Puso ya Aforikaborwa e tlhomile thulaganyo ya tlhotlheletso ya Business Process Outsourcing and Offshoring (BPO&O) ka Phukwi 2007. Magareng ga Phukwi 2007 le Mopitlwe 2010, tlhotlheletso e e bakile bonnye ditiro tse dišwa di le 6 000 le go ngoka dimilione tse R303 tsa dipeeletso ka tlhamalalo. Maitlhomo a BPS ke go ngoka dipeeletso le go tlhola ditiro mo Aforikaborwa ka ditiragalo tsa kgwebo kwa dinageng tse dingwe.
Bona go le gontsi ka thulaganyo e go tswa go Lefapha la Kgwebisano le Intaseteri (the dti).
the dti Customer Contact Centre
Tel: 0861 843 384