Pegelo ya kopano ya Kabinete ya la bo 22 Diphalane 2014

1. Ditshwetso tse di botlhokwa tsa Kabinete

1.1 Kabinete e amogetse go phasaladiwa ga Pholisitlhomo ya Bosetšhaba ya Dipalangwa tsa Barutwana gore baagi ba tshwaele mo go yona mo Kaseteng ya Mmuso sebaka sa matsatsi a le 21.

Pholisi e tokafatsa phitlhelelo ya thuto ya boleng ka go tlamela ka dipalangwa tsa barutwana tse di babalesegileng, tse di seriti, di le bokgoni, di gokagane e bile di ka nnela leruri, bogolo segolo kwa metsemagaeng koo dikgwetlho tsa dipalangwana di kgoreletsang phitlhelelo ya thuto.

Pholisi e samagana le dikgwetlho tsa dibaka le go rulaganngwa sešwa ga ditiro dingwe tse di amang boleng jwa dipalangwa tsa botlhe. Gape e tlamela ka thulaganyo e e lotaneng ya maano le seemo se se beilweng sa botsamaisi.

Go tsenngwa tirisong ga pholisi eno go tla tlamela ka seemo se se babalesegileng e bile se sireletsegile sa dipalangwa tsa barutwana ka tirisanommogo le selekane le bothati jwa tiragatso ya molao.

1.2 Kabinete e amogetse Taelo eno ke togamaano ya pakatelele ya tlhabololo ya bokgoni e e tla tokafatsang boleng jwa badiri, e leng se se botlhokwa tota mo bokgoning jwa puso jwa go diragatsa thomo ya yona.Mafapha otlhe a Tirelosetšhaba a tla tlhoka go amogela mokgwa o o tshwanang wa go tsweletsa tlhabololo ya bokgoni jo bo maleba mo Tirelong ya Botsamaisibogolwane.

1.3 Kabinete e amogetse gore Lefapha la Tlhokomelo le Tshekatsheko ya Tiragatso le tlhagise Lekwalotlhomo la Dipuisano le le ka ga Dintlhatheo tsa Tlhokomelo le Tshekatsheko ya Tiragatso le Thulaganyo kwa Komiting ya Palamente ya Potefolio ya Tsamaiso ya Tirelosetšhaba le Maano le Tlhokomelo le Tshekatsheko.

Lekwalo leno le tshitshinya serobe sa dintlhatheo le thulaganyo e e ka latelwang ya Tlhokomelo le Tshekatsheko ya Tiragatso (M&E) seo maikaelelo a sona e leng go lebisa kwa goreng go nne le tokafatso e e tswelelang pele ya tiragatso mmogo le maikarabelo a a oketsegileng. Maitlhomo magolo a sona ke gore go nne le tumelano mo maitlhomong a M&E le gore e tshwanetse go diragadiwa jang.

Seno se tshameka karolo mo go tsenngweng tirisong ga NDP malebana le o aga mmuso o o bokgoni e bile o tsweletsa tlhabololo mmogo le go tsweletsa boagi jo bo tlhaga le boeteledipele jo bo maatla. Bokgoni jwa M&E ke karolo ya bokgoni e e botlhokwa mo botsamaising jo bo tlhokegang gore go nne le mmuso o o bokgoni o o tsweletsang ditlhabololo.

1.4 Kabinete e amogetse seemo sa Aforika Borwa malebana le Tshomarelo ya Diphologolo Tse Di Tlhaga tse di Fudugang (CMS COP11) e e tla tshwarelwang kwa Quinto, Ecuador, go tloga ka la bo 4 go fitlha ka la bo 9 Ngwanaitseele 2014.

Seabe se se tlhaga sa Aforika Borwa mo go samaganeng le dikgwetlho tsa go fetoga ga maemo a bosa le tshomarelo ya tlholego le diphologolo tse di amanang le tseo se ikaegile mo ntlhatheong ya tlhabololo le tikologo e e nnelang leruri, mme e lepalelapana le ditlhokego tsa Karolo 24 ya Molaotlhomo wa Ditshwanelo.

1.5 Kabinete e amogetse thomo ya dipuisano e e tla dirang jaaka motheo wa seabe sa Aforika Borwa kwa kopanong ya bo 20 ya Khonferense ya Maphata ya UNFCCC (COP20), le Khonferense ya bo 20 ya Maphata e e dirang jaaka kopano ya Maphata a Phorotokholo ya Kyoto (CMP10), go tloga ka la bo 1 go fitlha ka la bo 12 Sedimonthole 2014 kwa Lima, Peru.

