Puo ya ga Moporesitente Cyril Ramaphosa e e ka ga Kgatelopele e e Dirilweng ka fa Nageng go Samagana le Leroborobo la COVID-19

MaAforika Borwa a gaetsho,

Bosigong jono ke batla go buisana le lona ka dintlha di le nne tse di botlhokwa mo go lwantsheng leroborobo la COVID-19 le mo go tsosoloseng ikonomi ya rona le go busetsa maemo sekeng mo setšhabeng sa rona.

Tsona ke tse di latelang, ya ntlha e mabapi le go gagamatsa letsholo la naga la go tlhabela moento; ya bobedi e ka ga dikgato tse re tla di tsayang go tswelela go tsosolosa ikonomi ya naga ya rona; ya boraro e mabapi le go tsenngwa tirisong ga lekwalo le le bontshang gore motho o tlhabile moento; mme ya bone e mabapi le dipuisano tse re nnileng le tsona le naga ya United Kingdom gore e letlelele maeto a a tswang kwa nageng eo a leba ka kwano le a a tswang ka kwano a leba kwa nageng eo a a mabapi le bojanala le a kgwebisano.

Mo matsatsing a le mmalwa a a fetileng Setlamo sa naga ya Aforika Borwa se se Tlhokomelang Maemo a COVID-19 se totobaditse gore naga eno e setse e tswile mo lekhubung la boraro la ditshwaetso tsa bolwetse jono.

Lekhubu leno, le le neng le fetlhiwa ke bolwetse jwa Delta, le ne le le bogale go gaisa otlhe a a fetileng.

Lekhubu leno le nnile le rona sebaka sa matsatsi a le 130, seno ke sebaka sa go feta sa makhubu a mangwe ka dibeke di le pedi.

Fa lekhubu la boraro leno le ne le galefile, ka letsatsi re ne re itemogela ditshwaetso tse dintšhwa di le kanaka 20 000.

Fela jaanong mo matsatsing a le supa a a fetileng, dipalo tse dintšhwa di ne di tsamaela mo go 1 800 ka letsatsi.

Dipalo tsa balwetse ba ba amogelwang kwa maokelong le tsa ba ba thulang botala ka tlhogo mo diporofenseng tsotlhe le tsona di ntse di fokotsega.

Tseno ke dikgang tse di itumedisang mo go rona rotlhe.

Jaanong re setse re na le sebaka sa matsatsi a le 574 re ntse re aparetswe ke leroborobo leno mme botlhe re setse re lapisitswe ke lona.

Leroborobo leno le re ketefaleditse botshelo mo go maswe, mme bokete jo bo gaisang ke jwa go latlhegelwa ke ba losika, badirisanimmogo ba rona le ditsala ka ntlha ya lona. Re romela Matshediso go yo mongwe le yo mongwe wa bona.

Ga go makatse gore rotlhe re batla go boela re tshele botshelo jaaka bo ne bo le pele ga dingwaga di le pedi tse di fetileng.

Re batla go keteka mekete ya setso, mekete ya matsalo, mekete ya manyalo le go ja mokaragana le ditsala le ba losika ntle le poifo epe.

Re tlhologeletse go ya dikerekeng, dimosekeng, dišaleng le kwa ditempeleng ntle le go kganediwa go ya koo, mmogo le go tshwarana ka diatla le go atlana ntle le go boifa gore re ka topa bolwetse.

Barati ba metshameko ba fela pelo gore ba boela neng kwa lebaleng la metshameko la FNB, la Moses Mabhida, la Royal Bafokeng, la Newlands, le la Loftus go ya go ema nokeng ditlhopha tsa metshameko tsa naga ya rona.

Re batla go ja mokaragana ntle le go boifa sepe kwa mabentleleng a a rekisang dijo tse di apeilweng, kwa dithabeneng le kwa dithietareng, e bile gape re batla go tsaya maeto go leba gongwe le gongwe ko re batlang go leba gone le ka nako nngwe le nngwe e re batlang go tsaya maeto ka yona jaaka re ne re kgona go dira mo malobeng.

