Pegelo ya Moporesidente Cyril Ramaphosa ka ga Tswelopele go Maiteko a Naga go Laola Leroborobo la Mogare wa COVID-19

MaAforika Borwa ka nna,

E setse e le dikgwedi di le tlhano e sale go itsisiwe ga maemo a bosetšhaba a matlhotlhapelo go lwantsha leroborobo la mogare wa corona.

Jaaka ke buile ka nako eo, mme le ga jaana ke boeletsa, ga go ise go direga mo hisetoring ya temokerasi ya rona gore naga ya rona e lebane le matshosetsi a a bogale jaana - maemo a a batlileng tsibogelo e e sa tlwaelegang le ditlhabelo tse dikgolo.

E nnile dikgwedi tse tlhano tse di boima go gaisa, mme leroborobo le ketefaleditse – boitekanelo jwa batho ba rona, balosika le baagi, go tsamaiso ya setšhaba ya boitekanelo, go ikonomi le matshelo a batho a tsatsi le letsatsi.

Mo sebakeng sa nako eno e e boima se rotlhe re neng re se galetse thata jaaka maAorika Borwa ke go nna re itekanetse, re boloke matshelo a rona le go aga sešwa ikonomi ya rona.

Ke bua le lona mo maitseboeng ano re lebeletse matshwao a a bontshang tsholofelo.

Re dira tswelopele mo ntweng ya rona kgatlhanong le mogare wa COVID-19.

Mo sebakeng sa dibeke tse tharo tse di fetileng, palo ya dikgetse tse di netefaditsweng di wetse tlase go tswa mo go tseo di neng di feta 12 000 ka letsatsi go ya go palogare ya bokana ka 5 000 ka letsatsi mo bekeng e e fetileng.

Seelo sa go itharabologelwa mogareng wa corona se tlhatlogile go tswa go 48% ka nako ya puo ya me ya bofelo mme ga jaana se eme go 80%.

Palo e e oketsegang ya dikgetse di le 583 653 mo nageng ya rona e santse e le kwa godimo.

Le fa go le jalo, palo ya dikgetse tse di leng teng ga jaana e wela tlase letsatsi le letsatsi, mme ga jaana e eme go bokana ka 105 000.

Go bonala mogare ono o setse o fitlheletse kwa setlhoeng mo diporofenseng di le mmalwa, go tsenyeletsa Kapa Bophirima, Kapa Botlhaba, Gauteng mme e bile go na le kgonagalo ya gore le kwa KwaZulu-Natal go tla nna fela jalo.

Go tlhagelelela batho ba le mmalwa ka matshwao kwa mafelong a boitekanelo a rona.

Gape re fitlhela e le gore batho ba le mmalwa ba tlhoka go amogelwa kwa maokelong a rona mme tlhokego ya ditlhatlhobo tsa mogare wa corona di wetse tlase.

Palo ya balwetse ba ba kwa maokelong e fokotsegile go tswa go 10 000 kwa tshimologong ya kgwedi go ya go bokana ka 4 000.

Seno se fokotsa tota go tlala ga mafelo a rona a boitekanelo.

Go tloga gompieno, go netefaditswe fa batho ba le 11 667 ba bolailwe ke mogare wa COVID-19 mo Aforika Borwa.

Re lelela mongwe le mongwe yo o tlhokafetseng le bontsi jo re ka tswang ga jaana re sa itse ka ga bona.

Dintsho tsa batho ba bantsi jalo mo sebakeng sa nako e khutshwane e le ka ntlha ya mogare o o jaaka ono ke botlhoko jo bogolo joo re neng re sa lebella gore bo ka wela setšhaba sa rona ka nako eno ya kagiso le temokerasi.

Go totobetse jaanong gore fa e kabo re ne re sa dira ka bonako le go tsaya tshwetso jaaka re dirile – le fa re ka bo re sa isa tlhogong matshosetsi ano jaaka re dirile – re ka bo re latlhegetswe ke matshelo a le mantsi tota.

Matshwenyego magolo a rona e santse e le go tswelela go boloka matshelo mo dibekeng le dikgweding tse di tlang.

