Puo ya ga Moporesitente Cyril Ramaphosa e e ka ga Dikgato tsa Naga ya Aforika Borwa mo go Samaganeng le Leroborobo la Mogare wa Corona,

Puo ya ga Moporesitente Cyril Ramaphosa e e ka ga Dikgato tsa Naga ya Aforika Borwa mo go Samaganeng le Leroborobo la Mogare wa Corona, 17 Seetebosigo 2020

Bakaulengwe,

Jaanong e setse e le matsatsi a le 100 fa e sale re itemogela kgetse ya mogare wa corona mo nageng ya Aforika Borwa.

Mo sebakeng sa matsatsi a le 100 re ntse re tshelela mo letshogong la e nngwe ya ditshosa tsa boitekanelo tse dikgolo mo lefatsheng fa sale sa bofelo setshosa se ne se leng teng mo dingwageng di le 100 tse di fetileng.

Bolwetse jono mmogo le dikgato tse re di tsereng go lwantshana le bona, di bakile dikgoreletsi tse di seng kana ka sepe mo matshelong a batho baborona, tsa emisa ikonomi ya rona le go tshosetsa ka fao dimilione tsa batho di iphedisang ka teng.

Go fitlha mo motsing ono, ka fa nageng re setse re latlhegetswe ke matshelo a batho ba le 1 674.

Le fa re le mo dipharagobeng tsa leroborobo leno le le tlhakatlhakanyang matshelo a batho, mo bekeng eno re tsoga re rotloediwa ke dikgang tse di ka ga kalafi ya go phekola COVID-19.

Dipatlisiso tse di rebotsweng ke Yunibesiti ya Oxford kwa Britain di ribolotse gore melemo ya dexamethasone – e gape le rona ka fa nageng ya Aforika Borwa re itirelang yona ka se sengwe sa ditlamo tsa rona tsa melemo eo gape re nang le yona ka bontsintsi – e fokotsa dikgonagalo tsa gore balwetse ba ba hemang ka metšhini ya go ba thusa go hema ba tlhokafale ka sekgala dikgato di le tharo.

Ba Lefapha la Boitekanelo mmogo le ba Komiting e e Eletsang Ditona ka Maemo a Boitekanelo ka bobedi ba eleditse gore melemo ya dexamethasone e ka dirisiwa mo balwetse ba ba hemang ka metšhini le bao ba hemang ka mabotlolo a go hema.

Re dumela gore kgato eno e tla re thusa mo go laoleng bolwetse jono mo go bao ba gateletsweng thata.

Fa e sale bolwetse jono bo thologela ka kwano go setse go utolotswe dikgetse di le 80 412 tsa bao ba tshwerweng ke mogare wa corona ka fa nageng ya Aforika Borwa. Mo bathong bano, ba le 44 331 – kgotsa ba ba ka balelwang go 55% – ba setse ba itharabologetswe. Seno se raya gore ga jaanong palo ya batho ba ba tshwaetsegileng ka fa nageng e mo go 34 407. Le fa go le jalo, ka rotlhe re itse, re ka bo re ne re setse re latlhegetswe ke matshelo a le mantsi.

Fela re tsere dikgato go sa le gale fa bolwetse jono bo ne bo santse bo simolola ka fa nageng ya rona ya Aforika Borwa ra iletsa maeto go ya le go boa kwa dinageng tsa boditšhabatšhaba le go iletsa go kgobokana ga batho ka go goeletsa fa re le mo Maemong a Matlhotlhapelo ka fa Nageng mme kgato eno ya latelwa ke go sekega nakwana ditiro tsa ka fa nageng e le go fokotsa lebelo la tshwaetsano ka mogare ono.

Ka go dira seno re ne re ikaelela go 'fokotsa bogale' jwa ditshwaetsego gore maokelo a rona a kgone go tlhokomela palo e e kwa godimo ya batho ba ba tla tlhokang thuso.

Ka ntlha ya dikgato tse di nonofileng tse re di tsereng mo nakong e e fetileng – bogolosegolo ka ntlha tirisanommogo ya lona, maikemisetso a lona le go itima ga lona ga dilo tse dintsi – re kgonne go atlega mo go diegiseng lebelo la go anama ga mogare ono.

E nngwe ya mekgwa ya go lekola lebelo la go tshwaetsana ke o o bediwang ‘sebaka se o se tsayang go menagana gabedi’. Mokgwa ono o kaya matsatsi ao mogare ono o a tlhokang go menagana gabedi palo ya dikgetse tsa bao ba tshwaetsegileng.

Mo dibekeng tsa ntlha di le tharo pele re ka tsena mo kgatong ya go sekega nakwana ditiro tsa ka fa nageng naga ka bophara, palo ya ditshwaetso e ne e menagana letsatsi le lengwe le le lengwe.

