Pegelo ya Kopano ya Kabinete e e Tshwerweng ka Mafaratlhatlha a Ditlhaeletsano tsa Dibidio ya Laboraro, 2 Sedimonthole 2020

A. Merero ya ga Jaanong

1. Koketsego ya Ditshwaetsego tsa Bolwetse jwa Mogare wa Corona (COVID-19) 

1.1.  Kabinete e tlhagisitse matshwenyego a yona mabapi le go oketsega ga dipalo tsa ditshwaetsego tse dintšhwa tsa COVID-19 kwa Kapa Botlhaba le mo dikarolong dingwe tsa Kapa Bophirima. Tlhatlogo ya ditshwaetsego, gareng ga tse dingwe, e bakilwe ke go se obamele dikiletso tsa go thibela ditshwaetso tsa mogare wa COVID-19 mmogo le melao ya Kgato ya Ntlha.
1.2. Kabinete e neseditse pula ditshitshinyo tsa go rarabolola marara ano mo Mmasepaleng o Mogolo wa Nelson Mandela Bay (NMB) gore go samaganwe le koketsego ya ditshwaetsego tsa mogare wa COVID-19. Gape Kabinete e letleletse gore dikolo tsa thupiso di ka tswelela ka tiro ya tsona fa fela di sala morago ditsamaiso tse di gagametseng tsa boitekanelo mme le teng di tshwanetse go tshwarelwe kwa ntle ga Mmasepala Mogolo wa NMB. Tona ya Boitenekalo, Ngaka Zweli Mkhize, o tla tsaya loeto go ya Kapa Bophirima go tlhatlhoba se se tlhokwang go dirwa go tsereganya mo dikgaolong tse di jaaka Garden Route. 
1.3.  Kabinete e boeletsa botlhokwa jwa go obamela dikgato tse di sa tlhokeng gore re tsaye melemo ka go sala morago ditsereganyo tse di jaaka go tlhapa diatla ka metsi a sesepa kgotsa go dirisa sebolayamegare se se nang le alekholole, go katogana le go apara dimaseke fa re le fa gare ga batho. Rotlhe re tshwanetse go tshegetsa boikuelo jwa Mokgatlho wa Lefatshe wa Merero ya Boitekanelo (WHO) go thibela ditshwaetsego tse dintšhwa tsa mogare wa COVID-19.
1.4.  Jaaka re tsena mo setlheng sa meletlo, re tshwanetse go gopola gore leroborobo leno le santse le le teng ebile le kotsi. Ka jalo, re tshwanetse go efoga maeto a a seng botlhokwa, bogolosegolo ka tiriso ya dipalangwa tsa botlhe, mmogo le go fokotsa go ya kgapetsa kgapetsa kwa mafelong a botlhe a a jaaka diresitšhuranta, dithabene kgotsa dibara. Yo mongwe le yo mongwe wa rona o tshwanetse go netefatsa gore o tsaya dikgatothibelo go efoga go ka anamisa mogare go balosika ba rona, bogolosegolo bagodi.
1.5.    Re tshwanetse ka gale go katogana le fa re kokoane re le balosika go keteka matsatsi a boikhutso. Ka go nna le maikarabelo, rotlhe re ka nna le seabe mo go lwantsheng le mo go fokotseng go anama ga mogare wa COVID-19. Kabinete gape e neseditse pula gape le kgang ya go okelediwa nako ga Maemo a Bosetšhaba a Matlhotlhapelo go fitlha ka la bo 15 Ferikgong 2021.