Fa ke ne ke itsise taolo ya motsamao wa batho wa bosetšhaba ka la bo 23 Mopitlwe e ne e le go thibela tlhagelelo e e kwa godimo e e sa lebelelwang le go sa laolege ya ditshwaetsego le go baakanya tsamaiso ya boitekanelo ya rona ka botlalo.

Fa re lebelela kwa morago mo dikgweding di le tlhano tse di fetileng, matshwao otlhe a bontsha gore Aforika Borwa e fitlheletse palo e e kwa godimo ya ditshwaetsego mme e bontsha phetogo e e namatshang ya ditshwaetsego.

Bontsi jwa maokelo a rona a bontshitse fa a na le bokgopo, bokgoni le go kgona go emelana le go mekamekana le go gakala ga bogale jwa mogare ono.

Dipegelo tsa ponelopele e e neng e solofetswe tse di bontshitsweng tsa ditshwaetsego, dikamogelo kwa maokelong le dintsho di ne tsa tshwanelwa ke go isiwa tlase jaaka re rekotile tswelopele e e botoka mo taolong ya bolwetse jono.

Tswelopele e re e rekotileng mo taolong ya rona ya COVID-19 e ne e ka se kgonagale ntle le boinelo le boporofešinale jwa dingaka, baoki le badiri ba bangwe ba boitekanelo, bao ba neng ba mekamekana le bolwetse jono jo bo sa tlwaelegang mme ka dinako tse dingwe ba dira jalo ka fa tlase ga maemo a a boima.

Re ba leboga go menagane, bontsi jwa bone bo tshwaetsegile mme bangwe ba latlhegetswe ke matshelo ba tlhokometse batho ba bangwe.

Tseno tsotlhe di ne di ka se kgonege kwa ntle ga badiri ba ba botlhokwa, banna le basadi ba mapodise, ba masole, ba mapodisi a mo mebileng le ba baithaopi bao ba ntseng ba goga kwa pele dikgato tsa naga ya rona tsa go samagana le bolwetse jono.

Gape re lebisa ditebogo go baitseanape ba tsa bongaka ba rona mo ditheong tsa boitekanelo tse di farologaneng, jaaka Ditirelo tsa Laborateri tsa Boitekanelo tsa Bosetšhaba, Setheo sa Bosetšhaba sa Malwetse a a Tshelanang, Khansele ya Bongaka ya Dipatlisiso le Komiti e e Tlhabang Ditona Botlhale bao ba tsweletseng go tshameka karolo e e botlhokwa go gaisa mo taolong ya rona ya COVID-19.

Kwa bofelong, tswelopele e re e dirileng e ka bo e sa kgonega fa lona baagi ba Aforika Borwa le ne le sa ikentsha setlhabelo.

Ke lona le amogetseng le go obamela dikiletso tsa go apara mmaseke, go katogana le go iphepafatsa ka tshwanelo mme ka go dira jalo le nnile le mosola mo go bolokeng matshelo.

Fela le fa e le gore tota go na le matshwao a tsholofelo, re ka se itebale e bile ga re a tshwanela go itebala.

Jaaka re tswelela go fokotsa dikiletso, dikotsi tsa go tshwaetsega tsona ga di fokotsege.

Sentlentle, dikotsi tsa tshwaetsego di nna di a oketsega jaaka batho ba le bantsi ba boela ditirong, motsamao wa batho o oketsega mme go na le ditšhono di le dintsi tsa go amana.

Ka jalo ga re a tshwanela go goga maoto kgotsa go furalela dikgato tsa boitekanelo tsa go itshireletsa tse re itseng sentle gore re tshwanetse go di diragatsa.

Go itebala go ka nna gonnye jang ga go ikamanya le dikgato tseno mo nakong e re leng mo go yona eno go ka dira gore ditshwaetso di runye ka lebelo le ka bontsi jo re iseng re bo bone fa e sale go fitlha ga jaana.

Re bone seno se diragala kwa dinageng tse dingwe, fao dikiletso tse di masisi di neng tsa tsenngwa gape tirisong ka nako e khutshwane ka ntlha ya fa lebelo la ditshwaetsego le tlhatlogile moragonyana fela ga go repisiwa ga melaokiletso.

