Pegelo ya Kopano ya Kabinete e e Tshwerweng ka Mafaratlhatlha a Ditlhaeletsano tsa Dibidio ya la bo, 4 Ngwanaitseele 2020

A. Merero ya ga Jaanong

1. Ikonomi

1.1. Pegelo ya Puo ya Pholisi ya Tekanyetsokabo ya Kgweditharo (MTBPS) e e rebotsweng ke Tona ya Matlole Tito Mboweni ka Laboraro, 28 Diphalane 2020, e tlhagisa ditsela tsa go fokotsa tiriso ya madi a mantsi mo ditirong tsa puso. E tshegetsa gape le kgolo ya ikonomi gore e kgone go thusa mo go tlholeng ditiro tse di tlhokagalang. Kabo eno ya matlole e tshegetsa dikgato tsa rona tsa go tsosolosa ikonomi mo leroborobong le le kgakgauthang la Mogare wa Corona (COVID-19) mmogo le go ngokela dipeeletso.

1.2. Kabinete e amogetse Operation Vulindlela, e leng yona e e tla tshegetsang go tsenngwatirisong ga Leano la Itharabologelo le Kagosešwa ya Ikonomi ka go potlakisa tsosoloso ya dikago tse di beilweng kwa setlhoeng.

1.3. Kabinete e tota e ikemiseditse mo maikemisetsong a yona a go dira gore ikonomi e boele sekeng go gola mme ka jalo dikgato tsa rona tsa ga jaana tse di gagametseng di tla potlakisa matsapa a rona a go aga ikonomi e e tsetsepetseng tota.

2. COVID-19

2.1. Kabinete e tshwenngwa ke maitshwaro a batho ba bangwe ba ba itshwarang ka tsela e e maswe ya go se nne le kelotlhoko ka go tshelang e kete ga go sa na selo se go tweng ke COVID-19. Kabinete e ikuela mo baaging botlhe ka fa nageng ya Aforika Borwa go se itlhokomolose ditaolelo tsa boitekanelo tse di buang ka go katogana, go apara dimaseke fa re le fa gare ga batho mmogo le go tlhapa diatla tsa rona ka metsi a sesepa kgotsa ka sebolayamegare se se tswakilweng ka alekhohole, mmogo le go efoga go nna moo go nyeumang ka batho.

2.2. Ka go itshola ka tsela eo re tshwanetseng go itshola ka yona re tla bo re dirisa thebe e kgolo mo go itshireletseng le mo go sireletseng ba bangwe. Maitsholo a rona a go nna le maikarabelo a tla fokotsa dipalopalo tsa ditshwaetsego fa ka fa letlhakoreng le lengwe re tla bo re tswelela go aga sešwa ikonomi ya rona.

2.3. Kabinete e tsweletse go re rotloetsa rotlhe go taonelouta epe ya megala yo mo seatleng ya COVID Alert SA mo go Apple App Store kgotsa mo go Google Play Store. Epe eno – e e sa duelelweng mo ditlamong tsa megala e bile o ka kgona go e taonelouta ntle le go jelwa datha – e tla tokafatsa dikgato tsa go gata motlhala batho ba ba kileng ba kopana le ba ba lwalang ba go totobaditsweng ba na le COVID-19 mo matsatsing a le 14 a a fetileng. Epe eno ga e bokeletse tshedimosetso ka ope kgotsa go gata ope motlhala gongwe le gongwe ko a yang.

2.4. Kabinete e tla atlhaatlha dipoelo tsa kopano ya Lekgotla la Naga le le Jarileng Maikarabelo a Mogare wa Corona (NCCC) e e tla tshwariwang mo bekeng e e tlang. Moporesitente Cyril Ramaphosa o tla tle a itsisi baagi mo nageng ka ga se se tlhageletseng mabapi le leano la Aforika Borwa la go samagana le go laola go anama ga COVID-19.

