Moporesitente Cyril Ramaphosa: Kgatelopele e e Dirilweng go Samagana le Leroborobo la COVID-19

Puo ya ga Moporesitente Cyril Ramaphosa e e ka ga Kgatelopele e e Dirilweng go Samagana le Leroborobo la COVID-19

MaAforika Borwa a gaetsho,

Puo ya me le lona ya bofelo e ne e le mo matsatsing a le 11 a a fetileng.

Ka nako eo ke ne ka bega ka ga go tlhagelela gape ga ditshwaetsego tsa mogare wa corona mo dikarolong tse di farologaneng tsa naga.

Ka lona letsatsi leo, 3 Sedimonthole, naga ya rona e rekotile dikgetse tse dintšhwa di feta 4 400.

Maabane, 13 Sedimonthole, re rekotile dikgetse tse dintšhwa di ka nna di le 8 000.

Palogotlhe ya dikgetse tse di netefaditsweng tsa ba ba nang le mogare wa corona mo Aforika Borwa ga jaana ke 866 127.

Dipalopalo tseno ke tlhoba boroko e kgolo.

Ga go sa tlhole go na pelaelo epe – naga e aparetswe ke lekhubu la bobedi la ditshwaetsego tsa mogare wa corona.

Go lebeletswe lebelo le dikgetse tse dintšhwa di atang ka lona mo sebakeng sa dibeke tse pedi tse di fetileng, go na le kgonagalo e kgolo ya gore fa re sa dire sengwe ka bonako e bile re sa dire mmogo, lekhubu la bobedi le tla nna masisi go feta lekhubu la ntlha.

Palogare ya letsatsi le letsatsi ya dikgetse mo nageng mo sebakeng sa matsatsi a le supa a a fetileng e kwa godimo ga ya matsatsi a le supa a a fetileng ka 74%.

Mo nakong eno, palo ya dikgetse tse dintšhwa e oketsegile go tswa go palogare ya letsatsi le letsatsi ya bokana ka 3 800 go ya kwa godimonyana ga 6 600 ka letsatsi.

Palogare ya tsatsi le letsatsi ya dintsho tsa COVID-19 e oketsegile ka palo e e batlileng go dira halofo ya palogotlhe ya dintsho mo sebakeng seo go tloga mo dintshong di feta 100 ka letsatsi go ya go dintsho tse di fetang 150.

Diporofense di le nne tse di di gogang kwa pele ka ditshwaetso tsa lekhubu la bobedi ke Kapa Botlhaba, Kapa Bophirima, KwaZulu-Natal le Gauteng.

Lekgetlho la ntlha fa e sale mogare ono o nna teng re bona bašwa bogolosegolo bao ba leng mo ditlhopheng tsa dingwaga di le 15 go ya go di le 19 e le bona ba tshwaetsegang ka bontsi.

Go ka tswa go na le mabaka a le mantsi tebang le tlhatlogo eno e kgolo ya ditshwaetsego, fela dintlha tse dingwe tse di botlhokwa di simolola go iponagatsa.

Dikokoano – bogolosegolo go kokoanela go itisa le go keteka meletlo – ke setlhodi se segolo se se tlholang bolwetse jono. 

Mo dikokoanong tseno ka bontsi, batho ga ba katogane, mafelo a tletse go feta selekano le go tlhoka kelo ya mowa e e lekaneng, ga go na dibolayamegare le batho ga ba apare dimaseke.

Batho ba le bantsi ba nwa nnotagi kwa ditiragalong ‘tse di anamisang bolwetse ka bonako’, seo se bakang gore batho ba se nne kelotlhoko ka gotlhe ka ga mekgwa ya go itshireletsa le go thibela tshwaetsego.

Moletlo wa Rage wa go keteka konosetso ya go kwala ditlhatlhobo tsa materiki, o o tshwaretsweng kwa Ballito ke segakolodi se se se se utlwisang botlhoko sa ka fao dikokoano tsa batho ba le bantsi di ka nnang kotsi ka teng.

Jaanong re a itse gore bašwa ba ka nna 1 000 kwa Gauteng bao ba neng ba tsenetse moletlo ono ba fitlhetswe ba na le mogare wa corona. Se ga jaana re sa se itseng ke gore ke batho ba le ba kae gape bao mongwe le mongwe wa bona a ba tshwaeditseng.

