Puo ka Moporesitente Cyril Ramaphosa ka ga Tswelopele mo Maitekong a Bosetšhaba a go Laola Leroborobo la COVID-19 

Maaforika Borwa a a rategang, 

Labotlhano o re yang re mo lebile o tla bo a supa ngwaga o le mongwe fa e sale kgetse ya ntlha ya mogare wa corona e begiwa mo Aforika Borwa.

Fa e sale motsi oo, batho ba feta milione o le mongwe le halofo ba setse ba tshwaeditswe ke mogare o mme ba ka nna 50 000 go begilwe fa ba tlhokafetse ka ntlha ya bolwetse jo. 

Go fetogile go le gontsi mo nageng ya rona le mo matshelong a rona. 

Fela mowa wa batho ba rona ga o a fetoga. 

Lo itshoketse maima a magolo, fela lo nnile le sebete, lwa nna seoposengwe le go tswelela go nna le tsholofelo. 

Jaanong, ngwaga morago ga gore mogare o o goroge mo nageng ya rona, re na le tsamaiso e e bonalang ya go samagana le ditshwaetso, mme se, se tla dira gore re fenye bolwetse jo. 

Mo sebakeng se se ka fa tlase ga ngwaga, lephata la lefatshe la boitseanape le dirile, la sekaseka ka tsenelelo le go tlhagisa meento e e farologaneng, e e babalesegileng e bile e nonofile kgatlhanong le bolwetse jo. 

Borasaense ba Aforika Borwa mmogo le ditheo tsa ditlhotlhomiso ba nnile le seabe se se botlhokwa mo maitekong a, mme ba tlhotlheleditse gape le kitso ya lefatshe lotlhe ka ga bolwetse jo, go akaretsa go runya ga mefuta e mešwa. 

Re ntse re tsweletse go dumela gore moento e tla nna tsela e e nonofileng go gaisa ya go samagana le COVID-19, mme go netefatsa seo re ne ra tlhoma ditsamaiso kwa maemong a kontinente le a bosetšhaba go ipaakanyetsa go ribololwa ga moento o o nonofileng. 
Fela jaaka dinaga tse dingwe, le rona re simolotse ka letsholo la rona la go enta. 

Mo matsatsing a le 10 fa e sale re thankgolotse letsholo la go enta, badiredi ba boitekanelo ba feta 67 000 – e leng bona ba di gogang kwa pele mo ntweng kgatlhanong le COVID-19 – ba setse ba entilwe.

Setlhopha se sengwe sa meento e le 80 000 ya Johnson & Johnson se gorogile mo nageng maabane, mme re tswelela go oketsa palo ya meento e e tlhabiwang letsatsi le letsatsi

Tshimololo ya letsholo la go enta e tsamaile sentle tota. 

E supile tse re ka di fitlhelelang fa re dira mmogo jaaka puso, baitseanape le lekala la poraefete. 

Diporofense tsotlhe di tlhomile mafelo a go entela e bile di na le maano a katoloso ya letsholo le jaaka le tswelela go gola. 

Palo ya mafelo a a tla nnang teng a go entela e tla okediwa mo bekeng e e tlang go tswa go mafelo a le 17 go ya go a le 49. 

Mo mafelong a le 49 a, a le 32 a tla nna kwa maokelong a puso fa a le 17 a tla nna kwa maokelong a poraefete. 
Se se akaretsa mafelo a a kwa metsemagaeng go tokafatsa phitlhelelo go batlhankedi ba boitekanelo kwa metsemagaeng. 
Fa go entiwa ga batlhankedi ba boitekanelo go sena go konosediwa, re tla simolola ka kgato ya bobedi ya letsholo la go enta moragonyana mo kgweding ya Moranang kgotsa go sa le gale mo kgweding ya Motsheganong. 

Kgato ya bobedi e tla akaretsa batsofe, batlhankedi ba ba di gogang kwa pele, batho ba ba tshelang kgotsa ba dirang mo mafelong a ditheo tsa tlhokomelo gammogo le ba ba nang le malwetse a a sa foleng. 

Mo kgatong e, re tlile go oketsa mafelo a go entele mo makaleng a puso le a poraefete gore re kgone go fitlhelela batho ba bontsi jo bo kgonegang mo pakeng e khutshwane. 

Re sa tswa go saena tumalano le Johnson & Johnson ya go reka meento e le dimilione tse 11. 

Mo meentong eno, e le dimilione tse 2,8 e tla tlisiwa mo kotareng ya bobedi mme e e setseng e tla tlisiwa mo tsamaong ya ngwaga.

