Pegelo ya Kopano ya Kabinete e e Tshwerweng ka Mafaratlhatlha a Ditlhaeletsano tsa Dibidio ya la bo, 22 Lwetse 2022


A.  Merero ya ga Jaanong
1. Phetogo ya Maemo a Loapi

1.1.  Kabinete e leboga leeto la Rre Alok Sharma yo e leng Moporesitente wa bo 26 wa Samiti ya Dinagakopano (UN) e e ka ga Phetogo ya Maemo a Loapi go bo a etetse ka fa nageng ya Aforika Borwa, go tloga ka la bo 19 go fitlha ka la bo 21 Seetebosigo 2022, mmogo le go leboga mogopolo wa gagwe fa a re go totobetse gore Aforika Borwa e ikemiseditse go diragatsa tlhagiso ya motlakase o o sa kgotlheleng tikologo. 
1.2.  Ka ngwaga wa 2021, Moporesitente Cyril Ramaphosa o ne a na le baeteledipele ba bangwe ba naga ya France, Germany, United Kingdom le Amerika mmogo le Mokgatlho wa Dinaga tsa Yuropa fa go nwe go diriwa kitsiso e e iseng e tle e diriwe ya go dirisanammogo mo go tshegetseng dikgato tsa boammaruri tsa tiriso ya motlakase le digase tse kgotlhelo ya tsona mo loaping e leng kwa tlase thata mo go tlhagiseng didirisiwa tsa ikonomi. 
1.3.  Naga ya Aforika Borwa, gare ga metlakase e mengwe e mentsi e e sa kgotlheleng tikologo, ga e a bolo go samagana le namane e tona ya tiro ya go dira gore re tswe mo tirisong ya motlakase o o kgotlhelang tikologo mme re tsene mo tirisong ya motlakase o o sa e kgotlheleng go tshwana le leokwane la gase le le sa kgotlheleng tikologo, dikgong tsa go dira leokwane kgotsa motlakase, motlakase o o fetlhiwang ka phefo, motlakase o o fetlhiwang ka letsatsi le motlakase o o fetlhiwang ka metsi. Tiriso ya metlakase eno ka go farologana ga yona e tla re thusa gore re kgone go nna le metswedi e e lekaneng ya motlakase gore re kgone go nna le motlakase o o tla kgonang go emelana le ditlhokwa tsa motlakase ka fa nageng.

2. Go Tlhabelwa ga Moento wa Bolwetse jwa Mogare wa Corona (COVID-19)
2.1.  Kabinete e itumedisitswe ke phokotsego e kgolo ya dipalo tsa batho ba ba tshwerweng ke COVID-19 e e rekotilweng ka fa nageng ya Aforika Borwa mo dibekeng di le mmalwa tse di fetileng e bile e rotloetsa botlhe ba ba nang le matshwanedi gore ba ye go tlhabela moento, jaaka o thibela gore ba se gatelelwe ke bolwetse jono, ba se robale kwa sepetlele kgotsa go thula botala ka tlhogo. 
2.2.  Halofo ya palo yotlhe ya batho ba bagolo ba re nang le bona ka fa nageng e setse e tlhabetse bonnye jwa moento o le mongwe wa COVID-19. Madi a dinamane tsa ona di leng kwa tlase thata a puso e a adimileng mo malobeng kwa Bankeng e e Thusang Dipuso tsa Dinaga mo Lefatsheng go ya ka puso a tla dirisediwa go reka meento e mengwe ya COVID-19 le go dirisediwa go netefatsa gore setšhaba se babalesegile mo matshosetsing a kgonagalo ya go ka tshwaetsega.
2.3.  Kabinete gape e tšhotlhile le ntlha e e ka ga merero e e ka ga dikarolo tse di ka baakangwang mo go samaganeng le leroborobo la COVID-19, segolobogolo mabapi le kgatelopele e e dirilweng mabapi le go busetsa sekeng maemo a ditiro tsa ikonomi le tsa baagi. Tona ya Boitekanelo, ngaka Joe Phaahla, o tla neelana ka tshedimosetso ka botlalo mo ntlheng eno. 

