Go romela kgotlang kwa go CCMA go tlisa kutlwano kgotsa

Fa o le modiri mme o ganetsana le mothapi wa gago, kgotsa mothapi a ganetsana le modiri, ka ga kgetse e e jaaka:

  • go kobiwa mo tirong
  • dituelo le maemo a tiro
  • diphetogo tsa lefelotiro, kgotsa
  • kgethololo

O ka tlhatlhela kgetse go kopa Khomišene ya Thuanyo, Tsereganyo le Katlholelo (CCMA) go ruanya kgotsa le fa e le go tsereganya mo kgotlhang ya gago. Mokgatlho wa badiri kgotsa mokgatlho wa mothapi le one o ka tsaya dikgato tebang le tiro e. Ga o tlhoke tumelelo ya motho yo mongwe pele o isa kgetse kwa CCMA.

Dikgotlhang tse di latelang di ka se kgone go tlhatlhelwa kwa CCMA:

  • fa rakonteraka yo o ikemetseng a na le seabe.
  • moo kgetse e sa amaneng le ntlha e e mo teng ga Molao wa Dikamano tsa Badiri kgotsa Molao wa Tekatekano ya Tiro (EEA). Dintlha tsa Molao wa Maemo a Motheo a Tiro (BCEA) di ka golaganngwa le dikgotlhang tsa go kobiwa mo tirong ka mokgwa yo o sa amogelesegeng le dikgotlhang tsa go kgaotswa mo tirong ka mokgwa yo o sa amogelesegeng kwa CCMA.
  • fa go na le lekgotla la ditherisano kgotsa lekgotla la molao mo lephateng leo.
  • fa go nang le tumelano ya poraefete ya go rarabolola dikgotlhang (sekai: tsereganyo ya poraefete).

Bona dintlha ka botlalo mabapi le go romela kgotlhang kwa CCMA kgotsa ikgolaganye le CCMA.

 

Share this page