Ka ga
Se o tshwanetseng go se dira
Nako ya tiragatso
Tuelo ke bokae
Diforomo tse di tladiwang
O ka golagana le mang
Ka ga go dira kopo ya bosetšhaba ya botsadi-ka-tsholo
Fa o batla go nna motsadi-ka-tsholo wa ngwana mo Aforika Borwa, o tshwanetse go golagana le setheo se se tla go sekasekang go go thusa go tlhokomela ngwana yo o ka mo newang.
O ka dira kopo ya bosetšhaba ya botsadi-ka-tsholo fa o le moagi wa Aforika Borwa e bile o nna mo Aforika Borwa o rata go tshola ngwana wa Moaforika Borwa.
Se o tshwanetseng go se dira
- Etela setheo sa botsadi-ka-tsholo mo porofenseng efe fela go dira kopo
- Setheo sa botsadi-ka-tsholo se tla sekaseka legae go bona gore a o tshwanelwa ke go ka nna motsadi wa ngwana ka tsholo
- Fa setheo se se kgotsofalela dipoelo, ba tla go tsenya mo teng ga Lenane la Bana ba ba Tsholwang le Batsadi-ka-Tsholo (RACAP) ba ntse ba go thusa go batlana le ngwana yo o ka tsholwang
- Fa ngwana a le teng, ba tla go biletsa kwa dikantorong go tla go bona ngwana yoo le go go botsa gore a o na le kgatlhego mo ngwaneng yoo
- Fa o dumela, ba tla romela pegelo ya gago go Kgotlatshekelo ya Bana go konosetsa ntlha ya botsadi-ka-tsholo le go rebola taelo ya botsadi-ka-tsholo
- Pegelo ya kgotlatshekelo e tla romelwa go Lefapha la Tlhabololo ya Loago gore ba bone gore a tsamaiso yotlhe e latetswe le go rekota dintlha tsa gago le tsa ngwana.
Tuelo ke bokae
O ka duela go mokgatlo o o maleba wa tshireletso ya bana mabapi le botsadi-ka-tsholo ya boditšhaba.
Diforomo tse di tladiwang
Diforomo tsotlhe di teng kwa kantorong e e e gaufi nao ya Lefapha la Tlhabololo ya Loago.