Puo ka Moporesitente Cyril Ramaphosa tebang le Tswelopele ya Maiteko a Bosetšhaba go Samagana le Leroborobo la COVID-19

Maaforika Borwa a a rategang,

Ke lo ema ka lefoko maitseboeng a jaaka re simolola kgaolo e ntšhwa, mo kgaratlhong ya rona kgatlhanong le mogare wa corona.

Go sale gale gompieno, nna ke patilwe ke Motlatsamoporesitente David Mabuza, Tona ya Boitekanelo, Ngaka Zwelini Mkhize, Tona Khumbudzo Ntshavheni, re amogetse morwalo wa ntlha wa meento ya COVID-19.

Morwalo ono, o o nang le meento e le milione ya Covishield e e dirilweng kwa Setheong sa Serum sa India, e gorogile kwa Boemafofaneng ba Boditšhaba ba OR Tambo thapameng eno.

Moento o o dirilwe ke setlamo sa khemise sa AstraZeneca mmogo le Yunibesithi ya Oxford. Aforika Borwa ke nngwe ya dinaga tse go dirilweng diteko mo go yona go lekola nonofo ya molemo o.

Go goroga ga meento e, go tla le tsholofetso ya gore re ka fetola seemo sa bolwetse jo se se bakileng ketsaetsego le matlhotlhapelo mo nageng ya rona le go ralala lefatshe.

Lebelo le seelo se meento e e dirilweng ka sona, ke sengwe se se iseng se ke se diragale mo hisetoring ya batho mme se supa tswelopele e kgolo e batho ba ka e fitlhelelang fa ba lebagane le matshosetsi a a tshwanang.

Aforika Borwa e nnile karolo ya leeto le la lefatshe lotlhe la go batla tharabololo ya leruri ya leroborobo la COVID-19.

Ke rata go leboga Maaforika Borwa otlhe a a neng a ithaopa go nna le seabe mo ditekong tsa meento e e farologaneng, le go akgola batlhotlhomisi botlhe ba ba neng ba eteletse pele ditlhotlhomiso tse.

Bontsi ba batlhotlhomisi ba rona ba nnile le seabe mo ditlhotlhomisong tsa ntlha mo lekaleng la thutatshika go ribolola tshedimosetso e ntšhwa ka ga mogare o e e bakileng gore go lemogiwe mofuta o mongwe wa mogare o, o o itsegeng jaaka 501Y.V2.

Jaanong ka gore meento e setse e gorogile, e tla dirwa diteko kwa Laboratoring ya Taolo ya Bosetšhaba go netefatsa gore seemo sa yona sa polokego se santse se le jaaka se ne se le pele e tsena mo leetong.

Morago ga go dirwa diteko, e tla tsamaisiwa go ralala naga e isediwa badiri ba tlhokomelo ya boitekanelo ba letsatsi le letsatsi ba bayang matshelo a bona mo kotsing go leka go sireletsa a ba bangwe.

Re tshwanetse go netefatsa tshireletsego ya bona jaaka le bona ba lwela ya rona.

Ka go dirisa leano la rona la go aba moento ka makgaokgao, badiri botlhe ba tlhokomelo ya kalafi mo maokelong a puso le a poraefete e tla nna bona ba ntlha go entiwa.

Mafapha a boitekanelo a diporofense a setse a rometse mananeo a ona a kabo ya moento mme re setse re tlhophile mafelo a le 200 a meento e tla abelwang mo go ona.

Fa re sena go konosetsa ka go enta badiri ba tlhokomelo ya kalafi, re tla bo re tsena mo Kgatong ya bobedi ya leano la bosetšhaba la meento, e e tla akaretsang badiri ba ditiro tse ditirelo tsa tsona di tlhokagalang thata, batho ba dingwaga tse di kwa godimo ga 60, batho ba ba nang le malwetse a mangwe gammogo le ba ba nnang mo mafelong a a jaaka mafelo a kokelo le dihosetele.

Mo Kgatong ya boraro, re tla bo re atolosetsa lenaneo la meento go bagolo botlhe.