2. Intaseri ya Dipalangwa tse di Tsamaisang Dithoto

2.1. Kabinete e kgadile ka bogale boitaolo jo bo amang intaseteri ya tsamaiso ya dithoto mo ditseleng mme e akgola mapodisa ka bonako jo ba dirileng ka bona go tshwara babelaelwa kwa Gauteng. Kabinete e romela matshediso a yona go balosika le badirammogo ba bakgweetsi bao ba latlhegetsweng ke matshelo a bona mme e eleletsa bao ba boneng dikgobalo pholo ya ka bonako.
2.2. Le fa re tlhaloganya tšhakgalo e e fetlhilweng ke tse dingwe tsa dikhamphani tsa dipalangwa tse di tsamaisang dithoto ka go gatakaka melao ya khudugo, tirisodikgoka yona ga e ke e tlisa tharabololo epe. Kabinete e ikuela mo bathong botlhe ba ba amegileng go romela dingongorego tsa bona ka ga intaseteri ya tsamaiso ya dithoto kwa maphateng a a maleba go na le go dirisa dikgoka.
2.3. Tona ya Lefapha la Merero ya Ditiro le Badiri Thulas Nxesi o eteletse pele setlhopha sa Ditona se se mekamekanang le morero ono mme setlhopha seno go solofetswe se tla romela sekwalwa sa ditshitshinyo tse di utlwagalang kwa Kabineteng go samagana le dikgotlhang tsotlhe tse di amanang le intaseteri eno. 

3. Tlhabololo ya Mafaratlhatlha
3.1  Kabinete e amogela go neelwa semmuso ga dinotlolo tsa Sekema sa Tlamelo ka Metsi sa uMshwana sa kwa KwaZulu-Natal, seo se tla fetolang ka gotlhe matshelo a malapa a feta a le 3 000 mo dikgaolong tsa Albert Falls, Mpolweni, Trustfeed le Nadi.
3.2. Sekema seno se tlhagolela tsela diporojeke tse di farologaneng tsa kgaolo eno tsa go tlamela baagi ka metsi mo dikgaolong tse di farologaneng tsa bommasepala ba tikologo ba le thataro e bong – Zululand, King Cetshwayo, iLembe, uThukela, uMgungundlovu le Harry Gwala. Kabinete e ikuela mo go bao diporojeke tseno di tla ba tswelang mosola go sekegetsa le go dirisa metsi sentle gore a kgone go tswela malapa otlhe mosola. 

4. Matsatsi a Boikhutso a a Babalesegileng

4.1.  Jaaka maAforika Borwa ba tsaya nako ya go ikhutsa go iketla le balosika le ditsala tsa bona, Kabinete e re rotloetsa rotlhe go dira seno ka maikarabelo. Mo godimo ga go obamela dikgato tsotlhe tsa boitekanelo go thibela go anama ga mogare wa COVID-19, re tshwanetse gape go obamela melao ya tsela go netefatsa gore rotlhe re goroga re tshela kwa maeto a rona a re isang gone. 
4.2. Pabalesego mo tseleng ke maikarabelo a maAforika Borwa otlhe mme bakgweetsi ba dijanaga botlhe ba lopiwa go obamela selekanyo sa lebelo, ba seka wa nwa fa ba kgweetsa, mme ba seka ba kgweetsa boatla le ka go tlhoka maikarabelo. 
4.3.  Batsadi le batlhokomedi ba kopiwa go se tlogele bana ba le nosi ka nako ya setlha sa malatsi a boikhutso. Ka go dirisana mmogo re etse tlhoko dintlha tseno, re ka kgabola matsatsi ano a boikhuts a a tletseng meletlo re babalesegile.

