Puo ya ga moPoresitente Cyril Ramaphosa e e ka ga ditharabololo tse dingwe gape tsa ikonomi le loago mo go tsibogeleng leroborobo la COVID-19

MaAforika Borwa a gaetsho,


Go setse go fetile matsatsi a le 25 fa e sale Aforika Borwa e rebola letsholo la naga ka bophara la go sekega nakwana ditiro tsa ka fa nageng e le maiteko a go fokotsa go anama ga mogare wa corona.


Kgato eno e dirile gore le nne le botswapelo le boitshoko jo bo seng kana ka sepe.


E le beile mo pogisegong e e seng kana ka sepe mme e dirile gape le gore le ikentshe setlhabelo.


Ke boeletsa mafoko a me gore ka seno, ke le rolela hutshe.


Leuba la mogare wa corona le dubile matshelo a rona le go rutlomolola ikonomi ya rona.


Bogale jwa yona bo tla tswelela go bonagala mo dibekeng le mo dikgweding tse di tlang.


Leuba leno le dirile gore ka gang batho le dikgwebo ba latlhegelwe ke letseno ka go tshwana, mme seno se gagamaditse maemo a khumanego le go gakatsa tlala.


Dikgato tse re di tsereng ka lepotlapotla le tse di le makaditseng go ka fokotsa go anama ga mogare ono di ne di tlhokega gore di tsewe.


Di re thusitse ka go re naya sebaka sa gore re kgone go samagana le koketsego ya ditshwaetso e re ka se kgoneng go ka e thibela mme ka ntlha ya seno
ra kgona go ka boloka diketekete tsa matshelo a batho.


Le fa go sekega nakwana ditiro tsa ka fa nageng naga ka bophara go na le ditlamorago tse di sa itumediseng mo ikonoming ya rona, tota seno ga se sepe fa o se bapisa le go latlhegelwa ke matshelo a batho, go tsepama ga loago mmog le ikonomi fa mogare ono wa  corona o ka anama mo bathong ba borona mme ba sa tlhatlhobiwe.


Dingaka le borrasaense ba re bolelela gore leuba leno mo go rona ga le ise le gakale go le kalo.


Fa tota re santse re ise re nne le melemo kgotsa moento e e maleba e e netefaleditsweng go ka alafa bolwetse jono, re tshwanetse go itse gore bo tla tswelela go nna kgwetlho ya rona le mo nakong e e tlang.


Se se kwa setlhoeng mo go rona jaanong ke go gagamatsa matsholo a boitekanelo a re a tlhokang go ka thibela le go diegisa go anama ga bolwetse jono le go boloka matshelo a batho.


Go fitlha motsing ono, mogare ono wa corona o setse o fetile ka matshelo a batho ba ka nna 58 mo nageng ya rona. Eno ke tatlhegelo e rotlhe e re hutsafatsang, ka ntlha ya gore re itse sentle kutlobotlhoko le khutsafalo e ba bobona ba leng mo go yona.


Mo palong ya batho ba le 126 000 ba ba dirilweng diteko, ba le 3 465 go fitlhetswe gore ba na le mogare wa corona.


Batho ba feta dimilione di le pedi mo ditšhabeng tsa borona go ralala le naga ba setse ba pharilwe ka dipotsolotso tsa go utolola fa ba na le kgonagalo ya go bo ba tshwaeditswe, mme mo go bona botlhe, ba ba fetang ba le 15 000 ba rometswe kwa mafelong a go tlhatlhobelwa bolwetse jono.


Mo godimo ga matsapa ano otlhe a dithulaganyo tsa taolo ya boitekanelo jwa setšhaba re samagane gape le dikgato tsa go babalela ka fao re tshelang ka teng, go babalela ba ba leng mo tlaleng le bao ba leng mo tlalelong mmogo le go busetsa sekeng ikonomi ya rona.


Mo maitseboeng ano ke batla go le tlhalosetsa maano a rona a go busetsa sekeng maemo a ikonomi le a loago fa re ntse re tsweletse go tobana le maemo a tshoganyetso a a ka ga boitekanelo jwa setšhaba.