Re rekile gape meento e le dimilione tse 20 ya Pfizer, e e tla tlisiwang mo kotareng ya bobedi. 

Godimo ga moo, re rekile meento e mengwe gape e le dimilione tse 12 go tswa go setheo sa COVAX mme re letetse gore ba Mokgatlhotshwaraganelo wa Aforika ba re kgaoganyetse šere ya rona. 

Re tswelela go golagana gangwe le gape le batlhagisi ba bangwe ba meento go netefatsa gore re na le palo e e lekaneng ya meento e fa re e tlhoka.

Maaforika Borwa a a rategang, 

Fa ke ne ke lo eme ka lefoko go sa le gale kwa tshimologo ya ngwaga o, naga ya rona e ne e setse e fetile setlhoa sa lekhubu la bobedi la ditshwaetso tsa mogare wa corona. 

Lekhubu la bobedi, le le neng le kgweediwa ke mofuta o mošwa wa mogare o, le ne le le bogale go gaisa e bile le bakile dintsho tse dintsi go feta lekhubu la ntlha. 

Ga jaana, go a bonala gore naga e fetile lekhubu la bobedi. 

Ditshwaetso tse dišwa, go amogelwa kwa maokelong le dintsho di fokotsegile thata e bile di tswelela go wela tlase.

Mo bekeng e e sa tswang go feta, naga e kwadisitse ditshwaetso tse dišwa tse di ka fa tlase ga 10 000.

Kgwedi e e fetileng, mo bekeng ya bofelo ya Ferikgong, go begilwe dikgetse di feta 40 000 tse dišwa. 
Mme kgwedi pele ga moo, mo bekeng ya bofelo ya Sedimonthole, naga e begile dikgetse tse dišwa di ka nna 90 000. 

Kwelotlase e kgolo e ya dikgetse mo dibekeng tse robedi ke ka ntlha ya mabaka a a farologaneng a boitekanelo a a neng a tsenngwa tirisong, phetogo ya maitsholo le go matlafala ga masole a mmele mo go ba ba neng ba tshwaetsegile mo mafelong a rona. 

Re ne ra kgona go tswa mo lekhubung la bobedi gonne batho ba bantsi ba ne ba ikobela dikiletso tse di gagametseng le go diragatsa melawana ya motheo ya boitekanelo, go akaretsa go apara dimmaseke fa ba le mo bathong le go katogana ga batho. 

Dikgato tse re neng ra tshwanelwa ke go di tsenya tirisong ka Sedimonthole di ne di le botlhokwa go laola ditshwaetso le go thibela gore maokelo a rona a seka a nna ka fa tlase ga kgatelelo e kgolo. 

Di ne di le botlhokwa go babalela le matshelo a batho. 

Re ne ra tshwanelwa ke go tsenya dikgato tse tirisong re ntse re itse gore di tlhoma maparego mo matshelong a letsatsi le letsatsi a batho ba naga ya rona. Di bakile dikgoreletsi tse dintsi mo bathong ba bantsi.

Le fa re lekile ka natla go tshola ikonomi e butswe, re ne re itse gore go na le dikarolo tse dingwe tsa ikonomi tse di tla amegang mme di ka se kgone go dira ka botlalo. 

Dikgato tsa rona ka gale e ne e le gore dikiletso tse di se ke tsa nna di le mo tirisong sebaka se se feteletseng go gaisa taolo ya bolwetse. 

Ka ntlha ya kwelotlase ya ditshwaetso, naga jaanong e ka repisa tse dingwe tsa dikiletso tsa motsamao le ditiragalo tsa ikonomi. 

Mme gape, re dira jalo ka kelotlhoko. 

Le morago ga paka e telejana ya ditshwaetso tse di kwa tlase, re itemogetse ka moo palo ya ditshwaetso tse dišwa e ka tlhatlogang ka bonako ntle le tsiboso. 

Go ya ka tshekatsheko ya maemo a ga jaana a leroborobo le mo nageng ya rona, Kabinete e sweditse go tlosa naga mo Maemong a Boraro a Tsiboso a Mogare wa Corona go ya go Maemo a Tsiboso a Ntlha. 

Maemo a mašwa a a tsiboso a tlile go tsena tirisong moragonyana mo bosigong jo fa melawana e sena go kwadisiwa mo kaseteng. 
Se se kaya gore:

  • Dinako tsa taolomotsamao wa batho e tla nna go tloga ka ura ya bo 12 bosigogare go fitlha ka ura ya bone mo matsheng. 
  • Dikokoano di tla letlelelwa, go lebilwe bogolo, go ikobela katologano ya batho le melawana e mengwe ya boitekanelo. 