Go belaelwa malapa a le 300 a ka tswa a tshwaetsegile.

Nnete e e utlwisang botlhoko ka leroborobo leno ke gore meletlo ya mmino, dikhonsarata le meletlo – eo e tshwanetseng go nna ditiragalo tsa monate le boitumelo – e ipontsha e le metswedi ya tshwaetsego le bolwetse, mme e ka nna gape ya feletsa e tlhodile dintsho. 

Ntlha e nngwe gape e e tlholang koketsego ya ditshwaetsego ke go oketsega ga maeto.

Batho ba le bantsi ga ba diragatse dikgatothibelo fa ba tsamaya mo ditoropokgolong, mo ditoropong le fa ba ya kwa metseselegae, le go kgabaganya go ya kwa mafelong a a farologaneng. 

Re lemogile gore fa re tsaya maeto thata, kgonagalo ya go anamisa mogare e nna e kgolo.

Seno se kaya gore o apare maseke fa o palame sepalangwa sa botlhe le go netefatsa gore matlhabaphefo a butswe ka dinako tsotlhe.

Gape e kaya gore o fokotse palo ya batho ba o nnang le bona fa o tsaya loeto go etela balosika le ditsala kwa dikarolong tse dingwe tsa naga.

Go babalesegile go ntshana seinong le balosika la gago go na le dikopano tse di ka bakang go anama ga mogare.

Ka kakaretso, koketsego e kgolo ya ditshwaetsego ke ditlamorago tsa batho ba ba sa diragatseng ditiragatso tsa motheo – tseo di leng bonolo go di latela.

Dikgato tseno di botlhokwa bogolosegolo jaaka ditshwaetso go le gantsi di tlhodiwa ke batho bao ba tshwaetsegileng fela ba ise ba bontshe matshwao, fa tota e le gore ba tla tsoga ba nnille le matshwao ao, mme ba ka feleletsa ba sa itse le gore ba na le mogare ka matshwao ano a sa ipontsha.

Kelo e e kwa tlase ya tshwaetsego mo sebakeng sa dikgwedi di le mmalwa tse di fetileng e re dirile gore re repise thata go apara maseke mo godimo ga dinko le melomo ya rona nako le nako fa re le fa gare ga batho.

Ga re sa tlhole re bona botlhokwa jwa go efoga mafelo a a tletseng go feta selekano, kgotsa go katogana ka sekgala sa mitara le halofo go tswa go yo mongwe, kgotsa go bula matlhabaphefo fa re palame dipalangwa tsa botlhe kgotsa go phepafatsa mafelo a a dirisiwang ke bontsi ka sebolayamegare.

Re tsene mo moweng wa Keresemose ka bonako mme re laletsa ditsala le balosika go tla go itumela mmogo.

Sentlentle ke go itlogelela ga rona ga go se obamele dikgatodithibelo tsa motheo tsotlhe ka dinako tsotlhe go go dirileng gore re bo re le fano mo lekhubung leno la bobedi.

Dikgatotshireletso tseno di ka lebega di se botlhokwa mme fa mongwe yo o mo ratang a ka tshwaediwa ke mogare ono e le ka ntlha ya botlhaswa jwa gago e tla nna teng mo o di tseelang tlhogong.

Setlha sa meletlo ga jaana se tlhagisa matshosetsi a magolo go boitekanelo le itekanelo ya setšhaba sa rona.

E tlhagisa matshosetsi a magolo gape mo ikonoming ya rona.

Seno ke ka ntlha ya gore setlha sa meletlo se tlwaelegile e le nako ya dikokoano, ya go tsaya maeto, ya go kopana le ditsala le balosika, le go nama maoto morago ga ngwaga o o boima ebile o opisa tlhogo.

Setlha sa meletlo se tshwana thata fela le paka ya Paseka.

Go botlhokwa go gopola gore monongwaga ka nako ya Paseka, re ne ra kgona go lekanyetsa palo ya ditshwaetsego gonne rotlhe re ne re le maitseo, rotlhe re ne re diragatsa dithibelo mme rotlhe re ne re dira dikgato tsa motheo tsa boitekanelo.