Fa re ne re le mo kgatong ya botlhano ya go sekega nakwana ditiro tsa ka fa nageng, palo eno ya go menagana gabedi e ne e tsaya matsatsi a le 15 go ka menagana, seno se raya gore mogare ono o ne o tsaya sebaka se se telele go anama.

Mo kgatong ya bone le ya boraro, nako eno e tsaya matsatsi a le 12.

Re dirisitse tšhono e re e boneng ka go sekega nakwana ditiro tsa ka fa nageng go rulaganya le go tlhabolola maokelo a rona le go tsenya tirisong dikgato tse di tla fokotsang ditshwaetsego mo bathong.

Tiro ya go matlafatsa maokelo a rona – e e tsenyeletsang go bulwa ga mafelo a feta a le 100 a go beela bao go fitlhelwang ba tshwaetsegile, go oketsa palo ya diphaposi tsa bao ba bobolang moo ba lwelwang botshelo le badimo kwa maokelong le go oketsa malao kwa dipetlele tse di leng kgakala le baagi mmogo le go thapa badiredi ba bangwe gape ba boitekanelo – e santse e tsweletse go diriwa go ralala le diporofense tsotlhe tsa ka fa nageng.

Le fa re dirisitse paka ya go sekega nakwana ditiro tsa ka fa nageng gore re kgone go fokotsa ditshwaetso, tiro eno e santse e le kgakala le go ka konosetswa. Le fa morago ga matsatsi a le 100 tema ya rona e santse e le kwa tshimologong fa leroborobo leno le ne le simolola mme le tla tswelela go nna karolo ya matshelo a rona sebaka sa dikgwedi tse dingwe di le dintsi, e bile sebaka seno re ka iphitlhela se na le rona dingwaga di sena palo.

Tiro ya go samagana le leroborobo la mogare wa corona e tshwana le lebelo le letelele e seng le lekhutshwane, mme ka jalo re ne ra tshwanela ke go rulaganya tsibogelo ya rona go ya ka maemo a re leng mo go ona.

Mo dibekeng di le mmalwa tse di fetileng, palo ya ditshwaetsego e ntse e oketsega ka lebelo.

Ga jaanong palo e ka nna boraro jwa dikgetse tsotlhe tse di rekotilweng mo bekeng e e fetileng e le esi mmogo le palo e feta halofo ya dikgetse tsotlhe tse di totobaditsweng di rekotilwe mo dibekeng di le pedi tse di fetileng.

Porofense ya Kapa Bophirima ke yona e e aparetsweng thata ke leru leno le lentsho, mo 60% ya balwetse botlhe ka fa nageng eno e leng ba porofense eno.

Le fa tshwaetsano magareng ga baagi e tsweletse go nna kwa tlase mo dikarolong di le dintsi ka fa nageng mo dibekeng tse di fetileng di le robongwe, kwa porofenseng eno gone e ne e anama ka lebelo le le boitshegang.

Go na le matshwao a a supang gore tshwaetsano mo porofenseng ya Kapa Botlhaba jaanong e simolola go tlhatloga e bile e ka tswa e saletswe fela ke dibeke di se kae pele e iphitlhela e tshwana le porofense ya Kapa Bophirima.

Mo go rona ka bontsi, seo re neng re itse e le bolwetse jo bo neng bo tsamaela kgakala le rona jaanong bo a re atamela.

Mo go rona palo ya bao ba itseng bao ba tshwaetsegileng e simolola go oketsega, e ka tswa re ba itsetse kwa tirong kgotsa kwa sekolong kgotsa kwa kerekeng, go sa kgathalesege gore ke kwa kerekeng ya maMoseleme, kwa tempeleng kgotsa kwa kerekeng ya maJuta. E ka tswa e le yo mongwe wa ditsala tsa rona kgotsa yo mongwe wa losika.

Bontsi jwa lona le tshogile ka ntlha ya dipalo tse di oketsegang tsa bao ba tshwaetsegileng e bile le tshogetse le pabalesego le itekanelo ya bao le ba ratang.

Le tshwenngwa le ke kgonagalo ya gore le lona le ka tshwaetsega le le ka fa thekesing kgotsa ka fa beseng, le le kwa ditirong kgotsa kwa mabentleleng, le le kwa dikolong kgotsa kwa diyunibesiti, le le kwa tleliniking kgotsa kwa sepetlele. Ketsaetsego eno e a tlhaloganyega e bile ya utlwagala.

Ka ntlha ya gore naga e tswelela go bulela ditiro tsa yona ka iketlo, fa re oketsa ditiro tsa naga eno, ga go ka mokgwa o mongwe matshosetsi a go ka tshwaetsega le ona a oketsega.