Seemo sa Aforika Borwa se lepalepane le dikgatlhego tsa bosetšhaba tsa naga, le ditlamorago tsa seabe se se tswelelang sa Aforika Borwa mo dipuisanong tsa boditšhabatšhaba tsa phetogo ya maemo a bosa jaaka di thadisitswe mo NDP.

1.6 Kabinete e amogetse go tlhagisiwa ga Tumelano ya Cape Town ya 2012 malebana le go tsenngwa tirisong ga ditlamelo tsa Phorothokolo ya Torremolinos ya 1993, e e malebana le Tumelano ya Boditšhabatšhaba ya Pabalesego ya Dikepe Tsa Botshwaratlhapi, 1977 gore Palamente e e fetise.

Tumelano yaTorremolinos le Porothokolo ya yona ya 1993, e baya seemo sa pabalesego, go tshwana le didiriswa tse di ka bolokang matshelo, tlhaeletsano ya radio, tshireletso ya molelo, go tsenngwa ga metšhini le ditlamelo tsa motlakase, mmogo le ditlhokego tse di rileng tsa dikepe tsa botshwaratlhapi tse di yang lewatleng tsa bogolo jwa dimitara di le 24 le go feta.

Tumelano eno ya boditšhabatšhaba e e tlamang, e tla tshwaela mo go tokafatseng seemo sa pabalesego go fokotsa palo ya dintsho tsa kwa lewatleng tse di fopholediwang go 24 000 ngwaga le ngwaga go ralala lefatshe. Dikepe tsa botshwaratlhapi tsa Aforika Borwa di tla tlamiwa ke ditlamelo tsa tumelano fa di le mo metsing a Mmuso o e leng karolo ya tumelano ya Torremolinos ya 1993.

Seno se lepalepane le maitlhomo a Operation Phakisa a go dira letlhomeso la ditheo la tsamaiso ya mawatle a Aforika Borwa, go tokafatsa tshireletso ya mawatle a Aforika Borwa, bogolo segolo go lebeletswe thulaganyotshelo e e mo matshosetsing  thata, mmogo le go samagana le tlhaelo ya bokgoni, gareng ga tse dingwe.

1.7 Kabinete e amogetse gore Aforika Borwa a obamele Tumelano ya Boditšhabatšhaba ya Seemo sa Katiso, Tlamelo ya Ditifikeiti mmogo le Tlhokomelo ya Badiri ba Dikepe tsa Botshwaratlhapi, ya 1995 (STCW-F).

Seno ke maiteko a ntlha a go tlhoma seemo sa pateletso sa katiso ya boditšhabatšhaba mo badiring ba dikepe tsa botshwaratlhapi tse di yang mawatleng mme di le boleele jwa dimitara di le 24 gongwe go feta. Seno se tla tokafatsa pabalesego ya matshelo le dithoto kwa lewatleng, mmogo le go thibela kgotlhelego ya tikologo ya lewatle mo indasetering ya botshwaratlhapi.

Mo malobeng, go dira sebaka mo lewatleng go ne go tsewa e le tsela ya go nna le maitemogelo le bokgoni jo bo maleba. Thulaganyo ya katiso ya mo tirong ga e a tlhagisa dipoelo tsa boleng mo bokgoning jwa badiri.

Thulaganyo e ntšhwa e dirilwe go lebeletswe go fokotsa katiso ya mo tirong mme e na le thuto e e tokafaditsweng e bile e rulagane go tokafatsa kitso. Seno se tla kgontsha batshwaratlhapi go tswelelapele go tswa mo diketswaneng tse dinnye go ya kwa dikepeng tse dikgolo tsa botshwaratlhapi mme kwa bokhutlong go ya kwa dikepeng tsa kgwebo tsa boditšhabatšhaba.

