Polelo ya kopano ya Kabinete ya la bo 23 Lwetse 2015

1. Go tsenngwa tirisong ga Mananeo a Botlhokwa a Puso

1.1. Kabinete e amogetse go tlhomiwa ga kgatiso ya bosupa ya Disupi tsa Tlhabololo (2014) ka la bo 20 Lwetse 2015 e e tlhagisitseng tshedimosetso ka ga seemo sa tlhabololo ya Aforika Borwa. Disupi di dira gore go tlhaloganngwe botoka ka moo dipholisi tse di farologaneng tsa puso le maiteko a tlamelo ya ditirelo di amang tlhabololo ya naga ka gona.

Gape disupi di tsweletsa dipuisano ka dikgwetlho tse di lebaganeng naga ya rona mme di dira jaaka sesupo se se tlhalosang diphitlhelelo mo leetong la rona la diphetogo tsa loago. Di dira jaaka thotloetso mo go rona go tswelela go dira mmogo go fitlhelela diphitlhelelo tsa rona tsa pakatelele le pakagare jaaka di tlhagisitswe mo Leanong la Bosetšhaba la Tlhabololo (NDP) - Vision 2030 le Letlhomeso la Togamaano la Pakagare.

1.2. Kabinete e amogetse go thapiwa ga bomagiseterata ba ditereke ba le 154 kwa dikgotlatshekelong tsa bomagiseterata naga ka bophara. Se se kwa setlhoeng ke gore ba le 90 ba bona ke basadi, ba ba emetseng diperesente di le 59 tsa botlhe ba ba thapilweng. Ntlha ya gore ba le 141 ba bomagiseterata ke bantsho mme ba le 13 ke basweu e tla tokafatsa thata diphetogo tsa bomorafe le bong kwa dikgotlatshekelo tse di kwa tlase. Go thapiwa fa gautshwane go latela go thapiwa ga bomagiseterata ba kgaolo ba le 57 ka la bo 2 Tlhakole 2015 mme seo se tlisa palogotlhe ya bomagiseterata ba ba thapilweng monongwaga go 211 e leng se se sa tlwaelegang mo dingwageng tse 21 tsa temokerasi ya rona.

1.3. Kabinete e amogetse go bewa ga Aforika Borwa mo maemong a le mararo a ntlha mo 2015 Open Budget Index, e leng tekanyo e e bapisang e le nosi fela ya lefatshe e e ikemetseng ya tekanyetsokabo e e mo pepeneneng, e e nang le seabe le tlhokomelo. Seno se baya Aforika Borwa jaaka moeteledipele mo lefatsheng mo mererong ya tekanyetsokabo e e mo pepeneneng. Dingwe tsa diphetogo tse naga e di diragaditseng magareng ga 2010 le 2015 di akaretsa letlhomeso le lentšhwa la togamaano le maano a tiragatso a ngwaga le ngwaga, mmogo le maitlamo a puso a go buisana le mekgatlho ya baagi go netefatsa gore go nna le seabe se se oketsegileng mo thulaganyong ya tekanyetsokabo.

1.4. Kabinete e amogela kitsiso ya gore Aforika Borwa o tla tsaya marapo a go nna Modulasetilo yo o kwa Pele wa Open Govenment Partnership (OGP). OGP ke maiteko a maphatamantsi a go bona maitlamo a a tsepameng go tswa mo mebusong go tsweletsa go direla dilo mo pepeneneng, go maatlafatsa baagi, go lwantsha bobodu le go dirisa dithekenoloji tse dintšhwa go maatlafatsa bolaodi. Ditokololo tsa basimolodi ba maiteko ano ke Aforika Borwa, Brazil, Indonesia, Mexico, Norway, Philippines, United Kingdom le Amerika.

Mo pakeng ya gagwe jaaka Modulasetilo yo o kwa Pele Aforika Borwa o itlama go godisa serodumo sa sepolotiki sa OGP go netefatsa go nna le seabe le go rwala maikarabelo mo magatong a Ditlhogo tsa Mebuso. Aforika Borwa o tla tota gape go lepalepanya OGP le lenaneo la boditšhabatšhaba la maphatamantsi (international multilateral agenda) kwa Kokoanokakaretsong ya Ditšhabakopano (UN) (UNGA), Setlhopha sa 20 mmogo le mo diraleng tse dingwe.

