Pegelo ya Kopano ya Kabinete e e Tshwerweng ka Laboraro, wa la bo 29 Ngwanaitseele 2023  30 Ngwanaitseele 2023

A. Merero ya ga Jaanong
1. Ikonomi

1.1. Dijanaga tse di Rwalang Dithoto
1.1.1. Kabinete e neseditse pula maano le dikgato tse di tsentsweng tirisong ke ba Transnet tse di ka ga go rarabolola tshalelomorago e e santseng e le teng kwa boemelakepeng jwa Durban le jwa Richard’s Bay. Transnet e dira go tlala seatla go ka bokeletsa didirisiwa tse di tlhokegang mme e batlana le didirisiwa tseno gongwe le gongwe mo lefatsheng moo e ka di bonang gone go tshwana le dikhreini gore e kgone go atlega mo go tsenyeng tirisong leano la yona.
1.1.2. Tiro e e setseng e dirilwe ke Transnet mo go fokotseng tshalelomorago e e santseng e le teng kwa Lefelong la go Rwala le go Folosetsa Dikhontheinara la kwa Motsekapa e a tshepisa, mme ga jaana go setse sekepe se le sengwe se se emetseng gore ba fetse go folosa le go rwala dithoto. Transnet e santse e eme ka la gore e tla dirisana le botlhe ba ba nang le seabe go ka samagana le dikgwetlho tse lephata la dithoto le tobaneng natso.
1.2.Kago ya Mafaratlhatlha
1.2.1. Kabinete e neseditse pula kgatelopele e e setseng e dirilwe mo go ageng le mo go tsosoloseng mafaratlhatlha gore a kgone go tswela baagi mosola.
1.2.2. Mo ntlheng eno, Kabinete e itumedisitswe ke go bulwa ga Sepetlele sa Dr Pixley Ka Isaka Seme Memorial kwa eThekwini, KwaZulu-Natal. Sepetlele seno se se butsweng ke Moporesitente Cyril Ramaphosa, se tla samagana le ditlhokwa tsa tlhokomelo ya balwetse mo metseng ya kwa Inanda, Ntuzuma le Kwa-Mashu, mmogo le kwa metseng e e mabapi moo baagi ba ka fitlhang milione le halofo. 
1.2.3. Mo godimo ga seno, Kabinete e neseditse pula gape le go bulwa ga Kholeje ya Katiso le Thuto ya Ditiro tsa Diatla le tsa Setegenik (di-TVET) ya kwa .uMgungundlovu kwa Khamphaseng ya Msinga kwa porofenseng ya KwaZulu-Natal e e butsweng ke Tona ya Ditheo tsa Thuto e Kgolwane, Saense le Thekenoloji, Ngaka Blade Nzimande. Khamphase ya Kholeje eno ya TVET e e jeleng R143.5 milione gareng ga tse dingwe tse dintsi e tlamelana ka Katiso ya Dithuto tsa Botsamaisi le tsa Mefutafuta ya Boenjenere.
1.2.4. Go agiwa ga khamphase eno ke a mangwe a maiteko a puso a go dira bonnete jwa gore mo tikologong nngwe le nngwe go na le bonnye jwa Kholeje ya TVET e le nngwe, mme mo ditikologong tse dikgolo go tshwanetse go nna le tse di fetang e le nngwe. Seno ke karolo ya maikemisetso a puso a go tswelela go beeletsa mo go tokafatseng dithuto tsa baagi fa ba sena go konosetsa dithuto tsa materiki, mme seno ke go leka go tlhatlhelela setšhaba go ipaakanyetsa isago.
1.3. Bojanala
1.3.1. Kabinete e itumedisitswe gape le ke go bulwa ga kgwebo ya dikepe tse di rwalang bajanala kwa Nelson Mandela mme kgwebo eno ke ya Setlamo sa Mediterranean Shipping (MSC) mme konteraka e tsenetswe ke puso le setlamo sa poraefete (PPP) jaaka Transnet e eme mo legatong la puso. MSC e beeleditse madi a le kanaka R296.7 milione go aga lefelo leno mme go na gape le R30 milione e nngwe e go lebeletsweng gore e tla dirisediwa go godisa lefelo leno.
1.3.2. Kabinete e santse e boeletsa mafoko a ga Moporesitente Ramaphosa fa kwa pulong a ne a re: “Badirisi ba dikepe ba bantsi ba inopoletse Durban go nna lefelo le go tshwarelwang dikepe mo go lona go tswa mo lefatsheng ka bophara”.
1.4. SA Connect e Simolola go Ntsha Tema
1.4.1. Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go thankgolola mafaratlhatlha a Gigabit Mesh Network kwa Ward 1 ya Masepala wa Selegae wa Greater Kokstad kwa Tikologong ya Harry Gwala kwa KwaZulu-Natal mme mafaratlhatlha ano a tla golaganya malapa a le 1 600 le go kgontsha baagi ba feta ba le 6 000 go ka tlamelwa ka ditirelo tsa porotebente.
1.4.2. Gigabit Mesh Network Mzanzi Comnet ya ntlha, kwa Tikologong ya Harry Gwala, ke karolo ya letsholo la puso la SA Connect leo maitlhomo lona e leng go dira gore batho botlhe ka fa nageng ba nne le inthanete e e duelelwang ke Sekgwama sa Tlamelo ka Ditirelo tsa Porotebente. Mafaratlhatlha ano a dira gore Ward 1 ya Masepala wa Selegae wa Greater Kokstad gore e nne lefelo la ntlha le le setseng le golagantswe lotlhe kwa KwaZulu-Natal.
1.4.3. Sekgwama sa Tlamelo ka Ditirelo tsa Porotebente se thusitse dikgwebopotlana, tse dikgolwane le tse dikgolo (di-SMME) tse di abelanang ka ditirelo tsa inthanete ka fa nageng ka bophara gore di kgone go ema nokeng tlhagiso ya ditiro mo ditheong tseno le mo ditheong tse di tlamelang ditheo tseno ka ditirelo e leng se se tswelang molemo batho ba ba tlhokang ditiro ka bontsi ba ba jaaka bašwa, basadi le batho ba ba nang le bogolofadi.
1.4.4. Segolobogolo kwa Masepaleng wa Tikologo wa Harry Gwala, Sekgwama sa Tlamelo ka Ditirelo tsa Porotebente se thusitse di-SMME di le 12 (tse di neng di neilwe dikonteraka ke setlamo se se neng se neilwe thendara) mme bašwa, basadi le batho ba ba nang le bogolofadigo ba tlholetswe ditiro di le 79.