Tseno tsotlhe re setse re le gaufi le go di fitlhelela.

Fela gore re di fitlhelele rotlhe re tshwanetse go tlhabela moento le go tswelela go ikobela dikgato tsa go tila ditshwaetso.

Fa e sale re thankgolola letsholo la naga ya rona la go tlhabela moento, le ntse le tsweletse go gola.

Go fitlha mo letsatsing leno re setse re tlhabile meento e le 17 milione.

Bontsi jwa batho ba feta ba le 8.6 milione ba setse ba entilwe, mme seno se raya gore mogodi a le mongwe le go feta mo go ba le batlhano o setse a entilwe.

Se se botlhokwa ke gore maAforika Borwa a feta a le 60% a dingwaga di le 60 go ya kwa godimo, le a le 50% a dingwaga di le 50 go fitlha go di le 59 go fitlha ga jaanong a setse a tlhabilwe ka lebotlolwana le le leng la moento.

Dipalopalo tseno di dira gore re nne le tsholofelo.

Re ipeetse maemo a go tlhabela bagodi ba le 70% meento mo nageng ya Aforika Borwa fa ngwaga ono o ya bokhutlhong.

Fa re ka fitlhelela palo eno Lefapha la Boitekanelo le nagana gore re tla bo re kgonne go ka pholosa matshelo a batho ba le 20 000.

Fano re bua ka batho ba le 20 000 - Re bua ka bomme, borre, basimanyana le basetsanyana - bano ke batho ba re ka pholosang matshelo a bona fa bontsi jwa rona bo ka tlhabela moento.

Fa e le gore re batla go fitlhelela maemo a re ipeetseng ona ano, re tshwanetse go tlhabela meento e le 16 milione, seno se raya gore ke batho ba le 250 000 ba ba tshwanetseng go tlhabela lebotlolwana la ntlha la moento letsatsi le lengwe le le lengwe mo gare ga beke e nngwe le e nngwe go fitlha fa gare ga kgwedi ya Sedimonthole.

Re a itse gore fa o godile go na le kgonagalo ya go ka gatelelwa ke COVID-19 mo o ka iphitlhelang o tshwanelwa ke go robala kwa bookelong.

Re a itse gape le gore batho ba ba tlhokafalang ka bontsi ka ntlha ya COVID-19 ke bagodi go gaisa bašwa.

Mo dikgatong tsa rona tsa go boloka matshelo a batho le go thibela go imetsa maokelo a rona le badiredi ba ona, re tsere tshweetso ya go simolola go enta batho ba ba nang le dingwaga di le 50 le go ya kwa godimo le bao ba nang le dingwaga di le 60 go ya kwa godimo.

Fela seno ga se ree gore batho ba ba nang le dingwaga tse di ka fa tlase ga di le 50 bona ga ba mo kotsing.

Mo dikgweding tse di fetileng re bone palo ya bašwa ba ba welwang ke dintelo tsa go amogelwang kwa maokelong le ba ba tlhokafalang ka ntlha ya COVID-19 e oketsega.

Ke ka ntlha ya seno re boneng gore go tloga ka la bo 20 Phatwe 2021 letsholo la rona la go tlhabela moento le tsenyeletse le batho botlhe ba ba nnang mo nageng eno ya Aforika Borwa ba ba nang le dingwaga le 18 go ya kwa godimo.

Le fa e le gore re nnile le kgatelopele e e bonagalang, le gona go reka meento e e lekaneng e e tla tlhabelang palo e re batlang go e fitlhelela, letsholo la naga ya rona la go tlhabela moento le santse le goga ka bonya.

Ka ntlha ya seno re tsere tshweetso ya go tlhatlosa letsholo la naga ya rona la go tlhabela moento ka go thankgolola letsholo la ‘Vooma Vaccination Weekends’ le le tla simololang go dira kamoso.

Letsholo leno la Vooma Vaccination Weekends le tla thankgololwa mo dikarolong tsotlhe tsa naga ya rona mme le tla rotloetsa baagi ba naga ya rona go tlhabela moento.