Tsona di akaretsa dikokoano tsa sedumedi, loago, sepolotiki le tsa setso. 

  • Palo e e kwa godimo e e dumeletsweng ya batho kwa kokoanong e e mo teng ga kago ke 100 fa kwa ntle go dumelelwa 250. Fa lefelo le le lennye go ka amogela dipalo tse ka katologano ya batho e e maleba, gone palo e e dumeletsweng ga e a tshwanela go feta halofo ya palogotlhe e e metswang ke mothamo wa lefelo leo. 
  • Ditebelelo kgotsa dikokoano tse dingwe pele le morago ga diphitlho di santse di sa dumelelwa. 
  • Mafelo a go nwelwang nnotagi le go roba letheka kwa go ona bosigo a tla nna a tswetswe.
  • Thekiso ya nnotagi e tla letlelelwa, go ya ka dipeelano tsa tlwaelo tsa laesense. Le fa go le jalo, nnotagi ga e a tshwanelwa go rekisiwa mo diureng tsa taolo ya motsamao. 
  • Go apara mmaseke fa o le fa gare ga batho e sa ntse e le segapeletsa, mme fa o sa apare mmaseke fa o laelwa e santse e le tlolomolao. 
  • Melelwane ya naga e le 33 e e ntseng e tswetswe mo pakeng e, e tla nna e tswetswe, fa e mengwe e le 20 e tla nna e butswe. 
  • Ke maemafofane a le matlhano fela a a tla bulelwang maeto a boditšhaba mme seno se tla letlelelwa fa maemafofane ano a ikamanya le metheo ya go laola tshwaetso. One ke boemafofane jwa OR Tambo, jwa Cape Town, jwa King Shaka, jwa Kruger Mpumalanga le jwa Lanseria.

Jaaka re repisa dikiletso, ga re a tshwanela go itebala. 

Dikiletso di le mmalwa tse di setseng ka fa tlase ga Maemo a Tsiboso a Ntlha di tlogeletswe go thusa go tshola maemo a ditshwaetso a le kwa tlase, le go thibela ditiragalo tse e ka nnang tsona di anamisang bolwetse jono. 

Mofuta o mošwa – o o itsegeng jaaka 501Y.v2 – ke ona mofuta o o tletseng mo nageng ga jaana.

Ka ntlha ya fa mofuta o mošwa o o fetela bonolo, o na le bokgoni ba go tshwaetsa batho ba bantsi, go tlisa kgatelelo mo maokelong a rona le go baka dintsho tse dintsi.

Ka jalo, katologano ya batho e botlhokwa thata.
Go apara mmaseke le go tila mafelo a a tletseng batho go botlhokwa thata. 

Mme go botlhokwa thata gore jaanong re sitlhololele COVID Alert SA mo diselefounung tsa rona. 

Maaforika Borwa a ka nna dimilione tse pedi a setse a dirisa COVID Alert SA go ba itsise fa ba le mo lefelong le ba ka tshwaediwang ke mogare o. 

Tsweetswee, tsamaya o ye go dira diteko fa o na le matshwao a COVID-19.

Dikgato tse ga se fela tsa go ipabalela ka borona mme ke tsa go babalela le ba re ba ratang e bile re ba kgathalela. 

Go latela dikgato tse ke ka ga go babalela wena, ba lelapa la gago le setšhaba sa gaeno. 

Ke ka ga go nna le maikarabelo le go tlhokomela batho ba bangwe. 

Re tshwanetse go tswelela ka dikgato tse le fa batho ba bantsi ba ntse ba entiwa.

Meento e fokotsa thata kgonego ya gore motho a nne le matshwao le go gatelelwa ke bolwetse, e bile e fokotsa gape le seelo sa tshwaetso mo setšhabeng. 

Ka jalo re tshwanetse go bona meento e le nngwe ya ditsela tse re nang le tsona mo ntweng kgatlhanong le mogare wa corona go kgona go laola leroborobo le. 

Jaaka re buile mo malobeng, meento ga jaana ke yona kgato e e nonofileng go gaisa e re nang nayo. 

Le fa go le jalo, re tla kgona go fenya leroborobo le fela fa re ka tswelela go dirisa gape le mekgwathibelo e mengwe. 