2. Ditshwetso tsa botlhokwa tsa Kabinete

2.1. Kabinete e tshegetsa gore Aforika Borwa e amogela Khonferense ya bobedi ya Kgweranoditšhaba ya Bašwa ba a Dira ka Mopitlwe 2016 ka kopo ya Bokwaledi jwa Kgweranoditšhaba. Lefapha la Maano, Tshekatsheko le Tekolo le tla dirisana le Bokwaledi jwa Kgweranoditšhaba, Yunibesithi ya Aforika Borwa le Setheo sa Bosetšhaba sa Tlhabololo ya Bašwa go rulaganya khonferense. Khonferense ke peeletso mo tlhabololong ya bašwa ba ba oketsegang ba Aforika Borwa, mme e tla tlamela ka serala sa go dira gore tlhabololo ya badiri ba bašwa e dirwe seporofešenale le go ba tsweletsa jaaka batlamedi ba ntlha ba ditirelo go bašwa.

2.2. Kabinete e amogetse Kaedi ya Tiragatso e e Siameng ya Kgwebo ya Ditlamo tsa Aforika Borwa tse di Dirang mo Aforika. Kaedi eno ke dintlhatheo tsa boithaopo tse di lepalepaneng le melao le seemo se se lemogwang boditšhabatšhaba se se tsweletsang maitsholo a a maikarabelo a kgwebo mo kontinenteng ya Aforika. E tlamela ka letlhomeso le le kaelang ditlamo tsa Aforika Borwa go tsweletsa tlhabololo ya ikonomi e e nnelang leruri mo Aforika. Gape e rotloetsa ditlamo tsa Aforika Borwa go lepalepanya seabe le ditiragatso tsa tsona le maitlhomo a puso a kgolaganyo le tlhabololo mo Aforika le go aga boikanyego le botshepegi jo bo tla ungwelang ditlamo le baagi ba ba dirang mo go bona.

2.3. Kabinete e amogetse phetiso ya Mametlelelo ya Samiti ya Institutionalization of the Southern African Customs Union (SACU) Samiti e e tsenelwang ke Ditlhogo tsa Mebuso gongwe Dipuso tsa mmuso mongwe le mongwe o e leng tokololo, e tla tlamela SACU ka kaelo ya sepolotiki le togamaano. Ditokololo tsotlhe tsa mebuso tsa SACU di tshwanetse go saena tumelano gore samiti e kgone go nna setheo se se kwa godimo go gaisa se se tsayang ditshwetso mo SACU.

2.4. Kabinete e amogetse go ntshiwa ga Lekwalo la Tshegetso go ya go Khomišene ya Kitlano ya Aforika malebana le Mokgatlho wa Batlamedi ba Tirelo ya Inthanete mo thulaganyong ya go dira kopo ya go amogela Regional Internet Exchange Point. Seno se tshwaela mo go kitlanngweng ga kgaolo le go agiwa ga mafaratlhatlha a a babalesegileng le a a ikanyegang mmogo le ditirelo tse di fitlhelelang ditlhokego tsa baagi ba ba nang le tshedimosetso le kitso.

Seno se tlhama tirisanommogo e e maatla magareng ga ditheo tsa Aforika mme gape se baya Aforika Borwa jaaka moeteledipele wa lefatshe mo tlhabololong, kanamisong mmogo le tiriso ya Thekenoloji ya Tshedimosetso le Tlhaeletsano (ICT). Go tshola kgolagano ya kgaolo fa gae go tla fokotsa ditlhotlhwa tsa go tlhaeletsana mme go tsweletse go tlhamiwa ga ditiro, boitlhamedi, bogwebi mmogo le dipolatefomo tsa ditirelo tsa puso ka tsela ya eketoroniki (e-government services), gammogo le go netefatsa gore Aforika e laola diteng le tshedimosetso ya yona.