Leuba leno le tlhoka itharabologelo ya ikonomi e e lekanang le lebelo leo leuba leno. le tsweletseng go rutlomolola ka lona.


Itharabologelo ya ikonomi ya rona e tlhoka go diragadiwa ka dikarolo di le tharo.


Karolo ya ntlha e simolotse mo gare ga kgwedi ya Mopitlwe fa re ne re totobatsa gore leuba la mogare wa corona ke  leru la matlhotlhapelo mo nageng.


karolo eno e tsenyeletsa dikgato di le dintsi tse di farologaneng go fokotsa bogale jwa leuba leno mo dikgwebong, mo ditšhabeng tsa rona le mo baaging ba rona.


Dikgato tseno di tsenyeletsa go rwalololwa ga lekgetho, go lokololwa ga matlole a masetlapelo, melawana e e letlelelang go reka mo pakeng ya tshoganyetso, tshegetso mo megolong ka Letlole la go Kgaolwa kwa Tirong (UIF) mmogo le tlamelo ya dikgwebopotlana ka matlole.


Ga jaanong re tsena mo karolong ya bobedi ya itharabologelo ya ikonomi ya rona gore re kgone go ritibatsa maemo a ikonomi, re kgone go samagana le kwelotlase e e boitshegang ya tlamelo le ya ditlhokwa mmogo le go boloka ditiro.


Jaaka e le karolo ya dikgato tseno, maitseboeng ano re rebola matsholo a magolo a go imolola maemo a loago mmogo le letlotlo la go tshegetsa ikonomi le le ka jang R500 bilione, e leng bokanaka 10% ya Seelo sotlhe sa Ditlhagisiwa tsa ka fa Nageng mo Ngwageng (GDP).


Karolo ya boraro ke go tla ka leano la ikonomi le re tla le tsenyang tirisong go re kgontsha gore re busetse sekeng maemo a rona a ikonomi fa naga e tla bo e supoga mo dinaleng tsa leuba leno.


Se se botlhokwa thata mo leanong la rona la go busetsa sekeng maemo a ikonomi e tla nna dikgato tse re tla di tsayang go tlhotlhetsa tlamelo ya ditlhokwa ka go dirisa ditharabololo di tshwana le manaane a mantsi a kago ya mafaratlhatlha, go tsenya tirisong ka bonako ga matsholo a itharabologelo ya ikonomi, phetolothefosano ya ikonomi ya rona mmogo le go tsaya dikgato tsotlhe tse di tlhokegang tse di tla tlhotlhetsang kgolo ya ikonomi.

Karolo eno re tla e tlhalosa ka botlalo mo matsatsing a a tlang.


Mo matsatsing a le mmalwa a a fetileng re ntse re bontshana le bannaleseabe ba ba farologaneng.


Re tšhotlhile kgang eno le ba dikgwebo, ba mekgatlho ya badiri mmogo le baemedi ba baagi mo Lakgotleng la Naga la Tlhabololo ya Ikonomi le Ditiro (NEDLAC).


Re tšhotlhile kgang eno le Ditonakgolo, Bakhuduthamaga`(di-MEC), Dimeyara mmogo le ditokololo tsa Lekgotla la Moporesitente la Dikeletso tsa Merero ya Ikonomi.


Morago ga go tšhotlha kgang eno mo dikopanong tse di farologaneng, Kabinete e ne ya sekaseka ditshitshinyo tse di farologaneng mmogo le go konosetsa letlotlo la matsholo a go tshegetsa kimololo ya loago le tshegetso ya ikonomi e leng sone se se botlhokwa thata mo karolong ya bobedi ya itharabologelo
ya ikonomi ya rona.

Seno se tsenyeletsa:

Santlha, go beela kwa thoko madi a a boitshegang a merero ya boitekanelo go samagana le mogare wa corona,

Sa bobedi, go imolola ba ba leng mo tlaleng le go ritibatsa maemo a tlalelo,

Sa boraro, go tshegetsa ditlamo le badiri,

Sa bone, go bulela ka makgaokgao ditiro tsa ikonomi.

Bogale jwa mogare wa corona bo tlhoka  madi a a boitshegang go samagana le mogare wa corona –
a a ka balelwang go R500 bilione – e e tla dirisediwang go tlamela ka didirisiwa tse di tla thusang go lwantshana le leuba leno.


