Moporesitente Cyril Ramaphosa: Puo ya peodinakong ka maemo a tshireletso mo nageng

Maaforika Borwa a a rategang,
 
Mo mosong wa gompieno ke etetse dikarolo tsa KwaMashu, Springfield, Mobeni le Umlazi kwa KwaZulu-Natal, tse go neng go le tirisodikgoka le tshenyo e e feteletseng mo matsatsing a le mmalwa a a fetileng.
 
Ke bone mebila le dikago tse di ripitlilweng ke ditiragalo tsa bogodu le tlhakatlhakano.
 
Fela se se utlwisang botlhoko go gaisa, ke seabe se ditiragalo tse di nnileng naso mo matshelong a batho, mo ditseleng tseo ba itshidisang ka tsona le mo tshireletsong.
 
Go tla tsaya nako gore matshelo a batho a boele mannong.

Go mo pepeneng ga jaana gore ditiragalo tsa beke e e fetileng e ne e se sepe fela fa e se tlhaselo ya ka bomo e e logetsweng lemena e e rulagantsweng sentle go tlhasela temokerasi ya rona.
 
Molaotheo wa rona o melelwa dinaka.
 
Maemo a ketsaetsego a ga jaana le tlhotlheletso e e tswelelang ya tirisodikgoka ke kgatako e e tlhamaletseng ya Molaotheo le molao ka kakaretso.
 
Maitlhomo a dikgato tse ke go koafatsa ikonomi, go baka ketsaetsego ya loago le go koafatsa thata – kgotsa le go kumula – puso ya rona ya temokerasi.
 
Ba ba tlhotlheletsang ditiragalo tse, ba iphitlha ka ngongorego ya sepolotiki go fetlha boganetsapuso.
 
Ba ne ba batla go dirisa maemo a loago le a ikonomi a Maaforika Borwa a mantsi a tshelang ka fa tlase ga ona – maemo a e leng gore a etegeditswe ke leroborobo la mogare wa corona – le go gwetlha baagi ka kakaretso le digongwana tsa bosenyi go nna le seabe mo ditirong tsa go utswa dithoto.
 
Tlhakatlhakano e e tsweletseng e dirisiwa jaaka seipato sa go baka kgoreletso ya ikonomi ka ditlhaselo tse di lebisitsweng mo dilloring, madirelo, mafelopolokelo a dithoto le mafaratlhatlha a mangwe a a botlhokwa mo tiragatsong ya ikonomi ya rona le go tlamela batho ba rona ka ditirelo.
 
Ka tiriso ya ditlhaeletsano ka inthanete, ka dikgang tsa maaka le tshedimosetso e e fosagetseng, ba batla gape le go tlhotlheletsa dikgotlhang tsa bosemorafe le tirisodikgoka.
 
Godimo ga moo, ba dirisa gape le batho ba ba tlhokang le ba ba leng mo khumanegong go dira ditiro tsa bona tse di leswe.
 
Le fa go nnile le tshenyo e kgolo e e diragetseng, maiteko ano a boganetsapuso a reteletswe ke go bona tshegetso.
 
A reteletswe ka ntlha ya maiteko a matsholotshireletso a rona, e bile a reteletswe ka ntlha ya fa Maaforika Borwa a ganeditse se mme ba ema ka dinao go sireletsa temokerasi ya bona e e fitlheletsweng ka go dira ka natla.
 
Ke bone seno gompieno fa ke ne ke tsamaya mo mebileng ya eThekwini.
 
Ke bone batho ba phepafatsa mebila, ba tsosolosa matshelo a bona le go nna seoposengwe le fa ba farologane, e ne e le bašwa le bagolo, banna le basadi, bantsho le basweu.
 
Ba ne ba itumeletse tshegetso ya matsholotshireletso mme ba ne ba ntlhalosetsa gore fa ba le jaana ke seoposengwe e bile ba tla dirisana le puso go busetsa maemo sekeng.
 
Maaforika Borwa a a rategang,
 
Fa e sale go runya ga tirisodikgoka e, batho ba ka nna 212 ba latlhegetswe ke matshelo.
 
Ba le 180 ba bona ke baagi ba kwa KwaZulu-Natal, mme ba le 32 bona ke ba kwa Gauteng.
 
Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa e tlhotlhomisa dikgetse di le 131 tsa polao mme e butse gape le dikgetse tsa go phuruphutsa sebakwa sa polao tebang le batho ba le 81 ba ba tlhokafetseng.
 