Ke a itse gore bontsi ba lona lo tla bo lo botsa potso ya botlhokwa: o ka fitlhelela jang moento fa o wela mo ditlhopheng tse ke di kaileng.

Lefapha la Boitekanelo le tlhomile Sefalanatshedimosetso sa Ikwadisetso ya go Tlhaba Moento sa Ileketeroniki go rulaganya thulaganyo ya go ikwadisa go tsamaelana le ya kabo ya meento. Se se tla re thusa go boloka tshedimosetso yotlhe e e maleba e e tsamaelanang le thulaganyo ya moento.

Sefalanatshedimosetso seno se letla motho go kopa letlha la go tla go tlhaba moento mo lefelong la go tlhabela le a nnang gaufi le lona. Sefalanatshedimosetso seno se tla rekota meento fa e ntse e abiwa.

Jaaka ke kaile mo dipuong tsa me tse di fetileng, re reka meento go tswa mo batlameding ba le bantsinyana.

  • Mo godimo ga meento e le milione ya Covishield e re e amogetseng gompieno; re solofetse meento e mengwe gape e le 500 000 go tswa kwa Setheong sa Serum kwa India go goroga moragonyana mo kgweding ya Tlhakole.
  • Re setse re beeleditse meento e le dimilione di le 12 go tswa kwa setheong sa boditšhaba sa COVAX, se se kaileng gore se solofela go rebola meento e le dimilione tse pedi pele ga Mopitlwe.
  • Re beeleditse meento e le dimilione di le robongwe go tswa go Johnson & Johnson, mme e tla simolola go tlisa meento mo kgweditharong ya bobedi. Johnson & Johnson e thapile Aspen, e leng nngwe ya ditlamo tsa rona tsa khemisi, go dira meento e mo Aforika Borwa.
  • Godimo ga moo, Pfizer e solofeditse meento e le dimilione di le 20 go simolola mo kgweditharong ya bobedi.

Re tsweletse ka ditherisano le batlhagisi gore re fitlhelele meento e mengwe.

Aforika Borwa e tla amogela gape kabelo ya meento ka Dinagatshwaraganelo tsa Aforika, tse di ntseng di rerisana le batlhagisi go beeletsa meento ya kontinente yotlhe ka mokgwa wa ditlhotshwana.

Ka Setlhophatiro sa Theko ya Meento sa Aforika sa Dinagatshwaraganelo tsa Aforika, go fitlha ga jaana re setse re beeleditse meento e le bilione e le nngwe ya kontinente yotlhe.

E le dimilione di le supa ya meento eno e tla tswa kwa setheong sa boditšhaba sa COVAX fa dimilione di le 300 yona e tla rekwa ke Setlhophatiro sa Theko ya Meento sa Aforika.

Re tlile go amogela meento e mengwe e e tla abiwang ke ditlamo tse di farologaneng tsa lekala la poraefete go oketsa meento e kontinente ya rona e e tlhokang.

MTN, e leng nngwe ya ditlamo tse di dirang mo dinageng di le mmalwa go ralala kontinente ya Aforika, e neelane ka ditolara di le dimilione di le 25 go reka meento e le dimilione di le supa, tse di tla neelwang dinaga tsa kontinente ya Aforika mo dibekeng di le mmalwa tse di tlang.

Ke rata go akgola MTN ka thuso e kalo e bile ke ikuela go ditlamo tse dingwe tsa lekala la poraefete go latela motlhala wa MTN.

Go setse go dirilwe go ka tlala seatla le lekala la poraefete mme ke itumelela gore go na le boineelo jo bogolo jwa go tshegetsa maphata otlhe a maiteko a bosetšhaba a go aba meento e. Se se akaretsa thuso ka matlole fa go tlhokega, mafaratlhatlha, kabo le tsamaiso.

Se se itshupile ka tirisanommogo e e tseneletseng magareng ga lekala la puso le la poraefete ka ditlhophatiro tse di farologaneng tse di neng di kopana letsatsi le letsatsi go fitlhelela kabo e e atlegileng.

Re ikaelela go reka meento e e lekaneng gore re kgone go enta baagi ba bantsi.