2. Go Lwantshana le Bogodu le Bokhukhuntshwane

2.1. Go Tshwarisana Tiro le Ditheo tsa Boditšhabatšhaba
2.1.1. Kabinete e neseditse pula Setheo sa Dipatlisiso tsa Melato e Megolo ya Botlhokwa (di-Hawks) seo ka ntlha ya tirisanommogo le Setlamo sa Mafelo a Boemafofane a Aforika Borwa (ACSA) se kgonneng go goga kwa pele letsholo le le kgonneng go ka tshwara babelaelwa ba le batlhano kwa Boemelafofaneng jwa Difofane tsa go tswa le go leba kwa Dinageng tsa Boditšhabatšhaba jwa OR Tambo ka la bo 15 Ngwanaitseele 2023.
2.1.2. Balatofadiwa bano ba latofadiwa ka molato wa go tshedisa diritibatsi melelwane ka tsela e e seng mo molaong, go gataka Molao wa Difofane tsa Banamedi wa ngwaga wa 2009 (Molao wa bo 13 wa 2009) mmogo le go gataka Molao wa Lekgetho le Dithoto wa ngwaga wa 1964 (Molao wa bo 91 wa 1964).
2.1.3. Go tshwarwa ga batho bano ka diritibatsi tseno go golaganngwa le bao mo malobeng ba tshwerweng ka merwalo ya diritibatsi kwa nageng ya Australia. Go tshwarwa ga merwalo eno ya diritibatsi kwa nageng ya kwa ntle go golagangwa le babelaelwa bano ka fa nageng ya Aforika Borwa, mme seno se dirile gore babelaelwa ba le babedi ba ba direlang ACSA ba golegwe, mmogo le ba le babedi ba setlamo sa difofane sa Menzies Aviation mmogo le a le mongwe wa setlamo sa Swissport.

2.2. Go Utlwanela Dithulaganyo tsa go Tsamaisa Kgwebo ga Dikgwebo tse Dikgolo ka Tsela e e Seng mo Molaong fa go tla mo Boleng jwa Ranta mo go Dolara
2.2.1. Kabinete e tsopoletswe ke Khomišene e e Okameng Merero ya Dikgaisano tsa Dikgwebo mmogo le Lefapha la Matlotlo a Bosetšhaba ka ga go utlwanela dithulaganyo tsa go tsamaisa kgwebo ga dikgwebo tse dikgolo ka tsela e e seng mo molaong fa go tla mo boleng jwa Ranta mo go Dolara. Khomišene eno e tlhalositse segolobogolo ka kgetse e e sekiwang ga jaana mmogo le ka kutlwanelo ya go tlhaolosiwa kgomo ga Citibank N.A. mmogo le Standard Chartered Bank.
2.2.2. Kabinete e ema nokeng tiro e e botlhokwa e e diriwang ke Khomišene e e Okameng Merero ya Dikgaisano tsa Dikgwebo mo kgetseng eno. Jaaka go setse go tserwe dikgato tsa semolao kwa dinageng tse dingwe mabapi le dikgetse tseno tse di amanang le go utlwanela dithulaganyo tsa go tsamaisa kgwebo ga dikgwebo tse dikgolo ka tsela e e seng mo molaong fa go tla mo boleng jwa Ranta mo go Dolara, Kabinete e ikuela mo dibankeng tseo di ikarabelang mo dikgetseng tseno mo dikgotlatshekelong tsa ka fa nageng go se setise ditheo tsa molao go dira tiro ya tsona fela jaaka dibanka tseno di dirile fa di ne di ikobela ditheo tsa molao tsa dinaga tsa boditšhaba.
2.3. Go Samagana le Ditiragalo tsa go Bogisa le go Bolaya Batho ba Sesadi (GBVF) ka Tsela ya go Samagana le Leroborobo
2.3.1. Kabinete e totobaditse tlhokagalo ya go phethagatsa ka bonako Leano la Naga la go Samagana le Tiro (NSP) mabapi le go samagana le leroborobo la bobedi la GBVF.
2.3.2. Kabinete e nopotse gape le kgatelopele e e dirilweng ke ditharabololo tsa NSP tse di gogwang kwa pele ke dintlha tse di latelang di le thataro:

  • Go kwalola melao e mentsi sešwa;
  • Go ema nokeng batho ba ba fetileng mo tshotlegong eno ka go dira bonnete jwa gore sepodisi se tlamelwa ka didirisiwa tsa go bokeletsa bopaki;
  • Ditirelo tsa go Thoba Maikutlo le tsa Tlhokomelo ya Baagi;
  • Go tlhomiwa ga Letlole la go Lwantshana le GBVF leo le dirisang matlole go tswa mo pusong le mo ditlamong tsa poraefete go lwantshana le GBVF;
  • Go ema nokeng Mafelo a go Gomotsa le go Thoba Maikutlo a Bao ba Fetileng mo Mathateng a go Bogisiwa mo Dikgolaganong tsa Lorato, mme ona a ba tswela mosola o o botlhokwa; mmogo le 
  • Go tlhatlhelelwa ga basadi gore ba kgone go itirela letseno.

