Moporesitente Cyril Ramaphosa: Puo ya Maemo a Setšhaba ya 2022

Puo ya Maemo a Setšhaba (SoNA) ka Moporesitente Cyril Ramaphosa Cape Town City Hall Labone, 10 Tlhakole 2022

Mmusakgotla wa Kokoanotheomolao ya Bosetšhaba (NA), Mme Nosiviwe Mapisa-Nqakula,

Modulasetulo wa Lekgotla la Bosetšhaba la Diporofense (NCOP), Rre Amos Masondo,

Motlatsamoporesitente Rre David Mabuza,

Moporesitente wa maloba Thabo Mbeki,

Motlatsamoporesitente wa mo malobeng Mme Phumzile Mlambo-Ngcuka,

Motlatsamoporesitente wa mo malobeng Mme Baleka Mbete,

Mmusakgotla wa maloba wa NA, Rre Max Sisulu,

Moatlhodimogolo Raymond Zondo,

Meyara wa City of Cape Town, Rre Geordin Hill-Lewis,

Tlhogo ya Maloko a Bodipolomate, Rre Bene M'Poko,

Maloko a Ditlhogo tsa Ditheo tsa Dikgotlatshekelo,

Ditlhogo tsa Ditheo tse di Emang Temokerasi Nokeng,

Maloko a Palamente,

MaAforika Borwa a gaetsho,

Monongwaga, fa e sale re tsena mo temokerasing, ke lantlhantlha re fana ka SoNA re se kwa Moagong wa Kokoanotheomolao ya Bosetšhaba.

Fa ngwaga ono o roga, moago wa temokerasi ya rona o ne wa tuka malakabe.

Rotlhe re iponetse ka a rona matlho re tšhakgetse e bile re hutsafetse fa molelo o lautsa moago wa rona o temokerasi ya rona ya Molaotheo e simolotseng kwa go ona, o kwa go ona go tlhagisitsweng melao ya go tlisa phetogo le kgatelopele, o kwa go ona baemedi ba ba tlhophilweng ke baagi ba naga ya rona go ba emela kwa go ona ba nnileng le seabe mo go bopeng temokerasi ya rona e e santseng e totoba.

Mo go rona ka bontsi, se se diragetseng kwa Palamenteng se re bolelela dilo di le dintsi ka matsapa a a leng teng mo nageng ya rona.

Mo go rona ka bontsi, go tuka ga moago ono ke sesupo sa gore leroborobo la COVID-19 le tlisitse matsapa a a seng kana ka sepe, ka go tlhotlheletsa gore batho ba latlhegelwe ke ditiro le go dira gore tshokolo e tswe mo taolong

Tiragalo eno e re bontshitse gore leroborobo leno mo sebakeng sa dingwaga di le pedi tse di fetileng le dirile matsapa a le mantsi go le kanakang jaaka le fetile ka mtshelo a maAforika Borwa a le diketekete, la dira gore dimilione di le pedi tsa batho ba ba neng ba na le ditiro ba felelwe ke ditiro le go tlisa mathata a a seng kana ka sepe mo malapeng.

Molelo o o runtseng kwa Palamenteng o ne wa re gopotsa diletseng fa naga e ne e phuaganngwa, go rena tirisodikgoka le go thopiwa ga dithoto tsa mabentlele ka dikgoka mo dikarolong tse di rileng ka fa nageng mo kgweding ya Phukwi ngogola, mo batho ba feta ba le 300 ba neng ba latlhegelwa ke matshelo a bona mme ba bangwe ba bantsi bona ba welwa ke leru la go latlhegelwa ke ditsela tsa ka fao ba iphedisang ka teng.

Fa re gopola se se diragetseng mo ngwageng yo o fetileng, re iphimola dikeledi ka mafoko a ga Moporesitente Thabo Mbeki yo a neng a re gakolola gore: "Fa go le boima mo botshelong re tshwanelwa ke go ntsha bogatlhamelamasisi. Re le batho ga re itse maatla a re nang le ona fa botshelo bo elela jaaka metsi a a phodileng"

Go bo rotlhe re kokoane fano mo Cape Town City Hall e seng kwa Moagong wa Kokoanotheomolao ya Bosetšhaba ke sesupo sa maemo a re iphitlhelang re le mo go ona ga jaana a a sa tlwaelegang.

A re bontsha maikemisetso a Batlhankedi ba ba Eteletseng Pele Palamente mmogo le a batlhankedi botlhe ba dintlo ka bobedi tsa palamente a gore le fa go ka nna jang le jang tiro ya setheo seno se se botlhokwa e tshwanetswe go diragadiwa ntle le go kgorelediwa.