Ga go ka fao re ka e efogang ka teng, kgonagalo ya go tshwaetsega e kwa godimo.

Ka maitsholo a rona re le batho ke teng mo re ka fokotsang kgonagalo ya gore re tshwaetsege kgotsa re tshwaetse batho ba bangwe. E bile ke fela ka go dira mmogo le gore mongwe le mongwe wa rona a tshameke karolo ya gagwe mo re ka tswelelang go fokotsa lebelo la ditshwaetsego go ralala le setšhaba sa rona.

Dipatlisiso di bontsha gore ka go apara maseke wa lesela kgotsa sengwe le sengwe sa mofuta o o ntseng jalo se se tswalelang nko le molomo ka dinako tsotlhe fa o le fa gare ga batho ke e nngwe ya ditsela tseo di fokotsa lebelo la tshwaetsano.

Dimilione tsa maAforika Borwa – go akaretsa le bana ba bannye – ba apara dimaseke tsa lesela fa ba tswa kwa dintlong tsa bobona.

Le fa go le jalo, go santse go na le maAforika Borwa mangwe a a iseng a itlwaetse go apara dimaseke.

Re rata go ka rotloetsa batho botlhe ba ba leng ka fa nageng ya rona go apara dimaseke fa ba le fa gare ga batho.

Tla re direng bonnete jwa gore re ga re adimisane ka dimaseke e bile re suga dimaseke tsa rona ka metsi a sesepa fa re sena go di dirisa.

Go apara dimaseke ga go ree gore ga re sa tlhoka go tlhapa diatla tsa rona ka metsi a sesepa kgotsa go dirisa sebolayamegare mmogo le go katoga batho ba bangwe ka sekgala sa mitara le halofo.

A rotlhe re gakologelweng gore ga re a tshwanela go ikgoma mo sefatlhegong ka diatla tse di sa tlhapiwang, e bile re tshwanetse le go phepafatsa le go tshela sebolayamegare mo mafelong a re a kgomang ka gale.

Re tshwanetse gape re gakologelwe gore go katoga batho ba bangwe e santse e le e nngwe ya ditsela tse di mosola tsa go fokotsa go anama ga mogare ono.

Dikgato tse di botlhokwa tseno jaanong di tlhokagala thata ka ntlha ya fa re repisa melaokiletso ya go sekega nakwana ditiro tsa ka fa nageng e bile re tsena mo kgatong e ntšhwa ya rona ya go samagana le mogare wa corona.

Tseno e santse e le ditsela tse di mosola thata tsa go thibela go anama ga mogare ono.

Baitseanape ba rona ba tsa boitekanelo ba re eleditse gore dikgato tsa go thusa go lwantshana le bolwetse jono tse di jaaka tsa go tlhoma mafelo a go kgabola ka fa tlase ga ona mme o gasiwa ke dikhemikhale mmogo le go tshela mmele ka seporei di se dirisiwe ka ntlha ya fa go sena bopaki jwa gore di mosola mme e bile di ka tswa gape di le kotsi mo go rona.

Kwa tshimologong re ne re itse gore go tlhokega gore go tsewe dikgato tse di sa tlwaelegang gore re kgone go fokotsa lebelo la go tswaetsana mo baaging.

Fela re ne gape re itse gore dikgato tsa go sekega nakwana ditiro tsa ka fa nageng ke tseo re neng re ka se di diragatse go ya go ile.

Jaaka re tsene mo kgatong ya boraro go simolola ka letsatsi la ntlha la kgwedi ya Seetebosigo, dikgato tsa rona tsa go thibela go anama ga mogare ono di ikaegile ka dikgato tsa letsatsi le letsatsi tse di bonolo tseo mang le mang wa rona a ka di tsayang gore re ipabalele le go babalela batho ba borona.

Di ka ga gore yo mongwe le yo mongwe wa rona a jare maikarabelo, gongwe le gongwe ko re tla bong re le kwa gone go sa kgathalesege gore re na le bo mang, gore re kgone go thibela go anama ga bolwetse jono.

Maatla a go fenya mogare wa corona a mo diatleng tsa rona.

Tsela eo re samaganang le mogare ono gape e tsepamisitse mogopolo mo mafelong ao ditshwaetsego di leng kwa godimo mo go ona mmogo le go romela ditlhopha tsa maphata a a farologaneng a boitekanelo go thibela bolwetse jono fao bo runtseng gone le go netefatsa gore bao go fitlhelwang ba tshwaetsegile ba bona thuso e ba e tlhokang.

Go ntse go le jalo, re okeditse tota matsholo a go lekola matshwao a mogare wa corona go ralala le naga, kwa ditirong, kwa dikolong, kwa diyunibesiting, kwa mafelong a borekelo, kwa dikerekeng, kwa direnkeng tsa dithekisi kgotsa kwa mafelong mangwe le mangwe ao a dirisiwang ke batho.