3. Tlhabololo ya Mafaratlhatlha

3.1. Dipuisano le Ditherisano tse di ka ga Ipaakanyetso ya go Diragatsa Diporojeke tsa Mafaratlhatlha a Naga ya Aforika Borwa mmogo le Mafelo a tsona a Dimaraka tse di tshwaretsweng kwa Midrand, Gauteng go simolola ka la bo 3 go fitlha ka la bo 4 Ngwanaitseele 2020 di isa kwa pele go tsenngwatirisong lenaane la mafaratlhatlha.

3.2. Kopano eno e bontshitse diporojeke tse dikgolo di le 27 tse boleng jwa tsone jwa matlole fa di kopane bo dirang R210 bilione e e tla tswang mo babeeletsing ba Aforika Borwa le ba ba tswang kwa dinageng tsa kwa ntle, go tsenyeletsa barongwa ba ditheo tsa matlole a tlhabololo mmogo le ba dibanka tsa tlhabololo tsa dinaga tse di farologaneng.

3.3. Dipuisano le ditherisano tseno tse di ka ga go ipaakanyetsa diporojeke di netefatsa gore matlole a diporojeke a sekasekiwa ka tsenelelo mmogo le go dira gore tirelo ya tshegetso ya go tlhabiwa botlhale e dira gore diporojeke tseno di eme sejaro go ka beelediwa mo go tsona.

3.4. Mo diporojekeng tseo di tlhagiseditsweng babeeletsi di tsenyeletsa ya lefelo la diedi tsa gase ya tlhago ya Ngqura-Coega kwa Kapa Botlhaba; Lenaane la Dintlo tsa Setšhaba la Bothati jwa Taolo ya Dintlo tsa Setšhaba; peipi ya leokwane kwa Boemelafofaneng jwa Boditšhabatšhaba jwa Motsekapa; Lefelo la go Baya Mafaratlhatlha a Disutlhalefaufau le le tla agiwang ke Setheo sa Naga sa tsa Lefaufau sa Aforika Borwa (SANSA), mmogo le phaka ya saense le thekenoloji kwa porofenseng ya Limpopo.

3.5. Diporojeke tseno di na le bokgoni jwa go ka thapa maAforika Borwa a mantsi thata mme e bile ke karolo e e botlhokwa thata mo matsapeng a go tlhola ditiro mo Leanong la Naga ya Aforika Borwa la Itharabologelo le Kagosešwa ya Ikonomi e mo malobeng e rebotsweng ke Moporesitente Ramaphosa.

3.6. Kabinete e leboga seabe se lekala la poraefete le nnileng le sona, mo e tlametseng ka kitso e e tlhokagalang eo e jeleng mo dipotaneng tsa bona.

3.7. Kabinete e leboga dikgato tsa lekala la poraefete mo go romeleng baitseanape ba bona go thusana le ba Mafaratlhatlha a Aforika Borwa mo go direng gore diporojeke tse di logetsweng maano tseno di re tswele mosola.

3.8. Mo godimo ga seno, Kabinete e leboga tsiboso ya ga Tona ya Lefapha la Ditiro tsa Puso le Mafaratlhatlha a Setšhaba Patricia de Lille ya gore setheo se se tsepamisitseng mogopolo mo mafaratlhatlheng a setšhaba le mo bonweenweeng se tla netefatsa fa go nna le taolo ya botshepegi ya dikonteraka tsa mafaratlhatlha a setšhaba.

3.9. Kantoro ya Mafaratlhatlha le Dipeeletso mo Katorong ya Moporesitente mo matsatsing a a tlang e tla tlhagisa dintlha ka botlalo mabapi le maikano a a dirilweng ke babeeletsi mo dipuisanong le mo ditherisanong tsa mo bekeng eno e e mabapi le Diporojeke tsa Mafaratlhatlha le Mafelo a Dimaraka.

1. Khonferense ya Aforika Borwa e e Mabapi le Dipeeletso (SAIC)

1.1. Aforika Borwa e tla tshwara SAIC ya yona ya boraro ka la bo 17 le la bo 18 Ngwanaitseele 2020, mo e tla tsepamisang megopolo mo dipeeletsong tsa go gagamatsa ntwa go latela COVID-19, mmogo le mo dikagong.

