Kopo ya tokologo ya go thaya ditlhapi go itshedisa le ka seelo se sennye

Ka ga | Se o tshwanetseng go se dira | Nako ya tiragatso | Tuelo ke bokae | Diforomo tse di tladiwang | O ka golagana le mang

Ka ga kopo ya tetla e e kgethegileng ya go tshwara ditlhapi tsa palo e nnye le go iphepa

Dira kopo ya tetla e e kgethegileng go tshwara palo e nnye ya ditlhapi le go iphepa fa o nna kwa mabopong mme o rata go dirisa ditshedi tsa mawatle.

O tshwanetse go dira kopo ka dikomiti tse di tlhomilweng selegae e leng Dikomititaelo tsa Selegae.

Gore o bone tetla e e kgethegileng, o tshwanetse go kgotsofatsa lenane lotlhe la netefatso. Tobetsa dikgolagano tse di fa tlase go bona ditlhokego:

Ela tlhoko: Ke tlolomolao go tshwara palo e nnye ya ditlhapi le go iphepa ka tsona ntle le phemiti. Ga jaana, batshwaraditlhapi ba ba itshedisang ka tsona ba laolwa ke ditetla tse di kgethegileng go fitlha go konosediwa pholisi ya go tshwara palo e nnye ya ditlhapi.

Tetla e e kgethegileng e ntšhwafadiwa ngwaga le ngwaga. Pele e rebolwa, badiri ba lefapha ba tlhalosa dipeelano le tekanyetso ya dikgetse.

Go se ikobele dipeelano tse go ka baka dikgato tsa semolao tse di akaretsang, go sekegwa, phimolo kgotsa go tseelwa tetla eo.

Se o tshwanetseng go se dira

  1. Kwadisa le go dira kopo kwa dikomiting tsa selegae tsa taolo.

  2. O tshwanetse go tlhalosa gore o batla go nna le seabe mo lekaleng lefe la ditlhapi.

  3. Saena lenane go supa gore o amogetse tetla ya gago.

Nako ya tiragatso

Kopo e ka tsaya kgwedi kgotsa go feta go lebilwe palo ya dikopo. Batlhankedi ba lefapha ba tla bitsa kopano ya baagi go rebolela ditetla batshwaraditlhapi ba ba kwadisitsweng.

Tuelo ke bokae

Tirelo e ke mahala go fitlha go konosediwa Pholisi ya go Tshwara Palo e nnye ya Ditlhapi.

Diforomo tse di tladiwang

Ga go diforomo tse di tladiwang.

O ka golagana le mang

Mogala: (021) 402 3911
Fekese: (021) 402 3367
Toropo: Cape Town
Aterese ya lefelo: Ground floor,  Fisheries Management , Department of  Agriculture, Forestry and Fisheries, Foretrust Building, Martin Hamerschlag Way, Foreshore, Cape Town, 8000
Aterese ya poso: Private Bag X2, Roggebaai, Cape Town, 8012

 

Call Centre:

Centre number: 086 111 2468
Fax: +27 12 359 3609
Email: callcentre@environment.gov.za

Website: https://www.environment.gov.za/

Share this page