B. Ditshweetso tsa Kabinete

1.  Pegelo ya Kgatelopele e e Dirilweng go tswa go Setlhophatiro sa Ditona (IMMT) Tebang le Porofense ya Bokone Bophirima
1.1. Kabinete e amogetse dikatlenegiso tsa IMMT tsa go gogela morago ditsereganyo ka fa tlase ga karolo 100 (1) (b) kwa Bokone Bophirima fa ngwaga wa ditšhelete wa 2020/21 o ya bokhutlong.
1.2.  Kabinete e kgotsofaditswe ke kgatelopele e e dirilweng ke ditsenogare tsa puso ya bosetšhaba kwa Bokone Bophirima, le fa tiro e le ntsi e santse e tlhokwa go dirwa go busetsa taolo e e lolameng mo porofenseng. 
1.3. Kgatelopele e dirilwe go busetseng sekeng seemo se se renang kagiso mo baaging le mo mo mekgatlhong ya badiri, mo go busetseng sekeng taolo ya ditšhelete, tsamaiso ya dikgatotharabololo le thebolo ya ditirelo. Gape go nnile le diphetogo mo dipoelong tsa boruni, le go khutlisa dingwaga di le thataro tsa kwelotlase le go ema mo maemong a le mangwe a boruni. Pegelo e e feletseng e tla tlhagisiwa kwa Palamenteng.

2. Tshedimosetso ya go Bewa mo Dinakong ka Leano la go Inola mo Mathateng a Ditšhelete (BR Plan) Setlamo sa Tirelo ya Difofane tsa Aforika Borwa (SAA) 

2.1. Kabinete e nopoletswe ka ga kgatelopele e e dirilweng mabapi le go tsenngwatirisong ga Leano la go Inola SAA mo Mathateng a Ditšhelete le tsela eo kabo ya R10.5 bilione e tla dirisiwang ka yona go netefatsa katlego mo go diragatseng Leano la go Inola mo Mathateng a Ditšhelete. 
2.2. Kabinete e itumedisitswe ke kgatelopele eno mme e ikuela mo Lefapheng la Dikgwebo tsa Puso (DPE) go itlhaganela mo go tsenyeng tirisong matsholo a a botlhokwa go kgontsha gore re nne le tirelo ya difofane tsa naga e ntšhwa e e theilweng sešwa, e e dirang sentle ebile e itshamile ka thekenoloji. 
2.3. DPE e laetswe gore e garele thulaganyo ya go thapa boto ya nakwana ya SAA mmogo le go garela thulaganyo ya go thapa Modirisanimmogo wa Botlhokwa wa Dithoto tsa Kgwebo yo a tla thusang mo khamphaning e e rulagantsweng sešwa ya SAA. Mango e ne ya akgolwa ka karolo e e e tshamekileng ya togamaano jaaka setlamo se se tshegeditseng SAA, go netefatsa gore difofane di tswelela go nna teng mo mmarakeng wa difofane. 

3. Leano la Ipaakanyetso (Kgonagalo) ya Setlha sa Selemo sa 2020-21 la Bosetšhaba

3.1. Kabinete e atlenegisitse Leano la Ipaakanyetso ya Setlha sa Selemo sa 2020-2021 la Bosetšhaba le le tlhagisitsweng ke Tona ya Pusotshwaraganelo le Merero ya Setso, Ngaka Nkosazana Dlamini Zuma. Leano leno le latela diponelopele tseo di bontshitseng fa go na le dikgonagalo tse di oketsegileng tse di fetang tse di tlwaelegileng tsa dipula tse dintsi mo dikarolo di le dintsi tsa ka fa nageng. Seno se kaya gore mafelo a a bonang dipula tsa selemo a a tsenyeletsang diporofense tsotlhe di le robedi – ntle le mafelo a a bonang dipula tsa mariga jaaka Kapa Bophirima – go na le kgonagalo e ntsi ya gore di tla itemogela merwalela le ditsuatsue. 
3.2. Mo go diragatseng leano leno, go diragadiwa dikgatophaloso go fokotsa bontsi jwa dikotsi tse dikgolo tsa selemo. Leano leno le tsenyeletsa setlha sa meletlo se se simolotseng ka Ngwanaitseele 2020 mme se tla khutla ka Tlhakole 2021, ka ntlha ya gore nako eno e tshabelwa ke dikotsi tse dintsi tse di amanang le maemo a bosa. Kabinete e nopotse gape le gore dikarolo dingwe tsa diporofense tsa Kapa di santse di itemogela komelelo e e feteletseng. 
3.3. Kabinete e ikuela mo baaging go dira dithulaganyo tse di maleba go ithulaganyetsa dikotsi tsa setlha sa selemo le go netefatsa gore ba tsaya dikgato tse di nonofileng tseo di tla bolokang matshelo, tsa sireletsa thoto le mafaratlhatlha. 