2.3.3. Puso e tla tswelela go ikopanya le maphata ka go farologana go dira gore setšhaba sotlhe se ipope ngatana nngwe mme se tobane le GBVF, mmogo le go dirisa NSP ka mokgwa o o tshwanang le o go dirisiwang ka ona Leano la Tiragatso ya Kabo ya Ditirelo le le Ikaegileng ka Ditikologo (DDM) ka go e tsenya tirisong mo diwateng.
2.3.4. Mo ntlheng eno, Kabinete e neseditse pula katlego e e nnileng teng mo go tshwareng mmogo Khonferense ya Boraro ya Mokgatlhotshwaraganelo wa Aforika (AU) e e ka ga go Nna Tlhogo ya Lelapa ka Tsela e e Tshwanetseng gore re Fedise Pogiso ya Basadi le Basetsanyana (EVAWG) mme khonferense eno e ne e tshwarwe ke naga ya Aforika Borwa mmogo le ya Comoros ka la bo 27 le la bo 28 Ngwanaitseele 2023.
2.3.5. Khonferense eno e tlhagisitse ditšhono tse di ka tsewang mo go gagamatsa dikgato tse di setseng di tserwe ke ditlhogo tsa dinaga le tsa puso, mmogo le tseo di setseng di tserwe ke maphata a mangwe mo go fediseng tirisodikgoka mo basading le mo basetsanyaneng ka fa kontinenteng. Dikgato tseno di tsenyeletsa tsa go rwala maikarabelo mo go tsenyeng tirisong Maikano a a Utlwanetsweng kwa Kinshasa mmogo le ditshwetso tse di tserweng ka Tlhakole 2023 ke ditlhogo tsa dinaga le tsa puso kwa Khonferenseng e e neng e tshwerwe e go neng go atlhaatlhiwa Ditumelano tsa AU mabapi le EVAWG.

3. Maitlhomo a Kamano le Dinaga tsa Boditšhabatšhaba

3.1. Kopano e e Kopanetsweng e e sa Tshwarweng Fela le Fela e e Atlhaatlhileng Maemo a kwa Dinageng tsa Botlhabagare ya Mokgatlho wa Naga ya Brazil, Russia, India, China mmogo le ya Aforika Borwa (BRICS).
3.1.1. Kabinete e neseditse pula go tshwarwa ga Kopano e e Kopanetsweng e e sa Tshwarweng Fela le Fela e e Atlhaatlhileng Maemo a kwa Dinageng tsa Botlhabagare ya Mokgatlho wa Dinaga tsa BRICS e e beditsweng ke Moporesitente Ramaphosa, jaaka e le paka ya gagwe ya go nna monnasetulo wa mokgatlho ono.
3.1.2. Jaaka mokgatlho ono o na le maatla mo mererong ya dinaga tse di ka fa Borwa jwa Lefatshe, seo se atlhaatlhilweng mo Kopanong eno e e sa Tshwarweng Fela le Fela ke boikuelo jo bo sa bolong go diriwa ke dinaga tsa lefatshe jwa gore go nne le poelano, go itshokelana le dipuisano magareng ga baagi ba Palestina le ba Iseraele.
3.1.3. Baeteledipele ba dinaga tsa BRICS ba dumelane gore batho ba tshwanetse go rwala maikarabelo mo ntwweng eno, jaaka go setse go tlhokafetse diketekete tsa batho le go dira gore ba bangwe ba le bantsi ba latlhegelwe ke magae a bona.
3.1.4. Kabinete e buseletsa mafoko a dinaga tsa BRICS gore ntwa e fedisiwe, mmogo le tirisodikgoka, go bolawa ga baagi mmogo le go tlhaselwa ga dithoto tsa baagi.
3.1.5. Kabinete e na le tsholofelo ya gore go tla busediwa baagi ba ba golegilweng mo ntweng eno mmogo le go emisiwa ganakwana ga ntwa gore ditirelo tsa go tswa baagi thuso di kgone go simolola kwa Gaza go tla dira gore go kgonagale gore maphata otlhe a nne fatshe a buisanele gore ntwa eno e khutlisiwe le go buisanela tharabololo ya leruri e e tla tswelang molemo baagi ba Palestina le go fedisa matshwenyego a baagi ba Iseraele.
3.2. Khoferense ya bo 28 ya Dinaga tse di Nang le Seabe (COP28) a Lekgotla la Dinagakopano le le Disang Letlhomeso la Phetogo ya Maemo a Loapi (UNFCCC)
3.2.1. Naga ya Aforika Borwa e tsaya karolo kwa nageng ya United Arab Emirates (UAE) mo go COP28 ya UNFCCC e e tla tshwarwang go tloga ka la bo 30 Ngwanaitseele go fitlha ka la bo 12 Sedimonthole 2023. Mo khonferenseng eno go tla nna le tekolo ya ntlha ya Maemo a Lefatshe, mme go tla sekasekiwa ka botlalo kgatelopele e e setseng e dirilwe fa e sale go tsenngwa tirisong Tumelano e e Utlwanetsweng ke Dinaga kwa Teropong ya Paris ka ngwaga wa 2015 mmogo le go thusa dinaga tse di nang le seabe go ipaakanyetsa go nna le seabe mo nakong e e tlang. 
3.2.2. Baromiwa ba ba emetseng naga ya Aforika Borwa ba romilwe gore ba bouisanele ntlha ya go tsenya tirisong ka botlalo UNFCCC mmogo le Tumelano e e Utlwanetsweng ke Dinaga kwa Teropong ya Paris, mmogo le dipoelo tse di beilweng tsa lefatshe tsa go rarabolola, go samagana mmogo le dikgato tsa go tsenya tirisong dikgato tsa phetogo ya maemo a loapi. Dikgato tsa go tsepamisa megopolo mo nageng ya Aforika Borwa di simolotse:
3.2.2.1. tlhokagalo ya e e potlakileng go ka godisa tirisano le dinaga tsa boditšhabatšhaba gore re kgone go tseela dikgato phetogo ya maemo a loapi go ralala le ditheo tsotlhe tsa ikonomi le tsa setšhaba;
3.2.2.2. tlhokagalo ya go oketsa dipoelo le go tla ka dipeelo tse dintšhwa tse di totobaditsweng tse di tla nnelang ruri tsa matlole tse di ikaegileng ka ditlhokwa tsa dinaga tse di santseng di iketetsa tse di tshegediwang ke dithulaganyo tsa dikaelo tse di utlwanetsweng;
3.2.2.3. tlhokagalo ya go tiisa maatla mo go rulaganyeng sešwa ditheo tsa lefatshe tsa matlole gore dibanka tsa go thusa dinaga tsa boditšhabatšhaba mmogo le ditheo tse dingwe tsa matlole di kgone go thusana ka matlole ka fao go tlhokagalang gore go kgonagalwe gore go fetisiwe kgang ya phetogo ya maemo a loapi, segolobogolo kwa dinageng tse di santseng di iketetsa; mmogo le
3.2.2.4. kgatelopele e e dirilweng mo go diragatseng peelo ya lefatshe ka ga go itlwaetsa thulaganyo e ntšwa e e matshwanedi ya go bonela kwa pele maemo a matlole.
3.3. Naga e tla thankgolola gape le Lepatlelo la Aforika Borwa ka la bo 06 Sedimonthole 2023, kwa kopanong ya COP28 kwa Dubai, UAE. Lepatlelo la Aforika Borwa le tla bontsha lefatshe ka bophara gore tirisanommogo ya ditheo tsa Aforika e dira sentle mo go samaganeng le ditlamorago tsa phetogo ya maemo a loapi, mmogo le go bontsha tiro e e diriwang mo go fetoleng diikonimi le mo go ageng ditšhaba tse di sa tsewatseweng ke ditsuatsue ka go dira gore di unngwelwe ka tshwanelo le ka go lekalekana.

