Kopo ya dithuso tsa tsholo/kgodiso ya ngwana go tswa go letlole la Inšorentshe la Botlhokatiro (UIF)

Fa e le gore o godisa le go tlhokomela semolao ngwana yo a nang le dingwaga tse di ka fa tlase ga di le pedi e bile o le moduedi wa dikabelo kwa UIF o ka dira topotuelo ya ditshiamelo tsa tlhokomelo ya semolao.

Go nna le tshwanelo ya ditshiamelo o tshwanetse go tlogela tiro mme wa tlhokomela ngwana yoo mme ebile o tshwanetse wa bo o amogela ka fa tlase ga mogolo wa gago wa go le gale fa o le mo matsatsing a boikhutso a tlhokomelo le kgodiso ya ngwana.

Bona dintlha ka botlalo mabapi le ditshiamelo tsa go tlhokomela ngwana semolao tsa UIF kgotsa ikgolaganye le UIF.

 

Share this page