Kopo ya thekontle ya dithoto tsa mong ka sebele

Ka ga
Se o tshwanetseng go se dira
Nako ya tiragatso
Tuelo ke bokae
Diforomo tse di tladiwang
O ka golagana le mang

 

 

Ka ga go dira kopo ya go romela teng dithoto tsa sebele

Fa o batla go romela teng dithoto tsa sebele tse di laotsweng kgotsa tse di dirisitsweng mo Aforika Borwa, o tshwanetse go bona tetla go tswa go Khomišene ya Tsamaiso ya Kananyo ya Boditšhaba (ITAC).

Lenane la dithoto tse di bewang fa tlase ga mekgwataolo ya thomelontle le ka bonwa kwa ITAC mme le ka romelwa ka poso, fekese, kgotsa imeili fa o le kopa www.itac.org.za. Fa o romela dintlha tsa gago tsa tlhaeletsano o ka romelelwa lenane le ka poso, fekese kgotsa imeile.

Se o tshwanetseng go se dira

  1. Etela Sars mme o ikwadise jaaka moromelateng.
  2. Etela ITAC kgotsa sitlholola foromo e e maleba.
  3. Isa foromo ya kopo le khopi e e kannweng ya lekwaloitshupo la gago kgotsa phaseporoto e e sa ntseng e dira ya Aforika Borwa go ITAC.

Nako ya tiragatso

Go ka tsaya matsatsi a le mararo go ka konosetsa tiragatso e.

Tuelo ke bokae

Khomišene ya Tsamaiso ya Kgwebisano ya Boditšhabatšhaba ga e duedise dituelelo tsa tirelo mme o tla tshwanelwa ke go duela Tirelo ya Lekgetho ya Aforika Borwa (Sars) lekgetho la dithoto. Lekgetho la dithoto le duelelwa jaaka phesente ya boleng jwa dithoto (jaaka go kailwe mo mametlelelong ya Molao wa Lekgetho la Dithoto le Dithekiso). Go bona tshedimosetso ka botlalo ka ga Lekgetho la Dithoto, etela webosaete ya Sars

Diforomo tse di tladiwang

O ka golagana le mang

 

ITAC national office - Import and Export Control

Tel: 0861 834 384, 012 394 3590, 012 394 3591
City/town: Pretora
Province: Gauteng
Physical address: International Trade Administration Commission, 77 Meintjies Street, Block D, Sunnyside, Pretoria, 0001
Postal address: Private Bag X753 Pretoria, 0001
Web address: http://www.itac.org.za

Share this page