B. Ditshwetso tsa Kabinete
1. Sekwalwa sa Bofelo sa Makhubu a Kgaso a mo Nakong e e Tlang 

1.1. Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go phasalatsa Sekwalwa sa Bofelo sa Makhubu a Kgaso a mo Nakong e e Tlang. 
1.2. Maitlhomo a pholisi eno ke go samagana le diphatlha tse di tlhokwang go thibiwa mmogo le dikarolo tse di saletseng morago tse di nopotsweng mo Sekwalweng sa Masupatsela sa Ngwaga wa 2016 se se Buang ka Thekenoloji ya Ditlhaeletsano le Tshedimosetso ya Naga mme yona e dira dithulaganyo tsa go kwalola sešwa dikarolo tse di maleba tsa Molao wa Didirisiwa tsa Motlakase tsa go Tlhaeletsana wa ngwaga wa 2005 (Molao wa bo 36 wa 2005), mme tsona di tsenyeletsa tse di buang ka:

  • diabe tse di sa tlhalosiwang ka tlhamalalo tse tona le bothati (ICASA) ba nang le tsona e leng selo se se tlisang tlhakatlhakano;
  • dintlha tse di saletseng morago mo tlhokomelong ya makhubu a kgaso; 
  • go nna le thulaganyo ya makhubu a kgaso e botlhe ba nang le seabe e e unngwelang bannaleseabe ba se kae ba bagolo; mmogo le 
  • tiro e e sa tswang diatla mo go direng gore batho ba ba leng kwa metseselegaeng, ba ba nnang kgakala le ba ba leng kwa mafelong a a sa tlamelweng ka ditirelo gore ba fitlhelele ditirelo tsa porotebente.

2. Sekwalwa se Iseng se Butswe se se Buang ka Dijanaga tse di Tsamayang ka Motlakase (di-EV)

2.1. Kabinete e neseditse pula Sekwalwa sa Masupatsela sa di-EV seo maitlhomo a sona e leng go netefatsa gore Aforika Borwa e nna karolo ya diphetogo tse di diragalang mo lefatsheng ka go tswa mo tirisong ya metšhini e e kueletsang mesi mme e tsene mo tirisong ya thekenoloji e ntšhwa ka go dirisa dijanaga tsa motlakase.
2.2. Pholisi eno e ema nokeng dipeeletso mo go ageng le mo go godiseng difeme tse di tla tlhagisang dijanaga tsa motlakase ka fa nageng.
2.3. Intaseteri ya dijanaga ya Aforika Borwa e na le seabe se se botlhokwa thata mo kgolong ya ikonomi e bile e tlhagisa ditiro di le diketekete, mme naga e na le dirašwa tse di dirang gore e nne lefelo la mmamoratwa le go bulwang difeme tsa dijanaga tse di tsamayang ka motlakase.