1.8 Kabinete e fetisitse gore dithadiso tse di latelang tsa ledi la segopotso la 2015 ke South African Mint Company, di goelediwe mo Kaseteng ya Mmuso.

a) Sete ya Ledi la Protea: “Botshelo jwa Mogaka: NR Mandela”
b) Sete ya Ledi la Tlhago: “Batsomi ba ba tsomang bosigo – Phokojwe yo o Mokwatlamotsho”
c) Sete ya Ledi la Gauta la R1: “Digagabi tsa Aforika Borwa – Kwena ya kwa nokeng ya Nile”
d) Sete ya Ledi la Gauta la R2: “Porojeke ya Unesco: Monna le Tikologo”
e) Sete ya Ledi la Korone ya Selefera la Tickey: “Diterena tsa Aforika Botwa” le
f) Sete ya Ledi la Selefera la Seteling: “Mafelo a a Sireleditsweng a Lewatle a Aforika Borwa”

1.9 Kabinete e boleletswe ka Tepatepanyo ya Dikgaolo tsa Baagiseterata le Dikarolo tsa Taolo tsa Dikgaolo tsa Ditilo tsa Selegae tsa Kgotlatshekelokgolo ya Aforika Borwa.

Porojeke ya tepatepanyo ya dikgotlatshekelo e busetsa kwa morago boswa jwa go tlhoka tekatekano le bosiamisi. E tlhoma letlhomeso le le tla kaelang mafapha otlhe a a amegang, ditheo tsa tiragatso ya molao mmogo le ditheo tsa bosiamisi go lepalepanya ditiro tsa tsona ka tsela e e maleba.

Jaanong baagi ba ba neng ba ikgatolositswe ba nna kwa dinagamagaeng tsa maloba, mebuso e e neng e ipusa mmogo le kwa metsemagaeng ba tla ungwelwa mo dipoelong tsa thulaganyo ya tepatepanyo. Ba tla kgona go fitlhelela dikgotlatshekelo ka dituelelo tse di kwa tlase.

Mo go tlameleng ka phitlhelelo ya bosiamisi, go botlhokwa go lepalepanya dikgaolo tsa taolo tse di dirilweng maloba tsa tlhaolele tsa dikgotlatshekelo tsotlhe, go akarediwa thulaganyo le popegotheo ya tsona. Thulaganyo ya tepatepanyo e netefatsa gore go nna le phasalatso e e lekalekanang ya dikgotlatshekelo mo nageng, go tokafatsa phitlhelesego ya dikgotlatshekelo, e leng tshwanelo ya botlhokwa ya botho e e fitlhelwang mo Karolong ya 34 ya Molatlhomo wa Ditshwanelo mo Molaotheong.

2. Melaotlhomo

2.1 Kabinete e fetisitse go itsesewe ga Maintenance Amendment Bill (Molaotlhomo o o Baakantsweng wa Tlamelo), wa 2014 kwa Palamenteng.

Molaotlhomo o baakanya Molaotlhomo wa Tlamelo ya Bana le Bagodi, wa 1998 (Molao wa bo 99 wa 1998) go tokafatsa thulaganyo ya tlamelo le go tokafatsa phitlhelelo ya bosiamisi mo basading le mo baneng.

Dipaakanyo di tlosa dikgwetlho, tsa semolao le tsa tsamaiso, tse di itemogelwang ke baamogelatshiamelo ya tlamelo, ba gantsi e leng basadi le bana.

Seno se gokaganya ka tlhamalalo le diphitlhelelo tsa botlhokwa tsa NDP tsa tlhabololo ya ikonomi le tshireletso ya loago.

Tse dingwe tsa dithata tsa Molaotlhomo ono di akaretsa: go thibela ba ba tlodisang go duela madi a tlamelo ya bana go tswelela go neelwa tetlelelo ya go iponela dikoloto ba ntse ba kolota madi a tlamelo, go pateletsa batlamedi ba diselula go tlamela dikgotlatshekelo tsa tlamelo ka dintlhakgolagano tsa batsibogi le ba ba tlodisang go duela madi a tlamelo fa kgotlatshekelo e ikgotsofaditse gore maiteko otlhe a go batlana le bona ga a ungwa sepe, le go dira gore motho yo o nang le taelo ya go duela madi a tlamelo, o duela le madi a a saletseng kwa morago.

2.2 Kabinete e fetisitse tlhagiso ya Agrément South Africa Bill (Molaotlhomo wa Tumelano ya Aforika Borwa) le Memorantamo wa dintlha tsa Molaotlhomo kwa Palamenteng.

Go tlhamiwa ga Tumelano ya Aforika Borwa jaaka go tshitshintswe mo Molaokakangweng wa Tumelano ya Aforika Borwa wa 2014, go tla tshwaela mo go tlhamiweng ga lephata la dikonteraka le le anameng e bile le le boitlhamedi le le tla nnang le dipoelo tse di siameng tsa go tlhola ditiro le ntse le tshwaela mo maanong a mafaratlhatlha a Puso.