Se ke fa baagi ba ba lekaneng ba entilwe gore ba se fetelwe ke mogare ono e leng seo se tla babalelang batho ba ba sa entang. Se se tla dira gore go anama ga mogare o go laolege.

Borasaense ba rona ba akanya gore re tla nna mo pabalesegong fa fela re kgonne go ka enta batho ba le 67%.

Se se kaya gore go tshwanetse go entiwe batho ba ka nna dimilione di le 40 ba ba nnang mo Aforika Borwa.

Re tla dira ka bojotlhe mo maitekong a rona a go netefatsa gore re nna le meento e e lekaneng go enta baagi ba bantsi mo nageng ya rona.

Meento e re e rekang e tlhatlhobilwe ka tsenelelo mo ditekong di le dontsi, go akaretsa le mo matsholong a magolo a go e lekelela ka go e tlhaba diketekete tsa batho ba ba ithaopileng go bona gore e dira ka tshwanelo.

Mo godimo ga go tlhatlhoba nonofo ya yona, diteko tse di diretswe gape le go lemoga ditlamorago tsa tiriso le dintlha tsa pabalesego. Balaodi ba ba ikemetseng ba lekola tshedimosetso go tswa mo ditekong tse go netefatsa gore ga di kotsi.

Meento e re e rekang e supile fa e babalesegile mo ditekong tsa kalafi mo dinageng di le dintsinyana.

Rotlhe re batla go tshela ntle le bolwetse jo. Rotlhe re batla go nna re babalesegile, le gore ba ba leng gaufi le rona ba babalesege.

Re ikaelela go dira gore meento e fitlhelelwe ke batho botlhe ba bagolo ba ba nnang mo Aforika Borwa go sa lebelelwe gore ba belegetswe ka fa nageng kgotsa jang.

Re tlile go dira tsela ya go samagana le kgwetlho ya bafudugedi ba ba senang dikwalo tse di maleba gore, jaaka batho ba bangwe botlhe, re kgone go itse gore ke bafe ba ba entilweng le gore ke bafe ba ba iseng ba entiwe.

Go molemo go botlhe gore bontsi jo bo kgonegang bo amogele moento.

Fela ke batla gore lo tlhaloganye se: Ga go ope yo o tla patelediwang go entiwa. Ga go ope yo o tla kganelwang go tsaya maeto, go ikwadisa kwa sekolong, kgotsa go nna le seabe mo tiragalong efe fela mo setšhabeng fa a sa entiwa.

Ga go ope yo o tla newang moento o kgatlhanong le thato ya gagwe, e bile meento e, e ka se entelwe mo sephiring.

Magatwe afe fela ka ga se, a fosagetse e bile a kotsi.

Maaforika Borwa a a rategang,

Dikgang tse di molemo tsa ntlha ke tsa go goroga ga meento gompieno.

Tsa bobedi ke gore re itemogetse koketsego e e kwa tlase ya ditshwaetso tsa letsatsi le letsatsi fa e sale kwa tshimologong ya Sedimonthole.

Boammaaruri ke gore, palogare ya seelo sa ditshwaetso tse dišwa e ntse e wela tlase mo dibekeng tse tharo tse di fetileng, e leng se se supang gore re setse re fetile setlhoa sa lekhubu la bobedi.

Mo matsatsing a le supa a a fetileng, palogare ya letsatsi le letsatsi ya ditshwaetso tse dišwa e ne e le bokana ka 5 500 fa e bapisiwa le ditshwaetso di feta 10 000 mo matsatsing a le supa pele ga moo.

Ka mafoko a mangwe, palogare ya ditshwaetso tse dišwa tsa letsatsi le letsatsi e wetse tlase ka bokana ka halofo fa go bapisiwa le mo nakong e e fetileng.

Palo ya ba ba amogelwang kwa maokelong le yona e ntse e wela tlase.

Kwa setlhoeng sa lekhubu la bobedi, re ne re kwadisa dikamogelo di feta 2 300 kwa maokelong ka letsatsi. Palo e e wetse go dikamogelo di le 295 kwa maokelong ka 29 Ferikgong.

Le fa tota go bonala tsotlhe di apara tshiamo, re santse re itemogela seelo se se kwa godimo sa tshwaetsano.

