Kopo ya go reka diphologolo le dikumo tsa diphologolo kwa ntle ga Aforika Borwa

Ka ga
Se o tshwanetseng go se dira
Nako ya tiragatso
Tuelo ke bokae
Diforomo tse di tladiwang
O ka golagana le mang

 

 

Ka ga kopo ya go reka diphologolo le dikumo tsa diphologolo kwa ntle ga Aforika Borwa

Fa o batla go rekantle diphologolo, dikumo tsa dipholologolo, dilo tse di fetelang gore di tle mo teng ga Rephabololiki ya Aforika Borwa, go ya ka molao go tlhokega gore o dire kopo mme o neelwe phemiti ya thekontle ya dikumo tsa diphologolo go tswa go Mokaedi wa Boitekanelo jwa diphologolo. O tshwanetse go bona phemiti pele phologolo kgotsa dikumo tsa diphologolo di romelwa go tswa kwa nageng e o rekang kwa go yona.

Fa o reka diphologolo tse di tshelang tsa dipolase jaaka dikgomo, dinku, dipodi kgotsa dipitse dikolobe, bontšhwe, dikoko (e seng dintšwa le dikatse), o tshwanetse go dira kopo ya tetla go tswa go Mokwadisi wa Tokafatso ya Diphologolo pele o ka rebolelwa phemiti ya direkwantle tsa diphologolo. Go utlwa go le gontsi mabapi le ditetla tsa tokafatso ya diphologolo, tsweetswee, leletsa 012 319 7434 kgotsa 012 319 7424.

Go na le ditsamaiso tsa thekontle ya diphologolo le dikumo tsa diphologolo. Ditlhokego tsa boitekanelo di a fetogafetoga, ka jalo ikgolaganye le Yuniti ya Pholisi ya Thekontle le Thekisontle ya Bokaedi jwa Boitekanelo jwa Diphologolo mo nomorong e ya fekese 012 329 6892 go bona ditlhokego tsa sešweng. Go ka nna le ditlhokego tse dingwe tsa semolao mabapi le dikumo tse di rileng ka jalo o tshwanetse go netefatsa gore o ikobela ditlhokego tsotlhe tsa semolao.