Tlaleletso eno ya boleng e tla bo e aname go tswa mo dipatlisisong go ya kwa boitlhameding, ditiro tse di oketsegileng tsa madirelo, go tlhamiwa ga ditiro mmogo le phokotso ya lehuma.

2.3 Kabinete e fetisitse go itsisewe ga Auditing Profession Amendment Bill (Molaotlhomo o o Baakantsweng wa Porofešene ya Boruni) kwa Palamenteng.

Molaotlhomo o o tshitshinya dipaakanyo mo Molaong wa Porofešene ya Boruni wa 2005, go laola baruni ba borutelwatirong le go ntšhwafatsa ditshupane tsa Molao wa Ditlamo wa 1973 gore go lepalepanngwe Molao wa Porofešene ya Boruni le Molao wa Ditlamo wa 2008 (Molao wa bo 71 wa 2008).

Maikaelelo ke go tlisa baruni ba ba mo katisong (baruni ba borutelwatirong) ka fa tlase ga Molao wa Porofešene ya Boruni wa 2005, pele ga ba ka kwadisiwa, gore ba laolwe ke Bototaolo e e Ikemetseng ya Baruni, ka tsela e e tshwanang le e baruni ba ba kwadisitsweng ba laolwang ka yona, le go dira dipaakanyo tsa botlhokwa tse di tlhokwang ke Molao wa Ditlamo wa 2008. Gape seno se tla sireletsa baagi mo tirong e e dirwang ke moruni wa borutelwatirong.

2.4 Kabinete e fetisitse go itsesewe ga Defence Laws Repeal and Amendment Bill (Molaotlhomo wa Phimolo le Paakanyo ya melao ya Phemelo), wa 2014 kwa Palamenteng.

Maitlhomo a seno ke go phimola le go baakanya melao mengwe ya phemelo e go bonwang e sa tlhole e na le mosola jaaka e supilwe ke Khomišene ya Ntšhwafatso ya Molao ya Aforika Borwa.

Khomišene e laetswe go runa melao yotlhe ya Aforika Borwa gore e rebole kgakololo malebana le go phimolwa ga melao e e senang mosola gongwe ditlamelo tse di seng mo molaotheong. Maikaelelo a Molaotlhomo ke go diragatsa tiro eno mo tikologong ya phemelo.

Molaotlhomo o tshitshinya go phimolwa ga melao e le 16 ya phemelo e e se nang mosola mme gape o tshitshinya go baakanngwa ga Molao o le mongwe, o o sa obameleng Karolo ya 9 ya Molaotheo (karolo ya tekatekano). Seno se tla lepalepanya melao ya phemelo le dintlhatheo tsa jaanong tsa molaotheo ka go tlosa ditlamelo tse di tlhaolang go tswa mo bukeng ya molao.

3. Go Tsenngwa Tirisong ga Manaane a a Botlhokwa a Puso

3.1 Kabinete e golagana le maAforika Borwa go keteka Letsatsi la Kgololesego ya Bobegakgang ka la bo 19 Diphalane 2014 fa Moporesitente Jacob Zuma a ne a amogetse babegadikgang le barulaganyi ba bagaka jaaka karolo ya go keteka dingwaga di le 20 tsa kgololesego ya bobegakgang mo Aforika Borwa. Letsatsi la Kgololesego ya Bobegakgang ke keteko ya kgololesego ya tlhagiso maikutlo le kgololesego ya bobegakgang, tse di netefaditsweng mo molaotheong wa rona.

3.2 Moporesitente Zuma, a patilwe ke ditokololo tsa Kabinete, Tonakgolo ya KwaZulu-Natal le Bakhuduthamaga ba Porofense, ba ne ba nna le Imbizo ya Moporesitente e e atlegileng kwa Msunduzi kwa Makgotlatoropong a uMgungundlovu ka la bo 30 Lwetse 2014.

Jaaka karolo ya tlhaeletsano e e tswelelang pele le ya tlhamalalo le baagi ba Aforika Borwa, Moporesitente Jacob Zuma o tla nna le Siyahlola ya Moporesitente kwa Giyani, Limpopo, ka la bo 31 Diphalane 2014.