Re itumelela gore go ralala naga, batho ba bantsi ba ikobela dikganelo tse re di tlhomileng le go ikobela mekgwathibelo ya motheo ya boitekanelo e e tlhokegang go thibela tshwaetso.

Ke rata go leboga dimilione tsa Maaforika Borwa tse di itshoketseng dikganelo mo motsamaong wa bona gore ditshwaetso di laolege, le gore go bolokwe matshelo.

Le tlhalogantse gore dikiletso tsa melaokiletso e e ileditseng go ya kwa lebopong, dipikiniki mo diphakeng, le meletlo ya bosigo di nnile mosola mo go thibeleng gore re se latlhegelwe ke matshelo.

Le fa melaokiletso eno e le ya nakwana, go latlhegelwa ke botshelo ke ga leruri.

Le fa go le jalo, re a itse gore ditsela tse di tlhokegang tsa go laola kanamo ya mogare o di bakile gore batho ba bantsi ba ketefalelwe ke botshelo.

Re a itse gore dikganelo tse di amile dikgwebo mo go maswe e bile di nnile matshosetsi mo ditirong tsa makala a tlhokomelo, bojanala le tse di amanang natso.

Ke ka moo re sweditseng gore dikganelo tse di seka tsa tswelela go feta ka moo go tlhokegang go laola leroborobo le, le go fokotsa tatlhegelo ya matshelo.

Ke ka lebaka leo re tla tswelelang go dirisana le dikgwebo le mekgatlo ya badiri go tsosolosa dikgwebo le go tsosolosa ditiro ga jaana le mo pakateleleng.

Mo matsatsing a le mmalwa a a fetileng, re ne ra batla dikgakololo go tswa go baitseanape le go golagana le baemedi ba puso ya diporofense le dipusoselegae gammogo le baeteledipele ba setso.

Ka kwelotlase e e bonalang ya ditshwaetso tse dišwa, dikamogelo kwa maokelong le dintsho, Kabinete e sweditse go tlhofofatsa dikganelo ka iketlo ka fa tlase ga Maemo a Boraro a a fetotsweng.

  • Diura tsa kganelomotsamao e tla nna go tloga ka ura ya bolesomelebongwe bosigo go fitlha ka ura ya bone mo matsheng.

Dikgwebo di tla tshwanela go tswala ka ura ya bolesome bosigo go letla bareki le badiri ba bona go boela magaeng pele ga kganelomotsamao.

  • Dikokoano tsa sedumedi di tla letlelelwa, fa fela di ikobela melawana ya boitekanelo.

Dikopano tsa mothale o, ga di a tshwanela go tsenelwa ke batho ba feta ba le 50 fa di tshwarelwa ka fa teng ga kago le go tsenelwa ke batho ba feta ba le 100 fa di tshwarelwa kwa ntle ga dikago. Fa lefelo leo le le lennye mo dipalo tseno tsa batho di tla retelelwang ke go katogana, gone batho ba ba tsenelang dikopano tseno ga ba tshwanela go feta halofo ya palo e e tlatsang lefelo leo.

  • Mafelo a setšhaba a a jaaka mabopo, matamo, dinoka, diphaka le mafelo a go thumela a baagi, a tla bulwa fa fela go ikobelwa melawana ya boitekanelo.
  • Dikiletso tsa go rekisa nnotagi di tla tlhofofadiwa.
  • Thekiso ya nnotagi kwa dikgwebong tse di nang le dilaesense mme go sa nwelwe koo e tla letlwa go tloga ka Mosupologo go fitlha ka Labone, go tloga ka ura ya bolesome mo mosong go fitlha ka ura ya borataro maitseboa.
  • Mabenkele a a rekisang notagi kwa maemelafofaneng, batlhotlhi ba beine ba ba kwadisitsweng, dipolase tsa beine, batlhotlhipotlana ba nnotagi le ditlamo tse dikgolo tse di tlhotlhang nnotagi botlhe ba tla letlwa go rekisa nnotagi mme e sa nwelwe koo mo diureng tse di tlwaelegileng tsa go rekisa nnotagi go ya ka dilaesense tsa ona.
  • Thekiso ya nnotagi kwa dikgwebong tse di nang le dilaesense tse go nwelwang kwa go tsona – jaaka mabenkele a dijo le dithabene – e tla letlwa beke yotlhe magareng ga ura ya bolesome mo mosong le ura ya bolesome bosigo.