3. Letsatsi la go Keteka Mosola wa Bašwa ka fa Nageng 
3.1.  Kabinete e lebogile maAforika Borwa otlhe go bo ba ketekeli le rona mekete ya Letsatsi la go Keteka Mosola wa Bašwa ka fa Nageng ka Labone, 16 Seetebosigo 2022 ka moono yo o reng: “Go netefatsa gore re nna le ditsela tsa go iphedisa tse di nnelang ruri mmogo le go nna matlhagatlhaga ga bašwa gore bokamoso e nne jo bo botoka.” Matlhagatlhaga a bašwa ba nang le ona mmogo le boitshoko jwa bona ke dilo tse naga ya rona e tshwanetseng go ipela ka tsona le go solofela gore kamoso tsotlhe di tla apara tshiamo.
3.2.  Jaaka Kgwedi e go Ketekiwang Mosola wa Bašwa ka fa Nageng e lebile go garela, tla re gagamatseng maiteko a rona a go netefatsa gore bašwa ba fitlhelela matsholo ka bontsi a go ba ema nokeng a puso mmogo le go nna le seabe mo go direng gore ba kgone go nna le seabe mo ikonoming. 
3.3.  Lephata la Ditirelo tsa Puso, le e leng lona le thapang batho ka bontsi, le tsibogetse kgwetlho eno ka go dira gore bašwa ba bantsi ba ba alogileng ba thapiwe mo matsholong a go ithutela tiro mo Lephateng la Ditirelo tsa Puso go tla go ithutela tiro teng. Puso e samagane gape le go tsenya tirisong Sekgwama sa Matlole a go Thapa Baagi (SEF) mmogo le go tsosolosa Setheo sa Naga sa Ditirelo tsa Bašwa (NYS) moo matsholo ano ka bobedi a tla tlholang ditiro mo le lengwe le le lengwe la ona le tla tlholelang bašwa ba le 50 000 ditiro mo ikonoming.
3.4.  Matsholo ano a ka se tlhole fela ditiro tse di tlhokagalang ka bontsi mme gape a tla tsosolosa gape le ditiro tsa go nna le baagi ba ba matlhagatlhaga. SEF e tla dirisana le mekgatlo e e seng ya puso (di-NGO) fa NYS yona e tla samagana le go kwadisa bašwa go tsenngwa mo matsholong a ditirelo tse di tla unngwelang baagi naga ka bophara. 

4. Lefapha la Dipalangwa
4.1.  Kabinete e itumedisitswe ke Leanotiro la Puso la Dikgato di le 11 tsa go samagana le botlhokotsebe jwa bakganni ba diteroko jwa go paraka mebila ya ka fa nageng mmogo le ditiragalo tsa beng ba ditlamo tsa diteroko tsa go thapa bakganni ba diteroko go tswa kwa dinageng tsa kwa ntle. Leano leno, le le kwadilweng ke Komiti ya Ditona tsa ka fa Nageng (IMC) e e Samaganang le Merero ya Dipalangwa tse di Rwalang Dithoto mmogo le bannaleseabe mo intasetering ya dipalangwa tse di rwalang dithoto, gare ga tse dingwe tsa dilo tse e di tlotlomatsang ke tiragatso ya molao wa visa mmogo le kobamelo ya melao ya badiri.
4.2.  Gore go tlhomiwe IMC eno ke ka ntlha ya ditiragalo tse di neng di setse di simolotse go gakala tsa go paraka ditsela tse di neng di diriwa ke bakganni ba diteroko ba maAforika Borwa ba ba neng ba na le dingongora. Ka gale fa go na le ditiragalo tsa megwanto mmogo le tsa go paraka mebila seno se kgoreletsa tota metsamao, se tshosa babeeletsi ba ba tswang kwa dinageng tsa kwa ntle mme se se golo le go feta ke gore, seno se ama ikonomi ka tsela e e sa itumediseng mmogo le go ama ditirelo tsa dikgwebo tse di itshepetseng mo mebileng eo e parakilweng.

5. Tlhaelo ya Metsi kwa Masepaleng wa Teropokgolo ya Nelson Mandela Bay (NMB) 
5.1.  Kabinete e itumedisiwa ke ka fao Lefapha la Metsi le Kgeleloleswe le samaganeng le ntlha eno kwa Masepaleng wa Teropokgolo wa NMB kwa porofenseng ya Kapa Botlhaba gore porofense eo e se iphitlhele e sena metsi gonne fa e sale ka ngwaga wa 2015 porofense eno e ntse e tlhaela metsi. DWS e ntse e thusana le porofense go tsenya tirosong dikgato tse di tlhokagalang jaanong, tse di tla dirisiwang sebakanyana le tse di tla dirisiwang mo pakeng e e tlang le go ya go ile go rarabolola le go samagana le seo mo isagong se nang le kgonagalo ya go ka feletsa se tlisitse komelelo.
5.2.  Kabinete e ikuetse gape le mo baaging ba NMB gore ba obamele dikgato tsa go laola metsi tse dimasepala tsa dikgaolo tseo e di tsentseng mo tirisong gore di kgone go tlhokomela metsi. Dimasepala tsotlhe fa di kopane ka gotlhegotlhe di tshwanetse go fokotsa tiriso ya metsi ka dilitara di le dimilione di le 50 mo letsatsing, go tswa mo a a dirisiwang ga jaana e leng dilitara di le dimilione di le 280 ka letsatsi gore jaanong go dirisiwa dilitara di le dimilione di le 230 ka letsatsi. 