1.2. Khonferense ya monongwaga e tsepamisitse mogopolo mo go diragatseng maikano a a leng teng a go tlhola ditiro le a go tlhabolola ikonomi. Mo godimo ga seno, puso e tla tlhalosa dikgato tse e di tsereng mo go direng gore maemo a lokele dipeeletso, mo go tla tsepamisiwang mogopolo mo tsosolosong le mo itharabologelong ya ikonomi.

1.3. Khonferense eno e agelela mo katlegong ya dikhonferense di le pedi tse di fetileng tse di neng di tshwerwe mo ngwageng wa 2018 le wa 2019 ka tatelano, moo go bokeleditsweng R664 bilione, e leng seo se tlhodileng motheo wa dipeeletso le go potlakisa kgolo ya ikonomi.

2. Motlakase

2.1. Kabinete e amogetse dikgato tsa go reka ditirelo tsa go aga didirisiwa tsa bofelo tsa go fetlha motlakase ka phefo tsa motlakase o o kanaka dimekawate di le 140 kwa Polaseng ya Motlakase o o Fetlhiwang ke Phefo ya Nxuba, kwa Kapa Botlhaba, e leng karolo ya bone ya maiteko a naga ya Lenaane la go Reka Motlakase o o Ntšhwafaditsweng mo Ditheong tse di Ikemetseng. Gang fa dikgato tseno tsotlhe tsa go reka ditirelo tsa go aga didirisiwa tsa go fetlha motlakase ka phefo di sena go konosediwa, didirisiwa tseno tsotlhe di tla fetlha motlakase o o kanaka diura di le dikikawate di le 460 ka ngwaga tse di tla tsenngwang mo geriting ya rona ya motlakase mmogo le go tokafatsa tota dikgato tsa rona tsa go ema 'thekeng dikgato tsa phetogoloapi.

2.2. Yuniti yotlhe ya motlakase wa kgwebisano ya bobedi ya Eskom kwa Seteišeneng sa Motlakase sa Kusile kwa porofenseng ya Mpumalanga se tlamela geriti ya rona ka dimekawate di le 800. Kusile ke seteišene sa motlakase sa ntlha mo Aforika go tsenngwa thekenoloji ya tšhembele ya go sefa semoko sa gase – e leng thekenoloji ya maemo a a kwa godimo e e dirisiwang go sefa dioksaete tsa salfa, tse di jaaka semoko sa salfa, mo tšhembeleng ya go sefa semoko sa gase mo madutelong a motlakase a a gotetsang melelo ya malatlha kgotsa ya leokwane – e leng tsone tse di tsamaisanang le maemo a a leng teng ga jaana a boditšhabatšhaba a a mabapi le boleng jwa mowa.

2.3. Kabinete gape e amogetse tsiboso ya setlamo sa Total SA ya gore e wetse gase e ntsi tota mo mo losing lwa borwa jwa Mossel Bay kwa Kapa Bophirima. Seno se tla tswela naga mosola mo matsapeng a yona a go atolosa tlhagiso ya motlakase e leng seo se tla kgontshang ikonomi ya rona go gola le go ngokela babeeletsi ba bangwe gape ba bantsi.

3. Lekgotla la Naga la Merero ya Dithekesi

3.1. Maikano a a dirilweng mo kopanong ya beke e e fetileng ya Lekgotla la Naga la Merero ya Dithekesi a botlhokwa mo go maswe mo go ageng lekala la dipalangwa tsa setšhaba le le tsamaisiwang sentle e bile le babalesegile. Dipoelo tseno di atumetsa naga ya rona gaufi le mo go lolamiseng mokgwatirelo wa go matlafatsa intaseteri ya dithekesi mme di tla e tsenya mo mmileng o o siameng wa kgolo.

3.2. Kabinete e amogetse maikemisetso a ditharabololo tsa lekala mo intasetering ya dithekesi, e leng seo se netefatsang gore lekala leno le obamela melao ya naga eno ya badiri mmogo le go gagamatsa melawanataolo ya mokgwatirelo wa intaseteri eno.