3.3 Kabinete e amogela pegelo ya tswelopele e e ka ga tiragatso ya Tumelano ya Letlhomeso la Indaseteri ya Meepo e e Nnelang Leruri e e tlhagisitsweng kwa foramong ya Patlomaikutlo ya Bosetšhaba ya Lephata la Meepo fa gautshwane.

Foramo e lebelela maitlamo a baamegi botlhe mo isagong ya meepo mo Aforika Borwa, le go tlhamiwa le go tlhokomelwa ga tekatekano magareng ga ditlhokego tsa ikonomiloago le maitlhomo a dipeeletso.

Kabinete e amogela go itlama gape ga baamegi mo Tumelanong ya Letlhomeso la Indaseteri ya Meepo e e nnelang Leruri le go batla ditharabololo tse di nnelang ruri tsa dikgwetlho tse di lebaneng indaseteri.

3.4 Kabinete e amogela kitsiso ya ga Moporesitente Jacob Zuma ka ga tswelelopele e e dirilweng ka Operation Phakisa go bulela bokgoni jwa ikonomi jwa mawatle a Aforika Borwa ka tsela e e nnelang leruri.

Leano la tlamelo la ga Moporesitente Jacob Zuma le re atametsa le go fitlhelela maungo a ikonomi ya mawatle, e e ka tshwaelang R177 bilione mo Seelosotlhe sa Ditlhagisiwa tsa Naga mo Ngwageng ya rona le go tlhama ditiro di feta milione.

Porojeke ya bobedi ya Operation Phakisa e simolotse ka la bo 13 Diphalane 2014 mme e tla tota ditleliniki tse di bokgoni mo thulaganyong ya rona ya boitekanelo. E tla re mo dibekeng di le thataro, dikarolo tsa tiro di sekaseke lephata le go tlhama maano a tiragatso a a tla gololwang mo setšhabeng fa a sena go konosediwa.

3.5  Kabinete e amogetse Polelo ya Pholisi ya Tekanyetsokabo ya Pakagare (MTBPS), e e tlamelang ka tshobokanyo ya letlhomeso la ditshenyegelo le ditekanyetsokabo tsa bosetšhaba le tseo diporofense di rulagannwang go ya ka lona .

Kabinete e amogela dikgato tse di itsesitsweng mo MTBPS go somarela tiriso ya matlole mo Tirelong ya Setšhaba.

Kabinete e boa e netefaletsa maAforika Borwa gore tota le mo seemong seno se se boima sa ikonomi, puso e tla tswelela go tlamela matlole a mananeo a yona a loago, dipeeletso tsa dikago mmogo le dithotloetso go tshegetsa di-intaseteri tsa botlhokwa.

4. Maemo a Kabinete mo Mererong ya  Jaanong

4.1 Kabinete e amogela dikgato tse di beilweng ke Lefapha la Maatla go tokafatsa tshireletsego ya maatla ya naga, go fitlhelela ditlhokego tsa ikonomi mmogo le go tlhama ditiro tse di tlhokegang go gaisa. Go saeniwa ga ditumelano tsa dikamano tsa gareng ga mebuso tsa nyutlilea ke kgato e e maleba go sireletsa ditlhokego tsa maatla tsa naga.

Ditumelano tse di saenilweng di tlaleletsa mo setlhopheng sa batlamedi ba nyutlilea ba naga e ka tlhophang go tswa mo go bona ka lenaneo la yona la theko ya nyutlilea mme di tshwaya phitlhelelo e nngwe ya naga ya go dira tshireletsego ya maatla go nna setlapele.

Thulaganyo eno e isa naga gaufi le go aloga go tswa mo polanteng ya ga jaana ya nyutlilea kwa Koeberg go ya kwa indasetering e e akaretsang, e e ikemetseng ya nyutlilea e go solofetsweng e tla nna le seabe sa bokana ka 9.6GW sa motlakase mo motlakaseng wa bosetšhaba.

NDP le tlama naga go sekaseka boitlhophelo jotlhe jo bo ka nnang gona jwa maatla go netefatsa gore go nna le tlamelo ya maatla mo isagong. Kabinete e dumela gore motswako wa maatla wa Aforika Borwa - o o akaretsang maatla a magala, letsatsi, phefo, metsi, gase le nyutlilea - o tla netefatsa gore go nna le motswedi o o ikanyegang wa maatla o o tla kgotsofatsang ditlhokego tsa kgolo tsa naga, o letle gore go nne le tekatekano magareng ga metswedi ya maatla le go re thusa go fitlhelela diphitlhelelo tse re di beileng tsa go fokotsa khabone.