6. Bosenyi le Bonweenwee
6.1.  Kabinete e itumedisiwa ke dikgato tsa sešweng tsa go tshwariwa ga motlhankedi yo a direlang Lefapha la Merero ya Selegae (DHA) kwa dikantorong tse di leng kwa Benoni jaaka a diretse ka bokhukhuntshwane moagi wa naga ya Bangladeshi lekwalo la mosepele la naga ya Aforika Borwa. Motlhankedi yono, yo leina la gagwe e leng Mme Sibongile Simelane, o lokolotswe ke Kgotlatshekelo ya Magiseterata ya Kgaolo ya Benoni kwa kgolegelong ka beile ya diranta di le dikete di le tlhano ka Labobedi, 21 Seetebosigo 2022. Moagi yono wa naga ya Bangladeshi, e bong Rre Fahim Kazi, o tshwerwe ka la bo 12 Motsheganong 2022 fa a ne a leka go tswa ka fa nageng mo lekwalo la gagwe la mosepele le neng le re leina la gagwe ke, ‘Lebogang Ndlovu’.
6.2.  Sešweng jaana DHA e ne ya thotathota modiragatsi wa naga ya Lithuania le dipurugwana tsa gagwe, e bong mme Ieva Andrejevaite, yo maitlhomo a gagwe e bong e le go gatakaka thulaganyo ya naga ya Aforika Borwa ya go thusa bafaladi go latela gore a fitlhele mo nageng a fete ka go tlhama maaka a re o kopa go dira kopo ya go tshabela ka fa nageng ka ntlha ya "ntwa e e runtseng kwa nageng ya Ukraine”.
6.3.  Kabinete e akgotse tiro e e dirilweng ke Yuniti ya go Lwantshana le Bonweenwee ya DHA. E akgotse le baagi mmogo le go ba rotloetsa gore ba se kgaotse go buletsa ditiragalo tsa mothale ono. Ditiragalo tse di seng mo molaong tse di diriwang ke maAforika Borwa tsa go rekisa dintlha tsa bona tsa boitshupo di na le ditlamorago tse dikgolo tse di sa jeseng diwelang mo pabalesegong ya naga mmogo le mo maemong a ikonomi le a baagi.
6.4.  Puso ga e kitla e tlhaetsa matlho kana go tsaya letlhakore mme e tla tswelela go tiisa seatla mo go samaganeng le mongwe le mongwe yo a amegang mo ditiragalong tsa go tlola molao tse di nyatsang melao ya ka fa nageng ya bofaladi.
6.5.  Kabinete e itumedisitswe gape le ke dikgato tsa go golega le go otla morutabana wa kwa Durban, Mme Precious Gabuza, yo a nang le dingwaga di le 37, yo a otlilweng ka go atlholwa ke Kgotlatshekelo ya Kgaolo ya Umlazi kwa porofenseng ya KwaZulu-Natal gore a duelele molato wa gagwe ka go direla setšhaba sebaka sa dingwaga di le tharo mmogo le ka go tswalelwa kwa kgolegelong sebaka sa dingwaga di le nne, mme dikotlo tseno ka bobedi di tla ngotliwa ka dingwaga di le tharo mme kotlo eno ke ka ntlha ya gore o tlotse Molao wa Ditlhopo tsa Baeteledipele mo Mebasepaleng ya Mebuso ya Selegae, wa ngwaga wa 2000 (Molao wa bo 27 wa 2000). Jaaka ditlhopho di ne di tshwaretswe mo sekolong seo a neng a dira mo go sona jaaka morutabana ka Diphalane 2021, Mme Gabuza o ne a amogela gore o molato mo ditatofatsong tsa go dira ditlhopho makgetlo a le 24 ka tsela e e seng mo molaong, mme o dirile ditlhopho makgetlo a le 12 mo Ditlhophong tsa Masepala le makgetlo a mangwe gape a le 12 mo Ditlhophong tsa Diwate.
6.6.  Go golega le go otla mme yono ke bopaki jwa go bontsha gore Khomišene ya Ditlhopho ya Aforika Borwa e tota e ikemiseditse go samagana le ditiragalo tse di tswileng mo tseleng le go rwesa bao ba amegang maikarabelo ntle le go senya nako. Seno se bontsha gape le botlhokwa jwa tiriso ya thekenoloji ya go dira tlhopho, eo jaanong e enngweng nokeng ke Didirisiwa tsa Thekenoloji tsa go Laola Ditlhopho tse di thibelang gore motho a le mongwe a kgone go ka dira ditlhopho makgetlo a le mantsi go feta ka fao a tshwanetseng.
6.7.  Kabinete e totobadi ntlha ya gore ditlhopho di botlhokwa thata mo temokerasing ya naga ya rona mme go tshwanetswe go diriwe sengwe le sengwe go ka di sireletsa. 

