Ka ga
Se o tshwanetseng go se dira
Nako ya tiragatso
Tuelo ke bokae
Diforomo tse di tladiwang
O ka golagana le mang
Ka ga kopo ya thekontle kgotsa tsamaisiwa ga nama e tala go akaretsa mateng go tla mo kgotsa go feta mo Aforikaborwa
Fa o batla go rekantle nama e e foresee (e tala) go e tlisa mo Rephaboliking ya Aforikaborwa, kgotsa go fetisa nama eo mo Aforika Borwa, molao o tlhoka gore o dire kopo ya phemiti ya thekontle ya diphologolo kgotsa phemiti ya phetiso fo tswa go Mokaedi wa Boitekanelo jwa Diphologolo. O tshwanetse go bona phemiti pele merwalo e tloga kwa nageng e e rekwang kwa go yona.
Mokaedi wa Boitekanelo jwa Diphologolo mo Aforikaborwa o tla rebola phemiti ya thekontle ya diphologolo kgotsa phemiti ya phetiso ya nama e e foreše (e tala) ya dinaga tse a sekasekileng le go amogela ditirelo tsa diphologolo le maemo a boitekanelo jwa diphologolo kwa go tsona. (Tshedimosetso e e ka fitlhelwa mo go ElmarieV@daff.gov.za , Mogala 012 319 7700 kgotsa fekese 012 329 6892).
Go na le ditsamaiso tse di farologang tsa thekontle go ya ka dikumo le maemo a boitekanelo jwa diphologolo mo dinageng tse di farologaneng. Jaaka ditlhokego tsa boitekanelo di fetogafetoga, golagana le Bokaedi jwa Boitekanelo jwa Diphologolo(Mogala: 012 319 7420 /7524 /7700, Fekese 012 329 6892) go bona dintlha tsa sešweng. Diphemiti tsa thekontle ya diphologolo di dira mo pakeng e e lekanyedtsweng ya morwalo o le mongwe.
Dithenkontle tse di fetang mo nageng ya boraro ga di amogelege.
Ke maikarabelo a gago jaaka morekantle go buisa e go ikobela melawana ya phemiti ya thekontle ya diphologolo.
Go ya ka Meat Safety Act, 2000 (Molao 40 wa 2000) nama e e gatseditsweng le e e tsidifaditsweng e ka rekwantle fela go tswa kwa botlhabelong, mafelong a go sega le go rulaganya nama a a amogetsweng ke Motlhankedikhuduthamaga wa Bosetšhaba wa Aforikaborwa.
Lenane la mafelo a a dumeletsweng le ka fitlhelwa fa here kgotsa leletsa 012 319 7700 kgotsa romela kopo ka fekese go 012 329 6892.
Dithoto tsa nama e e rekilweng kwa moseja mme e tla ka dikepe di ka tlisiwa mono fela ka ditshodi tsa rifa. Ga go kitla go amogelwa dithoto tsa bontsi tse di kgaogantsweng. Nama e e foreše (e tala) e ka rekwa ntle fela fa e gatseditswe kgotsa e tsidifaditswe ka dithemphereitšha tse di tlhalositsweng mo phemiting ya thekontle ya diphologolo.
Se o tshwanetseng go se dira
- Tlatsa foromo ya kopo ya go rekantle/go fetisa nama go tla/feta mo Aforikaborwa.
- Fa dikumo di feta mo teng ga Rephaboliki ya Aforika Borwa, o tshwanetse go romela khopi ya phemiti ya thekontle go tswa kwa nageng e di yang kwa go yona mmogo le phemiti ya phetiso ya diphologolo.
- O tshwanetse go duelela phemiti eo.