Se o tshwanetseng go se dira

  1. Tlatsa diforomo tse di latelang tsa kopo:
    1. Kopo ya go reka diphologolo le dikumo tsa diphologolo kwa ntle ga RSA (tse di tshwanetseng go faphiwa).    
    2. Kopo ya go reka diphologolo kgotsa dikumo tsa diphologolo kwa ntle ga RSA (tse di tshwanetseng go laolwa).    
    3. Kopo ya go reka diphologolo le dikumo tsa diphologolo kwa ntle ga Aforika Borwa (tse di sa tlhokeng go faphiwa). 
  2. Golagana le Bokaedi jwa Boitekanelo jwa Diphologolo fa o sena bonnete jwa gore o tlase foromo efe.
  3. O tshwanetse go duelela phemiti ya thekontle di dikumo tsa diphologolo (Tuelo e sekasekwa ngwaga le ngwa mme e phasaladiwa mo Kuranteng ya Puso)
    Tsenya madi a tuelo mo akhaontong ya Lefapha:
    Leina la banka: Standard Bank of South Africa
    Mong wa akhaonto: National Department of Agriculture
    Nomoro ya akhaonto: 011219556 International Band
    Lekala: 010845
    IB brand 0001982 Centre Code
    Swift Code: SBZA-ZAJJ
    Leina la lekala: Arcadia.
  4. Romela foromo e e tladitsweng le bopaki jwa tuelo go:
    The Director: Animal Health
    Import Export Policy Unit
    Private Bag X138
    Pretoria
    0001
    South Africa
    kgotsa ka Fekese go 012 329 8292.
  5. Tsweetswee tlhalosa mo foromong gore a o tla ya go tsaya phemiti kgotsa o e romelelwe ka poso.
  6. Mo mabakeng a diphologolo tse di tshwanetseng go faphiwa, o tshwanetse go golagana le Ngaka ya Diphologolo ya Puso kwa bogorogelong:
  7. Johannesburg Mogala: 011 973 2827 kgotsa Fekese: 011 973 2828.
  8. Cape Town Mogala: 021 551 2050 kgotsa Fekese: 021 551 1378.
  9. Lefelo la kwarentine kwa Durban ga jaana ga le dire, fela o ka bona tshedimosetso kwa kantorong eo ka Mogala: 031 368 6011 kgotsa Fekese: 031 337 7469.
  10. Ngaka ya Diphologolo ya Puso o tla rulaganya peelo ya manno kwa Lefelong la Kwarentine mme o tshwanetse go tlatsa karolo e e maleba mo foromong ya kopo. Morago Ngaka ya Diphologolo ya Puso o tla romela foromo e e kwa kantorong ya diphemiti ka fekese. 
  11. Tlatsa foromo ya Maikano a Kgololo kgotsa Indemnity Declaration (malebana le diphologolo kgotsa dinonyane tse di faphiwang) mme o kgomaretse maikano ao mo foromong ya kopo. O ka bona foromo ya Maikano a Kgololo go tswa kwa Kantorong ya Diphemiti ya Bokaedi jwa Boitekanelo jwa Diphologolo.
  12. Morago ga go amogela foromo ya kopo e e tladitsweng le bopaki jwa tuelo, Phemiti ya Thekontle ya Diphologolo le Setifikheiti sa Boitekanelo jwa Diphologolo di tla rebolwa mme di romelwa kwa go wena.
  13. Setifikheiti sa Boitekanelo jwa Diphologolo se tshwanetse go tladiwa ka Seesimane ke ngaka ya diphologolo e e reboletsweng maatla ke Bothati jwa Diphologolo jwa naga e go rekwang kwa go yona mo matsatsing a le 10 a go tloga koo.
  14. Fa o tlhoka tshedimosetso ka ditlhokego tsa diphologolo kgotsa dikumo tse di rileng, o ka bona dikhopi tsa dikao tsa Phemiti ya Thekontle ya Diphologolo le Setifikheiti sa Boitekanelo jwa Diphologolo go tswa kwa Kantorong ya Diphemiti.
  15. O tshwanetse go bontsha Motlhankedi wa Taolo ya Direkwantle mo Aforikaborwa dilo tse di latelang kwa bogorogelong:
    1. phemiti ya Tota ya Thekontle ya Leruo
    2. setifikheiti  sa Tota Boitekanelo jwa Leruo 
    3. ditlankana dife fela tse di kailweng, sk. Maikano a Kgololo, Setikheiti sa Tshoutiso ya Rabies, Phemiti ya CITES jj.
  16. Fa o reka matlalo a a bongola kgotsa a a omileng, ngaka ya diphologolo mo tikologong ya lefelo le le dumeletsweng le le mo go yona o tshwanetse go dumelela kopo eo. Ngaka ya diphologolo e e maleba e tshwanetse go saena le go tempa foromo ya kopo le go romela gape ka fekese kwa kantorong ya diphemiti ya Bokaedi jwa Boitekanelo jwa Diphologolo. Fa e sena go amogelwa, ke gona kantoro ya diphemiti e ka rebolang phemiti ya thekontle ya leruo.
  17. Fa o reka diphologolo tse di tshelang tsa dipolase jaaka dikgomo, dinku, dipodi kgotsa dipitse dikolobe, bontšhwe, dikoko (e seng dintšwa le dikatse) kgotsa dire tsa jenetiki, o tshwanetse go dira kopo ya tetla go tswa go Mokwadisi wa Tokafatso ya Diphologolo pele o ka rebolelwa phemiti ya direkwantle tsa diphologolo. Go utlwa go le gontsi mabapi le ditetla tsa tokafatso ya diphologolo, tsweetswee, leletsa 012 319 7434 kgotsa 012 319 7424.
  18. Diphemiti tse tsa tota ka bobedi di tshwanetse go supediwa Motlhankedi wa tsa Diphologolo kwa bogorogelong, mmogo le Setifikheiti sa tota sa Boitekanelo jwa Diphologolo se se rebotsweng ke naga e go rekwang kwa go yona.

Kitsiso ya botlhokwa:

  • Referense e tshwanetse go nna leina le sefane sa morekantle.
  • Maikarabelo a dituediso tsa banka le dituediso tsa Banka ya naga e nngwe ke a gago, lefapha le ka se rebole phemiti fa tlhotlhwa yotlhe ya ZAR 120 e ise e amogelwe. (E sekasekwa ngwaga le ngwaga mme e phasaladiwa mo teng ga Kuranta ya Puso). 
  • Tšheke e tshwanetse go duelwa go Mokaedikakaretso: Lefapha la Temothuo, Jalo ya Dikgwa le Bodirelatlhapi mme e kgomarediwa mo foromong ya kopo le go romelwa kwa atereseng e e fa tlase.
  • Dituelo di ka dirwa le kwa dikantorong tsa Lefapha la Temothuo, Jalo ya Dikgwa le Bodirelatlhapi tse di mo lenaneng la dintlha tsa tlhaeletsano.
  • Fa o dira kopo boemong jwa mongwe, tsweetswee netefatsa gore o duela ka leina la motho yoo kgotsa setlamo seo.
  • Ga go dikopo tse di tla diragadiwang ntle le bopaki jwa tuelo. Bopaki jwa tuelo bo tshwanetse go romelwa ka fekese go: 012 329 8292 e lebisitswe: Ina Labuschagne.

Nako ya tiragatso

Fa motlhankedi wa tsa diphologolo kwa kantorong ya bosetšhaba a setse a amogetse thekontle, go tsaya matsatsi a tiro a le mararo go ya go a le matlhano go diragatsa kopo le go rebola phemiti.

Tuelo ke bokae

Dituediso tsa 2023/24

Diforomo tse di tladiwang

O ka golagana le mang

 

Contact list: Import and export of animals and animal products

Share this page