7. Khonferense ya bo 12 ya Ditona (MC12) ya Mokgatlo wa Dikgwebo tsa Lefatshe (WTO)
7.1.  Kabinete e itumedisitswe ke tseo di tlhageletseng kwa MC12 ya WTO e e neng e tshwaretswe kwa Geneva, Switzerland go tloga ka la bo 12 go fitlha ka la bo 17 Seetebosigo 2022, segolobogolo tshwetso e e tserweng ya gore dinaga tse di nang le matshwanedi di ka ikgatosa dithata tsa dikgwebo mme tsa itirela meento ya COVID-19 go fitlha ka ngwaga wa 2027. Tshwetso ya gore ntlha eno e tsenyeletse gape le melemo ya COVID-19 mmogo le didirisiwa tsa go tlhatlhoba fa molwetse a na le yona e ne ya busediwa morago ka sebaka sa dikgwedi di le thataro.
7.2.  Aforika Borwa ga e a bolo go goga kwa pele dikgato tsa gore WTO e beele kwa thoko dithata tsa dikgwebo fa go tla mo mererong ya meento ya COVID-19 e e tla dirang bonnete jwa gore botlhe re nna le meento ka go lekana mmogo le go letla dinaga tse di nang le bokgoni jwa go itirela meento gore di tswelele go itirela ona.
7.3.  Mo kgonferenseng eno go dirilwe maikano a gore go tla diragadiwa mo phasalatseng le ka go dira gore batho ba nne le seabe mo dithulaganyong tsotlhe tsa go fetola tiro ya yona mme go dumelanwe gore go tla samaganwa le ditumelano tsa go gwebisana tse di samaganang le dikarolo tse di jaaka ya boitekanelo, ya go tsenya tirisong dipeelo mo lephateng la go thusa ka matlole ba lephata la ditlhapi, ya go ntsha taolelo e e tla laolelang lephata la dikgwebo tsa go rekisa ditirelo ka inthanete mmogo le la go netefatsa gore dijo ga di tlhokagale.

B. Ditshwetso tsa Kabinete
1. Kgatelopele e e leng Teng mo Letsholong la Phetolelokgaso go ya go ya Dijithale (BDM)
1.1.  Kabinete e beilwe mo dinakong ka letsholo la BDM mmogo le go nopola seo se setseng se dirilwe mo go tsenyetseng baagi mabokoswana a marang a kgaso jaaka a tlhokega mo kgatong ya go tswa mo kgasong ya analoko fa re tsena mo kgasong ya dijithale.
1.2.  Kabinete e gateletse botlhokwa jwa go garela ka bonako BDM jaaka seno se tla thusa gore tiriso ya marang a kgaso e kgone go abelana ka ditirelo tse di tlhokagalang mo megaleng ya seatla mmogo le mo didirisiweng tse dingwe gape tsa thekenoloji ya ditlhaeletsano le tshedimosetso. 
1.3.  Tona ya Didirisiwa tsa Thekenoloji ya Ditlhaeletsano le ya Dijithale Khumbudzo Ntshavheni kamoso ka Labotlhano wa la bo 24 Seetebosigo 2022 o tla tshwara kopano le bobegakgang go neela setšhaba tshedimosetso e nngwe ka botlalo.

2. Pegelo ya Naga e e Gololwang Ngwaga le Ngwaga ya Maemo a Semmuso a Ditshwanelo tsa Bana 
2.1.  Kabinete e letleletse gore Pegelo ya bobedi ya Naga e e Gololwang Ngwaga le Ngwaga ya Maemo a Semmuso a Ditshwanelo tsa Bana e ka phasaladiwa. Pegelo eno e re baya mo dinakong ka seo se dirilweng mo Leanotirong la Naga mabapi le Bana (NPAC) mo pakeng ya go tloga mo ngwageng wa 2019 go fitlha mo go wa 2024. 
2.2.  Pegelo eno e nopola dilo tseo go atlegilweng mo go tsona go tloga mo ngwageng wa 2020 go fitlha mo go wa 2021. E nopola gape le dikarolo tse di santseng di tlhoka go atlhaatlhwa, mmogo le pabalesego ya bana mmogo le tshokolo e e tsweletseng go nna teng magareng ga bahumi le batho ba ba humanegileng bogolosegolo mo baneng. Pegelo eno gape e bua le ka seabe se leroborobo la COVID-19 se nnileng le sona mo baneng mo pakeng eo. 
2.3.  Maitlhomo a dikgato tsa go tlisa tharabololo tse di tsenngwang tirisong ke puso ke go dira gore bana ba fitlhelele ditshwanelo tsa bona, fela jaaka go tlhalositswe mo Molaotheong wa Rephaboliki ya Aforika Borwa wa 1996. Dikgato tseno gape di ema nokeng maikano a naga ya rona a a dirilweng mo Ditumelanong tsa Dinagakopano (UN) mabapi le Ditshwanelo tsa Bana (UNCRC) mmogo le mo Tumelanong ya Dinaga tsa Aforika mabapi le Ditshwanelo le Tlhokomelo ya Bana (ACRWC). Aforika Borwa ke e nngwe ya dinaga tse di saenileng UNCRC le ACRWC. 
2.4.  Pegelo eno e kwadilwe go latela gore go batlisisiwe tshedimosetso e e maleba mo mafapheng a puso mmogo le mo maphateng a mangwe a mantsi a a matshwanedi mo pusong ya naga le mo go dipusong tsa diporofense. Pegelo e e feletseng e tla phasaladiwa mo webesaeteng ya Lefapha la Tlhabololo ya Loago: www.dsd.gov.za.