Re a tlhaloganya gore go leba kwa mafelong a go tlhabela moento mo gare ga beke ga go kgonagale mo bathong ba le bantsi, segolo jang mo go bao ba dirang, ba ba direlang kgakala le mafelo a go entela le bao ba nang le ditiro tsa ka fa lapeng tseo ba lebaneng le tsona.

Batho ba ba palelwang ke go tlhabela moento fa gare ga beke ba tshwanetse go dirisa tšhono eno.

Kamoso ka labotlhano wa la bo 01 le Lamatlhatso wa la bo 02 Diphalane 2021 re tla bula mafelo a go tlhabela moento goralala le naga gore a thuse batho ba feta ba le halofo ya milione.

Lefapha la Boitekanelo le setse le nopotse mafelo a go tshwanetsweng go samagana le ona mo tikologong nngwe le nngwe ya diporofense tsa naga ya rona go ya ka dipalo tsa batho ba ga jaana ba iseng ba tlhabele moento mmogo le dipalo tsa batho ba ba setseng ba tlhabetse moento mo tikologong nngwe le nngwe.

Mo matsholong otlhe a go ngokela baagi go tlhabela moento, letsholo leno la Vooma Vaccination Weekends e tla bo e le lona la ntlha go diragadiwa pele ga amangwe a Vooma a a tla latelang.

Baeteledipele go tswa mo mekgatlong yotlhe ya dipolotiki, go tswa mo baaging, mo dikerekeng, mo segosing, mo mekgatlhong ya badiri le mo dikgwebong ba tla rotloetsa baagi go tshela ka pabalesego ka go tlhabela moento.

Nna mmogo le Motlatsamoporesitente, Ditona le Batlatsatona, Ditonakgolo le Bakhuduthamaga, Dimeyara le Dikhanselara, rotlhe re tla bo re dule ka makatlanamane re ile kwa baaging ka Labotlhano le Lamatlhatso re ile go rotloetsa baagi gore ba ye go tlhabela moento.

Ga go ope yo a nnang mo nageng ya Aforika Borwa, le fa e le gore ga se moagi wa naga eno, yo a tla duedisiwang go tlhabela moento.

O ka etela bookelo jwa puso kgotsa dikhemise tsa poraefete mo go tlhabelwang moento go ya go tlhaba moento, le fa e le gore ga o na medical aid kgotsa ga o a lalediwa go tla go enta.

O ka leba kwa lefelong le le gautfi le mo o leng la go tlhabela moento o tshotse lekwaloitshupo la gago kgotsa lekwalo lengwe le lengwe la boitshupo le o nang le lona mme o fete o kwadisiwe gone mo lefelong leo.

Letsholo leno la Vooma Vaccination Weekends gape le re naya tšhono ya go bona botlhokwa jwa seabe se segolo se baoki le batlhankedi ba tsamaiso ya ditirelo tsa boitekanelo ba naga ya rona ba nang le sona – go tsenyeletsa le bao ba neng ba tsena ntlo ka ntlwala ba rotloetsa batho go ya go tlhabela meento mmogo le batlhankedi botlhe ba naga ya rona ba ba dirang mo mafelong a go tlhabela meento le ba ba direlang mo dijanageng tse di ntseng di ngokela baagi go tlhabela meento mmogo le batlhankedi ba ba direlang kwa maokelong.

Re batla gape le go leboga baithaopi ba bantsi ba ba re thusitseng mmogo le matsholo a mantsi a a dirilweng ke baeteledipele ba mo metseng ya rona.

Re tshwanetse go leboga matsapa a dikgwebo di samaganeng le ona a go dira gore batlhankedi ba bona ba tlhabele meento.

Re ikuela mo dikgwebong go nna tsona tse di disang gore badiredi ba tsona ba tlhabela moento mme re rotloetsa badiredi ba bona go tlhabela moento.

Go nna le seabe ga makala otlhe a baagi mo maitekong a naga a go lwantshana le leroborobo leno e tla nna selo se se tlhokagalang thata segolo jang ka re lebile ditlhopho tsa pusoselegae mo kgweding ya Ngwanaitseele.