Yona e tla tsenyeletsa le tekolosešwa ya dilo tse di kwa setlhoeng ya bokana ka R130 bilione e e tla tswang mo mading a ga jaana a a beetsweng kwa thoko.


Madi a mangwe a tla bokelediwa go tswa mo ditheong tsa ka fa nageng ya rona tse di jaaka UIF, mmogo le go tswa kwa ditheong tsa boditšhaba tsa kadimo ya matlole.


Go fitlha mo motsing ono, Banka ya Dinaga tsa Lefatshe, Setheo sa Matlole sa Boditšhabatšhaba (IMF), Bankatlhabololo e Ntšhwa e e Tshwaraganetsweng ke Naga ya Brazil, Russia, India, China le Aforika Borwa (BRICS) mmogo le Bankatlhabololo ya Aforika go setse go ikopantswe le tsone mme ba Matlole a Naga ba dirisana le ditheo tseno mabapi le dikopo tse di farologaneng tsa matlole.


Tse dingwe tsa ditheo tseno di setse di rulagantse metseletsele ya dithuso tsa matlole e maitlhomo a yona e leng go thusa dinaga tse di tlhokang go samagana le matlhotlhapelo a mogare wa corona go tshwana le rona.

Mo kgatong ya ntlha tlamelo eno ya matlole e tla dirisediwa go tlamela matsholo a boitekanelo tebang le mogare wa corona. Bokanaka R20 bilione e tla dirisediwa go tshegetsa matsapa a rona a go samagana le leuba leno.


Fa e le gore re batla go atlega mo go samaganeng le leuba le le re totileng le go netefatsa gore motho mongwe le mongwe yo a tlhokang kalafo o a e bona, re tshwanetse go nna le madi a mangwe a tlaleletso a go rekela badiredi ba boitekanelo ditlankana tsa go itshireletsa,
a matsholo a go botsolotsa baagi go tlhotlhomisa fa ba sena tshwaetsego, a go oketsa matsholo a go dira diteko, a go oketsa malao a balwetse kwa dipetleleng tse di samaganang le bolwetse jono, a go reka dithusa go hema, melemo le a go oketsa palo ya batho ba ba thapiwang go samagana le bolwetse jono.


Dikgato tsa go sekega nakwana ditiro tsa ka fa nageng naga ka bophara di nnile le seabe se se sa itumediseng fa go tla mo letsenong la dimasepala mo nakong eo letseno leno le tlhokegang thata go feta mo nakong e e fetileng.


Ka jalo madi a mangwe gape a bokanakaR20 bilione a tla neelwa dimasepala gore di kgone go tlamela ka ditirelo tsa metsi tsa tshoganyetso, dikgone go oketsa matsholo a go bolaya megare mo dipalangweng tsa botlhe mmogo le mo mafelong a setšhaba, mmogo le go tlamela bao ba nnang mo mebileng ka dijo le mafelo a ba ka latsang tlhogo gone.


Tshedimosetso ka botlalo e tla gololwa mo puong ya tekanyetsokabo e e kwalolotsweng sešwa ya ga Tona ya Matlole. Karolo e nngwe ya botlhokwa thata e e tlhokang madi a mantsi mo go yona ke go imolola bao ba leng mo tlaleng le go fokoletsa ditšhaba tsa rona kgatelelo ya maikutlo go ralala le naga ya rona.


Jaaka re setse re tsere dikgato tsa go sireletsa megolo ya badiri bao ba direlang ditheo tsa semmuso mmogo le go thusa dikgwebopotlana, tsa mo magareng le tse dikgolwane (di-SMME), dimilione tsa maAforika Borwa a a itshepetseng mo dikgwebong tsa mo mebileng le bao ba senang ditiro ba tsweletse go goga boima gore ba tla itshedisa ka eng.


Khumanego le go tlhaela ga dijo go oketsegile thata mo sebakanyaneng sa dibeke di se kae. Go thusa malapa a a leng mo tlalelong go gaisa mo nageng ya rona, re tsere tshwetso ya go a tlamela ka megolo ya thuso ya nakwana e e tla duelelwang sebaka sa dikgwedi di le thataro mabapi le mogare wa corona.