3. Pegelo ya Aforika Borwa e e Isiwang kwa go UNCRC e e ka ga Dipaka tse di Kopanngweng go Tloga mo go ya Boraro go Fitlha mo go ya Borataro
3.1.  Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go tlhagisa Pegelo ya Aforika Borwa e e Isiwang kwa go UNCRC e e ka ga Dipaka tse di Kopanngweng go Tloga mo go ya Boraro go Fitlha mo go ya Borataro. Pegelo eno e latela e e tlhagisitsweng kwa go UNCRC mo ngwageng wa 2014.
3.2.  Pegelo eno e kwadilwe go ya ka molao wa athikele ya bo 44 ya UNCRC, mme a samagana gape le ditshitshinyo tse di neng di dirilwe mo pegelong ya bofelo e e rometsweng pele ga eno. UNCRC e ne mo ngwageng wa 2016 ya romela ditshitshinyo tse naga e tshwanetseng go di diragatsa.
3.3.  Pegelo eno e kwadilwe ka go sekegela tsebe tlhware logong nngwe le nngwe go tswa kwa mafapheng a a maleba le kwa bannaleseabeng ba ba maleba mo nageng ka bophara. Pegelo eno yotlhe e tla re fa e sena go isiwa kwa go UNCRC ya nna gona e ka phasaladiwa gore baagi ba iponele yona.

4. Pegelo ya Naga e e Mabapi le go Tsenya Tirisong Mogopolo o Monšhwa wa Metseseteropo
4.1.  Kabinete e neseditse pula go isiwa ga pegelo ya ntlha ya naga ya Aforika Borwa ya Mogopolo o Monšhwa wa Metseseteropo kwa Setheong sa go Agela Baagi Madulo sa Letsholo la UN (UN-Habitat). UN-Habitat e tsentse tirisong Mogopolo o Monšhwa wa Metseseteropo mo nakong ya fa go ne go tshwerwe Khonferense ya go Aga Madulo a a tla Nnelang Ruri mo Metseseteropong ka Diphalane 2016. Dinaga tseo e leng leloko go solofetswe gore di ithaope ka go neelana ka dipegelo tse di bontshang kgatelopele.
4.2.  Naga ya Aforika Borwa e ne ya ema nokeng Mogopolo o Monšhwa wa Metseseteropo mme morago ga foo ya o tsenya tirisong ka Leano la go Tsamaisa Tiro le le Golagantsweng le Tlhabololo ya Metseseteropong (IUDF). Maitlhomo a IUDF ke go aga mafelo a bodulo mo metseseteropong a batho botlhe ba ka nnnang mo go ona, a a tla nnelang ruri e bile go le monate go nna mo go ona. 
4.3.  Pegelo e e ka ga kgatelopele e e dirilweng e kwadilwe ka go sekegela tlhare legong go tswa mo pusong ya naga, mebusong ya diporofense le mo mebusong ya selegae mmogo le go tswa mo mekgatlhong e e maleba e e seng ya puso (di-NGO).

5. Leano le le Kopanetsweng la Tlhabololo ya Bašwa
5.1.  Kabinete e neseditse pula IYDS gore e ka tsenngwa tirisong. Leano leno le dira gore Pholisi ya Naga ya Merero ya Bašwa ya ngwaga wa 2020 go fitlha ka ngwaga wa 2030 e nne le mosola. E tlhagisa dikgato, diporojeke mmogo le matsholotse ao a tshwanetsweng go diragadiwa ke bannaleseabe ba ba farologaneng mo mekgatlhong ya bašwa.
5.2.  E thusa gape gore maphata a puso a a farologaneng a se diragatse matsholo a a tshwanang mmogo le go eletsa gore mekgatlho ya baagi le makala a poraefete ke eng se a ka se dirang go ema nokeng bašwa gore ba kgone go fitlhelela ditšhono. Leano leno le kwadilwe ka go latela tshedimosetso e ntsi e e farologaneng go tswa mo makaleng a a farologaneng mo setšhabeng.