Fela jaaka dinaga tse dingwe, naga ya Aforika Borwa le yona e amilwe ke go tlhaela lefatshe ka bophara ga dikhiti tsa go dira diteko tsa mogare wa corona mmogo le didirisiwa tsee dingwe gape.

Ka jalo re ne ra tshwanelwa ke go dira diteko re totile bontlha bongwe jwa naga eno, mme re ne ra tota pele balwetse ba ba leng kwa maokelong, batlhankedi ba boitekanelo, batho ba ba nang le makowa ba ba jaaka batho ba bagolo mmogo le bao ba nnang mo mafelong a mogare ono o iphileng maatla mo go ona.

Le fa seemo seno se tokafala, re santse re itemogela tiego mo go direng diteko tseno.

Seno se na le ditlamorago di le mmalwanyana tse di sa itumediseng mo goreng re kgone go alafa balwetse ba ba tshwaetsegileng mmogo le mo go gateng motlhala batho botlhe ba ba kileng ba kopana le bao ba tshwaetsegileng.

Ka jalo re dirisa tšhono nngwe le nngwe e re nang le yona go batlana le bao ba ka re tlamelang ka didirisiwa tseo re di tlhokang mmogo le go oketsa matsholo a rona a go dira diteko gore re kgone go rebola dipholo tsa tsona ka nako.

Gareng ga matsholo ao re a diragaditseng mmogo le dinaga tse dingwe tsa ka fa kontinenteng ya rona ke go tlhoma Photale ya Aforika ya Dithoto tsa Kalafo.

Seno ke lefeloborekisetso le le lengwe fao dinaga tsa Aforika di ka bonang didiriswa tsa kalafo tse di botlhokwa, jaaka dikhiti tsa go dira diteko, go tswa go batlamedi ba ditirelo le go batlhagisi mo Aforika le go ralala lefatshe ka bophara ka bontsi jo ba di tlhokang le ka dituelelo tseo di gaisang tsa ba bagnwe.

Phothale eno e tla re thusa mo tirong e re samaganeng le yona go netefatsa gore re na le didirisiwa tsa kalafo, didirisiwa tsa ipabalesego mmogo le mafelotiriso a bookelo go samagana le koketsego e e letilweng ya balwetse ba COVID-19.

MaAforika Borwa a gaetsho,

Leroborobo la mogare wa corona ga se fela matsapa a boitekanelo a a aparetseng lefatshe ka bophara. Gape ke matsapa a ikonomi a a aparetseng lefatshe ka bophara a a golelang pele.

Ga go naga, intaseteri le batho ba ba sa amegang.

Mono mo nageng ya Aforika Borwa, leroborobo leno le kgoreleditse tota ka fao batho ba le dimilionemilione ba iphedisang ka teng.

Jaaka le itse go dikgwebo di le dintsi tse di emisitseng ditiro tsa tsona go tloga ka letsatsi la bo 27 Mopitlwe, fa re ne re simolola ka kgato ya go sekega nakwana ditiro tsa ka fa nageng, mme le jaanong ka melawanakiletso ya jaana ga di ise di letlelelwe go ka bula.

Dikgwebo tseno di tsenyeletsa le ditlamo tse dikgolo tseo di thapileng diketekete tsa badiredi mmogo le ditlamo tse dingwe di le dintsi tse di potlana tse di nang fela le badiredi ba se kae.

Seno se raya gore go na le dikgwebo tseo go fitlha ga jaana di iseng di ke di kgone go ka dira letseno mmogo le batho ba iseng ba ke ba kgone go ka ipona ba fiwa megolo ya bona mo sebakeng sa matsatsi a le 80.

Le fa tota re tsentse tirisong dikgato tse ga jaana di leng teng go ka tshegetsa ditlamo, badiredi le malapa a a humaegileng jaaka e le karolo ya letsholo la go imolola maima ano la R500 biione, go na le sebaka seo ditlamo tseno di ka se kgoneng go ka itshokela sona go nna di tswaletse.

Fa ke ne ke itsise gore naga e tla tsena mo kgatong ya boraro ka letsatsi la bo 1 Seetebosigo, ke tlhalositse gore re tla tseela tlhogong dikgopolo tsa go bula makala a mangwe a ikonomi fa a ka tsenya tirisong dikgato tsa pabalesego le go tswelela ka tsona go di dirisa.

Go latela dipuisano tse dingwe gape tse di tseneletseng le baemedi ba diintaseteri ka ga dikgato tsa tsamaisokgwebo tse di gagametseng tsa go thibela ditshwaetsego, mmogo le go sekegela tsebe dikeletso tsa borasaense le go utlwa se se mo mafatlheng a Ditonakgolo tsa rona, Kabinete e sweditse gore e repise melaokiletso mo ditirong dingwe tsa ikonomi.