 

Re tla dirisa R50 bilione go thusa bao baamilweng bobe thata ke mogare wa corona.


Seno se raya gore bao ba amogelang madi a puso a a thusang batsadi go tlhokomela ngwana ba tla okelediwa ka R300 mo kgweding ya Motsheganong mme go tloga ka kgwedi ya Seetebosigo go fitlha ka kgwedi ya Diphalane madi ano a tla tlhotlosiwa mme ba tla okelediwa ka R500 mo kgweding e nngwe le e nngwe.


Megolo e mengwe yotlhe yona e tla okelediwa ka R250 kgwedi e nngwe le e nngwe sebaka sa dikgwedi di le thataro.

 

Mo godimo ga seno, go tla nna gape le Letlole le le Itlhophileng la COVID-19 la Phokotso ya Tlalelo mo baaging ba ba senang ditiro. e bile ba sena madithuso ape a ba a amogelang a loago kgotsa a UIF mo ba tla neelwang R350 ka kgwedi sebaka sa dikgwedi di le thataro.


Lefapha la Tlhabololo ya Loago le tla phasalatsa ditlhokwa tse ba tla di tlhokang. gore batho ba tsenye dikopo tsa go amogela thuso eno.


Re bone gore letsholo la puso la tlamelo ya dijo ga le a lekana go ka thiba phatlha e kgolo e e bulegileng fa e sale leuba leno le simolola.


Setheo sa Tshireletso ya Loago sa Aforika Borwa (SASSA) mo matsatsing a a sa fediseng pelo se tla tsenya tirisong tharabololo e e ikaegileng ka didirisiwa tsa thekenoloji go thusa ka tlamelo ya dijo ka go fana ka di-voucher le ka madi a mo seatleng a a tla romelwang ka didirisiwa tsa thekenoloji go netefatsa gore thuso e fitlhelela bao ba e tlhokang ka bonako ntle le matsapa ape.


Mo godimo ga seno, go thiba phatlha e e leng teng ga jaana, Lefapha la Tlhabololo ya Loago le tshwaragane le Letlole la Tshwaraganelo, Mekgatlho e e Seng ya Puso (di-NGO) le mekgatlho ya baagi go fana ka dipaki di le 250 000 tsa dijo go ralala le naga mo dibekeng di le pedi tse di tlang.


Re tshwentswe thata ke dipegelo tsa gore go batho ba ba senang maitseo bao ba dirisang botlhaswa dithulaganyo tsa go fana ka dijo mmogo le ditiro tse dingwe tse di supang bonweenwee.


Ga re kitla re ba senyetsa nako go netefatsa gore bao ba amegang mo ditirong tsa mothale o o ntseng jalo ba tobana le bogale jo bo feletseng jwa molao.


Le fa go setse go na le dithulaganyo tse di ntseng di le teng mo pusong go samagana le botlhokatiro jo bo kwa godimodimo tse di jaaka Lenaane le le Atolositsweng la Ditiro tsa Setšhaba (EPWP) mmogo le Lenaane la Ditiro tsa Baagi (CWP), dithulaganyo tseno di santse di tlhaela.


Mogare wa corona o tlo dira gore batho ba bantsi ba felelwe ke ditiro tsa bona.


Madi a mangwe gape a a kanaka R100 bilione a tla beelwa kwa thoko go babalea ditiro le go tlhola ditiro.

Fa e sale re rebola kgoeletso ya maemo a naga a masetlapelo mo kgweding e e fetileng, puso e tsentse tirisong dikgato di le dintsi tse di farologaneng go tshegetsa megolo ya badiri mmogo le go thusa ditlamo tse di leng mo tlalelong. Fa letsatsi la gompieno le ne le konosela, Letlole le le Itlhophileng  la Dipoelo tsa COVID-19  la UIF le ne le setse le duetse bokanaka R1.6 bilione, mo go thuseng ditlamo di feta 37 000 le badiredi ba feta ba le 600 000.