2.5. Kabinete amogetse gore Aforika Borwa e amogele Foramo ya Bobedi ya Ditona ya Tlhabololo ya Boitekanelo ya China-Aforika ka fa tlase ga moono wa: "Go tsweletsa go nna gona ga ditirelo tsa boitekanelo mo Aforika, Go tsweletsa Tirisanommogo ya China-Aforika mo Boitekanelong jwa Setšhaba mo pakeng ya morago ga Ebola" go tloga ka la bo 4 go ya go la bo 6 Diphalane 2015 kwa Motsekapa. Maiteko ano a tla morago ga Foramo ya Tirisanommogo ya China-Aforika, e e bayang boitekanelo jaaka karolo ya botlhokwa ya tirisanommogo ya China-Aforika. Fa gautshwane, China e ne ya aba ditlamelo tse di bonalang go thusa go fema go anama ga leroborobo la Ebola kwa Bophirima jwa Aforika.

3. Melaotlhomo

3.1. Kabinete e amogetse go phasaladiwa ga Molaotlhomo o o Baakantsweng wa Melao ya Bosetšhaba ya Tsamaiso ya Tikologo, wa 2015 gore batho ba ka tshwaela mo go ona. Molaotlhomo o baakanya Molao wa Bosetšhaba waTsamaiso ya Tikologo, wa 1998 (Molao wa bo107 wa 1998) mmogo le melao e e rileng ya tsamaiso ya tikologo. Dipaakanyo di maatlafatsa ga reng ga tse dingwe, tsamaiso e e golaganeng ya tikologo, dikgato tsa kobamelo le tiragatso, biodiversity mmogo le tshomarelo, tsamaiso ya boleng jwa mowa mmogo le tsamaiso ya matlakala.

3.2. Kabinete e fetisitse go itsesewe ga Molaotlhomo o o Baakantsweng wa Bafudugedi, wa 2015 kwa Palamenteng. Dipaakanyo di oketsa bokgoni le tiragatso e e bokgoni ya thulaganyo ya go dira dikopo ya tsamaiso ya go thibelela, mme ke karolo ya tshekatsheko ka bophara ya Pholisi ya Bofudugedi e e tsweletseng.

3.3. Kabinete e amogetse go itsesewe ga Molaotlhomo wa Letlole le le Tsamaisiwang ke Bosiamisi, wa 2015 kwa Palamenteng. Molaotlhomo o tlhama letlhomeso la semolao le le tla oketsang maikarabelo le go samagana le diphitlhelelo tsa boruni tsa Morunikakaretso ka go tokafatsa bokgoni jwa setheo le go fetola ditirelo tsa bosiamisi.

Gape Molaotlhomo o dira tlamelo ya go tlhamiwa ga Letlole le le Tsamaisiwang ke Bosiamisi go laola tsamaiso, taolo, peeletso le tiriso ya madi a a tswang kwa Matloleng a Lephata la Boraro (le gape le bidiwang 'Madi a a mo Teraseteng'), go tshwana le madi a tlamelo le a beile.

3.4. Kabinete e neseditse pula go tsenngweng tirisong ga Molaotlhomo wa Setheo sa Botsamaisi jwa Melelwane (BMA), 2015 kwa Palamenteng. Maitlhomo a Molaotlhomo ke go tlhoma BMA, e e tla tshegetsang tshireletsego ya maeto a go kgabaganya melelwane, tlhokomelo ya kgwebisano mmogo le ditlhokwa tsa tshireletso ya bosetšhaba mo tlase ga maikano a dikgaolo tsa Aforika Borwa, Aforika le Boditšhabatšhaba. Bothati jono bo le bongwe jwa go tlhokomela melelwane bo tlhagisa kgonagalo ya ditirelo tsa go somarela matlotlo, tshireletsego e e tokafaditsweng le botsamaisi jo bo tokafetseng jwa tikologo ya melelwane

4. Ditiragalo tse di tlang

4.1. Moporesidente Jacob Zuma o tla etelela pele kemedi ya Aforika Borwa go ya kwa UNGA ya bo 70 kwa New York, Amerika ka fa tlase ga moono wa: "Ditšhabakopano ka 70: tsela e e lebileng kagiso, pabalesego le ditshwanelo tsa botho". Samiti ya UN ya Tlhabololo e e nnelang Leruri go tloga ka la bo 25 go ya la bo 27 Lwetse 2015 e tshwarwa ka gangwe fela pele ga UNGA gore go amogelwe Lenaneo la Tlhabololo la Pele ga 2015.