3.Peodinakong ka seo se Setseng se Dirilwe mo Leanong la go Duelela Baithuti Dithuto tsa kwa Ditheong tse Dikgolwane

3.1. Kabinete e neseditse pula Leano la go Duelela Baithuti Dithuto tsa kwa Ditheong tse Dikgolwane mme lona ke leano la go thusa go duelela dithuto tsa bana ba batsadi ba bona ba nang le letseno mme letseno la bona le sa ba kgontshe go ka ba isa sekolong.
3.2. Leano leno le tla thusa baithuti bao letseno la kwa malapeng a bona le sa ba kgontsheng go ka tlamelwa ka matlole a Sekema sa Naga sa go Thusa Baithuti ba Ditheo tsa Thuto e Kgolwane ka Matlole a go ya Sekolong, mme le tla ba tlamela ka dithuso tse di ka fitlhang go R600 000 ka ngwaga. 
3.3. Tlamelo ya matlole e tla tsepamisa mogopolo mo go direng gore baithuti ba iponele bokgoni le makwalothuto a ditiro tse di tla tlhokagalang mo isagong, mme go tla tlamelwa baithtuti ba ka dira 70% ba ba ithutelang dithuto tsa bokgoni jo bo botlhokwa jo bo tlhaelang fa baithuti ba bangwe ba ba dirang dithuto tsa ditirelo tsa setšhaba mo go bona go tla tlamelwa fela 30% ya bona. 

4. Sekwalwa sa Masupatsela sa Merero ya Bonno jwa Batho

4.1. Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go phasalatsa sekwalwa se iseng se butswe e bong Sekwalwa sa Masupatsela sa Merero ya Bonno jwa Batho gore baagi ba ntshe se se mo mafatlheng a bona ka ga sona. 
4.2. Maitlhomo a sona ke go naya lefapha leno maatla mo go direng gore le kgone go tlamela baagi ka bonno. Sekwalwa sa Masupatsela seno se tlhalosa ka fao puso e tla tsayang dikgato ka gone mo tlamelong ya matlole thusa malapa a a tlhokang mmogo le batho ba ba tlhokang tlhokomelo e e tseneletseng go tshwana le batho ba ba nang le bogolofadi.
4.3. Pholisi eno e baya kwa setlhoeng thulaganyo ya go dira gore maphata otlhe a le mararo a puso a tshwaraganele tiro gore tiro ya go agela baagi bodule e nne e e botlhofo. E tla dira gore tshwanelo ya gore maAforika Borwa a tshwanetse go nna le dintlo tse di ba lekaneng e diragadiwe, mmogo le go thusa go tlhola ditšhono tsa gore batho ba itirele letseno le tsa go nna seopo se le sengwe.

5. Sekwalwa se Iseng se Butswe sa Pholisi e e Buang ka go Tlamela Baagi ka Ditirelo tsa Metsi le Kgeleloleswe mo Nageng e e Seng ya Puso 

5.1. Kabinete e neseditse pula Sekwalwa se Iseng se Butswe sa Pholisi e e Buang ka go Tlamela Baagi ka Ditirelo tsa Metsi le Kgeleloleswe mo Nageng e e Seng ya Puso. Sekwalwa seno se batla go tla ka ditsela tse di ka dirisiwang go ka kgontsha puso go tsenyetsa baagi metsi mo nageng e e seng ya bona ka go dira gore baagi bano ba tlamelwe ka metsi a a siametseng go nwewa le ditirelo tsa kgeleloleswe. 
5.2. Sekwalwa seno se tla engwa nokeng ke mabaka a a buang ka boitekanelo le bophepa gore batho ba ba nnang mo mafelong a a jalo a masepala o sa kgoneng go ka ba tsenyetsa mafaratlhatlha gore le bona ba tshwanetswe go neelwa ditirelo tseno go ya fela jaaka go bonetswe kwa pele mo Molaong wa Ditirelo tsa Metsi wa ngwaga wa 1997 (Molao wa bo 108 wa 1997).

6. Sekwalwa sa Masupatsela se se Kwalolotsweng Sešwa se se Buang ka Malapa (WPF) 

6.1.Kabinete e neseditse pula WPF gore se tsenngwe tirisong. Maitlhomo a pholisi eno ke go dira gore re nne le malapa a a nang le lerato, kagiso, a a femelegileng, a a senang mmudubudu e bile a kgona go itlhokomela ka go nna le letseno. 
6.2. Mo go pholising eno malapa a tseewa jaaka selo se se botlhokwa thata mme pholisi eno e batla go dira gore matsapa a malapa a nang le ona e nne karolo e puso e samaganang nao fa e tsaya ditshwetso tsa go kwala dipholisi tse di tla tlhotlheletsang gore go nne le maitsholo a a siameng mo malapeng le go fetola maemo ka bophara ka fa nageng mo mererong ya go nna le letseno le ya go thusa baagi.
6.3. WPF e totobatsa ntlha ya gore malapa a a siameng ke ona a a dirang gore re nne le setšhaba se se siameng. E nopola gore malapa a kgona go nna le seabe sa ona mo setšhabeng fa e le gore maemo a a letla e bile a a tshegetsa. Puso e tla tsenya tirisong WPF ka go dirisana le setšhaba le mekgatlho ya baagi, mekgatlho e e seng ya puso, ditheo tse di dirang dipatlisiso mmogo le mekgatlho e mengwe ya baagi. Pholisi e no e ka fitlhelwa mo go www.gov.za

C. Melaotlhomo

1. Molaotlhomo wa go Fetola Molao wa Setlamo sa Difofane sa Aforika Borwa

1.1. Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go isa kwa Palamenteng sekwalwa se iseng se butswe sa Molaotlhomo wa go Fetola Molao wa Setlamo sa Difofane sa Aforika Borwa wa ngwaga wa 2007 (Molao wa bo 5 wa 2007).
1.2. Maitlhomo a molaotlhomo ono ke go fetola Molao wa Setlamo sa Difofane sa Aforika Borwa wa ngwaga wa 2007, mme seno se tla dira gore go nne botlhofo go rekwa ka botlalo ke badirisanimmogo ba ba botlhokwa. Seno se tla dira gore tshweetso ya Kabinete ya ngwaga wa 2019 ya go fetola Setlamo sa Difofane sa Aforika Borwa e diragadiwe mmogo le go dira gore badirisanimmogo ba ba botlhokwa ba nne le seabe mo ditlamong tsa puso.
1.3. Le fa Setlamo sa Difofane sa Aforika Borwa se samagane le go iponela badirisanimmogo ba ba botlhokwa ba e tla nnang bona ba ba nnang le dišere tse dintsi go gaisa tsa puso mo setlamong seno sa puso, puso e tla tswelela go nna motsholadišere yo o botlhokwa mo setlamong seno. 

2. Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Leokwane la Gase

2.1. Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go phasalatsa Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Leokwane la Gase gore baagi ba ntshe se se mo mafatlheng a bona ka ga ona. Maitlhomo a molaotlhomo ono ke go dira gore intaseteri ya leokwane la gase, gare ga tse dingwe tse dintsi, e tsamaisane le didirisiwa tse dintšhwa tsa thekenoloji tsa go rwala leokwane la gase le le tlwaelegileng le le le sa tlwaelegang e leng thekenoloji e e seng teng mo Molaong wa Leokwane wa ga jaana wa ngwaga wa 2001, (Molao wa bo 48 wa 2001).
2.2. Dikarolo tse di kwalolotsweng sešwa tseno di tla thusa Aforika Borwa gore dithulaganyo tsa yona tsa lekala la leokwane la gase di tsamaisane le tse di diriwang mo lefatsheng fa go tla mo intasetering ya leokwane la gase. Molaotlhomo la ntlha o isiwa kwa Palamenteng e ne e le ka ngwaga wa 2021 mme ka ngwaga wa 2022 o ne wa gogelwa kwa morago gore go atlhaatlhiwe ditshwaelo tse di rometsweng ke bannaleseabe. 

3. Sekwalwa se Iseng se Butswe sa Molaotlhomo wa Manyalo wa Ngwaga wa 2022

3.1. Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go isa kwa Palamenteng Sekwalwa se Iseng se Butswe sa Molaotlhomo wa Manyalo wa Ngwaga wa 2022. Molaotlhomo ono o neela maatla Sekwalwa sa Masupatsela sa Manyalo ka fa nageng ya Aforika Borwa, o Kabinete o sa bolong go o nesetsa pula ka Mopitlwe 2022.
3.2. Molaotlhomo ono o dira gore ka fa nageng ya Aforika Borwa go nne le Molao wa Manyalo o le esi o o sa tseeleng kwa tlase ditumelo tsa batho. Maitlhomo a molaotlhomo ono ke go dira bonnete jwa gore manyalo otlhe a diragadiwa go ya ka motheo wa tekatekano, wa go se tlhaolane le o o ka ga go naya batho seriti fela jaaka go tlhalosiwa mo Molaotheong wa Rephaboliki ya Aforika Borwa wa 1996.
3.3. Molaotlhomo ono o tlhalosa dintlha tseo di ka dirisiwang go thibela manyalo a a jaaka go nyalwa ga ngwana kgotsa go nyala ngwana mmogo le manyalo a mangwe a a diriwang mme motho yo a nyalang kgotsa yo a nyalwang a se teng mo lenyalong la gagwe fa go saenwa ditokomane tsa kgolaganyo ya lenyalo.

4. Sekwalwa se Iseng se Butswe sa Molaotlhomo wa go Tlhoma Lefelo le le Lengwe la go Abelana ka Ditirelo Tsotlhe tsa go Kgabaganya Melelwane kwa Melelwaneng (OSBP) 

4.1. Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go isa kwa Palamenteng Molaotlhomo wa OSBP.
4.2. Maitlhomo a molaotlhomo ono ke go dira gore dithulaganyo tsa semolao tse di matshwanedi tsa boditšhabatšhaba di kgone go ka tsenngwa tirisong mo mererong ya kgwebisano, kgabaganyo ya melelwane ya batho le dithot, mmogo le go tlhomiwa ga di-OSBP.
4.3. Molaotlhomo ono o neela gape le tetlelelo ya ditumelano tse di fitlheletsweng ka go dirisa dithulaganyo tsa OSBP. 

5. Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Matlole a go Rola Tiro 

5.1. Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go isa kwa Palamenteng Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Matlole a go Rola Tiro.
5.2. Molaotlhomo ono o tshitshinya gore Molao wa Matlole a Go Rola Tiro wa ngwaga wa 1956 (Molao wa bo 24 wa 1956) o fetolwe gore o tle o kgone go letlelela gore go nne le dipotlana di le pedi tsa matlole a go rola tiro mme ona o tla fetola ka fao letlole leno ga jaana le rulagantsweng ka gona ka go dira gore matlole go ipeelwang ona a arolwe gabedi mme a mangwe a tla somarelwa mo potlaneng e e sa kgomiweng go fitlha motho a rola tiro mme e nngwe potla yona e tla nna e motho a ka kgonang go ikadima mo go yona ntse a ise a role tiro. 
5.3. Tse dingwe tsa dintlha tse go buiwang ka tsona mo Molaotlhomong ono ke tse di reng letlole leno le tla letlelela badiri go ka ikadima madi a a rileng mo mading a bona a go rola tiro fa ba ntse ba ise ba role tiro.

6. Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Merero ya Ditheo tsa Ditlhopho wa Ngwaga wa 2023 

6.1. Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go isa kwa Palamenteng Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Merero ya Ditheo tsa Ditlhopho wa Ngwaga wa 2023. Molaotlhomo ono o kwalola sešwa Molao wa Ditlhopho wa ngwaga wa 1998 (Molao wa bo 73 wa 1998), Molao wa Khomišene ya Ditlhopho wa ngwaga wa 1996 (Molao wa bo 51 wa 1996), Molao wa Didirisiwa tsa Motlakase tsa go Tlhaeletsana wa ngwaga wa 2005 mmogo le Molao wa Taolo ya Matlole mo Ditheong tsa Theomolao tsa Palamente le tsa Diporofense wa ngwaga wa 2009.
6.2. Kgato eno ke go dira gore go se nne le dikgoreletsi tse di nnang teng mo go tlhophiweng ga batho ba ba sa emelang lekoko lepe la dipolotiki ba ba tlhophiwang go emela batho ba ba ba tlhophileng kwa ditheong tsa Kokoanotheomolao tsa naga le tsa diporofense. Molaotlhomo ono, gare ga tse dingwe tse dintsi tse o samaganang le tsona, se sengwe gape se o se dirang ke go kwalola sešwa Molao wa Tlamelo ya Mekgatlho ya Dipolotiki ka Matlole wa ngwaga wa 2018 (Molao wa bo 6 wa 2018) ka go dira gore go nne le melawanataolo e e laolang ka fao ditheo tsa puso le tsa poraefete di tshwanetseng go tlamela mekgatlho ya dipolotiki ka matlole ka gone mmogo le bona bontlhopheng ba ba sa emelang lekoko lepe la dipolotiki ba ba tlhophiwang go emela batho ba ba ba tlhophileng fa ba gaisanela ditlhopho. 

D. Bao ba Thapilweng

Pele batho botlhe ba thapiwa go tla tlhatlhobiwa makwalo a bona a dithuto le ditlankana dingwe tse di tlhokagalang.
1. Mme Ntsoaki “Shoeshoe” Qhu o thapilwe go nna Mokaedikhuduthamagamogolo (CEO) wa Lekala le le Okameng Tlhabololo le Diphapang mo Ditheong tsa Bobegakgang (MDDA).
2. Rre Sifiso Mdakane o thapilwe go nna Mokaedimogolo (DG) wa Lefapha la Ditiro tsa Puso le Mafaratlhatlha a Setšhaba.
3. Ngaka Mokoditloa Eliakim Moemi o thapilwe go nna DG wa Lefapha la Bonno jwa Batho.

E. Ditiragalo tse di Tlang
1. Letsatsi la Lefatshe la go Tlhotlheletsa Twantsho ya AIDS

1.1. Monongwaga go ketekiwa segopotso sa bo 25 sa lefatshe sa go keteka Letsatsi la Lefatshe la go Tlhotlheletsa Twantsho ya AIDS ka molaetsamogolo yo o reng: “A Baagi e Nne Bona ba ba di Gogang kwa Pele”. Motlatsamoporesitente Paul Mashatile, mo maemong a gagwe jaaka Monnasetulo wa Lekgotla la Naga ya Aforika Borwa la AIDS o tla etelela kwa pele mokete wa semmuso wa go bontsha tlotlo kwa Mandeni, kwa Tikologong ya Ilembe kwa porofenseng ya KwaZulu-Natal.

2. Imbizo ya Moporesitente ya Leano la Tiragatso ya Kabo ya Ditirelo le le Ikaegileng ka Ditikologo (DDM) kwa Porofenseng ya Foreistata

2.1 Moporesitente Ramaphosa o tla bo a felegediwa ke batlhankedi ba bagolo mo maphateng otlhe a le mararo a puso fa a tsaya leeto la go sekaseka kgatelopele e e dirilweng mo letsholong la Imbizo ya Moporesitente la DDM kwa Tikologong ya Lejweleputswa, kwa porofenseng ya Foreistata, ka la bo 07 Sedimonthole 2023.
2.2. Eno ke Imbizo ya Moporesitente ya letsholo la DDM ya bo 11 e e dirilweng ke puso eno ya borataro ya fa e sale temokerasi e roga. Maitlhomo a letsholo leno ke go boela kwa baaging go ba tlhalosetse gore go dirilwe eng ka ditletlebo tsa bona le go ba bontsha tse di rarabolotsweng le tseo go dirilweng maikano ka tsona fa go ne go rebotswe letsho la ntlha la Imbizo ya Moporesitente ya mothale ono ngogola.
2.3. Letsholo la Imbizo ya Moporesitente la DDM ke letsholo le le botlhokwa le baagi ba nnang le seabe mo go lona le le dirang bonnete jwa gore lefoko la baagi le sekegelwe mosako. Le naya baagi maatla a go nna le seabe mo diphetogong tse ba batlang go di bona. 
3. Letsatsi la Boditšhabatšhaba la go Keteka Dikgato tsa go Lwantshana le Bonweenwee 
3.1. Aforika Borwa e tla ema le lefatshe fa go tla bo go ketekiwa Letsatsi la Boditšhabatšhaba la go Ema Kgatlhanong le Bonweenwee ka la bo 09 Sedimonthole 2023. Ntwa ya go lwantshana le bonweenwee ke selo se se botlhokwa thata mo pusong, mme e tlhoka gore baagi botlhe mmogo le maphata otlhe a setšhaba ba nne le seabe. 
3.2. Kabinete e ikuetse mo bathong botlhe gore ba nne le seabe mo ntweng eno ya go lwantshana le gore re nne le setšhaba se se senang ditiragalo tsa bonweenwee. Fa re dira mmogo re ka dira bonnete jwa gore batho botlhe ba ba amegang mo ditiragalong tsa bonweenwee go se nne gope mo ba ka iphitlhang gone.