Re sweditse gore dipalo tse di kwa tlase tsa ditshwaetsego tseo re itemogelang tsona di tshwanetse go re rotloetsa gore re repise melaokiletso eo re ntseng re le mo go yona go fitlha ga jaana.

Le fa go le jalo, jaanong ke nako ya go nna malalaalaotswe le go itlhokomela go gaisa mo nakong e e fetileng.

Re tshwanetse rotlhe ra tswelela go apara dimmaseke tse di dirilweng ka lesela tseo di khurumetsang nko le molomo ka nako tsotlhe fa re tswa mo ntlong.

Re tshwanetse go sireletsa bagodi le bao ba nang le malwetse go ka tshelwa ke mogare.

Re tshwanetse go tswelela go katogana le go netefatsa kelelo ya mowa mo matlong.

Re tshwanetse go tswelela go lekanyetsa maeto a rona go nna ao fela a leng botlhokwa go gaisa, go efoga ditiragalo tsa go kgobokana le go gopola go tlhapa diatla kgotsa go dirisa sebolaya megare ka nako tsotlhe.

Re a itse gore palo e ntsi ya batho bao ba tshwaeditsweng ke mogare ga ba bontshe matshwao mme ba ka tswa ba sa itse le gore ba tshwaetsegile.

Nka tswa ke tshwaetsegile. Le wena fela jalo.

Ka kitso eno, mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse go tsaya gore go na le kgonagalo ya gore o tshwaeditswe ke mogare ono le go tswelela go itshola sentle gore re seka ra o fetisetsa go ba bangwe.

Ke a itse gore dikgwedi di le tlhano tse di fetileng di nnile boima thata go setšhaba sa rona le go mongwe le mongwe wa rona.

Go mongwe le mongwe, bolwetse jono bo kgoreleditse botshelo jwa gagwe jo a tlwaetseng go bo phela.

Fela go dimilione tsa batho, bo fetlhile tshokolo le tlala.

Bo bakile kutlobotlhoko, ketsaetsego le go tlhoka tsholofelo tseo go seng ope yo a tshwanetseng go di kgotlelela.

Bo ne bo tlhoka gore re tsenyetirisong dikgato ka kelotlhoko mabapi le go tlhopha gore a re babalela matshelo a batho kgotsa re disa tlhokomelo ya ka fao batho ba iphedisang ka teng, mabapi le gore a re itemogela leroborobo le le ruthuthang matshelo a batho setlhogo kgotsa re itemogela maemo a ikonomi a a gogobang ka mpa.

Bolwetse jono bo ne bo tlhoka gore re tsaye ditshwetso tse di boima tse di nang le ditlamorago tse di thata.

Le fa dikgato tse re di tsereng di bakile mathata a magolo, re a itse gore fa re ne re ka bo re tsere kgato e e kgatlhanong le eo re e tsereng – ya gore re se babalele matshelo mme go runye leroborobo le re retelelwang ke go le laola ka maokelo a rona a a neng a tla bo a retelelwa ke go re tswela molemo – mathata ano a ne a kabo a le magolo go gaisa a re tobaneng le ona jaanong.

Ga jaana, ka ntlha ya matshwao a a bontshang fa go na le tsholofelo, re siametse go tsena mo kgatong e ntšhwa ya rona ya go samagana le leroborobo leno.

Ka ntlha ya dikgato tse re di tsereng, rotlhe le ka bongwe, mo sebakeng sa dikgwedi di le mmalwa tse di fetileng, re fokoditse dipalo tsa go tshwaetsana.

Re fokoditse kgatelelelo go tsamaiso ya rona ya boitekanelo.

Re kaelwa ke kgakololo ya baitseanape ba boitekanelo ba rona le morago ga go buisana le puso ya porofense le ya selegae, Kabinete e sweditse go baya naga yotlhe ka fa tlase ga maemo a bobedi, go tloga ka Mosupologo bosigogare, 17 Phatwe 2020.

Kgato ya bobedi eno go ya ka melawana ya togamaano ya maemo a dikotsi mo go mekamekaneng le leroborobo e kaya gore go anama ga mogare wa COVID-19  go mo magareng mme maokelo a mo maemong a a botoka thata go ka mekamekana le thologelo epe.