4. Kgwedi ya Bosetšhaba ya Temososetšhaba ka ga Ditshwanelo tsa Batho ba ba nang le Bogolofadi

4.1. Puso e tshwarisane tiro le makala a le mantsinyana a a farologaneng a baagi go netefatsa gore batho ba ba tshelang ka bogolofadi ba matlafadiwa ka bojotlhe. Kgwedi ya Bosetšhaba ya Temososetšhaba ka ga Ditshwanelo tsa Batho ba ba nang le Bogolofadi, e e simolotseng ka la bo 3 Ngwanaitseele mme e tla konosela ka la bo 3 Sedimonthole 2020, e tshwailwe ka moono yo o reng: “Mmogo re Aga Ditšhaba tse di Tseelang kwa Tlhogong Batho ba ba Tshelang ka Bogolofadi.”

4.2. Paka eno e re naya tšhono ya go tsaya dikgato tsa temososetšhaba mabapi le ditshwanelo tsa batho ba ba tshelang ka bogolofadi. Kgwedi eno ya matsholo a temososetšhaba e tsepamisitse mogopolo mo go ikueleng mo makaleng ka bobedi a puso le a poraefete go gagamatsa matsholo a go thapa, go somarela le go amogela batho ba ba tshelang ka bogolofadi mo mafelong a ditiro.

5. Thibelobosenyi

5.1. Kabinete e kgalema ka mafoko a a bogale dipolao tse di setlhogo tse di senang botlhale bope mo go tsona tsa batlhankedi ba sepodisi bao ba direlang le go sireletsa baagi ka boineelo. Go bolaya le go tlhasela batlhankedi ba sepodisi ke dikgato tse di totobetseng tsa go lwantshana le molao le Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa wa 1996.

5.2. Kabinete e romela matshediso a yona kwa ba lelapa le ditsala tsa batlhankedi botlhe ba sepodisi ba ba latlhegetsweng ke matshelo a bona ba le mo tirong ba tshotse phage ka dingana ba ba jaaka Mosejene Mzoxolo Gxotani wa Setlhopha sa Tirisomaano a go Samagana le Bosenyi (TRT) sa Motseseteropo wa East London kwa porofenseng ya Eastern Cape, Mokolonele wa Mokomantara wa Seteišene sa Sepodisi sa kwa Groblersdal Jeffrey Seroka kwa porofenseng ya Limpopo, Motlhankedi wa Boitseanape mo Mererong ya Bosenyi Ofentse Mokgadinyane mmogo le Mosejene wa Letseka Billy Mahooe kwa porofenseng ya Foreisetata; mmogo le Mosejene Sibongile Teka le Mokonstabole Kganyisa Sitofile kwa porofenseng ya Kapa Bophirima.

5.3. Kabinete gape e kgalema ka mafoko a a bogale ditiragalo tsa go phampholola ka ditlhobolo le go bolaya batho ba le robedi ba dingwaga tse di magareng ga 30 le 40 ba phamphololwa jalo ke borraditlhobolo ba go sa itseweng gore ke bo mang mo porofenseng ya Kapa Bophirima ka Mosupologo wa la bo 2 Ngwanaitseele 2020.

5.4. Kabinete e solofetsa baagi ka fa nageng gore sepodisi ka tirisanommogo le baagi se tla netefatsa gore botlhe ba ba nnileng le seabe mo ditiragalong tseno tsa bosenyi ba tla golegwa mme ba apara kobo e le nngwe le molao.

6. Dikabo tsa Bobegakgang tsa Dinaga tsa Mokgatlho wa Tlhabololo ya Borwa jwa Aforika (SADC)

6.1. Kabinete e ikuela mo bobegakgang jotlhe ka fa nageng ya Aforika Borwa go romela maina a bona mo go tseneleng dikgaisano tsa Dikabo tsa Bobegakgang tsa SADC. Babegakgang go tswa mo dinageng tseo e leng karolo ya SADC ba lalediwa go tsaya karolo kgotsa go romela maina a bao ba ba tlhophileng go tsenela dikabo tseno.