Lenaneo le lentšhwa la tlhabololo e e nnelang leruri le tla dira jaaka motheo wa tiragatso wa baagi ba boditšhabatšhaba le dipuso tsa bosetšhaba go tsweletsa lehumo le le aroganngwang mmogo le itekanelo ya dingwaga tse di latelang di le 15. Ka la bo 25 Lwetse 2015, Mogalaledi Mopapa Francis o tla dira puo kwa UNGA mme Dikganetsano ka Kakaretso di tla tshwarwa go tloga ka la bo 28 Lwetse go fitlha la bo 6 Diphalane 2015. Aforika Borwa e kgotsofetse gore diphitlhelelo tsa tlhabololo e e nnelang leruri di tla tswelela go dira gore lefatshe le tote go lwantsha lehuma, go tlhoka tekatekano mmogo le tlhabololo e e nnelang leruri.

4.2. Lefapha la Dipalangwa le tla diragatsa letsholo la Kgwedi ya Dipalangwa ya Diphalane (OTM) go tloga ka la bo 1 go fitlha la bo 31 Diphalane 2015 ka fa tlase ga moono wa "Mmogo re isa Aforika Borwa kwa pele". OTM e tshwarwa ngwaga le ngwaga jaaka kgwedi e e totilweng ka maitlhomo a go bontsha diporojeke tsa mafaratlhatlha tse di nang le dipoelo tse dikgolo tsa ikonomi-loago mo ditlamelong tse di farologaneng tsa dipalangwa go tshwana le tsa tsela, diphofo, dikepe, diterena mmogo le dipalangwa tsa botlhe. Diporojeke tsa botlhokwa di tla akaretsa go bulwa semmuso ga mafaratlhatlha a ditsela a tshwana le Porojeke ya mmila wa Moria wa R71 (tokafatso ya pabalesego ya marakanelo); Marakanelo a Umgeni mmogo le Tsela ya Denneysville Sasolburg kwa Foreisetata ke Setheo sa Bosetšhaba sa Ditsela sa Aforika Borwa, ka tirisanommogo le mafapha a porofense a ditsela le dipalangwa.

OTM e tla dirisediwa gape go tokafatsa letsholo la Pabalesego mo Tseleng la Malatsi a le 365, e leng le le eteletsweng pele ke lefapha mme le diragadiwa mmogo le ditheo tsa dipalangwa tse di nang le thomo ya pabalesego ya mo tseleng mmogo le lephata la poraefete le mekgatlho e e sa direng letseno. Setheo sa Tsamaiso ya Pharakano mo Tseleng le tla itsise go dira ga batlhankedi ba pharakano diura di le 24 go fokotsa dintsho mo tseleng. Puso e tlhamile gape borutegi jwa batlhankedi ba pharakano go tswa go Letlhomeso la Bosetšhaba la Borutegi (NQF) 4 go ya go NQF 6 go dira gore lephata la pharakano le dire seporofešenale.

Letlole la Dikotsi tsa Tsela (RAF) le tla tswelela go tlamela ka tlhokomelo ya morago ga dithulano mmogo le tshegetso e e amanang le eo go batswasetlhabelo ba dikotsi tsa tsela mmogo le malapa a a amegileng, mmogo le go fitlhelela baagi ka letsholo la RAF-mo tseleng.

4.3. Aforika Borwa o tla tshwara la ntlha Khonferense ya Aforika Borwa ya Boditšhabatšhaba ya Maatla a a Ntšhwafadiwang go tloga ka la bo 4 go ya la bo 7 Diphalane 2015 kwa Motsekapa, ka fa tlase ga moono wa: "Re maatlafatsa Aforika sešwa" (Re-energizing Africa) Khonferense e tla bontsha ditšhono tsa maatla a a ntšhwafadiwang a a gona mo Aforika Borwa le Aforika mo batlhagising ba maatla a a ntšhwafadiwang, gore e nne lefelo le le latelang la dipeeletso.