Go fetela mo kgatong ya bobedi go kaya gore jaanong re ka fedisa melaokiletso e mentsi gore re kgone go simolola ka ditiro tsa ikonomi mo diintasetering ka bontsi.

Ditiro tsa ikonomi di tla letlelelwa go bulelwa fela di tshwanetse go ikamanya le melawanatsamaiso ya dikgwebo e e botlhokwa e e ka ga boitekanelo mmogo le go tsenya tirisong dikgato tsa pabalesego.

Ka jalo, diphetogo tse di latelang di tla diragala mo kgatong ya bobedi:

Dikiletso tsotlhe tsa maeto a go fereselela kwa diporofenseng tse dingwe di tla tlosiwa.

Mafelobonno mmogo le mafelo le maeto a botlhabakgobe a tla bulelwa fela a tshwanetse go ikamanya le melawanatsamaiso ya dikgwebo e e neseditsweng pula go netefatsa fa batho ba sa atumelane.

Diresitšhurente, dibara le dithabene di tla bulelwa fela di tshwanetse go ikamanya le melawanatsamaiso ya dikgwebo e e neseditsweng pula fa go tla mo nakong e ba e beetsweng go ka dira mmogo le palo ya batho e ba e beetsweng.

Dikiletso tsa thekiso ya motsoko di tla tloswa.

Go sekegwa nakwana ga thekiso ya nnotagi go tla tloswa fela seno se tla diriwa fa go ikamanngwa le dikiletso tse di rileng.

Nnotagi e tla letlelelwa go ka nowa mo mafelong a a nang le dilaesense fela go fitlha ka ura ya bolesome bosigo.

Mafelo a borekisetso jwa nnotagi a tla letlwa go rekisa nnotagi go ka nowa kwa ntle ga lefelo la borekisetso go tloga ka Mosupologo go fitlha ka Labone magareng ga ura borobong mo mosong go fitlha ka ura ya botlhano maitseboeng.

Dikiletso tsa go etela balosika le ditsala le tsa boithabiso le tsona di tla tloswa, fela batho ba kopiwa go nna kelotlhoko thata le go tsaya maeto ao fa fela go tlhokega.

Ditshwaetsego go a itsege gore gantsi di diragala fa go etetswe bamasika, seo se tsenya maloko a losika mo kotsing mme ka dinako dingwe di tlhole dintsho tsa bangwe ba maloko a losika.

Batho ba tshwanetse go tswelela go obamela dikgato tsa go katogana, dimmaseke di tshwanetse go tswelela go aparwa mme tlhokomelo e e kgethegileng e tsewe go sireletsa bagodi le batho ba ba nang le malwetse a a bobileng.

Go tlwaelana ga go a tshwanela go re dira gore re itebatse dikgato tseno tsa itshireletso.

Jaaka re repisa dikiletso, go botlhokwa gore dikgato tse dingwe di nne di le mo tirisong go fokotsa ditshwaetsego le go netefatsa gore maokelo a rona ga a itemogelo kgobelelo.

Ka jalo,

Dikiletso tsa ga jaana tsa maeto a go etela dinaga tsa boditšhabatšhaba di tla nna di le mo tirisong.

Dikopano tsa batho ba ba fetang 50 ga di kitla di letlelelwa. Gareng tse dingwe, seno se tsenyeletsa diphitlho le ditiragalo tsa sedumedi.

Babogedi ga ba kitla ba letlelelwa kwa ditiragalong tsa metshameko.

Nako ya mosepele e tla nna e le tirisong magareng ga ura ya bolesome bosigo le ura ya bone mo matsheng.

Re tswelela go rotloetsa batho go nna kwa gae fa ba kgona le, fa go kgonagala, go dira ba le kwa gae, bogolosegolo fa ba na le dingwaga tse di fetang 60 kgotsa ba na le malwetse a a bobileng.