6.2. Dikabo tsa Bobegakgang tsa SADC di tsholetsa dipeelo tsa SADC mo go direng gore go nne le tlhabololo ya ikonomi, go rene kagiso le pabalesego, kgolo ya ikonomi, phediso ya lehuma mmogo le go tsholetsa maemo le boleng jwa botshelo jwa baagi ba Dinaga tsa Borwa jwa Aforika.

6.3. Dikabo tsa Bobegakgang tsa SADC ke sedirisiwa se se nang le maatla thata mo go kwaleng kgang e ntšhwa ka Aforika, kgang e e buang ka bokgoni jo bo seng kana ka sepe mmogo le tsholofelo e e tsosolositsweng e e ka ga bokamoso jo bo botoka.

7. Ditlhatlhobo tsa Materiki tsa Ngwaga wa 2020 tsa Lekwalo la Naga la Dithuto tse Dikgolwane (NSC)

7.1. Kabinete e eme ka lefoko le le lengwe le Moporesitente Ramaphosa mo go lakaletseng barutwana ba materiki ba ngwaga wa 2020 masego mo ditlhatlhobong tsa bona tsa NSC tse go simolotsweng ka tsona gompieno, ka la bo 5 Ngwanaitseele mme di tla konosediwa ka la bo 15 Sedimonthole 2020. Re ikuela mo batsading botlhe, batlhokomedi ba bana ba semolao mmogo le setšhaba sotlhe go tshegetsa le go rotloetsa barutwana bano ka ba tla bong ba konosetsa ngwaga wa bona wa bo 12 ba tsena sekolo.

7.2. Leroborobo la COVID-19 le nnile le seabe se se sa itumediseng mo dikolong le mo go ipaakanyetseng ditlhatlhobo tsa Mophato wa bo 12 tsa monongwaga. Le fa go le jalo, Lefapha la Thuto ya Motheo mmogo le dikolo le tsentse tirisong lenaane la go thusa go se salele morago mo dithutong go rulaganya barutwana. Kabinete e na le tshepo ya gore barutwana bano ba na le bokgoni jwa go ka ntsha dipholo tse dintle tota.

B. Ditshwetso tsa Kabinete

1. Lenaanetiro la Puso (PoA)

1.1. Kabinete e neseditse pula Pegelo ya Kotara ya Bobedi ya PoA ya paka ya Ferikgong go fitlha go Seetebosigo 2020. Tiro e e dirilweng mo pakeng eno e diragatsa dikarolo tsa Letlhomeso la Togamaano ya Pakagare (MTSF) la 2019-2024.

1.2. Paka eno e e sekasekilweng e tsamaisana le ditlamorago tsa dikgoreletsi tse di tlisitsweng ke leroborobo la COVID-19 le le aparetseng lefatshe lotlhe, moo re boneng metswedi ya puso mmogo le ditiro tsa yona di lebisiwa mo go sireletseng matshelo le ka fao batho ba iphedisang ka teng.

1.3. Le fa go le jalo Kabinete e itumedisiwa ke kgatelopele e e dirilweng mo go tsenyeng tirisong dipeelo tse di botlhokwa tse di solofetsweng. Le fa tota tse dingwe tsa dipeelo tseno di kgoreleditswe, Kabinete e kgotsofetse ka manaane a a beetsweng go itharabologelwa ga ikonomi ya rona a makala a a matshwanedi. Dintlha ka botlalo tsa pegelo eno di tla tlhagisiwa mo kopanong ya bobegakgang e e rulaganyeditsweng go tshwarwa mo tsamaong ya nako.

C. Ditiragalo tse di Tlang

1. Naga ya Aforika Borwa e tsenela Tumelano ya Kutlwano le Tirisanommogo (TAC) le Dinaga tsa Borwa le tsa Botlhaba jwa Asia (ASEAN)

1.1. Tona ya Dikamano le Tirisanommogo le Dinaga tsa Boditšhaba, Ngaka Naledi Pandor, o tla bo a emetse puso ya naga ya Aforika Borwa mo moletlong wa fa Aforika Borwa e amogela TAC le ASEAN.