Mo ntlheng eno, re leboga ditlhabelo tse dikereke di dirileng ka go se tshware mekete ya Paseka, mme e le ruri seabe se ditumelo tsotlhe di se dirileng go ralala ngwaga mo go bolokeng botshelo.

Fela jaaka re dirile ka nako ya Paseka, re tlhoka gape go diragatsa ditsamaiso tsa motheo tsa boitekanelo.

Fa re sa dire dilo ka tsela e e farologaneng mo setlheng seno sa meletlo, re tla gorosa ngwaga o mošwa ka kutlobotlhoko mme go se na boitumelo.

Bontsi jwa ditsala tsa rona, balosika le badirimmogo ba rona ba tla tshwaetsega, bangwe ba tla bobola mo go maswe mme ka kutlobotlhoko, ba bangwe tota ba tla latlhegelwa ke matshelo.

Ntle le go dira dilo ka tsela e e farologaneng, eno e tla nna Keresemose ya bofelo e bontsi jwa maAforika Borwa ba tla e ketekang.

Seno ruri ga se se re se batlang. Rotlhe re batla go tshela ebile re batla le bao re ba ratang gore le bone ba tshele.

Ka jalo go botlhokwa gore re tseye dikgato tse di sa tlwaelegang go laola lekhubu la bobedi le go boloka matshelo, fa ka fa letlhakoreng le lengwe re boloka ditsela tseo batho ba itshedisang ka tsona.

MaAforika Borwa a gaetsho,

Matsatsi a le 11 a a fetileng, re ne ra itsise Nelson Mandela Bay go nna lefelo ‘la palo e e kwa godimo’ ya mogare wa corona, re tsamaisana le ditsela tse di farologaneng go taolo ya leroborobo.

Go na le bommasepala ba bangwe ba ba bontshitseng koketsego e kgolo ya ditshwaetsego.

Tona ya Boitekanelo Ngaka Zwelini Mkhize o etetse mafelo ano mme morago ga dipuisano le baamegi ba ba farologaneng, Kabinete e sweditse gape go kaya dikgaolo tse pedi tse di latelang jaaka mafelo ao mogare wa corona o leng kwa godimo thata.

Tsone ke:

- Sedika sa Sarah Baartman le
- Sedika sa Garden Route.

Seno se kaya gore dithibelo tsa tlaleletso tse di tshwanang le tse di dirisitsweng kwa Nelson Mandela Bay di tla diragadiwa mo didikeng tseno go simolola bosigogare gompieno mme di tla tswelela go fitlhela re bona kwelotlase e e tsepameng mo ditshwaetsegong.

Le fa mafelo a a nang le palo e e kwa godimo ya megare a tlhoka tsibogelo e e kgethegileng, setlha sa meletlo ka gale se na le dikotsi tse di masisi mo nageng ya rona yotlhe.

Ka jalo re ntse re tshwara dipuisano kwa diporofenseng, go tsenyeletsa kwa maemong a mmasepala, ka ga dikgato tse di tlhokwang go dirwa go laola lekhubu la bobedi.

Go nnile le dipuisano tse di tseneletseng le Lekgotla la Naga le le Jarileng Maikarabelo a Mogare wa Corona (NCCC) le Khansele ya Kgokaganyo ya Moporesidente, eo e tlisang dikemedi tsa bosetšhaba, tsa porofense le tsa pusoselegae mmogo.

Go ikaegilwe ka dikatlenegiso go tswa mo dikopanong tseno, Kabinete e sweditse gore dikiletso tse dingwe di tlhokwa go diragadiwa naga yotlhe go simolola gompieno bosigogare.

Santlha, re tla netefatsa gore go na le kobamelo e e gagametseng ya dikiletso mo Kgatong ya Ntlha go ralala naga ka nako ya setlha sa meletlo le go feta.
 
Seno se tsenyeletsa tlhokego ya gore bakgweetsi le batsamaisi ba mofuta mongwe le mongwe wa dipalangwa tsa botlhe ba tshwanetse go netefatsa gore bapalami botlhe ba apere maseke.

Batsamaisi kgotsa bang ba dikago, mafelo kgotsa disaete – go tsenyeletsa mabekenle, lefelo la mabenkele a magolo, le dikago tsa puso – ba patelediwa ke molao go netefatsa gore bareki bao ba tsenang mo dikagong kgotsa mo mafelong a bona ba apere maseke. 