6. Sekwalwa sa Ntlha se se Santseng se Tlhoka gore se Sekasekwe sa Masupatsela mo Mererong ya Tshomarelo le Tlhokomelo ya Lephata la Aforika Borwa la Tshomarelo le Tiriso ya Dimela le Ditshedi tse di Farologaneng go Tlhagisa Melemo
6.1.  Kabinete e neseditse pula Sekwalwa sa Ntlha se se Santseng se Tlhoka gore se Sekasekwe sa Masupatsela mo Mererong ya Tshomarelo le Tlhokomelo ya Lephata la Aforika Borwa la Tshomarelo le Tiriso ya Dimela le Ditshedi tse di Farologaneng go Tlhagisa Melemo gore baagi ba ntshe se se mo mafatlheng a bona ka ga sona. Lephata la la Aforika Borwa la Tshomarelo le Tiriso ya Dimela le Ditshedi tse di Farologaneng go Tlhagisa Melemo le tlhagisa ditšhono tse di botlhokwa mo kgolong le tlhabololong ya ikonomi, e bile gape le botlhokwa thata mo ditsong tsa batho ka fao ba iphedisang ka gone. 
6.2.  Sekwalwa seno sa Masupatsela se dira gore ditshitshinyo tse di dirilweng ke Phanele ya Baitseanape ba ba Nang le Kitso e e Tseneletseng mo ngwageng wa 2019 di tsenngwe tirisong ka go sekaseka dipholisi tsa rona tsa ga jaanong, melao ya rona mmogo le ditiro tse di tsamaisanang le ditshedi tse di botlhokwa. 
6.3.  Pegelo eno e tshitshintse gore go kwadiwe pholisi e e tlhokagalang e e ka ga tshomarelo le tlhokomelo ya tiriso ya lephata la naga la tshomarelo le tiriso ya dimela le ditshedi tse di farologaneng go tlhagisa melemo. Pholisi eno e tla tsenngwa tirisong mo maphateng otlhe a puso. Tshomarelo ya tlhago e botlhokwa mo go maswe mo matsholong a naga ya rona a go potlakisa kgolo ya ikonom le tlholo ya ditiro.

7. Leano la Lekala la Nama ya Diphologolo tsa Naga 
7.1.  Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go phasaladiwa ga sekwalwa sa ntlha se se santseng se tlhoka gore se sekasekwe sa Leano la Lekala la Nama ya Diphologolo tsa Naga gore baagi ba ntshe se se mo mafatlheng a bona ka ga ona. Maitlhomo a leano leno ke go dira gore intaseteri ya nama ya diphologolo tsa naga e amogelwe semmuso mmogo le go godisiwa. Maitlhomo a mangwe a lona ke go dira gore re se tlhaele dijo.
7.2.  Bogolo jwa intaseteri ya nama ya diphologolo tsa naga ke kgwebo e e sa kwadisiwang semmuso mme e dira ka tsela e e sa tlhamalalang. Leano le le tshitshintsweng leno le neelana ka leano le le ka dirisiwang go tsenya tirisong dikgato tsa go dira gore e nne kgwebo ya semmuso le go matlafatsa lekala leno gore le nne le lengwe la a a samaganang le merero ya go dira gore re nne le dijo tse di sa tlhaeleng mmogo le mo go godiseng ikonomi gore le kgone go tlhola ditiro.

C.  Melaotlhomo
1.  Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Merero Yotlhe ya Magosi a Setso wa Ngwaga wa 2022

1.1.  Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go isa kwa Palamenteng Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Merero Yotlhe ya Magosi a Setso wa Ngwaga wa 2022 gore o ye go sekasekiwa. Maitlhomo a dikarolo tse di kwalolotsweng sešwa ke go kwalola sešwa dikarolo tsa Molao wa Magosi a Merafe ya go tloga ka ya maKhoi go fitlha ka ya maSan wa ngwaga wa, 2019 (Molao wa bo 03 wa 2019), yo o tsentsweng tirisong ka la bo 01 Moranang 2022.

2.  Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Tshireletso ya Naga ya Temokerasi e e Nang le Molaotheo mo Diatleng tsa Digongwana tsa Menolopuso le Ditiragalo tsa Mothale o o Ntseng Jalo wa Ngwaga wa 2022
2.1.  Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go isa kwa Palamenteng Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Tshireletso ya Naga ya Temokerasi e e Nang le Molaotheo mo Diatleng tsa Digongwana tsa Menolopuso le Ditiragalo tsa Mothale o o Ntseng Jalo wa Ngwaga wa 2022 gore o ye go sekasekiwa gape ka matsetseleko. Ka gang fa o sena go letlelelwa gore e nne molao, Molaotlhomo ono o tla kwalola sešwa Molao yo o dirisiwang ga jaanong wa Tshireletso ya Naga ya Temokerasi e e Nang le Molaotheo mo Diatleng tsa Digongwana tsa Menolopuso le Ditiragalo tsa Mothale o o Ntseng Jalo wa Ngwaga wa 2004, (Molao wa bo 33 wa 2004).
2.2.  Molaotlhomo ono o setse o fetile mo dikgatong tse di matsetseleko tsa go batla maikutlo a baagi go latela gore Kabinete ka Motsheganong 2021 e letlelele go diragadiwa ga thulagnyo eno. Dikgato tseno tsa go o kwalololwa sešwa maitlhomo a tsona ke go lepalepanya melao ya ka fa nageng le ya lefatshe ka bophara ya go lwantshana le maiteko a menolopuso jaaka go tsenngwa mo go ona dikgato tse di diragadiwang mo dinageng tsa boditšhaba. Mo go ona go baakantswe gape le dikarolo tsa molao tse di neng di sa kwalega sentle go tsamaisana le Molaotheo jaaka Kgotlatshekelo ya Molaotheo e ne ya laela.
2.3.  Jaaka e le e nngwe ya dinaga tse di saenileng melao ya Lekgotla la Pabalesego la Dinagakopano (UN), Aforika Borwa e rwele maikarabelo a go dira gore ka fa nageng go ikobelwa melao ya boditšhabatšhaba e maitlhomo a yona e leng go gagamatsa dikgato tsa go lwantshana le ditiragalo tsa menolopuso. 