4. Letlhomeso la Bosetšhaba la Pholisi ya Tlhabololo

4.1. Kabinete e atlenegisitse Letlhomeso la Tlhabololo ya Pholisi ya Bosetšhaba leo le tla nnang mosupatsela wa mafapha a puso otlhe mo go kwaleng dipholisi tsa bone tsa puso. Letlhomeso leno le batla gore dithulaganyo tsa go kwala pholisi di tshwane mo maphateng otlhe a puso.
4.2. Tokomane eno e tlhagisa dikgato tse di farologaneng tse di tshwanetseng go latelwa fa go tlhamiwa pholisi ya lephata la puso, mme tsona di tsenyeletsa dinako tse di beelwang pholisi go nna mo tirisong, maemo a a lebeletsweng; mabaka a a tshwanetseng go tsewa tsia fa go tlhangwa pholisi le dithulaganyo tse di tshwanetseng go rulaganngwa le ditheo tse dingwe go dira gore dithulaganyo tsa go kwala le go diragatsa pholisi di nne tse di nonofileng. 
4.3.    Letlhomeso le le leng teng ga jaana le dira gore go kwalwa ga dipholisi mo maphateng a puso go farologane e bile go se tshwane. Tokomane eno e tla fitlhelwa mo webosaeteng ya Lefapha la Tiromaano, Tekolo le Tshekatsheko (DPME) website (www.dpme.gov.za). 

5. Pholisi ya Dikatso tsa Lefatshe
5.1. Kabinete e atlenegisitse pholisi eno go ka tsenngwa tirisong, eo maikaelelo a yona e leng go itlhaganedisa dikatso tsa lefatshe jaaka nngwe ya ditsela tsa go samagana le kgato e e bonya ya pusetso lefatshe. 
5.2. Go tsenngwa tirisong ga pholisi eno go tla tlhamela baagi ditšhono tse di nang le mosola kwa diterotshwaneng le kwa metseselegaeng gore ba kgone go tsaya karolo mo ikonoming. E tlhoma merokotso le go kaela ka fao dikatso tsa lefatshe di ka diriwang ka gone ke beng ba lefatshe ba ba nang le karolo e kgolo ya lefatshe. Dikatso tseno di felegediwa ke maikarabelo a go matlafatsa batho a a tla rwalwang ke ditheo tse dikgolo tseo e leng beng ba lefatshe tseo e leng tsona di natholelanang ka lefatshe.
5.3. Lefatshe le le atswitsweng le dikgato tsa pholisi ya merokotso di gokagantswe le tumelano e e fitlheletsweng ke balekani ba loago ka Operations Phakisa ya ngwaga wa 2016 ka ga Temothuo, Pusetsodinaga le Tlhabololo ya Metsemagae. Pholisi eno e rometswe kwa baaging go ntsha se se mo mafatlheng a bona ka yona ka Tlhakole 2020.