Mothapi o tshwanetse go netefatsa gore badiri botlhe ba apere maseke fa ba dira ditiro tsa bona.

Seno se naya bang, batsamaisi le badiri botlhe – le rona rotlhe – maikarabelo a go netefatsa gore maAforika Borwa a babalesegile gotlhe kwa ba leng gona mo lefelong lengwe le lengwe la mafelo ano.

Bang bao ba fitlhelwang ba sa netefatse gore bapagami, bareki kgotsa badiri ba bona ba obamela melao ba tla newa kotlhao kgotsa go ya kgolegelong dikgwedi di le thataro.

Sa bobedi, re tsaya dikgato go fokotsa ditiragalo tse di anamisang bolwetse ka bonako.

Dikiletso tsa ga jaana ka ga bogolo jwa dikopano ga di dire go lekane go thibela pokanelo mo maemong a ga jaana fao dikgetse tse dintšhwa di tlhatlhogang ka lobelo.

Ka jalo, dikopano – go tsenyeletsa dikopano tsa sedumedi – di ka se tsenelwe ke batho ba feta ba le 100 fa ba tla bo ba tshwaretse tirelo ka fa teng ga meago le 250 mo tirelo e tshwarelwang kwa ntle ga meago.

Ka dinako tsotlhe, bogolosegolo mo mafelong a mannye, palogotlhe ya batho mo lefelong ga e a tshwanela go feta halofo ya palo yotlhe e e tlatsang lefelo leo.

Dikopano tsotlhe di tshwanetse go nna le kelo ya mowa e e lekaneng, batho ba katogane ka tshwanelo, go apariwe dimaseke mme go nne le sebolayamegare sa diatla.

Ka ntlha ya kgonagalo ya phetisetso, dikopano tsotlhe tsa morago ga loso, go tsenyeletsa meletlo ya ‘after-tears’, di kganetswe.

E nngwe ya dikgwetlho tse dikgolo tse re tlhokang go lebana le tsona ke mekoloko e megolo e e yang mabopong le diphakeng tsa boitapoloso mo matsatsing a boikhutso a botllhe mo nakong ya setlha sa meletlo.

Re tshwere dipuisano tse di tseneletseng ka ga ntlha eno gore re batle mokgwa o o fokotsang phetisetso ya palo e e kwa godimo fa ka fa letlhakoreng le lengwe re lekanyetsa seabe se se sa siamang mo dikgwebong tse di leng mo mafelong a a mo mabopong.

Ka jalo re dumelane go amogela mokgwa o o farologaneng, oo o tsayang tsia maemo a a farologaneng mo mafelong a a farologaneng a ka fa nageng.

Mo mafelong a a nang le palo e e kwa godimo ya ditshwaetsego, mabopo le diphaka tsa boitapoloso di tla tswalwa mo setlheng sa meletlo go tloga ka la bo 16 Sedimonthole go fitlha ka la bo 3 Ferikgong.

Seno se tla diragadiwa kwa Kapa Botlhaba mmogo le kwa sedikeng sa Garden Route kwa Kapa Bophirima.

Kwa KwaZulu-Natal, mabopo le diphaka tsa botlhe di tla tswalwa mo matsatsing ao a itsegeng ka go nyeuma a setlha.

Matsatsi ano ke la bo 16, la bo 25, la bo 26 le la bo 31 ka Sedimonthole 2020 le la bo 1, la bo 2 le la bo 3 ka Ferikgong 2021.

Mabopo le diphaka tsa boitapolos tsa kwa Kapa Bokone le Kapa Bophirima – ntle le Garden Route – di tla nna di buletswe botlhe mo nakong ya setlha sa meletlo.

Mekete e megolo, ditiragatso tsa mmino, dikonserata tsa mmino kwa mabopong di ileditswe.

Mabopo le diphaka tse di buletsweng botlhe di tla bulwa fela magareng ga ura ya borongwe mo mosong go fitlha ka ura ya borataro maitseboa.

Maemo ano a tla bewa leitlho letsatsi le letsatsi ke bao ba rwesitsweng maikarabelo mo ditikologong tseo go netefatsa fa go obamelwa melawanataolo e e laolang dikokoano le kiletso ya nnotagi.

