Puo Ka Mokhuduthamaga Wa Lefapha La Dipuso Selegae Le Merero Ya Segosi Rre Paul Sebegoe, Ka Nako Ya Kgota Kgote Tsamaiso Ya Merero Ya Magosi A Porofense Ya Bokone Bophirima ko Mmabatho Palms

Motsamaisa tiro / Moradisi
Tonakgolo ya porofense
Magosi a rona a a tlotlegang
Baemedi bagolo ba mafapha a farologaneng
Baeng ba rona ba ba tlotlegang
Basebetsi ba lefapha
Bomma le bo rra

Motsamaisa tiro, Kgotakgota e, etla ka nako e go nang le tlhokagalo ya gore re lepe le go tlhatlhoba seabe se re nnileng le sona mo ditheong tsa Bogosi.

Go tloga ka ngwaga wa kete kgolo a mabedi le borobongwe (2009) go latela thuanyo ya Mafapha e tlhodileng go kopantshiwa ga Mafapha, eleng La dipuso selegae le la merero ya segosi, Ke bo ammaruri gore bobedi jo ga boa kopangwa ka tolamo kwa setlhoeng sa ditoga maano tsa lefapha le mo dikomaneng tsa melao ya tsamaiso ya lefapha.

Mo maikaelelong a rona go tsweletseng pele ditirelo mo Lefapheng la Dipuso selegae. Re ikanne go tsamaisa ditheo tsa Bogosika maikaelelo ago di matlafatsa le go aga tirisano mmogo le di masepala ka bo phara.

Legale go nnile le ditsamaiso tsa kafa gare, tse e nnileng dikgwetlho dikgolo tse disa rarabologang. Motsamaisa tiro, letsatsi le tshwana le la gompieno re tshwanetse gotla ka di tharabololo.

Re rarobolole di kgwetlho tsotlhe tse renang natso tsabo:

  • Paka gare le paka kgolo rebe retle ka tsela e e maleba ya go tsamaisa ditheo tsa merero ya Segosi.
  • Re sekaseke dithuso tse difiwang ditheo tseo re lebile dirisiwa tse renang natso mo lefapheng.
  • Re tlhotlhomise polane ya ngwaga re e lepanya le paka ya tsamaiso ya dichelete (MTEF).
  • Re batle ditshwaelo toga maano le mohuta wa dithuso o o tlhokwang ke ditheo tsa bogosi.

Puso le Tsamaiso

Motsamaisa tiro, tsamaiso ya puso tshwaraganelo e tsaya tsia dipharologanyo tsa ditlhokwa le dingongora tsa baagi ba aforika borwa, jaaka go bua molao theo wa naga.

Ditheo tsa baeteledipele ba Magosi ditlhodilwe kwa Puso Bosetshaba le kwa puso magareng go tshameka karolo ya gonna mogakolodi wa puso. Go bo tlhoka go ka ela tlhoko botsalano magareng ga Puso le Bogosi le di tshono tse di tlisiwang keditheotsa Puso selegae le ditlhabololo tse di tlisiwang ke ditheo tsa puso selegae mo bathong.

Motsamaisa tiro, "nako ele ya go fana ka diipone goaroganya leruo e fedile. Re mo dinakong tse tegenoloji e ileng ko go dimo mo o ka fitlhelang ka di nako dingwe go kgonagala go duela lobola ka computer kampo go tsena mo dipuisanong tsa manyalo ka dilo tsa se sweng dilo di tshwana le facebook le twitter”.

Baeteledipele ba ditheo tsa bogosi ba tshameka karolo e botlhokwa mo setshabeng le mo mererong ya sepolotikile ya setso. Bana le seabe se segolo go fedisa dikgogakgogano kana dingangisano ekanna tsa mahatshe le tsa diminirale, Bogosi, bosinyi le gotlhatlhamana.

Bana le ditshwaelo tse di maleba go thusa tsamaiso ya Puso ya Selegae, Jaaka re nyoretswe go fedisa botlhoki le go tlhabolola matshelo a batho re tla tshwanelwa ka go ela tlhoko ditlhokwa tsa baagi ba naga yarona e e eleng ya puso ka batho. Kaga jalo karolo ya dikgosi e tlanna entse e bonala mogoba ba ba dirang melao tsamaiso.

Tsamaiso ya magosi gaya tshwanelwa go ka kgapelwa thoko fa gotliwa mo go rulaganyeng le go tsamaisa diporojeketsa morafe. Ammaruru gase kafa di takatsong tsa morafe gobona magosi a kgapelwa thoko mo go rulaganyeng le go diragatsa di porojeke tsa tlhabololoya merafe.