Re gopola le go rapelela malapa a ba ba latlhegetsweng ke matshelo ka ntlha ya tirisodikgoka e e senang tlhaloganyo e. E ke kutlobotlhoko e go senang lelapa kgotsa setšhaba se se tshwanetseng go itemogela yona.
 
Fa e sale dikhuduego tse di simolola, Setheo sa Bosetšhaba sa Ditiro tse di Kopanetsweng le Matlhale (NATJOINS) se kwadisitse ditiragalo di feta 118 tsa tirisodikgoka mo setšhabeng, go fisiwa ga dithoto, go utswiwa ga dithoto le ditiragalo tse dingwe tse di nyalanang le dikhuduego.
 
Ditiragalo tse di ne di aname kwa Gauteng le kwa KwaZulu-Natal.
 
Fa e sale dikhuduego tse di simolola ka Mosupologo le Labobedi, go nnile le kwelotlase e kgolo mo palong ya ditiragalo tse mme maemo a edile kwa bontsing jwa mafelo a.
 
Batho ba feta 2 250 ba setse ba tshwerwe tebang le dikhuduego tse, mme go dirwa dithulaganyo tse di kgethegileng go netefatsa gore dikgetse tse di bewa kwa setlhoeng.
 
Tshenyo le bogodu ba dithoto di jetse dikgwebo, badirisi le naga ka kakaretso dibilione tsa diranta.  
 
Go ya ka dipegelo tsa go sa le gale tse di rulagantsweng ke NATJOINTS, tshenyo e kgolo e dirilwe kwa mabenkeleng le ditikwatikweng tsa marekelo di le 161, mafelo a polokelodithoto a le 11, madirelo a le 8 le mabenkele le mafelopolokelo a majalwa a le 161.
 
Tse ga di akaretse tshenyo e e bakilweng mo ditseleng le mo mafaratlhatlheng a mangwe.
 
Maaforika Borwa a a rategang,
 
Jaaka puso, re tshwanetse go amogela gore re fitlhetswe re sa ikatega fa re leba ipaakanyo ya rona tebang le letsholo le le tlhotlheleditsweng le la dikhuduego, tshenyo le kgoreletso ya mofuta o.
 
Le fa tota re akgola dikgato tsa matsholotshireletso a rona, re tshwanetse go amogela gore re ne re sena bokgoni le maano a a mo tirisong go tsiboga ka bonako le ka nonofo.
 
Mapodisi a rona a ne a lebagane le maemo a a bokete mme ba itshola sentle go tila tatlhegelo ya matshelo le go etegela ga maemo.
 
Le fa go le jalo, morago ga gore matsholotshireletso a okediwe, ba ne ba kgona go busetsa maemo taolong ka bonako mo mafelong a le mantsi a a neng a amegile.  
 
Fa bothata jo bo sena go feta, re tla sekaseka ka kelotlhoko ipaakanyo le tsibogo ya rona.
 
Ga jaana, tse re batlang go di fitlhelela ke tse di latelang:
 
Sa ntlha, go edisa maemo mo nageng,
 
Sa bobedi, go sireletsa ditlamelo tse di botlhokwa le mafaratlhatlha,
 
Sa boraro, go rola boima jo bo rwelweng le go ema nokeng matsholo a tsosoloso le kagosešwa,
 
Sa bone, go rotloetsa baagi go sireletsa matshelo a bona, go sireletsa ditsela tseo ba iphedisang ka tsona le go sireletsa temokerasi.
 
Mo go busetseng maemo sekeng ka fa nageng, re okeditse palo ya batlhankedi ba ba disang kobamelo ya molao le ba tshireletso mo Gauteng le KwaZulu-Natal.
 
Ke rebotse tetla ya gore go ka romelwa masole a le 25 000 a Tshireletso ya Naga ya Aforika Borwa (SANDF) go tshegetsa tiro ya sepodisi.
 
Ba le 10 000 ba bona ba setse ba le mo tirong, mme mephato e e setseng e tla romelwa kwa mafelong a a farologaneng mo bokhutlhong jwa beke.
 
