Dira kopo ya go neelwa lekwalotetla la go dira moepo

Mabapi
Se o tshwanetseng go se dira
Go tsaya nako e e kana kang
Go ja bokae
Diforomo tse o tshwanetse go di tlatsa
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala

 

 

Mabapi le go dira kopo ya go neelwa lekwalotetla la go dira moepo

Fa o batla go dira ditiro tsa meepo o tshwanetse go bona lekwalotetla la go dira moepo kwa Lefapheng la Metswedi ya Dimenerale.

Lekwalotetla la go dira moepo ke tokomane e o e neelwang ke Lefapha la Metswedi ya Dimenerale mme le go letlelela go ka dira ditiro tsa moepo. Ga go ope yo a letlelelsweng go ka dira moepo ntle le lekwalotetla la go dira moepo. Makwalotetla a go dira moepo ga a adimanwe.

Lekwalotetla la go dira moepo le neilwe paka e e tlhagisitsweng mo lekwalotetleng mme ga e a tshwanela go ka feta dingwaga di le pedi. Le fa go le jalo, e ka ntšhwafadiwa gape dipaka di le tharo mme paka e nngwe le e nngwe e sa fete ngwaga.

Lekwalotetla la go dira moepo le ka ntshiwa fa fela e le gore:

  • menerale o o epiwang o ka epiwa ka bontsi mo dingwageng di le pedi
  • lefelo la moepo le sa fete bogolo jo bo kanaka 1.5 ha.

Dikgato tse di latelwang

  1. Dira kopo ka inthanete.
  2. Duelela ka inthanete madi a a tlhokegang, a a sa busediweng a go dira kopo.
  3. Khomphiuthara e ka amogela kopo ya gago fa fela e le gore ditlhokwa tsotlhe di kgotsofaditswe.
  4. Fa kopo ya gago e amogetswe, motsamaisi wa tikologo o tla go kopa go tlisa leano la botsamaisi jwa tikologo mmogo le go kopana le beng ba naga le maloko a a nang le ditshwanelo tsotlhe tsa semolao mmogo le maloko otlhe a a amegang.
  5. Isa ditlamorago tse di kwadilweng fa fatshe tse di ka ga dikopano tse di tshwerweng mmogo le maloko kwa go molaodi wa tikologo mo matsatsing a a sa feteng a le 30.
  6. Tona ya Lefapha la Metswedi ya Dimenerale o tla go naya kwalotetla la go dira moepo le ka ntshiwa fa fela e le gore ditlhokwa tsotlhe di kgotsofaditswe.

Go tsaya nako e e kana kang

Ba Thulaganyo ya Bolaodi jwa Metswedi ya Dimenerale ya fo Aforika Borwa ba tla go itsise ka gangwe fa kopo ya gago e amogetswe (seno se raya gore o fitllhelele ditlhokwa tsotlhe).

Go ja bokae

Ikgolaganye le Lefapha la Metswedi ya Dimenerale mabapi le dituediso.

Diforomo tse o tshwanetse go di tlatsa

Dikopo tsotlhe di tshwanetse go tsenngwa ka inthanete

Lefelo la bodirelo, diaterese le megala

 

Share this page