Melao theo le maikano

Molao theo wa naga o tsa ya tsia Magosi, ka jalo Lefapha la dipuso selegae le theilwe gore le ele tlhoko merero yamagosi, Seo se bontsa botlhokwa jwa ditiro tsa bona le mo matshelong a batho bogolo jang baba kwa metse magaeng.

Puso e ikemiseditse mogo matlafatseng ditheo tsa puso selegae ebile e lebogela karolo ya bone mo setshabeng. Go a itumedisa gore botlhe magosi a rona mo Porofenseng ba a duelwa le magosana a rona ba i ponela sengwe le ditswanelo dingwe.

Engwe ya dikgwetlho ke goka tlhalosa seemo sa Magosana le Magosigadi, kgwetlho kgolo ke gore ga gona molao o o ba busang. Se ke sone tlholo ya dipharologano mo ditsamaisong le dipalo tsa bothapi mo segosing ka go farologana. Re bontshitse seabe sa rona ka go tlhabolola tsamaiso ya magosi re se tse re abile dijanaga dile some a mararo le botlhano (35) go magosi a rona. Re tlhomile dikantoro dile lesome le boraro (13) ngwe ko Taung, Makgobistad , Khunoana ,Lebotlwane, Ramokokastad, kwa-Phiri, Tlokweng, Mabeskraal, Maboloka and Ga-Motlatla le Pitsi-di-sule jang.

Magosi a tlotlegang , maikano a rona a gole thusa ga a ikeega mo dithotong fela, re fane ka thuso thebolelo go badiri ba Morafe ‘’Tribal offices, rantsha madi a kana ka dikete dile masome a mararo (R30 000) ka ngwaga.

Re ikemiseditse go ka dira mmogo le lonamogo direng dipholisi tsa lefapha jaaka ‘’unity and diversity’’ initiation, traditional leaders’ protocol, family trees, as well as the remuneration and benefits of traditional leaders based on uniform norms and standards.

Tirisano mmogo ya ditirelo tsa setshaba

Motsamaisa tiro, Re batla go bopa tsamaiso e e siameng go rotloetsa tirisano magareng ga di masepala le Magosi eo mogo yona Magosi atla kgonang go neelana ka ditletlebo tsa morafe. Se se tla thusa mogo matlafatseng (IDPs) Disaster Management.

Magosi a rona a a tlotlegang ke rata go lo netefaletsa fa puso e le tseya tsia ebile e lemoga botlhokwa jwa lona mo ditsamaisong e ka nna tsa di porojeke kampo di porograma, melawana theo e mentsi e e fetisitsweng le di porograma tse di leng teng di netefatsa fa lo nale seabe se segolo mo ditlhabololong tsa merafe ya rona.

Magosi a rona a tlotlegang. Re tsweletse go ka dira mmogo go fedisa botlhoka tiro le botlhoki mo dikgaolong tsa rona tsa selegae. Ke lo gakolola go gana thotloetso tse di seng ka fa molaong tsa di kgatelelo tse di thibelang tswelelopele a maungo a mafatshe a rona, mme le rotloetse kagiso ga o ntetla moradisi go e bua ka puo ya seeng ke re magosi a rona:

reject tribalism, opportunistic exploitation of mineral resources, promote peace, foster social cohesion and contribute to the system of cooperative governance, where National and provincial government departments may also allocate to traditional leaders roles in land administration, agriculture, administration of justice, safety and security, health, welfare, arts and culture, tourism, registration of births, deaths and customary marriages, and the management of natural resources.

Segolo se tonna Magosi a rona a tlotlegang tlhagisang ka botswapelo boeteledipele mme le tlhomamise gore merafe ya rona e nna le ditshono tsa go dirisa mafatshe ka mogo tshwanetseng ebile go ba tswela mosola fa ko bofelong ba kgona go fedisa lehuma.

Kwa bokhutlong ke rata go tsaya nako e go lo leboga ka kopano e "motswana are sedikwa ke ntswa pedi ga se thata ka ga jalo kopano e e tshwanela ke go ribolola dikakanyo tse di tla tswelang merafe ya rona mosola. Ke lo eleletsa masego mo dipuisanong mo matsatsing a mabedi a.’’

Ke a leboga!

Enquiries:
Dineo Lolokwane
Cell: 072 542 8444

Province

Share this page

Similar categories to explore