Fa go ka fitlhelwa go nang le pokanelo e e fetang selekanyo kgotsa go ikgatolosiwa ga dikiletso tse di mabapi le go itshireletsa, mabopo le diphaka tsa boitapoloso tse di rileng tse di maleba di tla tswalwa.

Diphaka tsa bosetšhaba le tsa porofense le diphaka tse dingwe fao go setseng go tlhomilwe dikgatotaolo tsa go tsena le seelo se se letleletsweng go na le kgonagalo ya gore di ka rebolelwa tetla ya gore di tswelele go bulwa.

Eno ke nako e e boima e le ruri, eo e tlhokang go nna e lekolwa gangwe le gape.

Ke laetse maloko otlhe a NCCC le badiri ba ba botlhokwa go ema sejaro go netefatsa le go baya leitlho le go tlhatlhoba maemo a naga ka bophara ka nako tsotlhe.

Fa maemo a ka etegela, go tla tsewa gape kgato e nngwe go sireletsa batho ba rona.

Lefelo la boraro le le totilweng mo sebakeng seno ke ditiragalo tse di anamisang mogare ka bonako le go fokotsa mokgweleo go ditirelo tsa boitekanelo ka ntlha ya go nwa nnotagi botlhaswa.

Ka jalo, dikgato tse di latelang di tla tsenngwatirisong:

Diura tsa kiletso ya go babaila le masigo di tla nna telele, di simolola ka ura ya bolesome le bongwe bosigo go fitlha ka ura ya bone mo matsheng.

Ditheo tseo eseng tsa botlhokwa, go tsenyeletsa diresitšhuranta le dibara, di tla tshwanela go tswalwa ka ura ya bolesome bosigo gore badiri le bareki ba kgone go fitlha gae pele nako e e beilweng ya go iletsa go babaila le masigo e simolola.

Dikiletso tsa go babaila masigo di tlhomilwe go thibela dikokoano tse di tswelelang go fitlha bosigo, le fa ka fa letlhakoreng le lengwe di kgontsha diresitšhuranta, dibara le dithabene go tswelela go dira le go bona lotseno.

Rotlhe re tshwanetse go gakologela gore dikiletso tsa go babaila masigo di akaretsa gape le mo matsatsing a Letsatsi pele ga Keresemose le Letsatsi la go Kgaola Ngwaga. Seno se kaya gore rotlhe re tlhoka go fetola ka fao re tlwaetseng go keteka matsatsi ano ka gone.

Thekiso ya nnotagi kwa mabenkeleng e tla letlwa fela magareng ga ura ya bolesome mo mosong go fitlha ka ura ya borataro maitseboa go tloga ka Mosupologo go fitlha ka Labone.

Mafelo a mofeine a a kwadisitsweng le dipolase tsa mofeine di tla tswelela go neela ka go latswa le go rekisetsa setšhaba mofeini mo mafelong a beke go o nwela kwa gae. Tetla eno e dirwa ka ntlha ya seabe se se botlhokwa go lephata la Bojanala mo dikarolong tse di farologaneng tsa naga.

Go nwa nnotagi mo mafelong a boitapolos, jaaka mabopo le diphaka, go ileditswe ka gotlhe.

Ga re na re letla palo e e kwa godimo ya batho ba kokoana mo lefelong le le lengwe kwa ntle ga ditaolo kgotsa dithulaganyo tse di beilweng.

Dikiletso tseno tsa setlha sa meletlo di tla lebiwa sešwa fa Ferikgong a roga go go etswe tlhoko maemo a leroborobo leno go ralala le naga.

MaAforika Borwa a gaetsho,

Mo go swetseng tsibogelo ya rona go ditshwaetsego tsa lekhubu la bobedi, re batlile go baya maleka ka kelotlhoko tlhokego ya go boloka matshelo le go somarela ka fao batho ba itshedisang ka gone.

Taolo ya go sekega nakwana ga ditiragalo tsa ikonomi eo e neng ya tsenngwatirisong kwa tshimologong ya leroborobo e ne e dirilwe go diegisa go anama ga mogare gore re kgone go baakanya tsamaiso ya boitekanelo go samagana le tlhatlhogo ya ditshwaetsego.

Ka nako eo, re ne re sa siamela go mekana le koketsego ya dikgetse ya ka bonako le dikamogelo tsa balwetse kwa maokelong.