Aforika Borwa, ka Lenaneo la yona la Renewable Energy Independent Power Producers Programme, e nna nngwe ya mebaraka e e megolo go gaisa ya maatla a a ntšhwafadiwang. Mo isagong, bayomase, maatla a phefo, maatla a letsatsi le maatla a metsi a tla aba dikikawate tse 11.4 tsa maatla a a ntšhwafadiwang mo mafaratlhatlheng.

Lefapha la Saense le Thekenoloji le tshegetsa dipholisi tsa naga tsa maatla ka dipatlisiso le tlhabololo ya thekenoloji mo dithekenolojing tse di tlhagisang khabone e e kwa tlase gongwe di sa tlhagise khabone gotlhelele tse di ka fetolwang go nna tsa kgwebo le go anamisiwa, go maatlafatsa go nna gona ga maatla le phitlhelesego go maAforika Borwa otlhe. Maiteko a mangwe a go farologanya potefolio ya rona ya maatla a akaretsa tlhabololo ya dithekenoloji tsa disele tsa maatla a haetorojene go dirisediwa go thusa kwa magaeng le tlamelo ya ntlha ya motlakase, dikoloi tsa motlakase-bogolo segolo mo lephateng la meepo le boitumediso - dikoloi tsa meepo, katoloso ya phitlhelelo mo dikolotsaneng tsa kolofo mmogo le diteišene tsa mobile communication.

Jaanong re kgona go tlhagisa le go golaganya dikarolo tse di farologaneng go nna mofuta o o feletseng wa didiriswa tse di tlhagisang maatla tsa didiriswa tseno tse ga jaana di lekelediwang. Mesola ya Lenaneo la rona la haeterojene le thekenoloji ya disele tsa leokwane ke tiriso ya polatinamo e gape e tla bulang ditšhono tsa mmaraka wa automotive catalyctic converter le go tsweletsa go fetolwa ga dikumo tsa nngwe ya diminerale tsa rona tse di motlele. Mo ntlheng eno, re tlhamile e bile re maatlafatsa tirisanommogo ya rona le lephata la poraefete go dira diteko tsa bofelo le go fetola dikarolo tse di farologaneng go nna tsa kgwebo mmogo le ditharabololo tse di tletseng tsa maatla.

4.4. Puso e tla keteka Kgwedi ya Tlhabololo ya Loago ka Diphalane ka go bontsha mananeo a namolo leuba mmogo le go atolosa tiragatso ya ona ka Porojeke ya Mikondzo go fitlhelela maAforika Borwa otlhe a a mo matshosetsing. Fa e sale go tlhomiwa Porojeke ya Mikondzo ka 2013, batlhankedi ba puso ba etetse dioto di feta 900 tse di nang le seelo se se kwa godimo sa lehumo le botlhokatiro go tlhaloganya botoka ditlhokego tse di farologaneng tsa baagi.

Jaaka karolo ya ditiragalo tsa Diphalane, Lefapha la Tlhabololo ya Loago le tla keteka segopotso sa bo10 sa Setheo sa Aforika Borwa sa Tshireletsego ya Loago (SASSA), se se tlamelang ka dikatso tsa loago tse ga jaana di ungwelang batho ba le dimilione di le 16.8, mme mo ngwagasomeng o o fetileng se thusitse go fokotsa lehuma le go tokafatsa go nna gona ga dijo mo malapeng a a humanegileng. Gape lefapha le butse paka ya go dira dikopo tsa thuso ya sekolo ya go ithutela bodirediloago mme batho ba ba nang le kgatlhego ba rotloediwa go dira dikopo pele ga la bo 31 Diphalane 2015. Tshedimosetso e nngwe e gona kwa www.dsd.gov.za

4.5. Kabinete e akgola barutabana ba rona ka Letsatsi la Lefatshe la Barutabana ka la bo 5 Diphalane 2015 mme e ba lebogela maitlamo a bona, boineelo le bopelotelele jwa go siamisetsa ditlhaloganyo tse dinnye le tse di sa ntseng di gola tsa bana ba rona, isago.