Go na le kgatelopele e e ntseng e diriwa mo go sireletseng mafaratlhatlha a rona a go rwala dithoto:

  • Tselafefo ya N3 magareng ga eThekwini le Gauteng e butswe gape mme batlhankedi ba tshireletso ba teng foo go netefatsa gore ditsela tseno tse dithoto tse di botlhokwa di kgabaganyang mo go tsona di nna di ntse di butswe.
  • Batlhankedi ba tshireletso ba dirisana le dikgwebo go netefatsa gore lookwane, dijo, okesijene, melemo, dikhemikhale le ditlamelo tse dingwe tsa botlhokwa di tsamaya di babaletswe.
  • Ditiro mo mafelong a maemakepe a Durban le Richards Bay di busediwa mannong go dira gore ditiro tsa thomelontle le thomeloteng di simolole go dira.
  • Go rebotswe Melawana go ya ka Molao wa Kgaisano go kgontsha difeme tse di tlamelang ka dithoto tsa botlhokwa go abelana tshedimosetso ka ga phitlhelelego le topo ya dithoto tse di rileng. Se se tla thusa go tila ditlhaelo tsa dithoto tsa botlhokwa le go rotloetsa phasalatso e e lekalekanang ya dithoto tse di tlhaelang go ralala naga.


Dikgato tse di tla netefatsa gore dikgwebo tsa tlamelo di tswelela go dira sentle ntle le kgoreletsego epe.
 
Ke rata go gatelela gore ga go na tlhaelo ya dijo kgotsa ya ditlamelo mo dikarolong di le dintsi tsa ka fa nageng, mme go reka dilo tseno kontsi ka ntlha ya go boifa gore di tloga di fela go ka dira gore maemo ano a tswe mo taolong.
 
Godimo ga go tshegetsa sepodisi le go tlisa tolamo, maloko a SANDF a tlhomilwe go sireletsa mafaratlhatlha a botlhokwa le mafelo a kgwebo a a leng botlhokwa mo go direng ga ikonomi le tlamelo ya ditirelo go baagi ntle le kgoreletso.
 
Diyuniti tse di kgethegileng tsa tsenyotirisong ya molao di dira ka natla go batla le go tshwara ba ba rweleng maikarabelo a go loga le go rulaganya tirisodikgoka e.
 
Re tla dira ka natla go netefatsa gore batho ba ba sekisiwa.
 
Go nnile le dikopo go tswa mo makaleng a a farologaneng tsa gore go tsenngwe tirisong maemo a tshoganyetso a sesole go laola tirisodikgoka le tshenyo e.
 
Dikopo tse di a tlhaloganyega ka ntlha ya maemo a a tswileng mo taolong a tlolomolao.
 
Kgopolo ya rona ke gore maemo a tshoganyetso a sesole a tshwanetse go tsenngwa tirisong fa fela re lekile mme go retetsa go ka ritibatsa maemo.
 
Maemo a tshoganyetso a sesole a tla fokotsa thata ditshwanelo tsa motheo tse di fitlhelwang mo teng ga Molaotheo wa rona, mme seno ga se se puso e e nang le maikarabelo e ka batlang go se dira ntle le fa e le gore ke segapeletsa go dira jalo.
 
Ga jaana, re bona gore go romela batlhankedi ba tshireletsego go thusana le baagi le balekane ba loago go ralala naga, go tla kgona go busetsa maemo ka fa tlase ga taolo le go thibela ditiragalo tse dingwe tsa tirisodikgoka.
 
Re tla tima melelo e e befileng e, re be re time le tlhase ya bofelo tota.
 
Re tla batla le go tsaya dikgato kgatlhanong le ba ba goteditseng molelo o, le ba ba o tlhotlheditseng.
 
Re tla tshwara batlhotlheletsi ba tirisodikgoka e. Ba tla rwesiwa maikarabelo a ditiro tsa bona. Ga re kitla re letla ope go baka tlhakatlhakano mo nageng ya rona re bo re mo tlogela fela.
 
Ga re kitla re letla motho ope kgotsa setlhopha sepe go nyatsa puso ya rona e e tlhophilweng ka temokerasi.
 
Le fa batlhankedi ba rona ba tshireletso ba tsweletse go busetsa maemo mo taolong mo mafelong a, ditlamorago tsa tirisodikgoka e, di tla ama Maaforika Borwa otlhe mo matsatsing, dibekeng le dikgweding tse di latelang.
 
Tshenyo e e dirilweng mo mafaratlhatlheng a botlhokwa a ikonomi e tla tsaya nako go baakanngwa.
 
Se se tla nna le seabe mo tlamelong e e sa tlhaeleng ya dijo, lookwane, melemo le ditlamelo tse dingwe, e seng fela mo Aforika Borwa, le mo dinageng tsa kgaolo e.
 
Tirisodikgoka le tshenyo e, di bakile tshenyo e kgolo mo ikonoming ya rona mo nakong e re ntseng re kgaratlha go tsoga mo matsading a leroborobo la mogare wa corona.
 
E sentse dikgwebo, mme se se tla baka gore batho ba bangwe ba felelwe ke ditiro.
 