D.  Ditiragalo tse di Tlang
1.  Samiti ya bo 14 ya Dinaga tsa Brazil, Russia, India, China le Aforika Borwa (BRICS)

1.1.  Moporesitente Ramaphosa o tla etelela kwa pele mo legatong la naga ya Aforika Borwa Samiti ya bo 14 ya Baeteledipele ba Dinaga tsa BRICS e e tla bong e tshwerwe ka Mafaratlhatlha a Ditlhaeletsano tsa Dibidio e e tla Tshwarwang ke Naga ya Rephaboliki ya Batho ba China e e tla tshwarwang go tloga ka Labone, 23 go fitlha ka Labotlhano, 24 Seetebosigo 2022. 
1.2.  Go nneng tokololo ga rona mo go BRICS go tswelela go tswela naga ya rona mosola. Mo ngwageng yo o fetileng dilwana tse di rekisediwang dinaga tsa kwa ntle tse e leng karolo ya BRICS tse di tswang ka fa nageng ya Aforika Borwa di ne di le kwa godimonyana ga 17%, e bile dilwana tse di kwa godimonyana ga 29% tse re di rekang kwa dinageng tsa kwa ntle di ne di tswa mo go tsona dinaga tseno. Boleng jwa dikgato tseno tsa go gwebisana bo tsweletse go gola, mo re bonang palo yotlhe ya go gwebisana ga Aforika Borwa le dinaga tsa BRICS e tlhatloga go fitlha go Diranta di le Dibilione di le 702 mo ngwageng wa 2021, e leng e e oketsegileng go tloga mo Diranteng di le Dibilione di le 487 mo ngwageng wa 2017. 
1.3.  Go dirisana mmogo le dinaga tse dingwe tsa BRICS mo maphateng a tshwana le a boitekanelo le a go oketsa dikgato tsa go gwebisana go dirile gore diintaseteri tsa rona ka fa nageng di gole, mmogo le go unngwela dinaga tsotlhe tse e leng tokololo ya BRICS. Maitlhomo a dipeeletso tsa rona mo diporojekeng tsa tlhagiso ya mafaratlhatlha mmogo le a maiteko a rona a go fedisa melao e e kgoreletsang kgwebisano mo go sa tlhokagaleng ke go oketsa dilwana tse di tlhagisiwang ka fa nageng tse di rekisediwang dinaga tse e leng tokololo ya BRICS.

2.  Sekolo sa Mariga sa Merero ya Ikonomi mo Pusong
2.1.  Go tloga ka la bo 27 Seetebosigo go fitlha ka la bo 01 Phukwi 2022 Sekolokatiso sa Puso ya Naga (NSG) se tla tshwarela kwa Johannesburg Letsholo la Sekolo sa Mariga sa Merero ya Ikonomi mo Pusong se se tla tsenelwang ke Batlhankedi ba Bagolo ba Dipolotiki. Go tla bo go na le Ditona go tswa kwa nageng ya Côte d'Ivoire; ya South Sudan le ya Aforika Borwa; mmogo le Bakaedikakaretso ba mafapha a dipuso go tswa kwa Lesotho, Zambia, Democratic Republic of Congo, Tanzania le Ghana. E tla tsenelwa gape le ke dimeyara tsa naga ya Aforika Borwa, mmogo le ditokololo tsa dikomiti tsa dimeyara le tsa maloko a khuduthamaga. 
2.2.  Batlhankedi ba bagolo ba dipolotiki go tswa kwa dinageng tse di farologaneng go solofelwa gore ba tla neelana tshedimosetso le dikakanyo tse ba itemogetseng tsona ka ntlha ya maemo a a farologaneng a ba itemogelang ona letsatsi le lengwe le le lengwe mo tirong ya bona.
2.3.  NSG e tlhomile letsholo leno la ngwaga le ngwaga ka ngwaga wa 2020 gore le tsenelwe ke batlhankedi ba khuduthamaga, mme e dirile seno jaaka karolo ya maikano a go ema nokeng puso gore e kgone go tlhoma puso e e dirang ka botswapelo. Gare ga dilo tse dingwe tse dintsi, maitlhomo a letsholo leno ke tlhatlhelela batlhankedi ba bagolo mo maphateng otlhe a mararo a puso ka bokgoni jwa boeteledipele le jwa go ikemela mo maikarabelong a bona gore ba kgone go mekamekana le dikgwetlho tsa puso tse di thibelang gore re nne le kgolo ya ikonomi e e tla nnelang ruri e batho botlhe ba nang le seabe mo go yona.