Diphetogo tse di kgonagetse gore di diragadiwe ka ntlha ya kwelotlase e kgolo ya batho ba ba amogelwang kwa maokelong ka ntlha ya COVID-19 go ralala diporofense tsotlhe, e leng seo se fokoditseng sekgala sa batho ba ba amogelwang kwa maokelong le bao ba tlhokang thuso ya baoki.

Ke rata go ikuela go botlhe gore re nwe ka maikarabelo gore re seka ra itemogela tlhatlogo ya dikgetse tsa dikgobalo kgotsa koketsego ya ditshwaetso ka ntlha ya maitsholo a a bodileng.

Jaaka re tlhofofatsa dikiletso gape, maikarabelo a mongwe le mongwe wa rona a a oketsega.

Tla re gakologelweng gore le fa bontsi bo itharabologetswe, palo ya bao ba tshwaetsegang e sa ntse e le kwa godimo mme go ntse go na le kotsi ya gore bolwetse jono bo ka runya sešwa gape.

Ka jalo, go botlhokwa go tshola naga e le mo maemotsibosong a mogare wa corona a boraro, e leng se se supang gore go sa ntse go na le kgonego e kgolo ya tshwaetsano.

Dikiletso di le mmalwa di tla tswelela go nna mo tirisong.

  • Dikokoano tsa loago, ditiragalo tsa sepolotiki, dikopano tsa makgotla setso le dikokoano kwa mabaleng a metshameko di tla tswelela go nna di ileditswe.
  • Se ga se akaretse dikokoano tsa sedumedi le diphitlho le tse dingwe tse di kailweng ka botlalo mo melawaneng jaaka mabenkele a dijo, dimusiamo le mafelo a ikatiso.
  • Diphitlho ga di a tshwanela go tsenelwa ke batho ba ba fetang 50, mme batho ba tshwanetse ba katogane, go nne le sanithaesa ya diatla mme le batho baa pare dimmaseke.
  • E sa ntse e le segapeletsa gore mongwe le mongwe a apare mmaseke fa a le fa gare ga batho.

Jaaka re diragatsa lenaneo la meento mo ngwageng otlhe le go dira ka natla go fokotsa palo ya ditshwaetso tse dišwa, re tlhoka go tswelela go ikobela mekgwathibelo ka kelotlhoko gore re fokotse tshwaetsano.

Se se botlhokwa thata ka ntlha ya fa mofuta o mošwa wa mogare o - 501Y.v2 - ga jaana o aname go ralala naga.

Re a itse gore tshwaetso ya yona e gaisa ya mofuta wa pele mme ka jalo e ka baka lekhubu le lengwe la ditshwaetso le go imetsa maokelo a rona.

Re setse re itse go le gontsi jaanong ka ga mekgwa ya tshwaetso.

Fa tokololo ya lelapa e na le COVID-19 mme go sa latelwe dikgato tsa phepafatso, go na le kgonagalo e kgolo ya gore tshwaetso e e ka fetela mo bathong ba bangwe ba lelapa leo.

Ka jalo, batho ba ba lemogang gore ba ka tswa ba kopane le bao ba nang le mogare kgotsa fa e le gore ba na le COVID-19 ba tshwanetse go itlhaola kwa gae gore ba se kopane le ditokololo tse dingwe tsa lelapa, kgotsa fa se se sa kgonege kwa gae, ba ka ya kwa lefelong la puso la go ipipa.

Go nna mo mafelong a a tletseng batho kgotsa go nna mo mafelong a a tswetsweng mme go sena kelelo e e lekaneng ya mowa go ka oketsa kgonego ya go tshwaediwa ke mogare o.

Ke ka lebaka leo o tshwanetseng go tila go nna mo mafelong a a tswetsweng fa go kgonega, mme o bule matlhabaphefo go fokotsa kanamo ya mogare o ka mowa.

