Kopo ya taelo ya tshireletso ya mašetla a legae

Tirisodikgoka mo malapeng ke mokgwa mongwe le mongwe wa tlhokofatso e e akaretsang tshotlakako ya mmele, ya thobalano, ya maikutlo, ya tlhaloganyo kgotsa ya go ganediwa madi mo dikamanong tsa malapa. Fa mefuta e ya tlhokofatso e go diragalela kgotsa e diragalela mongwe yo o mo itseng, o ka nna wa tsenya kopo ya taelo ya tshireletso.

Bona tshedimosetso ka botlalo ka ga go tsenya kopo ya taelo ya tshireletso ya tirisodikgoka mo malapeng kgotsa letsetsa Lefapha la Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo mo go 012 357 8205.

 

Share this page