4. Lekgotla la Metshameko ya Kerikete ya Sejana sa Lefatshe ya 2024 ya Batshameki ba ba ka fa Tlase ga Dingwaga di le 19

4.1. Go tloga ka la bo 20 Ferikgong go fitlha ka la bo 11 Tlhakole 2024 ka fa nageng ya Aforika Borwa go tla tshwarelwa Metshameko ya Kerikete ya Sejana sa Lefatshe (ICC) ya 2024 ya Batshameki ba ba ka fa Tlase ga Dingwaga di le 19. Seno se tla morago ga gore Lekgotla la ICC le fetole lefelo le go tla tshwarelwang metshameko eno gore e tle go tshwarelwa ka fa nageng ya Aforika Borwa mme e se tlhole e tshwarelwa kwa nageng ya Sri Lanka jaaka go ne go rulagantswe kwa tshimologong, mme tshweetso eno e tserwe kwa bonako ntle le go neela batho nako e e lekaneng. Seno se bontsha ka fao naga ya Aforika Borwa e tshepiwang ka gone fa go tla mo go tshwareng ka katlego mekete e megolo ya lefatshe.

5. Samiti ya Mekgatlho e e Seng ya Puso (di-NGO) e e Thusanang le Lefapha la Bonno jwa Batho mmogo le Mekgatlho ya Baagi

5.1 Puso e tla tshwara Samiti ya di-NGO tse di Thusanang le Lefapha la Bonno jwa Batho mmogo le Mekgatlho ya Baagi mabapi le go dirisana mmogo le go oketsa tlamelo ya ditirelo mme kopano eno e tla tshwarwa go tloga ka la bo 30 Ngwanaitseele go fitlha ka la bo 01 Sedimonthole 2023 kwa Hoteleng ya Birchwood kwa Tikwatikweng ya go Tshwarela Dikopano tse Dikgolo ya OR Tambo ka molaetsamogolo yo o reng, “Re Gagamatsa Tirisanommogo gore Re Kgone go Aga Madulo a a Tswileng Diatla, a a Babalesegileng, a a Femelesegileng le a a tla Somarelegang”. 

E. Melaetsa
1. Melaetsa ya go Akgola

Kabinete e romela melaetsa ya yona ya go akgola le go eletsa masego kwa go:
1.1.Mme Nomsa Chabeli jaaka a thapilwe go nna Mokaedikhuduthamagamogolo o montšhwa wa Setheo sa Lekgotlakgaso la Aforika Borwa. 
1.2. Bafenyi mo maphateng a a farologaneng a Dikabo tsa Kantoro ya Moporesitente tsa Bobedi tsa Naga tsa go Akgola Dikoporasi le Dikgwebopotlana, tse Dikgolwana le tse Dikgolo (di-SMME) tsa Ngwaga wa 2023, mme dikabo tseno ke tsa go akgola foo tiro e dirilweng ka botswapele mo ditheong tsa di-SMME le tsa dikoporasi jaaka di neela bafenyi tšhono ya gore ba bonwe ke naga ka bophara le go ba itshise mo setšhabeng.
1.3. Banyana Banyana, jaaka ba tla bo ba tsholetsa serodumo sa naga ya rona kwa godimo mo Metshamekong ya go Ipontsha gore ke Bagale ba ba ka Letlelelwang go Tsenela Metshameko ya Sejana sa Metshameko ya Kgwele ya Dinao sa Ditlhopha tsa Dinaga tsa Aforika fa ba tla bo ba tshameka kgatlhanong le Burkina Faso kwa Lebaleng la Metshameko la Lucas Moripe, ka la bo 04 Sedimonthole 2023.

2. Melaetsa ya Matshediso

Kabinete e romela matshediso a yona kwa ba lelapa le ditsala tsa: 
2.1. Motshameki wa yo a neng a tumile wa setlhopha sa di-Springbok Hannes Strydom, yo a nnileng le seabe se se botlhokwa thata mo selhopheng sa nako eo se se fentseng Sejana sa Lefatshe tsa Rakabi sa ngwaga wa 1995.
2.2. Mokomišenare Lindiwe Octavia Ntuli-Tloubatla, yo a neng a ineetse mo tirong ya gagwe ya go kgaratlhela twantsho ya tirisodikgoka mo basading yo gape a diretseng dikomiti tse di farologaneng mo Setheong sa Mokomišenare wa go Lwela go Tshwarwa ka go Tshwana ga Batho ba Bong jo bo Farologaneng.
2.3. ba lelapa la ga Khomane mmogo le batshamekimmogo ba kgwele ya dinao go latela gore Mokapotene wa Maloba wa Setlhopha sa Kgwele ya Dinao sa Orlando Pirates e bong Papi Khomane a tlhokafale mmogo le mme wa gagwe e bong Mme Rita Khomane mmogo le o mongwe wa losika mo kotsing ya sejanaga. Khomane ke yo mongwe wa batshameki ba ba kileng ba tshamekela setlhopha sa Bafana Bafana mme ba fenya dimetale tsa poronse mo Metshamekong ya Sejana sa Metshameko ya Kgwele ya Dinao sa Ditlhopha tsa Dinaga tsa Aforika ka ngwaga wa 2000.

2.4. badiredi ba moepo ba ka bomadimabe ba tlhokafetseng mo kotsing ya kwa moepong wa Impala Platinum mmogo le go eletsa ba le 88 ba ba iponetseng dikgobalo pholo ya ka bonako. Lephata la meepo le botlhokwa thata mo ikonoming ya rona mme Kabinete e laetse intaseteri ya meepo gore e direle ka bonako go dira gore mafelo a meepo e nne a a babalesegileng gore batho ba ka direla mo go ona.

Dipotsiso:
Mme Nomonde Mnukwa
Mmueledi wa Puso wa Namaotshwere
Mogala: 083 653 7485

Share this page

Similar categories to explore