Matsholo a go ngokela baagi go tlhopha mokgatlho wa bona wa mmamoratwa wa dipolotiki a na le kotsi e kgolo ya go ka fetlha ditshwaetso tse dingwe gape tse dintšhwa.

Yo mongwe le yo mongwe mo go rona - go simolola ka baeteledipele ba mekgatlho le barulaganyi ba matsholo go tsenyeletsa le bao ba emang nokeng mekgatlho ya bona le badiredi ba ditikwatikwe tse go tlhophelwang kwa go tsona - botlhe ba na le maikarabelo a go netefatsa gore ba ikobela melawanataolo le go latela dikgato tsa go tila ditshwaetso mo nakong ya fa re tsene mo matsholong a ditlhopho.

Khomišene e e Ikemetseng ya Ditlhopho e samagane le go tsenya tirisong dikgato tsa go netefatsa gore modiratlhopho mongwe le mongwe yo a tla bong a tlile go dira tlhopho o diragatsa tlhopho ya gagwe ya temokerasi ntle le go ka itsenya mo kotsing epe fela.

MaAforika Borwa a gaetsho,

Ka la bo 12 Lwetse 2021 fa ke ne ke itsese gore naga e tla tsena mo kgatong e e tlhatlhobilweng sešwa ya bobedi ke ne ka itsese gape le gore maemo ano re tla a lekola gape mo morago ga dibeke di le pedi.

Se re se bonang ga jaana ka go fokotsega ga leroborobo leno go raya gore dikiletso di le dintsinyana tse re di tsentseng mo tirisong jaanong re ka di fokotsa, fela jaaka Komiti e e Eletsang Ditona ka ga Seemo sa COVID-19 e setse e eleditse.

Morago ga go tshwara dikopano tsa Lekgotla la Naga le le Jarileng Maikarabelo a Mogare wa Corona (NCCC) mmogo le tsa Lekgotla la Tsamaiso ya Kantoro ya Moporesitente, Kabinete e tsere tshweetso ya go ntsha naga mo kgatong e e tlhatlhobilweng sešwa ya bobedi mme e e tsentse mo kgatong e e tlhatlhobilweng sešwa ya ntlha go tloga fa gare ga bosigo jwa gompieno.

Dikgato tse di latelang di tla simolola go dira mo kgatong e e tlhatlhobilweng sešwa ya ntlha:

  • Nako ya go kgaotsa go ebela masigo e tla fetolwa mme e tla nna magareng ga bosigogare le ura ya bone ka matsha.

Dikgwebo tse di sa rekiseng dilo tsa botlhokwa go le kalo tse di jaaka mabentlele a a rekisang dijo tse di apeilweng, mabentlele a go itshielwang kwa go ona le mafelo a go ikatisediwang kwa go ona a tla tshwanelwa ke go tswalelwa ka ura ya bolesome le bongwe bosigo go kgontsha badiredi le bareki go boela gae pele nako ya go kgaotsa go ebela masigo e simolola.

  • Bontsi jwa palo ya batho ba ba kgobokaneng ka fa gare ga meago go letleletswe gore e tla okediwa go tloga mo go ba le 250 go fitlha mo go ba le 750, mme batho ba ba kgobokanang kwa ntle ga meago go letleletswe gore palo ya bona e tla okediwa go tloga mo go ba le 500 go fitlha mo go ba le 2 000.

Fa lefelo e le gore le lennye go ka kgona go amogela dipalo tse go builweng ka tsona fa batho ba katogana jaaka go tshwanetse, gone lefelo leo ga le a tshwanela go metsa halofo ya palo yotlhe e lefelo leno ka gale le kgonang go e metsa.

Fano re bua ka mekete ya dikereke, mekete ya dipolotiki le mekete ya go tlhaba kgobe ka mmutla, mmogo le kwa mabentleleng a a rekisang dijo tse di apeilweng, kwa mabentleleng a go itshielwang kwa go ona le kwa mafelong a mothale ono.