E a tle e re mo botshelong go fitlhe nako e naga e fedisang dilo tse di sa siamang tse e neng e itsege ka tsona kgale mme e simolole go dira dilo tse dintšhwa tse dintle.

Fa nako eno e fitlhile, go a tle go nne le ketsaetsego jaaka go na le kgonagalo ya gore re ka dira dilo tse dintle go gaisa kana ra nna mo kotsing ya go ka busetsa morago dilo tsotlhe tse re setseng re di fitlheletse

Gompieno re tobane le seemo seno.

Dikgato tse re di tsayang gompieno di tla ama bokamoso jwa bana ba rona

Ke ka ntlha ya seno re tsayang dikgato go gagamatsa temokerasi ya rona mmogo le go totobatsa kemonokeng ya rona mo Molaotheong wa rona o o sireletsang yo mongwe le yo mongwe wa rona.

Mmogo re samagane le go tsosolosa ikonomi ya rona le go fedisa go se lekane re se meno mmogo le go se tsweletse dikgato tsa phimolakeledi e leng dilo tse di kgoreletsang kgatelopele ya rona.

Re eme ka lefoko le le lengwe fa go tla mo go lwantsheng bonweenwee le go dira bonnete jwa gore botlhe ba ba amegang mo mererong ya go goga puso ka nko ba di gama ba sa di tlhapela ka bosenyi jo ba bo dirileng.

Re tsosolosa Puso le go tsosolosa serite le boipelo jwa ditheo tsa puso.

Fa go na le sengwe se rotlhe re dumelanang ka sona ke gore maemo a ga jaana - a tshokolo e e tsitsibanyang mmele, botlhokatiro le go se lekane re se meno - tsotlhe tseno ga re dumelane le tsona ka gotlhe e bile di tlo re bakela matsapa.

MaAforika Borwa ka bontsi le ka go farologana ba dumelana gore go tlhokagala diphetogo mo dilong tse di botlhokwa gore re kgone go tsosolosa ikonomi ya rona.

Go tlhokagala gore matsapa a re tobaneng le ona ga jaana a rarabololwe mmogo le go tla ka ditharabololo tse di tla nnelang ruri le go tlisa tlhabologo.

Gore re kgone go diragatsa seno, Aforika Borwa e tlhoka go tsaya dikgato tse dintšhwa.

Dikgato tse di tseelang tlhogong dikgwetlho tse re tobaneng le tsona ga jaana e bile di tlisa ditharabololo tsa go samagana le botlhokatiro, tshokolo le go se lekane re se meno.

Dikgato tseno e tshwanetse e nne tse di itshetlegileng ka gore Puso e tshwanetse go tlhola maemo a a kgontshang lekala la poraefete go beeletsa le go dira gore ikonomi ya rona e ntshe ga tshwene.

Mme dikgato tseno di tshwanetse go dira fela jalo le mo baaging ba Aforika Borwa gore le bona ba kgone go tshela botshelo jo bo botoka mme ba ntshe ga tshwene mo bokgoning jwa bona.

Tseno e tshwanetse go nna dikgato tse dintšhwa tse di tsholetsang maikarabelo a yo mongwe le yo mongwe wa rona le go amogela gore ke boammaruri gore matlhaku go šwa mabapi.

Ke maikarabelo a rona rotlhe re le badirisanimmogo mo mererong ya loago - ke bua ka puso, mekgatlho ya badiri, bagwebi le baagi - go tsamaisana tsela mmogo go bona gore ke tsela efe e re ka e tsayang gore re kgone go diragatsa dikgato tseo.

Re setse re simolotse go buisana ka ntlha ya gore re tlhoka go sekegelana tseba fa kae le gore yo mongwe le yo mongwe wa rona o tla nna le seabe kae.

Re ipeetse sebaka sa matsatsi a le 100 go ritela letsholo le le feletseng la go thusa baagi gore re kgone go godisa ikonomi ya naga ya rona, go tlhola ditiro mmogo le go lwantshana le tlala.

Tiro eno e tla tlaleletsa mo go e re simolotseng ka yona ya Leano la Itharabologelo le Kagosešwa ya Ikonomi (ERRP), e leng letsholo le le botlhokwa la tsosoloso ya ikonomi.

Le jaanong re santse re sapaletse dintlha tse di botlhokwa tse re di tsopotseng mo go SoNA ya ngogola e leng:

  • go ripitla leroborobo la COVID-19,
  • go diragatsa letsholo le legolo la go tlhola mafaratlhatlha,
  • koketso e kgolo mo ditlhagisiweng tsa ka fa nageng,
  • letsholo la go tlhola ditiro le go tshegetsa ka fao batho ba iphedisang ka teng,
  • go oketsa metswedi ya tlhagiso ya motlakase.
     