Re ne re tlhoka go bona didiriswa le dithoto tse di lekaneng, go dira sebaka sa tlaleletso se nne gona mo ditirelong tsa boitekanelo tsa rona, go katisa badiri ba boitekanelo ba rona le go tsenya tirisong ditsamaiso go ela tlhoko le go samagana le metsamao ya leroboro.

Go sekega nakwana ditiro tsotlhe tsa ikonomi ka fa nageng go ne go le botlhokwa gore go diragadiwe gore re kgone go diegisa leroborobo, fela mo motsing ono ga se se se tlhokagalang.

Mo sebakeng sa dikgwedi di le mmalwa tse di fetileng, re tsentse tirisong metseletsele ya dikgato go oketsa bokgoni jwa tsibogelo ya rona. 

Ka go dira ka thata ga badiri ba boitekanelo, badiredipuso, baitseanape ba tsa kalafi le bagakolodi ba saense, re kgobokantse didiriswa tsa rona tsotlhe go sireletsa batho ba Aforika Borwa le go neelana ka tlhokomelo go bao ba e tlhokang.

Dikgato tse re di dirileng fa leroborobo le simolola, le ditiro tse moAforika Borwa yo mongwe le yo mongwe a di dirileng, di setse di re letlile go boloka bontsi jwa matshelo.

Jaanong re tshwanetse go sireletsa melemo e re e dirileng le go dira mmogo go laola lekhubu la bobedi.

Jaaka re dirile e sale kwa tshimologong, re tshwanetse go tsaya ditshwetso re ikaegile ka bopaki jwa saense jo bo itlhophileng jo bo leng fa pele ga rona.

Fela jaka dingaka tsa rona, baoki le badiri bao ba leng kwa pele ba dira ka natla go re sireletsa, le rona re tshwanetse go dira ka natla go ba sireletsa.

Go fitlha ga jaana, badiri ba feta ba le 38 000 ba tsa boitekanelo mo tirelopusong ba tshwaeditswe ke mogare wa corona. Mo go bona ba ka nna 5 000 ba ne ba amogetswe kwa bookelong.

Ka maswabi, badiri ba tsa boitekanelo ba le 391 mo lephateng la puso ba tlhokafetse.

Re le setšhaba, re rata go leboga bagale bano ba ba pelokgale bao ba dirang ka boineelo, mmogo le bamalapa a bona, fa e kabo e se ka bona, re kabo re se fa re leng teng ga jaana.

Fa re samagana le lekhubu la bobedi la ditshwaetsego, re tshwanetse go dira tsotlhe tse re ka di kgonang go tshegetsa le go sireletsa badiri ba rona ba tsa boitekanelo.

Ntle fela le go tsaya maikarabelo jaanong, ntle fela le go sala morago ka nako tsotlhe dikiletso tsa motheo tse rotlhe re di itseng, re tla lebana le ngwaga o mošwa o o letobo.

Le fa go na le dikiletso mo bontsing jwa ditiragalo tse re tlwaetseng go di dira, setlha seno se ka nna monate le go babalesega.

Mo setlheng seno sa meletlo, ke lo kopa go dira meletlo e mennye le go efoga go kokoana ga batho ba le bantsi.

Fa le ya go nna le batho ba bangwe, ke le kopa gore le dire jalo kwa ntle, le itumelele maemo a bosa a selemo a a monate a Aforika Borwa, kgotsa le netefatse gore le mo lefelong le le nang le kelo e e lekaneng ya mowa.

Ke le kopa gore le apare maseke o o khurumetsang nko le molomo nako le nako fa le le fa gare ga batho, kgotsa le na le batho bao le sa nneng le bona.

Ga go thuse go apara maseke wa gago mo seledung, go o tshwara ka fa potaneng kgotsa go o isa kwa tlase fa o bua le motho yo mongwe.

Gakologelwa go tlhapa diatla kgapetsa kgapetsa ka sesepa le metsi bonnye disekone di le 20 kgotsa o di tshase ka sebolayamegare.

Fokotsa maeto a gago ka fao go ka kgonegang. Mme fa o tsaya leeto, netefatsa gore leeto la gago le babalesegile.

Fa e le gore o ya go etela ditsala le balosika, ikilele sebaka sa beke pele o tsaya loeto ka go fokotsa palo ya bao o kopanang le bona mme o leke go nna le balosika la gago fela kgotsa setlhopha se sennye sa batho.