6. Pholisi ya Bosetšhaba ka ga Tlhopho ya Moamegeladitshwanelo le Kabo ya Lefatshe ya 2020

6.1. Kabinete e atlenegisitse pholisi e e neelanang ka tsamaiso e e sa gobeleleng, e tshepegang ebile e sena bofitlha ya go tlhophiwa ga moamogeladitshwanelo le kabo ya lefatshe mo Aforika Borwa. Pholisi eno e kopanya ditshwaelo tse di amogetsweng ka nako ya phasalatso ya yona monongwaga o sa le montšhwa mme e batla go samagana, magareng ga tse dingwe, le go sa lekalekaneng ga bong mo go nneng mong wa lefatshe. 
6.2. Kwa setlhoeng e batla gore basadi le bona ba nne le ditshwanelo tsa go nna beng ba lefatshe, mme ka go dira jalo e tsweletsa dikgatlhegelo tsa basadi mo ntlheng eno. Gape e batla go samagana le ditlhokego tse di farologaneng tsa dinaga jaaka di tlhalositswe ke baagi tse di mabapi le temothuo, bonno, go disetsa diphologolo, go nna mo go lone le go tlhoma diintaseteri mo go lone. 
6.3. Pholisi eno e tshitshinya gore go tlhamiwe setheo se se ikemetseng go samagana le tiro ya go abiwa ga lefatshe le go tlhoma thulaganyo ya go dira dikopo ka inthanete go netefatsa gore thulaganyo eno ya go abelana ka dinaga e tlhoka bofitlha. 

7.  Sekwalwa sa Pholisi ya Molelwane ya Ditirelontsi (OSBP) 
7.1. Kabinete e atlenegisitse sekwalwa sa Pholisi ya OSBP gore baagi ba dire ditshwaelo ka sone. Maitlhomo a go tlhama OSBO ke go batla go tsamaisa mmogo motsamao wa batho le dithoto magareng ga melelwane ya Aforika Borwa le dinaga tsa boagisane. Ditshitshinyo mo pholising eno di batla go samagana le tiego e e nnang teng, bogolosegolo mo bathong ba ba tsayang maeto le mo bagwebing ba ba tlolakakang melelwane. 
7.2. Pholisi eno e diragatsa Letlhomeso la Molelwane wa Ditirelontsi leol e amogetsweng ke Kabinete ka 2018. Kwa maemong a kontinente, pholisi eno e nna le seabe go boitshimoledi jwa Motshegetsi wa Mafaratlhatlha a Moporesidente, eo e tsweletsang kgokagano gareng ga dinaga tsa Aforika go samagana le tlhaelo ya mafaratlhatlha le go thusa kgwebisano magareng ga dinaga tsa Aforika. Sekwalwa sa Pholisi eno se tla gatisiwa mo kaseteng mo kgweditharong ya ntlha ya ngwaga wa 2021 go neela baagi tšhono ya gore ba ntshe se se mo mafatlheng a bona ka sona.

8.  Go Kwalwa Sešwa ga Tumelano ya Mokgatlho wa Boditšhabatšhaba wa Bodiri Mabapi le Tumelano ya 2019 ya Phediso ya Tirisodikgoka le go Utlwisiwa Botlhoko mo Maikutlong mo Lephateng la Tiro (Nr. 190)

8.1. Kabinete e atlenegisitse go romelwa ga Tumelano ya 2019 ya Lefatshe la Tiro (Nr. 190) kwa Palamenteng go kwalwa sešwa. Tumelano eno e samagana le tirisodikgoka le go utlwisiwa botlhoko mo maikutlong, bogolosegolo kwa lefelong la tiro. E neelana ka letlhomeso le le tlhaloganyesegang go dirisediwa go tsaya dikgato le go aga isago mo tiro e ikaegileng ka seriti le tlotlo, mo go senang tirisodikgoka le kutlwisobotlhoko mo maikutlong.
8.2. Go kwalwa sešwa ga tumelano eno e go tsamaelana le Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa wa 1996. Fa e sena go kwalwa sešwa, metheo ya tumelano eno e tla dirisiwa mono gae le go lepalepanngwa le Molao wa Dikamano tsa Bodiri, 1995 (Molao wa bo 66 wa 1995).
8.3. Lefapha la Tiro le Bodiri le setse le tlhamile Khouto ya Tiragatso ya Maitsholo ka ga Thibelo le Phediso ya Tirisodikgoka le Kutlwisobotlhoko mo Lephateng la Tiro.