Gore le re tswele mosola, letsholo leno la go thusa baagi le tshwanetswe go enngwa nokeng ke maAforika Borwa otlhe le maphata otlhe mo setšhabeng sa rona.

Ga go ope yo a tshwanetseng go sala morago.

MaAforika Borwa a gaetsho,

Labofelo fa ke ne ke eme setšhaba ka lefoko, re ne re le ka fa teng ga mpa ya leroborobo le bosetlhogo jwa go tshwana le jwa lona re bo boneng la bofelo mo dingwageng di le lekgolo tse di fetileng.

Fa e sale COVID-19 e goroga mo nageng ya rona re aparetswe ke leru morago ga le lengwe, ra aparelwa ke go thuthusiwa ga malwetse a mangwe a mantšhwa a bolwetse jono le bosetlhogo jwa go latlhegelwa ke matshelo a batho ba le 100 000 ba ba rekotilweng gore ba tlhokafetseng ka ntlha ya COVID-19.

MaAforika Borwa a tsibogetse ntlha eno ka go ipeta sebete le go nna bomagatlhamelamasisi, ba nne le kutlwelobotlhoko le go itshwara.

Mo dingwageng di le pedi tse di fetileng re tsere dikgato tse di iseng di tle di tsewe mo nakong e e fetileng go gagamatsa tiro ya maokelo a rona ka go thapa badiredi ba ba tlhokagalang mo dilaboratoring tsa rona le go thibela ditshwaetso.

Naga ya rona e tshwanetse go leboga badiri ba lephata la maokelo mmogo le botlhe ba bangwe ba ba tshegetsang tiro ya badiri bano gonne mo nakong ya leroborobo leno ba ne ba kakatletse ba baya matshelo a bona mo kotsing gore ba kgone go tlhokomela batho ba bangwe ba ba neng ba lwala e bile ba le mo maemong a a tlhobaetsang.

Moragonyana ga dibeke di se kae go begilwe ka motho wa ntlha yo a tshwaeditsweng ka fa nageng, ke ne ka itsisi baagi gore go tla tlhomiwa Letlole la Tshwaraganelo, leo maitlhomo a lona e leng go dira gore naga e tshwaragane ka lentswe le le lengwe fela e leng la go lwantshana le leroborobo leno.

E rile fa batho ka fa nageng ba simolola go tla ka makatlanamane go thusa, letlole leno la kgona go bokeletsa dibilione tsa diranta di le 3.4 mme moneelo ono o tswile mo baaging ba le 300 000 le mo ditlamong le mo ditheong tse dingwe di le 3 000 tsa matlole a go thusa baagi. Baagi ba feta ba le 400 mmogo le ditlamo di le 100 di ithaopile go thusa ntle le go duelelwa.

Letlole leno le nnile le seabe se segolo thata mo go emeng nokeng leano la maokelo la go samagana le matsapa a a tlisiwang ke leroborobo leno mmogo le mo go thuseng go phutha baagi ba ba leng mo tlalelong.

Ke rata go leboga motho yo mongwe le yo mongwe yo a thusitseng mo Letloleng la Tshwaraganelo mmogo le ba bangwe ba bantsi ba ba thusitseng ka matsholo a le mantsi fela a ba itshimoletseng ona a go thusa batho ba ba wetsweng ke leru la leroborobo leno.

Jaaka leroborobo leno le ntse le tsweletse go iphetolaphetola, le rona re ne ra iphitlhela re tshwanelwa ke go ithuta ditsela tse dintšhwa le go gola.

Dikgato tsotlhe tse re di tsereng fa e sale di ntse di tsamaisana le bopaki jo bo leng teng jo re bo neelwang ke ba lephata la tsa disaense, e bile re tsweletse go ikotla sefuba ka boleng jwa batlhankedi ba rona ba tsa saense mmogo le seabe se ba nnileng le sona mo kgatong e nngwe le e nngwe ya naga ya rona ya go samagana le leroborobo leno.

Mo ngwageng yo o fetileng re ne ra gagamatsa letsholo la naga ya rona la go tlhabela moento

Go fitlha mo motsing ono re setse re dirisitse mabotlolwana a meento ya COVID-19 a le dimilione di le 30. Mme seno se dirile gore mo bagoding botlhe ka fa nageng re kgone go tlhaba ba ba ka dirang 42% mme e bile gape mo baaging botlhe ba ba nang le dingwaga di le 50 go ya kwa godimo re kgone go tlhaba ba ba ka dirang  60%.

Ga jaanong re ithulagantse sentle jaanong go ka tsena mo kgatong e ntšhwa ya go samagana le leroborobo leno.