Kabinete e ikuela mo bašweng botlhe ba banang le kgatlhego ba maAforika Borwa go dira kopo ya Lenaneo la Basari la Funza Lushaka, e leng lenaneo la dingwagadintsi le le tsweletsang borutabana jaaka porofešene, go tloga ka la bo 1 Diphalane 2015. Tshedimosetso e nngwe e gona kwa www.education.gov.za Kabinete e ikuela mo maAforika Borweng otlhe, bogolo segolo bašwa go lebelela borutabana jaaka boitlhophelo jwa tiro.

4.6. Kabinete e ikuela mo maAforikaborweng otlhe go keteka le dinaledi tsa rona tsa metshameko ka go ba tlhophela Dikgele tsa Metshameko tsa 2015 pele ga bokhutlo jwa Lwetse 2015. Tshedimosetso e nngwe e gona kwa www.srsa.gov.za

4.7. Lefapha la Aforika Borwa la Metshameko le Boitapoloso le tla tshwara Dikampa tsa Bašwa tsa badingwaga tse 15 go ya go 23 go tloga ka la bo 5 go ya la bo 10 Diphalane kwa diporofenseng tsotlhe. Dikampa tsa bašwa ke karolo ya lenaneo la puso ka kakaretso la go tlhabolola bašwa, go ba maatlafatsa ka dintlhatheo tsa botlhokwa, bokgoni le kitso e e ka ba thusang go nna baagi ba ba nang le maikarabelo.

4.8. Kabinete e kopile maAforika Borwa otlhe go tshegetsa Letsatsi la ntlha la Bosetšhaba la ngwaga le ngwaga la Boitapoloso, le le tla diragalang ka la bo 2 Diphalane 2015. Ka la bo 10 Sedimonthole 2014 Kabinete e ne ya goeletsa gore Labotlhano wa ntlha wa Diphalane e tshwanetse go nna Letsatsi la Bosetšhaba la Boitapoloso ngwaga le ngwaga. Letsatsi leno le tla tlamela maAforika Borwa otlhe ka tšhono ya go nna le seabe se se tlhaga ka go nna le seabe mo ditiragalong tsa boitapoloso tse di tla tokafatsang boitekanelo jwa bona. Boagi jo bo itekanetseng e bile bo le tlhaga ke ntlha ya botlhokwa ya go fitlhelela Leano la Bosetšhaba la Tlhabololo.

4.9. Kabinete e eleletsa setlhopha sa Proteas masego ka leeto la bona la khirikhete kwa India go tloga ka la bo 29 Lwetse go fitlha go la bo 7 Sedimonthole 2015, mme gape e eleletsa diSpringbok masego pele ga motshameko wa bona wa botlhokwa wa Sejana sa Lefatshe gompieno (Lamatlhatso). Kabinete e rotloetsa maAforika Borwa go tshegetsa ditlhopha tsa rona jaaka di tla bo di gaisana mo dikgaisanong tse di farologaneng.

5. Maemo a Kabinete mo Mererong e e Botlhokwa ya ga jaana

5.1. Kabinete e amogela peeletso ya puso ya R22-milione go tlhabolola gape ditlamelo tse di kwa Maropeng go akaretsa teatere ya manno a le 500 le go tokafatsa tikwatikwe ya baeng gore e kgone go amogela matshwititshwiti a a solofetsweng a baeng ba bantšhwa. Seno se latela thibololo ya ditiragalo ya Homo Naledi kwa Setsheng sa Lefatshe sa Ngwaoboswa sa Cradle of Humankind.

5.2. Kabinete e lemogile ditiragalo tsa fa gautshwane tse di amanang le Ditlhatlhobo tsa Ngwaga le Ngwaga tsa Bosetšhaba (ANA) mme e ikuela mo maphateng otlhe go bona tharabololo e e sireletsang le go baya ditshwanelo tsa bana pele. ANA ke sediriswa sa botlhokwa se se supang tlhaelo go netefatsa gore go nna le tsereganyo e e totileng tlhabololo ya barutwana le barutabana. Le fa puso e lemoga matshwenyego a a tlhagisitsweng ke barutabana, e ema ka la gore thuto e tshwanetse go nna setlapele.