Madi a ka nna bokanaka R40 bilione a beetswe kwa thoko go tshegetsa dituelo tsa megolo ya badiredi bao bathapi ba bona ba iphitlhelang ba retelelwa ke go ba duelela megolo.

Re tsweletse go tlamela di-SMME, beng ba mabentlele a di-spaza le barekisi ba bangwe ba mo mebileng ka thuso – e re e rebolang ka mokgwa wa madikadimo, madithuso le ya go rulaganya sešwa tuelo ya dikoloto.


Boleng jwa dithuso tseno go fitlha motsing ono di bo setse bo balelwa go R100 milione.


Madi a mangwe gape a tlaleletso a a kanaka R2 bilione a tla nna gone go thusa di-SMME, beng ba mabentlele a di-spaza mmogo le dikgwebopotlana tse dingwe gape.


Ditheo tsa Koporasi ya Tlhabololo ya Diintaseteri (IDC) tse di tshegetsang ditlamo go reka kgotsa go dira ditlankana tsa go itshireletsa. di sotswe mosola mo dibekeng di le mmalwa tse di fetileng, mo madi a le kanaka R162 milione a setseng a letleletswe go ka dirisiwa go fitlha mo motsing wa gompieno


Tse dingwe tsa ditshegetso di lebisitswe kwa go badiragatsing, baatlelete le badiri ba ditire tsa setegeniki, mmogo le go basedi ba ditlakala mmogo le batsayakarolo ba ditiro tsa setšhaba mo lekaleng la merero ya tikologo.


Le fa dikgato tseno di tlamela thuso go ditlamo di le dintsi mmogo le go badiredi ba le bantsi, go totobetse gore go na le sekgala se segolo go ralala le ikonomi yotlhe ya rona se se tlhokang go tswalelwa.


Ka ntlha ya seno, re tlo tsenya tirisong sekema sa go emela dikoloto sa madi a le kanaka  R200 bilione mo re tla bong re se tshwaraganetse le dibanka tse dikgolo, Matlole a Naga mmogo le Bankakgolo ya Aforika Borwa (SARB).


Kgato eno e tla thusa dikgwebokgolo tse di tlhokang madi a go dira ditiro tsa tsona go tsamaisa dikgwebo tsa tsona, a a jaaka dituelo tsa megolo, dituelo tsa mafelo a di direlang mo go ona le dituelo tsa batlamedi ba tsona.


Mo tshimologong, ditlamo tse di iponelang letseno le le ka fa tlase ga R300 milione ka ngwaga di tla thusiwa.


Go solofelwa gore sekema seno se tla thusa difeme di feta di le 700 000 mmogo le badiredi ba feta ba le dimilione di le tharo mo pakeng eno e e boima.


Dibanka di le dintsinyana di setse di ipaakanyeditse go ka simolola go diragatsa letsholo leno pele kgwedi eno e ka ya bokhutlhong.


Mo godimo ga seno puso e semeletse ka dikgato tse dingwe gape go thusa makala a a leng mo tlalelong a a amegileng a a jaaka intaseteri ya dithekesi.


Mo godimo ga dikgato tsa kimololo tse di leng teng ga jaana, re tla oketsa gape le ka  go emisa dituelo tsa ditlamo  tse di totileng tlhabololo ya bokgoni, sebaka sa dikgwedi di le nne, go potlakisa go duelela ditlamo dituelelo tse di saletseng kwa morago tsa VAT mmogo le go diegisa ka dikgwedi di le tharo tlhatlelo ya dithulaganyo tsa lekgetho
mmogo le tsa tuediso ya lekgetho ya kgotlhetso ya mowa ka khabone.

 

Go thusa dikgwebo di le dintsi, seelo sa ngogola sa matlole a lekgetho a a ka fetisiwang se okediwa go nna R100 milione ka ngwaga, mme sa tuediso ya PAYE se se ka fetisiwang sona se okediwa ka 35%.


Dikgwebo tse letlole la tsona la ngwaga le fetang R100 milione di ka tsenya dikopo kwa Tirelong ya Lekgetho la Aforika Borwa (SARS) go ya ka maemo a tsona gore dituediso tsa tsona tsa lekgetho di fetisiwe.


