Matsholo a temososetšhaba ka malwetse a tlhogo

E kwadilwe ke Gill Price

Gore re kgone go isa kwa pele temokerasi ya rona mmogo le setšhaba sa rona, re tshwanetse go fedisa mefuta yotlhe ya tlhaolele mo bathong ba ba nang le malwetse a tlhogo mme le ona malwetse ano a tshwanetswe go tsewa fela jaaka makoa a mangwe le a mangwe otlhe.

Go utlwisa botlhoko gore batho ba ba nang le malwetse a tlhogo ba tshwarwa makgwakgwa go tshwana le go bogisiwa, go kgariediwa, go tswalelwa kwa ntle fa ba tshwanetswe go abelwa ditirelo kgotsa go se akarediwe mo ditirong tsa go thusa baagi, mme seno e le ka ntlha ya bolwetse jo le bona bo ba tlhorontshang.

Kgatakako eno ya ditshwanelo tsa batho bano ke selo se se re bontshang gore go na le tlhokagalo e e seng kana ka sepe mo go direng gore malwetse a tlhogo a se tseewe jaaka go diriwa ga jaana. Go botlhokwa gore bolwetse jono go samaganwe le jone ka kelotlhoko e e tseneletseng mmogo le go naganela le batho ba ba nang le bolwetse jono.

Dipuo tse di sa siamang kgotsa tse di senang nnete tse di ka ga batho ba ba nang le malwetse a tlhogo ke tiragalo ya go ba tlhaola, mme seno se dira gore ba nne le megopolo ya go ka ikentsha kotsi kgotsa gona go tsaya dikgato tsa go ikentsha kotsi, mme se sengwe gape ke gore di ka dira gore batho ba se batle thuso fa ba na le malwetse a tlhogo.

Sešweng jaana ka Letsholo la Lefatshe ka Bophara la go Keteka Letsatsi la Temososetšhaba ka Malwetse a Tlhogo batho lefatshe ka bophara ba ntse ba gakololwa gore ba tlotle ditshwanelo tsa batho ba ba nang le malwetse a tlhogo.

Puso mo letlhakoreng la yona e ne ya tshwara mokete o o ka ga go godisa tshireletso ya batho botlhe mo lefatsheng ba ba nang le makoa a tlhaloganyo. Puso e ne gape ya gatelela botlhokwa jwa gore batho ba kgone go fitlhelela ditirelo tsa kalafo ya malwetse a tlhogo, go tlotlomatsa matsholo a a ka ga malwetse a tlhogo mmogo le go bua kgatlhanong le tshedimosetso e e fosagetseng ka malwetse a tlhogo.

Dikgwetlho tse setšhana sa rona di tobaneng natso mo go samaganeng le malwetse a tlhogo ke gore diphesente di le 30 tsa batho ba ka fa nageng ba ba tlhorontshiwang ke malwetse a tlhogo ke bona ba ba bonang kalafi mme seno se raya gore ba le diphesente di le 70 ga ba bone kalafi gope.

Seno se raya gore go na le tlhokagalo e e kwa godimo mo setšhabeng ya go dira gore ditirelo tsa boitekanelo mo malwetseng a tlhogo di fitlhelelwe bonolo. Ga jaana re samagane le go gagamatsa matsholo a go lemosa setšhaba ka malwetse a tlhogo mme e bile re rotloetsa batho go batla thuso mo baitseanapeng go ka ba thusa go ba alafa jaaka re samagane le go dira gore baagi ba nne le boitekanelo jo bo itekanetseng.

Re tshwanetse gape le go baya kwa setlhoeng matsholo a kwa dikolong a a ka ga malwetse a tlhogo gonne go na le diphitlhelelo tse di reng barutwana ba ka nna bonnye jwa dingwaga di le thataro ba ikisa maotwana hunyela le tse di reng malwetse a tlhogo a a ka dirang bontsi jwa diphesente di le 50 gantsi a simolola pele bana ba tshwara dingwaga di le 14.

Mo go direng gore barutwana ba se nne le malwetse a tlhogo, go ikuelwa mo batsading go dira gore magae a bana a nne a a siameng gore ba kgone go lokologa le go se nne le diphitlhela ka mathata a a ba tshwenyang, gore ba se tshabe go bua ka ona kgotsa ba se nne le ditlhong go ka bua ka ona.

Maiteko a puso a go ema nokeng makau le makgarebe a simolola go re tswela mosola ka setheo se se bediwang Higher Health, seno ke setheo se se leng ka fa tlase ga taolo ya Lefapha la Ditheong tse Dikgolwane tsa Thuto le Katiso.

Higher Health e setse e tlametse bathuti ba le 321 004 ka thuso ya malwetse a tlhogo go tloga ka Ferikgong 2012 go fitlha ka Seetebosigo 2023, mme mo teng go balwa le ditirelo tsa baitseanape tsa go ba thoba maikutlo mmogo le tsa mogala wa go tswa baagi thuso o o dirang bosigo le motshegare wa 0800 006 333, o maitlhomo a ona e leng go thusa bathuti ba ba tsenang dikolo kwa ditheong tse dikgolwane.

Jaaka baithuti bano ba tla bo ba simolola go tsena mo ditirong, go botlhokwa gore le mo ditirong tsa bona go nne le ditirelo tsa go ba ema nokeng tsa malwetse a tlhogo. Mekgatlho yotlhe go ikuelwa mo go yona gore e eme nokeng batlhankedi ba yona ka go nna le matsholo a temose ka ga malwetse a tlhogo mmogo le go thusa thata ba ba tlhokang thuso eno.

Thuso go le gantsi le ka mogala o ka e bona. Motlhala, motho yo mongwe le yo mongwe a ka iponela ditirelo tsa thuso ya malwetse a tlhogo ka mogala wa go tswa baagi thuso yo o dirang bosigo le motshegare wa Setheo sa Aforika Borwa sa Merero ya Kgatelelo ya Maikutlo le go Ikgalala, yo gape o samaganang le Mogala wa Pholoso mo go Ipolayeng wa 0800 567 567.

Ka go tsaya dikgato tsa go samagana le malwetse a rona a tlhogo re ka ikalafa, re ka dira gore setšhaba sa rona e nne se se itekanetseng. Jaaka e le karolo ya maiteko a rona a go dira gore re nne le setšhaba se se botoka le mo go direng gore temokerasi ya rona e nne e e tseneletseng, tla re direng bonnete jwa gore ga go ope yo a tlhaolwang, re raya le yona tlhaolele ya batho ba ba nang le malwetse a tlhogo.

Gill Price is Director: Communication Resource Centre at Government Communication and Information System (GCIS)

img
Mental Health Awareness

Share this page