanetse go ikwadisa le Lekgotla la Booki la Aforika Borwa.

Lekwalonetefaletso lengwe le lengwe le le tswang kwa Lekgotleng ke bopaki jwa gore motho yo a le neetsweng o kwadiseditswe tiro e e tlhalositsweng mo go lone mo sebakeng sa dikgwedi di le 12 go simolola ka letlha le le tlhagelelang mo lekwalonetefaletsong leo. Morago ga nako eo, o tla tshwanelwa ke go duela tuelo ya ngwaga mme o tla neelwa Lekwalonetefaletso la go Dira la Ngwaga (APC) gore o kgone go tswelela go dira mo tirong eo. APC e dira jaaka bopaki jwa go ikwadisa mo makwalothutong otlhe a a tlhagelelang mo go lone.

Bona dintlha ka botlalo mabapi le thulaganyo ya go ikwadisa mo webesaeteng ya Lekgotla la Booki kgotsa golagana le bone mo go 012 420 1000 kgotsa mo go registrar@sanc.co.za.

 

Share this page