Ga go dikotlhao tsa dituediso tse ba tla otlhaiwang ka tsone fa ba ka bontsha gore mo pakeng eno ditirelo tsa bone di amegile bobe.


Baduelalekgetho ba ba tsenyang seatla ka fa potaneng go thusa Letlole la Tshwaraganelo ba tla kgona go tlhatlhela ditopotuelo tse di sa feteng 10% gore di fokodiwe mo kgogelong ya bona ya lekgetho.


Dikgato tsotlhe tsa kimololo ya tuelo ya lekgetho di tshwanetse go fitlha go R70 bilione ya go imolola tiriso ya madi a dikgwebo kgotsa ya madi a a dueletsweng dituelelong tsa dikgwebo le tsa batho.


Tona ya Matlole o tla neelana ka tshedimosetso ka botlalo ka dintlha tse di fa godimo le ka ditsiboso tse dingwe tse di amanang le lekgetho.


Mo go tsenyeng tirisong dikgato tseno tsotlhe, re ikemiseditse go netefatsa gore basadi, bašwa le batho ba ba tshelang ka bogolofadi ba bona tsibogelo le tshegetso e e rileng.


SARB le yona e nnile le seabe se se botlhokwa thata mo go tshegetseng ikonomi ya rona.


Mo go tsamaisaneng le maikarabelo a yona a Molaotheo, e ngotlile seelo sa dituelelo tsa madikadimo ka sekgala sa metheo e le 200, mme seno se nnile mosola ka gangwe mo re iponetseng thuo ya bokanaka R80 bilione mo moruong, mmogo le go tsaya dikgato tse dingwe gape go ka thusa mo thulaganyong ya tsa matlole.


Dibanka tsa kgwebisano di le dintsinyana mmogo le ditlamo di le dintsinyana tsa diinšorense di nnile mosola thata mo go thuseng go imolola maemo a ikonomi, gareng ga tse dingwe, ka go diegisa kgotsa go fokotsa dituediso tsa kgwedi le kgwedi, go fokoletsa batho boima jwa go rwala dikoloto mmogo le go se diudise dituediso tsa banka mo go bao ba amogelang megolo ya thuso go tswa kwa pusong.


Karolo ya bone eo Kabinete e e tšhotlhileng ke go bulela ka makgaokgao ditiro tsa ikonomi.


Re tla latela leano la matshosetsi a ikonomi le le tlhabolotsweng gore re kgone go busetsa sekeng ditiro tsa ikonomi, mo re tla lepalepanyang dikgato tsa go tswelela go thibela go anama ga mogare wa corona le tsa go busetsa batho kwa ditirong tsa bona.


Jaaka re tlhalositse mo malobeng, fa re ka emisa ka lepotlapotla go sekega nakwana ditiro tsa ka fa nageng, re ka iphitlhela re le mo dipharagobeng tse di seng kana ka sepe tse di retelang go ka laolega tsa bolwetse jono.


Ka jalo, re tla tsaya dikgato tsa go busetsa ditiro ka fa nageng ka makgaokgao, mme le teng re tla latela dikeletso tse di ikaegileng ka bopaki jwa saense, gore ga nnyane ga nnyane re busetse sekeng ditiro tse di tshegetsang ikonomi ya rona.


Fa re tsweletse go dira jalo, re tswelela go totobatsa maiteko a rona a go thibela tshwaetsano ka mogare ono.

Ka jalo mo dibekeng le mo dikgweding tse di tlang re tla tshwanela gore re gate ka nonofo le go tlola matlere go samagana le seemo seno jaaka se tsweletse go gakala.


Ka labone, ke tla buisana le baagi ka dikgato tse di tla tsewang morago ga bokhutlho jwa go sekega nakwana ditiro tsa ka fa nageng naga ka bophara fa re tla bo re bulela ditiro tsa ikonomi ya rona.


Matsapa ano ga a kitla a nnela ruri mme le tla tlhaba letsatsi leo ka lona dikgato tseno tsotlhe di tla se tlholeng di tlhokega.


Mme fa letsatsi leo le ise le re tlhabele, re tshwanetse go netefatsa gore batho botlhe ba naga ya rona ba bona tshegetso e e ba lekaneng. Tsibogelo ya maemo ano a tshoganyetso ka manaane a go fokotsa boima jono ke ya motlholo.


