Kwadiso ya matsalo

O tshwanetse go kwadisa matsalo a ngwana wa gago mo sebakeng sa matsatsi a le 30 morago ga go belegwa. Matsalo a ka kwadisiwa ke motsadi, motlhokomedi kgotsa motho mongwe le mongwe, yoo ka fa molaong a tlhokometseng ngwana, kwa kantorong ya Lefapha la Merero ya Selegae. Fa o le kwa moseja, matsalo a ka kwadisiwa kwa embasing kgotsa tulong ya kanamiso ya tumelo e e gaufi le wena.

Kwadiso ya matsalo morago ga matsatsi a le 30 e tsewa e le kwadiso e e thari mme go na le ditlhokego tsa tlaleletso tse ba tla di tlhokang.

Fela fa matsalo a ngwana a sena go kwadisiwa, setifikeiti se se sa khutshwafadiwang sa matsalo se tla rebolwa ntle le tuelo. O ka dira kopa ya ditifikeiti tse di sa khutshwafadiwang tsa matsalo tsa tlaleletso mme o tla tlhoka go di duelela. Setifikeiti se se sa khutshwafadiwang sa matsalo se tlhokega fa o batla go etela dinaga disele le ngwana.

Go bona tshedimosetso ka botlalo ka ga kwadiso ya matsalo, ikgolaganye le Lefapha la Merero ya Selegae.

Share this page