5.3. Kabinete e ema le naga yotlhe go akgola MosegofadiwaTshimangadzo Samuel Benedict Daswa, morutabana wa dingwaga tse 43 yo o tswang kwa motseng wa Tshitanini kwa Limpopo, yo o neng a bolawa ka la bo 2 Tlhakole 1990 ka ntlha ya bodumedi jwa gagwe jo bo tseneletseng. Gape ke la ntlha mo hisetoring ya Kereke ya Katoliki ya Borwa jwa Aforika moAforika Borwa a lemogwa jaaka Moswelatumelo yo o Segofaditsweng wa ga Keresete. Kabinete e ikuela mo maAforikaborweng otlhe go tlotla moswelatumelo wa ntlha wa Aforika Borwa ka gore re itlame go netefatsa gore re tshela mmogo ka kagiso le kutlwano, le go tlotla ditshwanelo tsa mongwe le mongwe tsa molaotheo le tsa botho.

5.4. Kabinete e akgola Yuniti e e Kgatlhanong le Go tsomiwa go go seng mo molaong ga diphologolo ya Black Mamba (Black Mamba Anti-Poaching Unit), e leng setlhopha sa badiri ba diphaka ba Aforika Borwa se se akaretsang basadi, se se gapileng Bosimega jwa sekgele sa Lefatshe (Earth award), e leng moputso o o kwa godimo wa tikologo wa UN. DiMamba di ne di akgolelwa pharologano e di e dirileng go lwantsha go tsomiwa go go seng mo molaong ga diphologolo mmogo le dikgato tsa tsona tsa bogatlhamelamasisi. Pharologano eo e bonagala ka ntlha ya gore fa e sale di tlhomiwa ka 2013, yuniti eno ya ditokololo tse 26 e thusitse go tshwara batsomi ba ba seng mo molaong ba le barataro, ya fokotsa go thaisiwa ka diperesente di le 76, mme ya tlosa dirai di feta 1 000, mme ya fedisa dikampa tse tlhano tsa batsomi ba ba seng mo molaong le dikhitšhi tse pedi tsa mo sekgweng.

5.5. Kabinete e akgola ba ba tlhophilweng le bafenyi ba Dikgele tsa Mbokodo tsa 2015, e leng tirisanommogo magareng ga Lefapha la Botsweretsi le Setso mmogo le lephata la poraefete.

5.6. Kabinete e akgotse tlhogo ya ditirelo tse dikgethegileng tsa boruni ya Matlotlo a Bosetšhaba, Mme Zanele Mxunyelwa, yo o itsisitsweng jaaka Motlhatlhobi yo o Tlhomamisitsweng wa Ngwaga wa 2015 ke Mokgatlho wa Batlhatlhobi ba Tsietso ba ba Tlhomamisitsweng. Sekgele seno sa maemo a a kwa godimo se tlhomamisa gore puso e maatlafaditse ntwa kgatlhanong le tsietso le bobodu, mme ba ba rulaganyang go tsietsa puso gongwe go dira bobodu ba itse gore ba tile go dira seo.

5.7. Kabinete e romela matshediso go ba lelapa le ditsala tsa ga Reggie Vandeyar, mokgaratlhi wa sepolotiki yo o neng a eteletse pele matsholo a le mantsi, go akarediwa letsholo la go dipa mme a fetsa dingwga di le 10 kwa Robben Island. E ne e le moemedi kwa Khonkereseng ya Batho e e amogetseng Freedom Charter mme a dira kwa dikomiting tse di farologaneng. O bolokilwe kwa Phitlhong e e Kgethegileng ya Semmuso ya Porofense ka Sontaga, la bo 20 Lwetse 2015.

5.8. Kabinete e romela matshediso kwa lelapeng le ditsala tsa ga moswi Rre Wandile Dlamini yo o tlhokafetseng ka la bo 21 Lwetse 2015.

Rre Dlamini yo o neng a itsege thata jaaka "Quesh" e ne e le mokgaratlhi wa sepolotiki le tokololo ya maloba ya Umkhonto we Sizwe. Fa a ne a ile botshabelo o ne a le kwa Lesotho mme morago a ya Zambia go fitlha fa go thibelwa ga ANC go ne go fedisiwa. Ka nako ya loso la gagwe o ne a dira jaaka Motsamaisikakaretso kwa Setheong sa Tshireletso ya Puso.