Ditiro tseno di tsenyeletsa:

  • tsa go jela dijo kwa direstšurenteng
  • tsa mafelo a a leng mo molaong le a a reboletsweng dilaesense a borobalo, ntle le ao go robalwang mo ntlong ya motho mo batho ba robalang mo ntlong e le nngwe a a jaaka AirBnB.
  • tsa go tshwarela dikhonferense le tsa go tshwarela dikopano tseo di itlhomileng ka kgwebo mme le teng di tshwanetse go obamela melaokiletso e e ka ga go kgobokana ga batho.
  • tsa mafelo a go bogela difilime le tsa mafelo a go bogela ditiragatso tsa mo seraleng, le teng di tshwanetse go latela melawana ya palo eo e beilweng eo go sa tshwanelwang gore go tlolelwe ka kwa ga yona fa batho ba kgobokane.
  • tsa dikhasino.
  • tsa ditirelo tsa go itlhokomela, go tsenyeletsa tsa badiri ba meriri le ba ditirelo tsa bontle
  • tsa metshameko eo go sa kgomanweng mo go yona e e jaaka motshameko wa kolofo, wa tenese, wa khirikhete le metshameko e mengwe e e ntseng jalo. Metshameko e go kgomanwang mo go yona, yona e tla letlelelwa fela gore batshameki ba yona ba ikatise fela mmogo le mabapi le go dira ditiro dingwe tsa yona tse di tlhabolositsweng go tsenyeletsa le tetlelelo e e gagamaditsweng ya gore e ka dirisa mafelo a yona a go ikatisa.
     

Mo dintlheng tse di jaaka tseno, dikgato tse di sa katakateng le tse di gagamaditsweng tsa ipabalesego di setse di utlwanetswe mme di tla tlhoka go tsenngwatirisong pele kgwebo e ka bulwasešwa, mme dikgato tsa tsamaisokgwebo tsona di tla tlhoka gore di obamelwe ka bojotlhe gore kgwebo e letlelelwe go tswelela go nna e butse.

Go tla rebolwa tsiboso mo tsamaong ya nako e e tla tlhalosang ka botlalo dikgato tseno mmogo le go supa letlha leo ditiro tseno di tla letlelelwang go simolola go dira ka lona.

Tshwetso eno re e tsere ka kelotlhoko thata mme e bile gape e se e e loleya, re etse tlhoko dikotsi tse di tsamaisanang le e nngwe le e nngwe ya ditiro tseno mmogo le dikgato tse di tlhokegang go tsewa go ka thibela dikotsi tseno.

Diintaseteri tseno, di kopane tsotlhe, di ne di thapile batho ba feta ba le 500 000 pele re tsena mo pakeng ya go sekega nakwana ditiro tsa ka fa nageng.

Re ne ra tshwanelwa ke go naganela batho bano, mmogo le batho bao ba itshepetseng mo bathong bano gore ba iphedise.

Ka go repisa melawanakiletso ya go sekega nakwana ditiro tsa ka fa nageng re tswelela go tsholetsa ka selekano maitlhomo a rona a go boloka matshelo a batho mmogo le a go somarela ka fao batho ba iphedisang ka teng.

Go botlhokwa thata go gakologelwa gore leroborobo leno le aparetse lefatshe ka bophara le gore dinaga di le dintsi le tsona di tobane le dikgwetlho tse di tshwanang le tsa rona e bile le tsona di lebagane le ke go rarabolola matsapa a a fela jaaka a rona.

Ka jalo re dirisana le ditheo tsa boditšhabatšhaba mmogo le dinaga tse dingwe mo go samaganeng le mogare wa corona.

Jaaka ke le Monnasetulo wa Mokgatlhotshwaraganelo wa Aforika, re samagane le merero e e ka ga go tsaya dikgato tse di tshwanang go ralala le kontinente, go netefatsa gore re bokeletsa didirisiwa le go tlhagisa ditogamaano tse di tla netefatsang gore ga go nne le naga epe e e tla salelang morago.

Ga jaanong go na le dinaga di feta di le 250 000 tsa bao go totobaditsweng gore ba na le mogare mo kontinenteng ya Aforika e bile gape go setse go na le batho ba le 6 700 ba ba setseng ba tlhokafetse ka ntlha ya ona mogare ono.

Dipalo tseno di santse di le kwa tlase fa di bapisiwa le tsa lefatshe ka bophara – mo ka gotlhe dipalo tseno di setseng di fetile dimilione di le robedi – mme seno ke ka ntlha ya gore dinaga tsa Aforika di tsere dikgato ka ponyo ya leitlho mo go tseneng mo dikgatong tsa go sekega nakwana ditiro tsa ka fa dinageng tsa tsona.