4.2 Kabinete e amogela le go akgola makoko otlhe ka go bitsa gape Palamente ya Lesotho beke e e fetileleng go lepalepana le Kgoeletso ya Kgokaganyo ya Maseru e e neng e gokaganngwa ke Motlatsamoporesitente Cyril Ramaphosa.

4.3 Kabinete e boeletsa gore Aforika Borwa e beile dikgato tse di tlhokegang go thibela go anama ga Ebola mo nageng.

Go maatlafaditswe tshekatsheko kwa dintlheng tsotlhe tsa matseno go supa malwetse a megare a a akaretsang go dutla madi, mme go totilwe Ebola. Gape puso e tlhomile setlhopha sa bosetšhaba sa tsibogo gore fa go ka nna le leroborobo mme dipetlele di le 11 di malala a laotswe go ka nna ditikwatikwe tsa kalafi tsa Ebola.

Kabinete e tshegetsa maiteko a Mokgatlho wa Lefatshe wa Boitekanelo a go tlhoma ditikwatikwe tsa kalafi tsa Ebola le go maatlafatsa bokgoni jwa diteko tsa kwa laboratori, go latedisa ba ba amaneng le balwetse, go tsibosa baagi, diphitlho tse di sireletsegileng mmogo le tlhokomelo ya boitekanelo e e seng ya Ebola kwa Bophirima jwa Aforika.

Gape Kabinete e ikuela mo bathong le kwa dikgwebong go ralala lefatshe go abela Letlole la Tsibogo la Ebola le le tlhametsweng go thusa dinaga tsotlhe tse di amegileng tsa Bophirima jwa Aforika mo ntweng ya tsona kgatlhanong le bolwetse jono jo bo utlwisang botlhoko.

4.4 Kabinete e amogela go tshwarwa ga batho ba le barataro ba ba amanngwang le bogodu jwa dikheibole jo bo bakileng go kgaoga ga metsi kwa dikarolong tsa Gauteng. Batho bano e ne e le karolo ya segongwana se go begwang fa sepodisi se se garaswantse ka go tshwarwa gono. Kabinete e tlhagisitse kakanyo ya gore bogodu jwa megala ya motlakase le ditiro tse di amanang le tseo - dikhurumelo tsa mesima ya dipeipi tsa kgeleloleswe, ditshipi tsa maborogo, diphaelone tsa motlakase, magora, jalojalo. bo tshwana fela le go kgoreletsa lenaneo la naga la mafaratlhatlha ka bomo. Puso e tla netefatsa gore batlolamolao ba ba atlholelwang bogodu gongwe go amogela megala e e utswilweng ba bona kotlhao e e bogale go gaisa e e tlamelwang ke molao. Puso e utlwile ke ntlha eno mme ga e kitla e okaoka go tsaya dikgato tse di maleba go lwantsha setlwaedi seno.

4.5 Kgwebisano le Dipeeletso mo Aforika Borwa (TISA), e leng karolo ya Lefapha la Kgwebisano le Indaseteri, e ne mo bekeng e e fetileng ya amogela sekgele sa tsweletso ya dipeeletso tse di nnelang leruri kwa Foramong ya Lefatshe ya Dipeeletso ya Khonferense ya Ditšhabakopano ya Kgwebisano le Tlhabololo kwa Geneva. Seno e ne e le ka ntlha ya tiro e e dirilweng ke TISA go tshegetsa go tlhamiwa ga polante ya Indonesia ya Unilever kwa Ethekwini, e e butsweng ke Tona ya Kgwebisano le Indaseteri ka nako ya fa Aforika Borwa a ne a amogetse COP17.

4.6 Kabinete e amogetse tshedimosetso ka ga go gosomana ga kago kwa Nigeria. Go tla ntshiwa polelo e e farologaneng morago ga kopano e.

5. Ditiragalo tse di tlang

5.1 Moporesitente Jacob Zuma o tla tlhagisa puo ya letsatsi ka fa tlase ga moono wa "Lefatshe jaaka Mmaraka o Mogolo o o Golang," kwa Khonferenseng ya innovaBRICS & Beyond kwa London ka la bo 27 Diphalane 2014.