  • Batho ba ba letleletsweng go tsenela tirelo ya phitlho go letleletswe gore palo ya bona e tla okediwa go tloga mo go ba le 50 go fitlha mo go ba le 100. Fela jaaka mo malobeng, meletelo, ditirelo tsa phimolakeledi tse di tshwarwang fa go tlhagiwa kwa diphupung di santse di ileditswe.
  • Thekiso ya notagi - go nwelwa kwa gae le go nwelwa mo bo rekisiwang - e tla letlelelwa gore e rekisiwe go ya ka dipeelo tsa dilaesense. Le fa go le jalo, ga go notagi epe e e letleletsweng gore e ka rekisiwa morago ga ura ya bolesomelebongwe.
  • E santse e le segapeletsa go apara maseke fa o le fa gare ga batho, e bile go se apare maseke ka tshwanelo fa o laelwa e santse e le tlolomolao.

Jaaka karolo ya matsapa a rona a go busetsa sekeng maphata a a amegang thata mo ikonoming re batla go repisa dikiletso tse dingwe gape tse dintsinyana, segolobogolo mo lephateng la metshameko le la mekete ya setso.

Jaaka ke tlhalositse fa gautshwane, rotlhe re batla gore maemo a boele sekeng, mme fa re ka tswelela go sikara mmogo jaaka re ntse re dira, a mangwe gape a maphata a rona a tla bulwa.

Lefapha la Boitekanelo mo nakong e e sa fediseng pelo le tla rebola makwalonetefaletso a a netefatsang gore motho o tlhabile moento, mme ona a tla bontsha gore ke boammaruri motho o setse a tlhabetse moento.

Makwalo ano a tla tlhokagala fa batho ba tsaya maeto, fa ba tsena mo mafelong a a rileng, fa ba bokane mo dikopanong tse di rileng le fa ba dira ditiro tse di rileng tse di tlhokang gore motho a bo a tlhabile moento.

Dikgato tsa rona di tsamaisana le dikgatokaelo tsa Mokgatlho wa Merero ya Boitekanelo wa Lefatshe e bile di lepalepane le seo se diriwang mo dinageng tsa boditšhabatšhaba.

Go itepatepanya le seo se diriwang ke dinaga tse dingwe le go dira gore e nne segapeletsa go nna le bopaki jwa gore o kile wa tlhabela moento go tla nna le mosola thata mo go fokotseng dikiletsa di le dintsinyana tse di lebaneng le naga ya rona fa baeng ba tla kgotsa ba tswa ka fa nageng ya rona.

Go tlhabela moento ga se fela gore o boloke botshelo jwa gago le jwa ba o tshelang mmogo le bona.

Gape ke mabapi le go thibela go runya ga malwetse a mangwe gape a mantšhwa a a kotsi go gaisa, jaaka go setse go iponagaditse gore mogare ono o kgona go gasagana le go thuthusa malwetse a mangwe mo bathong ba ba iseng ba tlhabele moento.

Le fa go le jalo, re tshwanetse go gakologelwa gore le fa e le gore re setse re tlhabetse moento, re santse re gapeletsega go tswelela go ikobela dikgato tsa go thibela ditshwaetsego gore re fokotse go anama ga mogare ono mo bathong.

Re itse sentle gore go kgobokana ga batho, segolo jang ka fa gare ga meago e e sa tsenelweng ke mowa o o phepa, ke tsona ditiragalo tse di jalang bolwetse jono.

Re tshwanetse go tswelela go apara dimaseke ka dinako tsotlhe fa re le fa gare ga batho, re katogane le batho ba bangwe le go netefatsa gore ka gale re bula matlhabaphefo le gore mowa o o phepa o tsena ka fa teng.

Fa re ka tswelela go ikobela melawanataolo eno, ra fokotsa ditshwaetsego, mme ra tlhabela bagodi ba le bantsi moento, e leng selo sa botlhokwa go gaisa, re tla dira gore mogare ono o tshamekele kgakala le rona mme kwa bokhutlong o tla ikela maotwana hunyela.

Mo go tseyeng matsapa a go thibela ditshwaetso tse di ntseng di tlhatloga, dinaga di le dintsi mo lefatsheng di tsere ditshweetso tsa go thibela maeto a go jela dinaga tse dingwe nala.