Kwa bofelong, se se tla gakatsa botlhoki le go dira gore dimilione tsa Maaforika Borwa di goge bokete.
 
Go utswiwa ga dithoto mo bekeng e e fetileng, go tla oketsa palo ya ditshwaetso tsa COVID-19.
 
Ditiragalo tse di kgoreleditse gape le lenaneo la rona la go enta la COVID-19 kwa KwaZulu-Natal le Gauteng ka nako e le neng le setse le golela pele.
 
Jaanong, go botlhokwa gore re tsee dikgato tse dingwe go tlamela ka tshegetso go malapa le go thusa dikgwebo go reka dithoto gape le go aga sešwa.
 
Re samagane le go tlamela malapa ka dijo. Re lebile segolo dikarolo tse di amilweng ke go utswiwa ga dithoto le kwa batho ba tlhaelwang ke dijo.
 
Mafapha a Porofense a Tlhabololo ya Loago le Setheo sa Tshireletso ya Loago sa Aforika Borwa (SASSA) a tla dirisa tekanyetsokabo ya ona e e setseng ya lenaneo la Namolo ya Loago ya Matlhotlhapelo go tlamela ka tshegetso ya diphuthelwana tsa dijo, madi a a seatleng le divoutšhara tsa dijo.
 
Re dira ka natla gore dikantoro tsotlhe tsa SASSA di bule. Mafelo a go golelwang kwa go ona a solofelwa go simolola go bula go tloga ka la bo 19 Phukwi mo mafelong otlhe a a tla bong a itsisitswe fa maemo a ritibetse mo go ona e bile a babalesegile go ka bula.
 
Go thusa ka ditlhoko tsa motheo go baagi ba ba amegileng, Letlole la Momagano le tlhomile Letlole la Namolo go Batho ba ba mo Matlhotlhapelong go thusa ba ba nang le tlhoko e kgolo ga jaana. Re ikuela go Maaforika Borwa otlhe go tshegetsa letlole le.  
 
Re lebogela tshegetso ya ditlamo tse dintsi, mekgatlo le ditlhopha tsa sedumedi tse di setseng di simolotse go tlamela ka tshegetso go malapa a a mo tlalelong.
 
Balekane ba loago ba ntse ba kopana go buisana ka mekgwa e e ka tsenngwang tirisong go imolola ka gangwe matsapa a a leng teng ka matlole a re nang le ona.
 
Tsona di akaretsa go thusa baagi ka dijo le thuso e nngwe go ba ba mo tlalelong e kgolo.
 
Re tla thusa gape le dikgwebopotlana tsa rona, go akaretsa tse di kwa metsesetoropong le kwa mafelong a magae, go di tsosolosa go latela ditshenyegelong tse di itemogetseng tsona.
 
Borakgwebo ba rona ba tlamela ditšhaba tsa rona ka dithoto le ditirelo tse di botlhokwa, mme re tlile go ba thusa go tsosa dikgwebo tsa bona.
 
Setlhopha mo Kantorong ya Moporesitente le Lefapha la Matlotlo a Bosetšhaba ba samagane le go kwala lenaneo le le feletseng la go thusa dikgwebo le le tla sekasekwang ke Kabinete.
 
Re tla neela pegelo tebang le ntlha e mo nakong e e sa fediseng pelo.
 
Mo pakeng e khutshwane, go botlhokwa gore re busetse lenaneo la rona la go enta mo tseleng ka bonako jo bo kgonegang, mme re tla dira ka bojotlhe jo bo kgonegang go fitlhelela se.
 
Maaforika Borwa a a rategang,
 
Le fa tota maemo a ritibetse mo mafelong a mantsi mo Gauteng le KwaZulu-Natal, matshosetsi mo nageng le mo temokerasing ya rona a santse a le teng.
 
Ba ba rulagantseng letsholo le la tirisodikgoka le tshenyo ga ba ise ba tshwarwe le digongwana tsa bona ga di ise di phatlhaladiwe.
 
Ka jalo, re tshwanetse go nna re le malala a laotswe go kganela maiteko afe fela a go tlhotlheletsa tirisodikgoka e nngwe.   
 
Re leboga tshegetso e e sa tekatekeng go tswa go baeteledipele ba sedumedi, ba setso, makoko a sepolotiki, badiri le kgwebo.
 
Re akgola batho, mekgatlo le baagi ba ba ikemiseditseng, ka tsela ya kagiso, go busetsa maemo mannong le go sireletsa matshelo, dithoto le mafaratlhatlha.
 