- Tsenya madi a tuelo mo akhaontong ya Lefapha:
Leina la banka: Standard Bank of South Africa
Mong wa akhaonto: National Department of Agriculture
Nomoro ya akhaonto: 011219556 International Band
Lekala: 010845
IB brand 0001982 Centre Code
Swift Code: SBZA-ZAJJ
Leina la lekala: Arcadia. - Fa o dira kopo boemong jwa mongwe, tsweetswee netefatsa gore o duela ka leina la motho yoo kgotsa setlamo seo. Referense e tshwanetse go nna leina le sefane sa morekantle.
- Dituelo di ka dirwa le kwa dikantorong tsa Lefapha la Temothuo, Jalo ya Dikgwa le Bodirelatlhapi tse di mo lenaneng la dintlha tsa tlhaeletsano.
- Maikarabelo a dituediso tsa banka le dituediso tsa Banka ya naga e nngwe ke a gago, lefapha le ka se rebole phemiti fa tlhotlhwa yotlhe e ise e amogelwe. (E sekasekwa ngwaga le ngwaga mme e phasaladiwa mo teng ga Kuranta ya Puso).
- Tšheke e tshwanetse go duelwa go Mokaedikakaretso: Lefapha la Temothuo, Jalo ya Dikgwa le Bodirelatlhapi mme e kgomarediwa mo foromong ya kopo le go romelwa ka poso.
- Romela foromo e e tladitsweng le bopaki jwa tuelo go:
The Director: Animal Health
Import Export Policy Unit
Private Bag X138
Pretoria
0001
South Africa. - Ga go dikopo tse di tla diragadiwang ntle le bopaki jwa tuelo. Bopaki jwa tuelo bo tshwanetse go romelwa ka fekese go: 012 329 8292 e lebisitswe: Ina Labuschagne.
- Tsweetswee tlhalosa mo foromong gore a o tla ya go tsaya phemiti kgotsa o e romelelwe ka poso.
- Morago ga go amogela foromo ya kopo e e tladitsweng le bopaki jwa tuelo, Phemiti ya Thekontle ya Diphologolo le Setifikheiti sa Boitekanelo jwa Diphologolo di tla rebolwa mme di romelwa kwa go wena.
- O tshwanetse go bona setifikheiti sa boitekanelo jwa diphologolo go tswa go bothati jwa naga e o rekang kwa go yona pele dikumo tseo di romelwa. Setifikheiti se sa boitekanelo se tshwanetse go ikobela melawana e e tlhagelelang mo phemiting ya thekontle ya diphologolo ya Aforikaborwa kgotsa e le e e buisanetsweng ke bothati jwa tsa diphologolo jwa Aforikaborwa le jwa naga e e romelang ntle.
- Fa o tlhoka tshedimosetso malebana le ditlhokego tsa kumo e e rileng ya diphologolo, o ka bona dikhopi tsa dikao tsa Phemiti ya Thekontle ya Diphologolo le Setifikheiti sa Boitekanelo jwa Diphologolo go tswa Kantorong ya Diphemiti.
- O tshwanetse go bontsha Motlhankedi wa Taolo ya Direkwantle mo Aforikaborwa dilo tse di latelang kwa bogorogelong:
- Phemiti ya Tota ya Thekontle ya Leruo
- Setifikheiti sa Tota Boitekanelo jwa Leruo.
- Dithoto tsotlhe tsa nama di tshwanetse go tlhatlhobiwa kwa mafelong a a tlhagelelang mo phemiting ya thekontle:
- Durban: Mogala: 031 337 4346/7
- Cape Town: Mogala: 021 551 2050
- City Deep (tse di tswang fela kwa dinageng tse di mabapi): Mogala: 011 613 1636
- Port Elizabeth (dira dithulaganyo pele): Mogala: 041 585 8907.
Nako ya tiragatso
Fa motlhankedi wa tsa diphologolo kwa kantorong ya bosetšhaba a setse a amogetse thekontle, go tsaya matsatsi a tiro a le mararo go ya go a le matlhano go diragatsa kopo le go rebola phemiti.
Diforomo tse di tladiwang
Application to import/move in transit meat into/through the Republic of South Africa