Naga ya United Kingdom e ne ya iletsa maeto a go tla le go tswa mo nageng ya Aforika Borwa ka go e baya mo maemong a dinaga tse di kotsi go di jela nala le go thibela go amogela batho ba ba tswang kwa dinageng tseno.

Seno se ne sa dira gore naga ya rona e kgaratlhe gonne bajanala ba ba jelang naga ya Aforika Borwa nala go tswa kwa nageng ya United Kingdom ke ba bantsi go gaisa ba dinaga tse dingwe tse di leng kwa bokone jwa lefatshe e bile naga eno ke mogwebisani yo mongwe yo mogolo thata wa naga ya rona.

Le fa e le gore naga ya rona gore e bewe mo maemong ano e ne e le ka ntlha ya matshwenyego a borasaense ba naga ya United Kingdom ba neng ba na le ona mabapi le mogare wa Beta mo nageng ya Aforika Borwa, boammaruri ke gore mogare oo ga o a bolo go jewa ke motlhwa mme naga eno sešweng jaana e ne e aparetswe ke mogare wa Delta.

Mo mosong wa gompieno ke ne ka tshwara ka mogala Tonakgolo ya naga ya Britain Rre Boris Johnson go atlhaatlhaa ntlha eno. Ke ne ka mo tlhalosetsa ka seemo sa naga ya Aforika Borwa, mme o tlhalogantse seno sentle fela.

Ka bobedi jwa rona re dumelane gore ditshweetso tsa mothale ono di tshwanetswe go tsewa go ya ka bopaki jwa saense mme re na le tsholofelo ya gore go tla nna le dipoelo tse di itumedisang go latela seno fa ntlha ya go lekola maemo e tlhagisiwa kwa nageng eo mo matsatsing a se kae a a tlang.

MaAforika Borwa a gaetsho,

Se se botlhokwa thata mo go rona ga jaana ke go dira gore ikonomi ya rona e itharabologelwe ka bonako jo bo kgonagalang gore re kgone go tlhola ditiro le go thusa dikgwebo go boela sekeng.

Tsela e le nngwe fela e re kgonang go dira seno ka yona ke go dira gore maAforika Borwa a mangwe a mantsi a tsaye tshweetso ya gore a tlhabele moento ka bonako jo bo kgonagalang.

Fa bontsi jwa baagi ba naga ya rona ba setse ba tlhabetse moento, re ka kgona go tlhaba mokgosi go itsise lefatshe lotlhe gore naga ya rona jaanong e bolokesegile go ka jelwa nala mme ra kgona go amogela bajanala mo pakeng eno ya selemo.

Re ka kgona go bulela metshameko le mekete ya mmino, ra tlosa dikiletso mo mabentleleng a a rekisang dijo tse di apeilweng le mo mabentleleng a go itshielwang kwa go ona, mme ra kgona go rotloetsa batho go boela kwa ditirong tsa bona, go ya kwa mabentleleng ba lokologile le kwa mafelong a boitapoloso jwa baagi.

Fa re ka kgona go fitlhelela maemo a re ipeetseng ona fa ngwaga ono o konosela, re ka kgona go efoga go nna le dikiletso tse dingwe gape mme ra busetsa maemo a ikonomi ya rona sekeng ka lebelo le le kwa godimo.

Ke batla go ikuela mo go lona lotlhe go dirisa tšhono eno ya Vooma Vaccination Weekends.

Tla rotlhe re tsweng ka makatlanamane mme re ye go tlhabela moento.

Tla re phuteng ditsala tsa rona le ba losika ba ba iseng ba tlhabele moento mme re lebeng koo go tlhabela moento.

Tla re nneng seoposengwe mo go fitlheleleng 70% e re ipeetseng yona ya baagi ba re batlang gore ba entiwe fa kgwedi ya Sedimonthole e subela.

Tla re direleng ka bonako. Tla re soleng mosola letsholo la Vooma.

A Modimo a tshegofatsa naga ya Aforika Borwa le go boloka setšhaba sa yona.

Pula.

Share this page

Similar categories to explore