Le fa go le jalo, ka ntlha ya fa dinaga di repisa melaokiletso ka ntlha ya maemo a a sa iketlang a ikonomi, re ka solofela gore ditshwaetsego di tla tlhatloga mo kontinenteng ya rona ya Aforika mme re dirisana mmogo re le kontinente go samagana le dikgwetlho tseo.

E ne e le segapeletsa se se botlhokwa thata mo go rona gore re bulele dikgwebo tsa bontlafatso, ka ntlha ya gore ke yona intaseteri eno e e thapileng batho ba bomme ka bontsi.

Dikgwedi di le tharo tse di fetileng di nnile boima thata bogolosegolo mo basading ba le dimilionemilione ba ba dirang jaaka badiri ba meriri, ba ba dirang kwa mafelong a go ntlafatsa difatlhego, ba ba thobang le go sidulolo mebele mmogo le ba ba dirang ka dinala.

Bontsi jwa dikgwebo tseno bo mo diatleng tsa basadi e bile dikgwebo tsa mothale ono tse di sa kwadisiwang semmuso ke tsona tse ba di dirisang go iphedisa.

Go naya basadi tshegetso e ba e tlhokang gore ba kgone go ikemela mo mererong ya matlole ke sengwe se se botlhokwa thata, bogolosegolo mo nakong entse jaaka eno.

Go utlwisa botlhoko jo bo seng kana ka sepe go ema fa pele ga basadi le basetsana ba naga eno ya Aforika Borwa mo bosigong jono go bua ka leroborobo le lengwe gape le le tsweletseng go gaila ka fa nageng ya rona – dipolao tsa basadi le bana ba bolawa ke banna ba naga eno ya rona.

Jaaka ke le rre, ke le monna wa mosadi yo mongwe e bile ke le rre wa bana, ke gagamadiwa ke seo se bonwang e le ntwa e e runtseng kgatlhanong le basadi le bana ba naga ya rona.

Mo nakong eo leroborobo la bolwetse jono bo re tlogelang re gamaregile re le mo tlalelong e bile re sa itse gore a re a ya kgotsa re a boa, go runya ntwa e e totileng basadi le bana le setlhogo se se senang kutlwelobotlhoko.

Babeteledi bano le babolai bano ba teng fa gare ga rona.

Ba mo metseng ya rona.

Ke borre ba rona, bo abuti ba rona, ke bana ba rona ba basimane mme bangwe ba bona ke ditsala tsa rona; banna ba ba ratang tirisodikgoka mo ba sa kgathaleng gore go diragala eng ka botshelo jwa motho

Mo dibekeng di le mmalwa tse di fetileng go bolailwe basadi le bana ba ba seng ka fa tlase ga ba le 21.

Babolai ba bona ba ne ba ithaya bare ba tla ba tswalela melomo.

Fela rona ga re kitla re ba lebala mme e bile re tla ba buelela mo ba sa kgoneng go ka ipuelela.

Re tla buelela Tshegofatso Pule, Naledi Phangindawo, Nompumelelo Tshaka, Nomfazi Gabada, Nwabisa Mgwandela, Altecia Kortjie le Lindelwa Peni, makgarebe ano otlhe a bolailwe ke banna.

Re tla buelela mosadimogolo wa dingwaga di le 89 yo a bolaetsweng kwa legaeng la bagodi kwa Queenstown, mosadimogolo wa dingwaga di le 79 yo a bolaetsweng kwa Brakpan mmogo le mosadimogolo yo a beteletsweng kwa KwaSwayimane mo porofenseng ya KwaZulu-Natal.

Re tla buelela mowa o o senang sebe wa leseanyana la mosetsanyana le le neng le ise le belegwe la ga Tshegofatso Pule le le neng le setse le reetswe le leina, mosetsanyana wa dingwaga di le thataro Raynecia Kotjie mmogo le mosetsanyana wa dingwaga di le thataro yo go fitlhetsweng a bolailwe mo sekgweng sa kwa KwaZulu-Natal.

Batho bano ga se fela dipalopalo, ke batho e bile ba na le maina, ba na le balosika le ditsala mo matshelong a bona.

Bosigong jono re ba beile mo dithapelong tsa rona e bile megopolo ya rona e na le bona.

Ke rata go rolela hutshe ba Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa (SAPS) tebang le tiro ya bona e e tswileng diatla mo go golegeng ditlhokotsebe tseo go belaelwang e le tsone beng ba ditiro tseno.

Jaaka babelaelwa bano ba tla bo ba dira boikuelo jwa go lokololwa ka dibeile mo bekeng eno, ke na le tshepo e e tletseng mo dikgotlatshekelong tsa rona gore di tla romela e mengwe ya melaetsa e e bogale gore tirisodikgoka ya mothale ono ga go mo e bewang ka fa nageng ya rona.