E bontsha gore re tla tsaya dikgato tsotlhe, ra dirisa madi a re nang le ona mo go netefatseng gore re tshegetsa batho ba borona le go ba babalela mo kotsing nngwe le nngwe.


Re tla dira gotlhe – mme e bile re tshwanetse go dira jalo – go itharabologelwa mo matsapeng ano a a amang batho, loago le ikonomi.

Naga ya rona le lefatshe le re tshelang mo go lona botshelo ga bo kitla bo nna jaaka bo ne bole mo malobeng.


Re ikemiseditse e seng fela go busetsa sekeng maemo a ikonomi ya rona mo a neng a le pele re setlwa ke mogare ono wa corona, fela le go tlhoma dithulaganyo tse dintšhwa tsa ikonomi eo lefatshe lotlhe le ipaakanyetsang go samaganang le yone.


Leano le legolo la rona la ikonomi jaaka re tlhabela pele le tla tlhoka tumelano ya loago e ntšhwa e e utlwanetsweng ke bannaleseabe botlhe – ba dikgwebo, ba mekgatlho ya badiri, baagi le puso – go rulaganya sešwa ikonomi ya rona le go fitlhelela kgolo ya ikonomi e e tsenyeletsang batho botlhe.


Ka go agelela mo tirisanommogong e re e bonang mo badirisanimmogo botlhe mo mererong ya loago jaaka re tobane le matsapa ano, re tla potlakisa paakanyo ya go rulaganya sešwa maemo a a leng teng go ka fokotsa dituediso tse di leng teng tsa go tlhama kgwebo, ka go tlhotlheletsa ditlhagisiwa tsa ka fa nageng le go tlhotlheletsa pulo ya difeme, go fokotsa thuso ya dikgwebo tse dikgolo tsa puso mme ra gagamatsa tshegetso mo lekaleng la dikgwebo tse di sa kwadisiwang semmuso.

Re tla tlhoma tumelano e e ikaegileng ka phetolothefosano ya phetakapejana ya ikonomi e e netefatsang gore e atolosa maemo a ikonomi a basadi, bašwa le batho ba ba tshelang ka bogolofadi mmogo le dikarolo tse di tsosolosang diteropokgolo tsa rona, metse lmmogo e metseselegae ya rona gore e boele e nne le botshelo.


Ikonomi ya rona e ntšhwa e tshwanetse go ikaega ka go se kgobelele ba bangwe, go matlafatsana, bosiamisi le tekatekano.


E tshwanetse go sola mosola sedirisiwa se sengwe le se sengwe, bokgoni jo bongwe le jo bongwe le boitshimololedi jo bongwe le jo bongwe jo re nang le jona mo go tlameleng batho ba naga eno.


Ikonomi ya rona e ntšhwa e tshwanetse go bulela mafulo a matalana a mantšhwa le ditšhono tse dintšhwa.


Mo dikgweding tse di fetileng, maAforika Borwa a bulelane dipelo.


Le ka motsotso no le fa go tlhokagala gore re ikentshe ditlhabelo tse di seng kana ka sepe, re bona bokamoso jwa rona bo le botoka thata e bile re na le phisegelo ya jona.


Le fa re iphitlhela re le mo maemong a a diphatsa, le fa re iphitlhela re gapeletsega go ikentshe ditlhabelo tse di seng kana ka sepe, le fa re iphitlhela re sa kgone go letla go tsaya seemo seno bonolo, bokamoso jwa rona jone re bo leba ka leitlho le le phophomang ka tsotlhe tse dintle.


Ke na le tshepo mo matleng le mo boitshokong jwa maAforika Borwa a gaetsho, bao ba ipontshitseng gangwe le gape – mo hisetoring ya rona – gore ba na le matla a go mekamekana le dikgwetlho tseno.


Re tla itharabologelwa.


Re tla supoga mo dinaleng tsa phage.


Re tla atlega.


A Modimo a boloke naga ya Aforika Borwa le setšhaba sa yona.


Ke a leboga.

Share this page

Similar categories to explore