9.  Togaamano e e Kwalolotsweng Sešwa ya Anthakthika le Lewatle le le leng ka fa Dinageng tse di ka fa Borwa
9.1.  Kabinete e atlenegisitse togamaano e e baakantsweng go ka tsenngwatirisong, eo e tsenyeletsang ditshwaelo tse di amogetsweng ka nako ya fa e phasaladiwa kwa tshimologong ya monongwaga. Togamaano e neelana ka tomagano le tsenngotirisong ya Molao wa Ditumelano tsa Anthakthika, 1996 (Molao wa bo 60 wa 1996), o o amanang le patlisiso, tshireletso, tiriso e e tswelelang ya didiriswa le tsamaiso ya tikologo go tshegetsa leano la Aforika. 
9.2.  Seno se nna le seabe go Maikaelelo a a Tswelelang a Tlhabololo, ka go lemoga Anthakthika le Lewatle le le leng ka fa Dinageng tse di ka fa Borwa e le dikarolo tse di botlhokwa mo tsamaisong ya merero ya tlelaemete ya lefatshe. Togamaano e nna le seabe go tiro ya tlelaemete le tlotlo go tikologo ka go tsweletsa go tlhomiwa ga tsamaiso le tshireletso ya mafelo a a kgethegileng. E phasaladitswe ka Mopitlwe 2020 gore baagi ba ntshe se se mo mafatlheng a bona ka ga yona.

10. Ditshwanelo tsa Botho, Kgololosego le Poelano: Pegelo ya Mafelo a Letlotlo la Nelson Mandela 

10.1. Kabinete e atlenegisitse go romelwa ga Ditshwanelo tsa Botho, Kgololesego le Poelano: Pegelo ya Tlhopho ya Mafelo a Letlotlo la Nelson Mandela go Senthara ya Ngwaoboswa ya Lefatshe ya Mokgatlho wa Ditšhaba Kopano ya Thuto, Saense le Setso gotsewa tsia le go gatisiwa jaaka Lefelo la Ngwaoboswa la Lefatshe. Seno ke karolo e e anameng ya Porojeke ya Tsela ya Ngwaoboswa ya Kgaratlho le Kgololesego. 
10.2. Tlhopho e baya kwa pele mafelo a le 10 mo diporofenseng di le nne le bommasepala ba le supa. Tseno ke kemedi ya hisetori ya naga ya rona ya kgololesego le ditshwanelo tsa botho, le go neelana ka bopaki jwa dikgato tse di farologaneng tsa kgaratlhelo ya kgololesego. 
10.3. Tlhopho eno e golagantswe le Leano la Tlhabololo la Bosetšhaba, eo e gatelelang tshireletso le ntšhwafatso ya mafelo a a sireleditsweng. Gape e lemoga bokgoni jwa seabe sa ikonomi ya botlhami go isa kwa go tlhameng ditiro le lotseno la diromelwantle.

C.  Melaotlhomo 

1. Molaotlhomo wa 2020 wa Tshireletso le Tlhabololo ya Lefatshe la Temothuo

1.1. Kabinete e atlenegisitse go romelwa ga Molaotlhomo ono kwa Palamenteng. Molaotlhomo ono o phimola Molao wa Lefatshe la Temothuo, 1970 (Molao wa bo 70 wa 1970) go diragatsa ditlhokego tsa molaotheo, le go neelana ka mokgwa o o sa gobeleleng ebile o lekalekana mo tirisong ya lefatshe la temothuo.
1.2. Molaotlhomo ono o sireletsa lefatshe la temothuo gore le dirisediwe go tlhagisa dijo ka go tlhoma kgaolo ya Mafelo a a Sireleditsweng a Temothuo mo maefelo a a nang le mmu o o nonneng a tla somarelwang mme mafelo a a senang tlhagiso e le kalo ya dijo a tla dirisediwang mabaka ao eseng a temothuo. 
1.3. Go tsenngwa tirisong ga Molaotlhomo ono go samagana le matshosetsi a go tlhaela ga dijo ka fa nageng le mo malapeng.