Gore re tle re tswelele go diragatsa dikiletso tse di santseng di le mo tirisong mmogo le go baakanya tse dingwe tsa dikgato tsa botlhokwa tsa ka fao re samaganang le dikgato tsa boitekanelo, go botlhokwa gore re atolose gape gape maemo a bosetšhaba a matlhotlhapelo go fitlha ka la bo 15 Lwetse 2020.

Ka kgato eno e ntšhwa ya ka fao re tsibogelang seemo sa rona, re tlhoka go tsenya tirisong dikgato le le mekgwa ya maitsholo eo re tshwanetseng go tswelela go e amogela lobakanyana.

Mogare ono o tla nna le rona dikgwedi di le dintsi mme ke tshwanetse go opela diatla bontsi jwa maAforika Borwa bao ba fetotseng ka fao ba neng ba tshela ka teng e le go diragatsa seno.

Ke tshwanetse gape go umaka, bogolosegolo, seabe sa baeteledipele ba setso le baeteledipele ba sedumedi ba ditumelo tsotlhe bao ba neetseng ka kaedi ya gore dikobamelo tsa sedumedi le tsa setso di ka dirwa jang ka nako ya mogare wa corona.

Re amogela karolo eo mekgatlho ya baagi go ralala le naga e tswelelang go e tshameka ka go bula baagi matlho ka bolwetse jono mmogo le go kopanya batho go nna ngatana gore ba tsaye dikgato go thibela go anama ga mogare ono.

Tseno di tsenyeletsa mekgatlho ya metshameko, mekgatlho ya sepolotiki, mekgatlho ya badiri, disetokofele, mekgatlho ya poloko, mekgatlho ya basadi, mekgatlho ya dikgwebopotlana, mekgatlho ya baagi le mekgatlho ya bašwa.

Ke ka tiro eno eo ka yona tsibogelo ya rona go mogare wa corona e tla nnang le seabe se segolo.

Mo godimo ga dikgato tse di botlhokwa tsa ipabalelo, re samagane gape le go tokafatsa bogolo jwa ditirelo tsa setšhaba tsa boitekanelo gore di tle di kgone go supa, tlhaola, tlhatlhoba le go alafa kgetse e nngwe le e nngwe ya mogare botoka mmogo le go gata motlhala bao ba kopaneng le batho ba ba tshwaetsegileng le go ba kwarantina.

Mo matsatsing a a tlang, re tla itsise sediriswa se se matla go tshegetsa maiteko a rona a didirisiwa tsa dijithale a go gata motlhala bao ba kopaneng le batho ba ba tshwaetsegileng.

Mo godimo ga dikgato tsa go gata ka namana motlhala wa bao ba kopaneng le batho ba ba tshwaetsegileng mmogo le nomoro ya rona ya bosetšhaba ya WhatApp, go tla dirisiwa gape le porogerema ya megala ya seatla go loma tsebe ka bonako batho bao molwetse a kopaneng nabo ntle le go phasalatsa leina la molwetse.

Tona ya Boitekanelo, a emetse puso ya rona, o kopile Mokaedikakaretso wa Mokgatlho wa Lefatshe wa Boitekanelo (WHO), Ngaka Tedros Ghebreyesus, go romela baitseanape mo Aforika Borwa go tla go re tswa thuso mo maitekong a rona a go ema kgatlhanong le mogare wa corona.

Re amogela ka diatla tse pedi tshegetso go tswa go WHO, eo e lerileng baitseanape ba le 43 go tla mo Aforika Borwa go thusana le batlhankedi ba boitekanelo ba rona ba ba dirang ka thata go thusa go lwantshana le leroborobo leno.

Ba setse ba neelane ka thuso go lebeletswe tlhatlhobo ya bolwetse jono, taolo ya tshwaetsego, taolo ya dikgetse tse di nnang teng le go buisana le baagi.

Re tshwanetse go tswelela go fokotsa dikotsi tsa go dira gore mogare ono o runye sešwa mo dikarolong tse di itlhokelang, bogolosegolo mo malapeng a bagodi, mo maokelong a balwetse ba tlhaloganyo le mo ditheong tse dingwe.

Re tla natlafatsa gape le maiteko a rona go tsenyatirisong dikgato tsa go disa boitekanelo le pabalesego kwa mafelong a tiro, kwa mabenkeleng a thekiso le mo dipalangweng tsa botlhe, go sireletsa badiri le bapalami le go tlhama tikologo e e babalesegileng gore dikgwebo di dire.