Mo Kopanotshwaraganelong ya Palamente ka kgwedi ya Lwetse mo ngwageng o o fetileng, ke ne ka tsibosa ka Leano la Tsibogelo ya Maemo a Tshoganyetso go ka lwantshana le Tirisodikgoka e e Totileng Batho ba Bong jo bo Rileng (GBV) le dipolao tsa basadi mmogo le gore tlamelo ya matlole a puso a bokanaka R1.6 bilione e tla beelwa kwa setlhoeng go tshegetsa tiragatso ya yona go fitlha kwa bokhutlhong jwa ngwaga ono wa matlole.

Jaanong re na le Leanotlhomo la Naga le le kaelang matsapa a naga eno kgatlhanong le GBV.

Mo pakeng ya go sekega nakwana ditiro tsa ka fa nageng re netefaditse gore bao ba sutlhileng mo dinaleng tsa GBV ba fitlhelela ditirelo tsa tshegetso, go tsenyeletsa le tsa mogala wa tshoganyetso wa GBV, mafelo a bonno mmogo le ditikwatikwe tse di tlamelang batswasetlhabelo ba dipetelelo ka tshegetso.

Go tloga ka kgwedi ya Sedimonthole mo ngwageng o o fetileng, meago ya puso e le 10 e neilwe Lefapha la Tlhabololo ya Loago gore le e dirisetse go nna mafelo a bonno, e leng go samagana le e nngwe ya dikgwetlho tse dikgolo tseo bao ba sutlhileng mo dinaleng tsa GBV ba kopanang le tsona fa ba batla go tswa mo dikgolaganong tse di renang ka tirisodikgoka.

Mo dikgweding di le 18 tse di fetileng, re dirile kgatelopele e tona mo go atolosetseng tshegetso go bao ba sutlhileng mo dinaleng tsa GBV.

Dikgotlatshekelo di le 13 tsa dikgaolo di fetoletswe go nna dikgotlatshekelo tse di samaganang le dikgetse tsa ditlolomolao tsa thobalano.

Go tshegetsa tiro ya ditheo tsa go disa kobamelomolao, dikhiti tsa go bokeletsa bopaki di le 7 000 ka gale di romelwa kwa seteišeneng se sengwe le se sengwe sa sepodisi ka fa nageng mme ga jaanong go na le diphaposi di feta di le 1 000 tseo di sa tshoseng tse di dirisediwang go amogela bao ba sutlhileng mo dinaleng tsa GBV kwa diteišeneng tsa sepodisi.

Mapodisi a le mantsi, batšhotšhisi, baagiseterata mmogo le bakwadi ba dipholisi ba katisitswe ka go ikelatlhoko le gore ba se gate batswasetlhabelo mo menwaneng, mme e bile gape batlhankedi ba bangwe gape ba puso ba feta 3 000 bao ba dirang ka bana le batho ba ba sa itekanelang ka fa tlhogong ba phuruphuditswe go bona fa ba sa tlhagelele mo Rejisetareng ya Naga ya Ditlhokotsebe tse di Tlolang Melao ya Thobalano.

Go setse go rulagantswe melao e e kwalolotsweng sešwa mabapi le, gareng ga tse dingwe, dikotlhao tse di maleba mo dikgetseng tsa GBV, melawana ya beile mabapi le babelaelwa ba ditiragalo tseno, mmogo le pabalesego e e tseneletseng mo basading bao e leng batswasetlhabelo ba tirisodikgoka mo diatleng tsa bakapelo ba bona.

Ke ikuela go badiramelao ba rona kwa Palamenteng go konosetsa dithulaganyo tseno ka bonako.

Dikgotlatshekelo tsa rona di ntse di gagamaditse letsogo mo go samaganeng le dikgetse tsa GBV, le mo pakeng ya fa re ne re sekegile nakwana ditiro tsa ka fa nageng, tsona di ne di ntse di tsweletse go go rebola dikatlholo di le dintsinyana tsa go romela ditlhokotsebe kwa kgolegelong botshelo jwa bona jotlhe.

Ke batla go netefaletsa basadi le bana ba naga ya rona ya Aforika Borwa gore thulaganyo ya rona ya bosiamisi e tla tswelela go tsepamisa mogopolo wa yona mo go GBV le gore re ka solofela gape le dikgetse tse dingwe gape di le dintsi tsa ditlhokotsebe tseo di golegilweng le tseo di tšhotšhisitsweng.

Ditlhokotsebe tsa tirisodikgoka mo basading le mo baneng di tshwanetse go rebolelwa dikatlholo tseo di ba tshwanetseng ka ditiragalo tse di setlhogo tseo ba di dirileng.