Re a itse gore COVID-19 e ama batho ka ditsela tse di farologaneng.

Go ya ka Mokgatlho wa Lefatshe wa Boitekanelo (WHO), bontsi jwa batho ba tla nna le matshwao a a seng bogale kgotsa a mannye a bolwetse jono mme ba tla fola ntle le go robala kwa bookelong.

Matshwao a a tlwaelegileng thata ke letshoroma, go gotlhola go se sehuba se se tswang le go lapa. Matshwao a a sa tlwaelegang, mme a le mannye, ke go tlhabiwa ke ditlhabi le go opelwa, kgokgotso e e botlhoko, le tatlhegelo ya tatso kgotsa monko.

Fa o itemogela matshwao ano, o tshwanetse go nna o le nosi o sa tlhakane le ba bangwe.

Fa o itemogela matshwao a a fetelletseng, a a jaaka go ketefalelwa ke go hema kgotsa go tlhaela mowa, ditlhabi mo sehubeng, tatlhegelo ya puo kgotsa motsamao, o tshwanetse go ya ngakeng ka bonako jo bo kgonagalang.

Tsweetswee gakologelwa gore fa dipholo tsa diteko di ka fitlhela o na le mogare wa corona kgotsa o kile wa nna gaufi le mongwe yo a nang le mogare ono, o tshwanetse go itswalela ka ponyo ya leitlho.

Jaaka re buile mo nakong e e fetileng mokgwatshireletso o le mongwe oo re ka nnang le ona kgatlhanong le COVID-19 e tla nna moento.

Aforika Borwa e weditse ditsamaiso tse di tlhokegang go netefatsa botsaakarolo jwa yona go Letsholong la Lefatshe le ka Fitlhelelang Moento wa COVID-19 la WHO.

Letsholo leno – le le bidiwang COVAX – le kgobokanya didiriswa le go arolelana boima jwa go tlhagisa moento go netefatsa phitlhelelo e e lekalekanang mo meentong fa e nna gona.

Jaaka karolo ya lefelo leno, go solofetswe gore Aforika Borwa e tla amogela meento ya ntlha e e tla lekanang 10% ya setšhaba sa rona mo karolong ya ntlha ya ngwaga o o tlang.

Gape re karolo ya Setlhopha sa Tiro sa Aforika sa Theko ya Moento seo se batlanang le mekgwa e mengwe ya go bona matlotlo go bona meento ya tlaleletso tebang le dinaga tsa Aforika fa COVAX e sa bolo go garelwa.

Tona ya Boitekanelo ke karolo ya Setlhophatiro seno mme gape o batlana le bolekani jwa boitshimoledi le lephata la poraefete go netefatsa gore maAforika Borwa ba bona moento o o nonofileng oo o tsamaelanang le maemo a rona.

Dibeke di le mmalwa tse di latelang di tlile go nna teko e kgolo ya maikaelelo le boitshwaro jwa rona.

Nako eno e tla tlhoka mongwe le mongwe wa rona go dira dilo ka tsela e e farologaneng le ya dingwaga tse di fetileng gonne monongwaga ga e tshwane le epe ya dingwaga tse re fetileng mo go tsona.

E re tlhoka gore re itime menate go itshireletsa le ba bangwe, le go netefatsa gore re tla itumelela dinako tse di jalo mmogo mo dingwageng tse di tlang.

Ke na le bonnete jwa gore fa mongwe le mongwe wa rona a tshameka karolo ya gagwe, fa mongwe le mongwe wa rona a latela dikiletso tsa motheo, rotlhe re ka nna le setlha sa meletlo se se itumedisang – mme se se botlhokwa go gaisa ke gore, rotlhe re ka nna le ngwaga o mošwa wa katlego, o o tletseng boitumelo le boitekanelo.

Lotlhe ke lo eleletsa setlha sa meletlo se se tshegofaditsweng, le gore le nne le babalesegile le itekanetse, le gore re ka amogela ngwaga o mošwa re le ngatana e le nngwe le setšhaba se se tsepameng.

A Modimo A Tshegofatse Aforika Borwa le go sireletsa batho ba yona.

Ke a leboga.

Share this page

Similar categories to explore