Le fa mathata a re dirile seoposengwe re le setšhaba, re tshwaragane`go lwantshana le lenaba le le lengwe, gape a tlhagisitse dingwe tsa maitsholo a a maswe mo setšhabeng sa rona.

Re bone bangwe ba batho ba ba neng ba batla go ikhumisa ka ditsela tsa bonweenwee mo matsholong a rona a go lwantshana le leroborobo leno.

Re tsere tshwetso ya go fedisa seno le go tshwarisa ba ba rweleng maikarabelo a seno, mme re tla lo naya tsa sešweng kgapetsa kgapetsa ka ga tswelopele e re e dirang.

Re tswelela go mekana le leroborobo la tirisodikgoka kgatlhanong le basadi.

Re tswelela ka tiro ya go natlafatsa tsibogelo ya tsamaiso ya bosiamisi jwa bosenyi, ka go neelana ka tshegetso e e botoka go bafalodi ba tirisodikgo e e ikaegileng ka bong, se se botlhokwa go gaisa, go matlafatsa mekgwa yotlhe ya thibelo.

Go latela dikgato tse re di beileng jaaka karolo ya R500 bilione ya pakete ya namolo ya ikonomi le loago, re tswelela go buisana le balekani ba loago ba rona go kgwebo le bodiri ka ga tsela e re ka tsholang le go tokafatsa tshegetso e e ntseng e neelwa dikhamphani, badiri le magae.

Go repisiwa go ya pele ga dikiletso go re tlhagisetsa tšhono e kgolo e sale go simolola ga leroborobo go tsenya botshelo mo ikonoming ya rona e e gobang ka mpa.

Le fa tota re bulela ditiro tsa ikonomi, go tla tsaya lobaka gore diintaseteri le madirelo di boele sekeng, mme go na le tiro e ntsi e e santseng e tshwanelwa go dirwa.

Ka labone, ke nnile le kopano le balekane botlhe ba loago go NEDLAC, e leng puso, mekgatlho ya badiri, dikgwebo le baagi.

Jaanong re tshwaraganetse lenaanele le potlakileng la paakanyo ya ikonomi leo le bayang tshireletso le go tlhamiwa ga ditiro kwa setlhoeng.

Re tla dira dikitsiso ka ga dipoelo tsa tiro eno mo dibekeng di le mmalwa tse di latelang.

Re tla dirisa motsotso ono e seng fela go busetsa sekeng Aforika Borwa, mmogo le go fetola naga ya rona go nna le ikonomi e e lekalekanang, e e nang le bosiamisi ebile e le matlhagatlhaga.

Bagaetsho,

Matsatsi a a boima a santse a tla.

Fela, re le setšhaba re bontshitse bokgopo mo sebakeng sa dikgwedi di le tlhano tse di fetileng.

Tiro e e re lebaganeng ga jaana ke go dirisa matlhagatlhaga ao re a dirisitseng go lwantshana le leroborobo leno mme re a dirise mo matsapeng a rona a go busetsa sekeng ikonomi ya rona.

Re mekamekane le mathata a a boima a a tla tsayang lobaka.

Re itshoketse tshotlego e e seng kana ka sepe le ditatlhegelo tse re palelwang ke go di itshokela.

Fela re tswelela go ema re tsepame kgatlhanong le mmaba ono.

Re tsere dikgato go itshireletsa go sireletsa baagi ba rona le naga ya rona.

Matlhasedi a simolola go bonala.

A re tsweleleng go itlhokomela thata, mme re nne re le malalaalaotswe ka gale.

A re tsweleleng go nna seoposengwe mo maitlhomong a rona a go fenya mogare.

A re gateleng kwa pele – re le setšhaba, re tsepame, re na le tsholofelo ebile re le digatlhamelamasisi.

Morena boloka setšhaba sa gaetsho, setšhaba sa Aforika Borwa.

A Modimo a Tshegofatse Aforika Borwa le go babalela batho ba yona.

Ke a leboga.

Share this page

Similar categories to explore