D.  Ditiragalo tse di Tlang

1. Samiti ya Ditšhaba tse di Kopaneng tsa Aforika (AU) 
1.1.  AU e tla tshwara Samiti e e Kgethegileng ya Kgwebisano e e sa Duelelweng mo Kontinenteng ya Aforika (AfCFTA) ka la bo 5 le la bo 6 Sedimonthole 2020, go ipaakanyetsa AfCFTA e e tla simololang ka la bo 1 Ferikgong 2021. 
1.2.  AfCFTA e na le mesola e le mentsi thata go Aforika Borwa jaaka e tlhotlheletsa kgolo ya ikonomi le dipeeletso. Lefelo la kgwebisano ya melelwane e e sa duelelweng le bulela diromelwantle le ditirelo tsa rona mo mmarakeng wa batho ba feta ba le dibilione di le 1.2. Jaaka Modulasetilo wa AU, Aforika Borwa e ntse e le di goga kwa pele mo go kgweetseng go tsenngwatirisong ga AfCFTA.
1.3.  Tumelano eno e oketsa kgolagano le tlhabololo ya ikonomi, natlafatso ya basadi mo kontinenteng, le go matlafatsa matsapa a go dira gore go rene kagiso le tsepamo mo kontinenteng ya Aforika.

2.  Letsatsi la Poelano
2.1. Aforika Borwa e tla keteka Letsatsi la Poelano ka la 16 Sedimonthole ka fa tlase ga setlhogo: Go Nna Seoposengwe kgatlhanong le Bosemorafe, Tirisodikgoka Kgatlhanong le Bong le Ditiragalo tse Dingwe tsa go se Itshokelane”. Tla re diriseng letsatsi leno go ipofa sešwa gore re tla aga setšhaba sa rona le go nna seoposengwe.
2.2. Monongwaga re lebeletse bosemorafe go nopola botlhokwa jwa motho yo mongwe le yo mongwe yo a tsayang maikarabelo go lwantsha bosemorafe, kgethololo ka bosemorafe, go tlhaolana ga bana ba thari go ya ka gore ba tswa kwa dinageng disele le ditiragalo tse dingwe tsa mothale ono tsa go supa go si itshokelane. 

3. Letsatsi la Boditšhabatšhaba la go Ema Kgatlhanong le Bonweewee
3.1. Aforika Borwa e tla ikamaganya le lefatshe lotlhe mo go ketekeng Letsatsi la Boditšhabatšhaba la go Ema Kgatlhanong le Bonweenwee ka Laboraro, 9 Sedimonthole 2020. Maitlhomo a letsatsi leno ke go lemosa batho ka seo bonweenwee bo re tseelang sone le ditlamorago tsa jone, le go leka go bo fedisa 
3.2.  Bonweenwee ga bo amogelesege, bo ka tswa bo diragala mo lephateng la poraefete kgotsa la puso. Bonweenwee bo ka mefuta e e farologaneng le ditiro tse di farologaneng tse di jaaka ‘go reka’ lekwalo la go kgweetsa, go duela pipamolomo go efoga kotlhao ya semolao, go utlwanela dituediso tse di seng mo molaong mo dikgwebong, tsotlhe tse di baka bonweenwee. 
3.3. Go atlegeng ga rona mo go lwantshaneng le bonweeenwee go mo diatleng tsa motho yo mongwe le yo mongwe le mo ditheong tsotlhe. Ka Ngwanaitseele 2020, Kabinete e atlenegisitse Togamaano ya Bosetšhaba ya Go Ema Kgatlhanong le Bonweenwee go tsenngwa tirisong le go ipiletsa go mongwe le mongwe go nna seoposengwe mo ntweng kgatlhanong le bonweenwee. Fa o bona sengwe se se belaetsang, bua, bega ditiragalo tsa bonweenwee ka go leletsa Mogala wa Tshoganyetso wa Bosetšhaba o o Kgatlhanong le Bonwenwee mo go 0800 701 701. 