6. Go thapiwa

Kabinete e amogetse go thapiwa ga ba ba latelang go ikaegilwe ka go tlhomamisiwa ga makwalothuto le tse dingwe tse di tlhokegang:

6.1. SASSA:

a. Rre Tsakeriwa Joseph Chauke Jaaka Motlhankedimogolo wa Ditšhelete (CFO); le
b. Rre Abraham Sonny-Boy Mahlangu jaaka Motsamaisikhuduthamaga: ICT.

6.2. ICT B-BBEE Charter Council:

6.2.1 Lephatlapotlana la Tlhaeletsano ya megala

a. Rre Lucky Mokgabudi Masilela (Foramo ya Aforika Borwa ya Tlhaeletsano); le
b. Mme Sarah-Jane Capazario (Mokgatlho wa Batlamedi ba Inthanete).

6.2.2 Lephatapotlana le Eleketoroniki

a. Rre Raletlhogonolo Andile Tlhoaele (Mokgatlho wa Megala ya Tlhaeletsano wa Borwa jwa Aforika Borwa); le
b. Rre Mduduzi Odysseus Mkhonza (Foramo ya IT ya Bantsho (Black IT Forum)).

6.2.3 Lephatapotlana la Thekenoloji ja Tshedimosetso

a. Rre Gavin Pieterse (Mokgatlho wa Thekenoloji ya Tshedimosetso); le
b. Rre Adrian Schofield (Setheo sa Baporofešenale ba thekenoloji ya Tshedimosetso ba Aforika Borwa).

6.2.4 Molaodi

a. Mokhanselara Katharina Pillay (Bothati jwa Ditlhaeletsano jo bo Ikemetseng jwa Aforika Borw (Icasa)).

6.2.5 Basadi

a. Mme Nokuzola Nelly Ehrens (Foramo ya Aforika Borwa ya Tlhaeletsano).

6.2.6    Bašwa

a. Mme Morwesi Ramonyai (Bagwebi ba Bašwa ba Aforika Borwa (Young Entrepreneurs South Africa)).

6.2.7 Lekgotla la Bosetšhaba la Tlhabololo ya Ikonomi le Bodiri

a. Rre Thulani Tshefuta.

6.2.8 Mekgatlho ya badiri gongwe difetereišene tsa bodiri jo bo rulaganeng

a. Rre Richard Charles Poulton (Mokgatlho wa Badiri ba Tlhaeletsano); le
b. Rre Tshepang Lesiba (Mokgatlho wa Badiri ba Tlhaeletsano).

6.2.9 Lephatapotlana la Kgaso

a. Mme Pheladi Gwangwa (Mokgatlho wa Bosetšhaba wa Kgaso); le
b. Rre Frank Awuah (Lekgotlakgaso la Aforika Borwa).

6.2.10  Moemedi wa Puso

a. Mme Petronella Linders – Motlatsamokaedikakaretso: Lephata la Tlhabololo ya Pholisi le Togamaano ya ICT (Lefapheng la Mafaratlhatlha a Ditlhaeletsano le Ditirelo tsa Poso)

6.3 Rre Mlamli Booi jaaka Motlhankedikhuduthamagamogolo (CEO) waSentech.

6.4 Mme Rudzani Cordelia Rasikhinya jaaka CFO le jaaka tokololo ya khuduthamaga ya Boto ya Setheo sa Puso sa Thekenoloji ya Tshedimosetso.

6.5 Mme Bongani Louisa Mathebula jaaka tokololo e e seng ya khuduthamaga ya Boto ya Setheo sa Bosetšhaba sa Metrology sa Aforika Borwa.

6.6 Rre Pascal Moloi jaaka CEO ya Setheo sa Tlhabololo ya Matlo.

6.7 Rre T Takalani jaaka CEO ya Sedibeng Water.

6.8 Moporofesara Edith Vries Mokaedikakaretso wa Lefapha la Tlhabololo ya Dikgwebopotlana. Konteraka ya dingwaga di le tharo

Dipotsiso:
Phumla Williams (Sebueledi sa Kabinete sa namaotshwere)
Mogala: 083 501 0139

Share this page

Similar categories to explore