1.2. Mokete ono o o tla tshwarwang ka Mafaratlhatlha a Ditlhaeletsano tsa Dibidio o tla tshwarwa ka Labobedi, 10 Ngwanaitseele 2020. Tona Pandor o tla tsaya karolo mo moketeng ono fa a tla bo a le kwa Motsekapa, moo a tla bong a patilwe ke Ditlhogo tsa Dintlo tsa Botseta tsa ASEAN tsa Komiti ya kwa Pretoria.

1.3. Aforika Borwa e na le botsalano jwa setipolomate le jwa ikonomi le naga e nngwe le e nngwe e e leng karolo ya ASEAN. Go dumela ga naga eno go nna karolo ya TAC go tla totobatsa botsalano jwa naga eno le jwa setlhopha sa dinaga tsa ASEAN.

1.4. Go dumela ga naga eno go nna karolo ya TAC gape ke tšhono ya go tshegetsa tirisanommogo mo mererong ya sepolotiki le ya ikonomi mo botsalanong jwa setlhopha seno se se botlhokwa se se tsweletseng go gola sa boditšhabatšhaba.

D. Melaetsa

1. Melaetsa ya go Akgola

1.1. Kabinete e eme ka lefoko le le lengwe le Moporesitente Ramaphosa mo go akgoleng Ngaka Pombe Magufuli mo go fenyeng ditlhopho tsa go tlhophiwa jaaka Moporesitente wa United Republic of Tanzania. Re ipaakanyeditse go simolola go dira mmogo le Ngaka Magufuli go matlafatsa botsalano jwa rona jwa dinagapedi, mmogo le mo mererong e e re unngwelang botlhe mo kgaolong ya SADC, mmogo le mo kontinenteng ya Aforika le mo lefatsheng ka kakaretso.

1.2. Kabinete e akgola Mme Shudufhadzo Musida go bo a rwesitswe korone ya Mmabontle wa Aforika Borwa wa ngwaga wa 2020 mme e mo lakaletsa masego mo tirong ya gagwe jaaka a tla bo a emetse Brand South Africa. Ke yo mongwe wa setlhotshwana sa batho ba ba tsholetsang folaga ya Aforika Borwa gore e nne mo maemong a go gaisana le dinaga tse dingwe mo lefatsheng.

1.3. Kabinete e akgola setlhopha sa kgwele ya dinao ya basadi sa ka fa nageng sa Banyana Banyana, seo se ragotseng metshameko ya sona ya Sejana sa COSAFA ka go babalela maemo a sona ka dino di le pedi go lefela kgatlhanong le setlhopha sa naga ya Angola kwa teropong ya Port Elizabeth, mo porofenseng ya Kapa Botlhaba ka Labobedi, la bo 3 Ngwanaitseele 2020.

2. Melaetsa ya Matshediso

Kabinete e romela matshediso a yona kwa ba lelapa le ditsala tsa:

2.1. Rre Enuga Sreenivasulu Reddy, yo a thutseng botala ka tlhogo a na le dingwaga di le 96. O belegetswe mo lelapeng le le neng le tsaya karolo e tona mo dipolotiking kwa nageng ya India Borwa. O eteletse pele letsholo la Dinagakopano le le neng le eme kgatlhanong le puso ya tlhaolele mmogo le go ema nokeng ka mafolofolo mekgatlho ya go lwela kgololesego ya Aforika Borwa sebaka sa go feta halofo ya dingwaga di le lekgolo, mmogo le go nna le seabe se se botlhokwa mo go tlhotlheletseng dikgato tsa go iletsa naga eno go ka gwebisana le dinaga tse dingwe.

Dipotsolotso: Mme Phumla Williams – Mmueledi wa Kabinete

Mogala: 083 501 0139

Share this page

Similar categories to explore