3.  Letsatsi la Boditšhabatšhaba la Nelson Mandela 
3.1.  Monongwaga Letsatsi la Boditšhabatšhaba la Nelson Mandela le tla ketekiwa ka Mosupologo, 18 Phukwi 2022 ka moono yo o reng: “Gongwe le gongwe koo o leng gone, dira sengwe le sengwe se o ka se kgonang ka bonnye jo o nang le bona”.
3.2.  Jono ke boikuelo jo bo reng batho ba tshwanetse go ema nokeng le go nna le seabe mo letsholong leno ka go nna le seabe se se sa kgaotseng se se tla nnang le mosola wa go ya go ile.
3.3.  E nngwe ya dikao tseno tsa go nna le seabe se se sa kgaotseng ke Letsholo la ngwaga le ngwaga la Nelson Mandela le le ka ga Dipuisano tsa go Tlhabana Botlhale tsa Bašwa mo Mererong ya Boeteledipele jo bo Senang Dilabe le le samaganang le ditlhogo tse di botlhokwa thata mo bašweng ka fa nageng ya Aforika Borwa mmogo le mo lefatsheng ka bophara.

4.  Paka ya Lekgetho 
4.1.  Paka ya Lekgetho ya mo ngwageng wa 2022 e tla bula ka la bo 01 Phukwi mme ya tswalela ka la bo 24 Diphalane 2022. Baduelalekgetho ba rotloediwa go tsenya ditlankana tsa bona tsa lekgetho ka inthanete mo go www.sarsefiling.co.za kgotsa ba di tsenye ka mogala wa seatla mo epeng ya Setheo sa Tirelo ya Lekgetho la Aforika Borwa (SARS). 
4.2.  Monongwaga SARS e tla tswelela go dirisa lenaneo le le tlhatlhobang baduelalekgetho ka go ba tlaletsa dintlha tsa bone tsotlhe tsa lekgetho gore thulaganyo ya lekgetho e se ba tlhakatlhakanye tlhogo. Mo ngwageng yo o fetileng wa 2021 thulaganyo eno e dirisitswe go tlhatlhoba baduelalekgetho ba feta dimilione di le tharo.
4.3.    Go tsenngwa ka nako ditokomane tsa lekgetho ga go thuse fela baduelalekgetho gore ba kgone go obamela molao wa tuelo ya lekgetho, gape go thusa puso gore e kgone go diragatsa ditirelo tse maAforika Borwa a di tlhokang tota.

E.  Melaetsa
1.  Melaetsa ya go Akgola

Kabinete e romela melaetsa ya yona ya go akgola le go eletsa masego kwa go: 

  • Moatlhodi Owen Lloyd Rogers go latela gore a thapiwe go nna Moatlhodi mo Kgotlatshekelong ya Molaotheo ya Aforika Borwa.
  • Kabinete le yona e eme ka lefoko la ga Moporesitente Ramaphosa mo go eletseng Moporesitente wa mo malobeng Thabo Mbeki Letsatsi la Matsalo le le tletseng ka Boitumelo fa a tshwara dingwaga di le 80, le a le ketikileng ka la bo 18 Seetebosigo 2022. Rre Mbeki o ne a na le ponelopele e ntle e e itumedisang fa go tla mo maAforika Borweng otlhe.
     

F.  Go Thapiwa
Pele batho botlhe ba thapiwa go tla tlhatlhobiwa makwalo a bona a dithuto le ditlankana dingwe tse di tlhokagalang.

  1. Bakaedi bao e Seng ba Khuduthamaga mo Botong ya Merero ya Difofane tsa Aforika Borwa:
  2. Rre Ernest Khosa;
  3. Mme Bulelwa Koyana;
  4. Rre Surendra Sooklal; le
  5. Mme Rejoice Edith Phewa.
     

2.    Ditokololo tsa Kantoro ya Setheo sa Merero ya go Abelana ka Tshedimosetso ya Dikoloto tsa Madi a go Reka Dintlo: 

a. Mme Kenosi Pearl Louisa Selane (Monnasetulo);
b. Mme Catharina Maria Van der Sandt;
c. Rre Errol Vincent Magerman;
d. Moatefokate Mandla Dludlu;
e. Rre Matsobane Gabriel Mello;
f.  Mme Palesa Mawasha;
g.  Mme Penelope Anne Beck-Paxton;
h.  Mme Sphiwe Dorris Mayinga;
i.  Mme Tshifhiwa Victor Mphigalale; le
j.  Rre Zuko Ncemane.

Dipotsolotso: Mme Phumla Williams – Mmueledi wa Kabinete 
Mogala: 083 501 0139
 

Share this page

Similar categories to explore