Re leboga batho botlhe ba ba tsweletseng go nna mo mannong a bona mo gare ga maemo a a bokete e bile a le kotsi, ba rebolela batho ba rona le naga ya rona ditirelo – re bua ka batlhankedi ba ba ba disang kobamelo ya molao, baoki, batlhankedi ba tlhokomelo ya loago, badiri ba mmasepala le badiredipuso ba bangwe ba ba di gogang kwa pele.
 
Re leboga babegakgang ba rona ba ba ntseng ba neela dipego jaaka ditiragalo tse di ntse di diragala, go thusa go netefatsa gore Maaforika Borwa a neelwa tshedimosetso e e ba matlafatsang.
 
Re ikuela go baagi go ralala naga go dira le sepodisi ka Diforamo tse di Dirisanang le Sepodisi mo Mererong ya Pabalesego mo Metseng (di-CPF).
 
Ga go yo o tshwanetseng go itseela molao mo diatleng.
 
Re tshwanetse go itlhokomela kgatlhanong le ditiragalo tsa go sireletsa mafelo ka go bolaya batho ba bangwe, e leng se se ka goteletsang dikgotlhang tse.
 
Re ikuela go Maaforika Borwa otlhe go rotloetsa tolamo le boitshwaro, go tlogela go fetisa tshedimosetso e e fosagetseng, le go begela mapodisi ka ditiragalo dife fela tsa tirisodikgoka ka gangwe.
 
Ka go dira dilo tse tsa motheo, rotlhe re ka dira mmogo go sireletsa Aforika Borwa.
 
Latshipi ono, Maaforika Borwa a tla bo a inyalanya le batho go ralala lefatshe go keteka Letsatsi la Nelson Mandela.
 
Jaaka re netefatsa boineelo jwa rona mo temokerasing ya rona, tla re diriseng Letsatsi la Mandela go tlamela dijo go ba ba sa kgoneng mo setšhabeng sa rona, go phepafatsa mebila ya rona le go simolola tiro ya kagosešwa.
 
Le fa batlhankedi ba tshireletsego ba le botlhokwa mo go ritibatseng maemo le mo go busetseng maemo mo taolong, ba ba tlhaselang temokerasi ya rona ba tla itaya sefolletsa gonne batho ba Aforika Borwa ga ba kitla ba ba letlelela go dira seo.  
 
Fa re ema mmogo, ga go boganetsapuso kgotsa tirisodikgoka e e tla atlegang mo nageng ya rona.
 
Re mo ntweng ya go sireletsa temokerasi ya rona, Molaotheo wa rona, boleng jwa matshelo a rona le pabalesego ya rona.
 
E ga se ntwa e re tshwanetseng go fenngwa mo go yona.
 
Fa re leba kwa loe koo re tswang, re itse sentle gore koo re kile ra kopana le dinta di fuduga, le teng le fa go ne go le jalo, re ne ra phunyeletsa mme ra fenya re le seoposengwe.
 
Tla re nneng dipaki tsa thata le boitshoko jwa temokerasi ya rona, e seng go wa ga yona.
 
Tla re bueng ka phenyo ya Molaotheo wa rona, e seng tshenyo ya ona.
 
Re ka se letle porojeke e kgolo e ya botho, temokerasi ya rona ya Aforika Borwa, go retelelwa.
 
Fa ke garela ke rata go fetisetsa melaetsa ya matshidiso go malapa a Maaforika Borwa a a latelang a a tlhokafetseng mo matsatsing a le mmalwa a a fetileng:

Kgosi Sipho Mahlangu (Monnasetilo wa Ntlo ya Bosetšhaba ya Baeteledipele ba Setso), Tshepo Tshola (yo mongwe wa diopedi tsa rona tse di manontlhotlho), Moporofesara Ben Ngubane (Tonakgolo ya maloba ya KwaZulu-Natal), Aubrey Mokoena (Moeteledipele wa Letsholo la Kgololo ya ga Mandela yo gape e neng e le Tokololo ya Palamente ya maloba), Khehla Mthembu (moeteledipele wa kgwebo), Ngaka Sam Gulube (Mokwaledi wa Maloba wa Sesole), Geoff Makhubo (Ratoropo wa Johannesburg), Ngaka Vanguard Mkosana (Mokaedi Kakaretso wa maloba wa Lefapha la Ditiro) le Michael Zuma (monnawe Moporesitente wa maloba e bong Moporesitente Zuma).

A Modimo o tshegofatse Aforika Borwa le go sireletsa baagi ba yona.
 
A me a kalo.
 

 

Share this page

Similar categories to explore