E. Melaetsa

1. Dikakgolo

Kabinete e eletsa masego le matlhogonolo go: 
1.1. Mme Tsakani Maluleke, yo o thapilweng jaaka Morunikakaretso wa Aforika Borwa go tloga ka la bo 1 Sedimonthole 2020. Kabinete e mo eletsa masego mo maikarabelong a gagwe a go netefatsa gore go nna le maikarabelo mo tirisong ya didiriswa tsa puso. 

2. Matshidiso

Kabinete e romela matshidiso go:
2.1. balosika, ditsala le badirammogo ba motshameki wa kwa morago wa maloba wa Bafana Bafana le Mamelodi Sundowns Anele Ngcongca. 
2.2. Setšhaba sa Bogosi jwa Bafokeng morago ga go tlhokafala ga Mohumagadi (Mmelegakgosi), Ngaka Semane Bonolo Molotlegi.
2.3. Setšhaba sa AbaThembu morago ga go tlhokafala ga Mmelegakgosi wa Setšhaba sa AmaXhosa Nozamile Sigcawu, mme wa moswi Kgosi Mpendulo Zwelonke Sigcawu.
2.4. balosika lwa ga Motlotlegi Kgosi Goodwill Zwelithini morago ga go tlhokafala ga morwa wa gagwe Morwakgosi Lethukuthula Zulu.

F. Go Thapiwa
Go thapiwa gotlhe go tla diragadiwa fa makwalothuto otlhe a netefaditswe mme go amogetswe tetlelelo e e matshwanedi.

1.    Mme Mukondeleli Johanna Mulaudzi jaaka Motlhankedikhuduthamagamogolo (CEO) wa Bothati jwa Mabopo a Aforika Borwa. 
2.    Mme Ayanda Noah jaaka Modulasetilo wa Boto ya Setlamo sa Letlole la Eneji ya Botlhokwa.
3.    Rre Loyiso Tyabashe jaaka CEO ya Koporasi ya Eneji ya Nyutlere ya Aforika Borwa.
4.    Maloko a Khansele ya Bothati jwa Molaodi wa Intaseteri ya Ditlamo tsa Poraefete tsa Pabalesego:
a.    Ngaka Audrey Leah Mofomme (Monnasetilo);
b.    Rre Matome Solomon Ralebipi (Motlatsamonnasetilo);
c.    Rre Humphrey Nhlanhla Ngubane;
d.    Ngaka Sithembile Nombali Mbete; le
e.    Mme Thandeka Ntshangase.
5.    Go atoloswa ga konteraka ya Rre Mbulelo Tshangana jaaka Mokaedikakaretso (DG) wa Lefapha la Bonno jwa Batho.
6.    Mme Nomfundo Clementine Tshabalala jaaka DG ya Lefapha la Merero ya Tikologo, Dikgwa le Botshwaro jwa Ditlhapi. 
7.    Ngaka Annette Theresa Griessel jaaka Motlatsamokaedikakaretso (DDG): Lephata la Kgolagano ya Thulaganyo ya Bosetšhaba kwa DPME.
8.    Ngaka Nontsikelelo Valencia Tshayingca-Mashiya jaaka DDG: Lephata la Ditirelo tsa Kgwebo kwa DPME.
9.    Mme Dorcas Tshepiso Moahloli jaaka DDG: Lephata la Botsamaisi jwa Maikarabelo a Dithoto kwa Lefapheng la Matlotlo a Bosetšhaba. 

Dipotso:
Mme Phumla Williams – Sebueledi sa Kabinete 
Mogala: 083 501 0139
 

Share this page

Similar categories to explore