Khonferense e kopanya baeteledipele ba puso le dikgwebo tse di nang le ditiro gongwe dikgatlhego mo mebarakeng e e sa ntseng e tlhagelela, go sekaseka le go buisanela ditšhono tsa dipeeletso le dikgwetlho tse di mo mebarakeng eno.

Kabinete e amogela Khonferense ya innovaBRICS and Beyond jaaka tšhono ya go bontsha Aforika Borwa jaaka lefelo la dipeeletso kwa dikgwebong tsa kwa United Kingdom mmogo le mebaraka e mengwe e e tlhagelelang.

5.2 Moporesitente Zuma o tla amogela Moporesitente wa Burundi, Pierre Nkurunziza ka la bo 4 Ngwanaitseele kwa Motsekapa. Leeto le tla maatlafatsa botsalano jwa rona jwa dinagapedi le Burundi le go tsweletsa kgwebisano mo kontinenteng.

5.3 Lefapha la Metsi le Kgeleloleswe, ka tirisanommogo le Lekgotla le Ditona tsa Aforika la Metsi (AMCOW), Khomišene ya Dipatlisiso tsa Metsi ya Aforika Borwa, SADC le Basadi ba ba mo Tirisanommogong ya Metsi, le tla tshwara Khonferense ya Bong, Metsi le Tlhabololo kwa East London go tloga ka la bo 3 go fitlha ka la bo 7 Ngwanaitseele 2014 ka moono wa: "Bong, Metsi le Tlhabololo - kgolagano e e sa bulelwang".

Lenaneo la khonferense le tla bewa ke Pholisi ya AMCOW le Togamaano ya Tepatepanyo ya Bong le Lephata la Metsi mo Aforika, e e nang le maitlhomo a le supa a a totileng pholisi, ditlamelo, patlisiso ya togamaano, go aga bokgoni, tirisanommogo le tlhokomelo le tshekatsheko, go fitlhelela maitlhomo magolo a tekatekano ya bong mo pholising ya metsi.

5.4 Kabinete e eleletsa barutwana botlhe masego fa ba itshiamisetsa ditlhatlhobo tsa bokhutlo jwa ngwaga. Ditlhatlhobo tseno ke selekanyo sa botlhokwa sa ditsereganyo tsa rona tsa thuto di tshwana le Ditlhatlhobo tsa Ngwaga le Ngwaga tsa Bosetšhaba (ANA) mmogo le Polelo ya Pholisi ya Kharikhulamo le Tlhatlhobo (CAPS).

Kabinete e amogela netefaletso ya Umalusi ya gore naga e siametse go ka tshwara ditlhatlhobo tsa Setifikeiti sa Bosetšhaba sa Materiki magareng ga la bo 27 le la bo 28 Ngwanaitseele 2014.

Batsadi botlhe, batlhokomedi le baagi ba rotloediwa go tshegetsa barutwana jaaka ba itshiamisetsa ditlhatlhobo.

Gape Kabinete e eleletsa barutwana ba materiki ba 2014 masego mo ditlhatlhobong tsa bona tse di tlang. Kabinete e ikuela gape mo batsading le batlhokomedi go tshegetsa Ditlhopho tsa Lekgotlataolo la Dikolo tsa 2015 go tloga ka la bo 6 go ya go la bo 28 Mopitlwe 2015, ka go ema jaaka bontlhopheng gongwe ka go tlhopha.

5.5 Kabinete e ikuela mo go maAforika Borwa otlhe go tshegetsa Kgwedi ya Bosetšhaba ya Temoso ya Ditshwanelo tsa Bogole magareng ga la bo 3 Ngwanaitseele le la bo 3 Sedimonthole 2014 ka moono wa: " Re keteka dingwaga di le 20 tsa ditshwanelo tsa batho ba ba nang le bogole mo Temokerasing ya rona."

Fa e sale ka 1994, re nnile le diphitlhelelo tse dikgolo mo tsweletsong ya ditshwanelo le boleng jwa botshelo jwa batho ba ba nang le bogolo ka melao, dipholisi mmogo le ditsereganyo tsa loago. Go ya ka Tshekatsheko ya Dingwaga di le Somamabedi ya 1994 - 2014, go tlhomilwe Kantoro ya Seemo sa Batho ba ba nang le Bogole, go amogetswe Togamaano e e Lotaneng ya Bosetšhaba ya Bogole, mme batho ba ba nang le bogole ba tlametswe ka tlhokomelo ya boitekanelo ya mahala, thuso ya loago mmogo le thuto e e akaretsang.