Ditlhotlhomiso di supile kgonego ya phetisetso ya mogare o e menagane ga someamabedi mo mafelong a a tswetsweng go na le kwa ntle.

Re tswelela go kopa Maaforika Borwa otlhe gore ka gale ba nne ba katogane ka sekgala sa mitara le halofo.

Re ikuela le go bathapi gore ba letle bathapiwa ba bona go direla kwa magaeng fa go kgonega, le go se bulele kotsi ya tshwaetsego fa go seng botlhokwa tota go dira jalo.

Gakologelwa, le fa tota o sena matshwao a mogare ono, o sa ntse o ka tshela batho ba bangwe ka ona.

Ka jalo, apara mmaseke mme o netefatse gore mmaseke yoo o tswalela nko le molomo wa gago ka gale fa o le fa gare ga batho.

Fa o tlhoka go tlhaba kgobe ka mmutla le ditsala le ba losika, dirang jalo mo mafelong a a leng kwa ntle ga dikago.

Maaforika Borwa a a rategang,

Fa e sale kgetse ya ntlha ya COVID-19 e bonwa mo nageng, re dirile ka bojotlhe jwa rona go sireletsa matshelo le boleng jwa botshelo jwa Maaforika Borwa otlhe.

Re nnile lesego thata go amogela tshegetso go tswa lefatsheng ka bophara.

Mo maitseboeng a, ke rata go akgola boineelo le thuso e e sa tekatekeng ya puso le batho ba Cuba.

Fela jaaka hisetori ya bona e supa, setšhaba se sa setlhakatlhake se sennye, se supile kemonokeng go dinaga tse di neng di amegile segolo ka go romela batho ba Cuba ba le 3 700 go ralala lefatshe go lwantshana le COVID-19.

Ka ntlha ya seabe sa bona, Kabinete ya Aforika Borwa e atlenegisitse tshitshinyo ya go tlhopha setlhopha seno sa dingaka se se bidiwang Henry Reeve International Contingent of Doctors Specialised in Disaster Situations and Serious Epidemics – se se itsegeng that aka gore ke Cuban Medical Brigade – gore ba neelwe Kabo ya Tlotla ya go Tlisa Kagiso ya 2021.

Mo Aforika fela, Mophato o o alafile batho ba feta 38 000 go fitlha kwa bofelong ba Ngwanaitseele 2020. Ga jaana ba santse ba samagane le namane e tona ya tiro kwa dinageng tse dingwe tse dintsi, go akaretsa le mono Aforika Borwa.

Re leboga go menagane go batho ba Cuba ka go supa tirisanommogo e kgolo le batho mmogo le botho jwa bona.

Fela jaaka batho ba bantsi go ralala lefatshe, re latlhegetswe thata e bile re itshoketse go le gontsi.

Matshelo a rona a fetogile thata, mme re ne ra tshwanelwa ke go itlwaetsa maemo a mašwa e bile a le bokete.

Jaanong, ka ntlha ya bogaka ba badiri ba rona ba tlhokomelo ya kalafi, tiro e e manontlhotlho ya borasaense ba rona, bogatlhamelamasisi ba badiri ba rona botlhe ba mela e e kwa pele le maikemisetso a Moaforika Borwa mongwe le mongwe, re ka akanya ka lefatshe le mo go lona mogare o o laolegang. 

Go mo go rona go dira gore maemo ao e nne boammaaruri.

Go mo go rona go se itebale, mme re thibele lekhubu la boraro la ditshwaetso.

Go mo go rona go itshireletsa mmogo le ba malapa a rona le setšhaba sa rona.

Go mo go rona go entiwa ka bonako jo bo kgonegang fa e le nako ya rona ya go entiwa mme re thibele go anama ga mogare o.

Godimo ga tsotlhe, go mo go rona rotlhe go se timelwe ke tlhase ya tsholofelo, go nna re tsepame mo maikemisetsong a rona go bangwekarona le naga ya rona.

Mmogo, re tla boela mannong le go aga sešwa.

A Modimo o tshegofatse Aforika le go sireletsa batho ba gagwe.

Ke a lo leboga.

Share this page

Similar categories to explore