Re tshwanetse go di dira tsoopedi gore re fenye leroborobo le, le gore re kgone go itlhaganedisa tsosoloso ya ikonomi. 

Re tshwanetse go dira se go busetsa naga ya rona kwa tseleng ya kgolo le gore batho ba boelwe ke ditiro. 

Le fa tsamaiso ya ikonomi e boela mannong, le fa re rebola mananeo a a tlhotlheletsang go tlholwa ga ditiro le peeletso mo mafaratlhatlheng, le fa re tlisa diphetogo mo ikonoming ka potlako, dikgwebo tse dintsi di santse di kgaratlha. 
Batho ba bantsi ba santse ba ise ba boelwe ke ditiro tsa bona mme malapa a mantsi a santse a ikutlwela ditlamorago tsa go latlhegelwa ke lotseno. 
Jaaka ke begile mo Puong ya Maemo a Setšhaba, re atolositse paka ya Thuso e e Kgethegileng ya COVID-19 ka dikgwedi tse dingwe tse tharo go fitlha kwa bokhutlong jwa Moranang. 

Re atolositse gape le paka ya poelo e e kgethegileng ya thuso ya meputso ya COVID-19 ya UIF go fitlha ka 15 Mopitlwe 2021 go thusa makala a ikonomi a a iseng a kgone go dira mo pakeng e.
Mekgwa e e supile fa e nonofile go fokotsa ditlamorago tse di sa jeseng diwelang tsa leroborobo le mo ikonoming, e leng se se amang batho ba ba tlhokang go gaisa mo setšhabeng sa rona. 

Le fa go le jalo, matlotlo a setšhaba a naga ya rona a gatelegile thata, mme re ka se kgone go dira gore mekgwa e ya namolo e nnele ruri. 

Go boela kwa Maemong a Tsiboso a Ntlha go kaya gore bontsi ba dikiletso tse di setseng mo tsamaisong ya ikonomi di tlositswe. 

Re solofela fa se se tla baka gore go nne le tlhatlogo mo dithekong, e leng se se tla tlhotlheletsang gore naga e boelwe ke ditiro. 
Re solofela gore dikgwebo di tsenye tirisong maano a di ka tswang di ne di a sekegile. 

Jaaka re dira diphetogo tse di rileng tsa tsamaiso, se se tla tlhomamisa matlhogela a matala a re setseng re simolotse go a bona mo ikonoming. 

Ke ka moo thata le maiteko a rona otlhe ga jaana a tshwanetseng go tsepamisiwa mo kgolong ya ikonomi – mme se se akaretsa go tshola ditshwaetso di le kwa tlase. 

Ka lebaka leo, gareng ga tse dingwe, go nolofadiwa ga dikganelo ga go a tshwanelwa go diriswa jaaka lebaka la go beela ditsiboso kwa thoko. 

Matshosetsi a lekhubu la boraro a tswelela go nna a le teng, fela jaaka matshosetsi a mefuta e mengwe gape ya mogare o. 

Jaaka re itemogetse ngogola, dikgato tsa rona ka bongwe ka bongwe le ka bontsi ke tsona di tla re kaelang gore a re tla itemogela go runya go gongwe ga mogare o le gore leng.

Ga jaana, mogare o o tswelela go tsamaya mo malapeng a rona, kwa ditirong le mo metseng ya borona. 
Jaaka letsholo la rona la go enta le gola, re tshwanetse go netefatsa gore re a itshireletsa le go sireletsa ba bangwe. 

Mmogo le borasaense le baitseanape ba rona, re tla tswelela go ela maemo tlhoko le go fetola dikgato tsa tsibogo ya rona ka tsela e e maleba e bile e direga. 

Leroborobo le le re tseetse go le gontsi, fela ga le a tsaya thata ya rona, thotloetso le mowa wa rona wa go nna seoposengwe jaaka setšhaba. 

Se ga se a re nyemisa mooko le e seng go koafatsa maikemisetso a rona.

Mowa wa rona o o kgethegileng jaaka maAforika Borwa o re kgontshitse go nna re tsepame le mo teng ga maemo a a matshosetsi, mme se se tla tswelela go re tlhotlheletsa jaaka re tswelela go itharabologelwa. 

Tlaa re tsweleleng go nna seoposengwe, go nna le tsholofelo le go nna le maikemisetso go feta mo malobeng gore re kgone go fenya kgwetlho e.

A Modimo a tswelele go tshegofatsa Aforika Borwa le go sireletsa batho ba gagwe.

Ke a lo leboga.
 

Share this page

Similar categories to explore