Ke selo se se tshwenyang gore go tlhatloga ga ditiragalo tseno tsa bosenyi kgatlhanong le basadi le bana go diragala ka nako e le nngwe le eo re repisang ka yona melawanakiletso ya mogare wa corona ya go sekega nakwana ditiro tsa ka fa nageng.

Go ya ka sepodisi, ditiragalo tsa bosenyi tse di nang le tirisodikgoka – bogolosegolo tse di tsenyeletsang ditiragalo tsa dipolao le tsa maiteko a polao – di simolotse go tlhatloga fa e sale re tsena mo kgatong ya boraro ka letsatsi la bo 01 Seetebosigo.

Dikgetse tsa go bogisiwa ga basadi le bana le tsona di tlhatlogile.

Re tshwanetse go ipatla re ipatlisise re le setšhaba.

Re tshwanetse, bogolosegolo, go samagana le ditlamorago tsa tirisobotlhaswa ya notagi, e seng fela fa go tla mo tirisodikgokeng, mmogo le fa go tla mo dikotsing tsa mo mebileng le fa go tla mo maitsholong a a sa siamang.

Dipatlisiso di le dintsinyana tsa dinaga tsa boditšhabatšhaba mmogo le tsa ka fa nageng di supa ka tlhamalalo fa tirisobotlhaswa ya notagi e na le seabe mo go GBV. E re a itse gore ga se notagi e e betelelang kgotsa e e bolayang basadi le bana.

Ke ditiro tsa banna ba ba dirisang dikgoka.

Fela fa e le gore batho bano ba dira bosenyi jono ka ntlha ya fa ba tagilwe, teng ntlha eno e tlhoka go sekegelwatsebe ka lepotlapotla.

Re tshwanetse go ithuta go tsa mo kgatong eno ya go sekega nakwana ditiro tsa ka fa nageng mme re tsaye tshwetso ya gore re tla boloka jang setšhaba sa borona mo tirisobotlhasweng ya notagi e e se aparetseng.

Go totobetse gore batho ba ba thobunyetseng ka fa nkgong ba tlhoka thuso e e seng kanaka sepe, go tsenyeletsa le dithuso tsa go tlogela notagi le tsa kalafi.

Re tshwanetse go rotloetsa gore batho ba nwe bojalwa ka boikarabelo, bogolosegolo bašwa ba rona.

Re tshwanetse go gagamatsa molao mo mafelong a a rekisang notagi a a tlolakakang melawana ya notagi go ya ka dilaesense tseo ba di reboletsweng mmogo le ao a rekisetsang bana bojalwa.

Re tla tshwanela gape le ke go batlana le ditharabololo tse dingwe tse di sa tlwaelegang go fedisa tirisobotlhaswa ya notagi.

Kwa bofelong, go atlega mo go fenyeng ntwa kgatlhanong le GBV go tla tlhoka gore setšhaba se nne le seabe mmogo le go re naya tshegetso ka bojotlhe.

Fa tota e le gore re ikemiseditse go fedisa ditiragalo tseno tsa bosenyi, re tshwanetse jaanong go se tlhole re nna khupamarama ka marago.

Ditlhokotsebe tseno re a di itse e bile di a itsege mo metseng ya rona.

Ka go itlhokomolosa, ka go nyemisa batswasetlhabelo mmoko fa ba re ba tlhatlhela dikgetse, ka go tlontlolola basadi ka fao ba iphedisang ka teng kgotsa ka fao ba apereng ka teng, re iphitlhela re goga maoto go ka rarabolola ditiragalo tsa bosenyi jono.

Ke ikuela gape mo go moAforika Borwa o mongwe le o mongwe yo a reeditseng mo bosigong jono go akanya ka ditlamorago tsa bona tsa go nna khupamarama ka marago.

Re le naga, re iphitlhela re le ka fa teng ga maroborobo a le mabedi a magolo a a lautsang.

Le fa tota a sa tshwane ka bobedi ba ona ka fao a lautsang ka teng , re tla supoga mo go ona – fa fela re dirisanammogo, fa e le gore yo mongwe le yo mongwe wa rona o rwala maikarabelo mabapi le dikgato tsa gagwe le fa re ka tlhokomelana.

Tsela e re leng mo go yona e santse e le telele e bile e boima.

Tiro ya go boela sekeng e santse e tla nna e tonagadi.

Fela fa tota e le gore go na le sengwe se re ithutileng sona mo matsatsing a a fetileng a le 100 ke gore re batho ba ba nang le kakatlelo, ba ba mosola e bile ba ba nang le maikemisetso.

Re tla supoga mo dinaleng tsa phage.

A Modimo a tshegofatsa naga ya Aforika Borwa le go boloka setšhaba sa yona.

Ke a leboga.

Share this page

Similar categories to explore