NDP e re tlama jaaka setšhaba go dira go le gontsi go oketsa phitlhelelo ya ditirelo, bogolo segolo mo thutong ya boleng le go thapiwa ga batho ba ba nang le bogole.

5.6 Re le mo moweng wa Kgwedi ya Dipalangwa, Kabinete e ikuela mo badirising botlhe ba tsela go nna kelotlhoko thata mo ditseleng tsa rona ka go obamela lebelo le le beilweng mmogo le go netefatsa gore dikoloi tsa bona di siametse go nna mo tseleng. Puso e ikuela mo batsamayakadinaong mmogo le mo badirising botlhe ba tsela go dirisa ditsela ka kelotlhoko le go tlotlana.

6. Go thapiwa

6.1 Kabinete e amogetse go thapiwa ga ba ba latelang mo Botong ya Setheo sa Bosetšhaba sa Dipatlisiso:

a) Moporofesara Mala Singh (o thapiwa gape);
b) Moporofesara Mamokgethi Phakeng;
c) Moporofesara Ari Sitas;
d) Moatefokate Louisa Zondo;
e) Moporofesara Tinyiko Maluleke;
f) Ngaka Vathiswa Papu-Zamxaka;
g) Mme Gail Campbell
h) Rre Mashangu Lubisi
i) Moporofesara Errol Tyobeka (o thapiwa gape);
j) Moporofesara Sunil Maharaj (o thapiwa gape)
k) Ngaka Peter Clayton (o thapiwa gape);
l) Moporofesara Loyiso Nongxa (Modulasetilo);
m) Mme Joanne Yawitch; le
n) Moporofesara Murray Leibbrandt (o thapiwa gape).

6.2 Kabinete e amogetse go thapiwa ga ba ba latelang mo Botong ya Ditlhatlhobo tsa Dipatente

a) Mme Elena Mihail Zdravkova;
b) Moporofesara Christiena Maria van der Bank (o thapiwa gape);
c) Mme Shanaaz Tiry (o thapiwa gape);
d) Mme Sandra Clelland (o thapiwa gape); le
e) Rre Paul Sibisi (o thapiwa gape).

6.3 Kabinete e amogetse go thapiwa ga Ditokololo tsa Lekgotla mo Lekgotleng la Ditlamo

a) Moporofesara Kasturi Moodaliyar;
b) Moatefokate Lizelle Dominique Haskins;
c) Rre Mmoledi Fairhope Malokane; le
d) Rre Peter John Veldhuizen.

6.4 Kabinete e amogetse go thapiwa ga ba ba latelang mo Botong ya Bothati jwa Diphofo jwa Aforika Borwa:

a) Rre Smunda Mokoena (Modulasetilo);
b) Moporofesara Ntombizozuko Dyani-Mhango;
c) Majoro-Mogenerale Nhlanhla Lucky Job Ngema;
d) Mme Lizeka Dlephu;
e) Moatefokate Roshan Dehal (o thapilwe gape);
f) Mme Doris Dondur (o thapiwa gape); le
g) Rre Mongezi India.

6.5 Kabinete e amogetse go thapiwa ga Baterasete ba ba latelang ba e seng ba Khuduthamaga mo Botong ya Letlole la Bosetšhaba la Maatlafatso:

a) Rre R Garach;
b) Rre A Raiz;
c) Mme Z Ntlangula;
d) Mme N Mosala;
e) Mme A Makwetla; le
f) Mme J Williams.

6.6 Kabinete e amogetse go thapiwa ga Rre Fundisile Mketeni jaaka Motlhankedikhuduthamagamogolo (CEO) wa Diphaka tsa Bosetšhaba tsa Aforika Borwa (SANParks) ka konteraka ya dingwaga di le tlhano (5).

6.7 Kabinete e atolositse konteraka ya ga Mme Thuli Radebe jaaka CEO wa Tikwatikwe ya Boitlhamedi ya Tirelosetšhaba (CPSI) sebaka sa dingwaga tse dingwe di le tharo (3).

6.8 Kabinete e amogetse go thapiwa ga Mme Lakela Kaunda jaaka Motlhankedimogolo wa Tiragatso kwa Kantorong ya Moporesitente.

Dipotsiso: Rre Donald Liphoko
Mogala: 082 901 0766

Share this page

Similar categories to explore