Re ikemiseditse gore mo nakong e e sa fediseng pelo re fedise dikiletso tsotlhe tsa Molao wa Maemo a Masetlapelo a Naga mme re santse re letetse go konosetsa dithulaganyo tsa Molao wa Naga wa Boitekanelo wa ngwaga wa 2003 (Molao wa bo 61 wa 2003) mmogo le melawana e mengwe ya go lwantshana le leroborobo leno pele re ka di fedisa.

Bontsi jwa dikiletso tse di amang ikonomi le go tlhaba kgobe ka mmutla di setse di fedisitswe bontsi jwa tsona.

Go tlhabela moento go iponagaditse gore ke yona tsela e e di gaisang tsotlhe tse re nang le tsona ya go thibela gore COVID-19 fa e go tshwere e se go gatelele kgotsa ya go isa maotwana hunyela.

Fa rotlhe re ka tlhabela moento, ra ikobela ditaolelo tse di botlhokwa tsa go tlhokomela itekanelo ya rona le go nna re ntshitse matlho dinameng, re tla kgona go busetsa matshelo a rona sekeng mme re tswelele ka ona le fa mogare ono o tla bo o ntse o le teng.

Ga go kgonagale gore o ka bua ka maemo a setšhaba mme o sa bue ka maemo a ikonomi.

Mo godimo ga sekgala se se leng teng se se tlhodilweng ke gore batho ke ba morafe ofe, ba tswa kae le gore ba rutegile go le kanakang, COVID-19 e dirile gore maemo a rotoge le go feta magareng ga batho ba ba nang le ditiro le ba ba senang ditiro.

Mo ngwageng yo o fetileng batho ba ba senang ditiro ka fa nageng palo ya bona e ile kwa godimodimo go gaisa ya fa e sale.

Botlhokatiro bo tlhodilwe ke kgolo e e sa namatsheng ya ikonomi, e e tlhodilweng ke paka e e telele ya go fokotsega ga batho ba ba beeletsang ka fa nageng.

Mo ngwageng yo o fetileng leano la go tsamaisa tiro ya go ya go ile ya merero ya ikonomi e e potlana le re tswetse mosola, mmogo le ditlhwatlhwa tse di gagametseng tsa dithoto le go iponela itharabologelo e e gaisang eo re neng re e solofetse.

Le fa go le jalo, re diilwe ke tlamelo ya motlakase wa rona e e sa ikanyegweng, diintaseteri tsa rona tse di re tlamelang ka neteweke e e sa ikanyegweng mmogo le madi a mantsi a a tlhokegang go simolola kgwebo ka fa nageng.

Re ntse re tsaya dikgato tse di iseng di tle di tsewe mo nakong e e fetileng go thusa dikgwebo go gola le go dira gore di tlhole ditiro mmogo le go thusa le ka ditiro mo lephateng la tsa tirelosetšhaba mmogo le ka megolo ya go thusa baagi.

Rotlhe re a itse gore ga se tiro ya puso go tlhola ditiro. Eo ke tiro ya dikgwebo.

Mo bathong botlhe ba ba dirang ka fa nageng ya Aforika Borwa, ba ba ka dirang 80% ke ba ba thapilweng ke lekala la poraefete.

Tiro e kgolo ya puso ke go tlhola maemo ka fa nageng a a tla dirang gore lekala la poraefete - dikgwebo tse dikgolo le dikgwebopotlana - di kgone go simolola, di gole, di fitlhelele dimaraka tse dintšhwa, di tlhagise didirisiwa tse dintšhwa tse di di rekisang mme di kgone go thapa badiredi ba bangwe ba bantsi.

Matsapa a a leng teng mo ikonoming ya ka fa nageng ya Aforika Borwa a tseneletse ka fa boteng jwa yona le ka fao e bopegileng ka teng.

Fa tlamelo ya motlakase go retela gore e ikanyegwe, fa diterene le mafelo a dikepe di folosang le go thota dithoto teng a sena boikanyego, fa go retela gore batho ba itlhamele dilo tse dintšhwa ka ntlha ya tlhaelo ya kgaso ya inthanete, faboleng jwa metsi e se tlhole e le bona, ke teng mo ditlamo di simololang go ikgogela morago mo go beeletseng ka fa nageng mme ikonomi e tla simolola go se tlhole e kgona go dira sentle jaaka e ne e dira.

Ka maitlhomo a go samagana le dikgwetlho tseno re potlakisa go tsenya tirisong diphetogo tse di tlhokegang mo sebopegong sa yona gore re kgone go tsenya mo dinakong le go fetola diintaseteri tseno gore re kgone go bulela dipeeletso, go fokotsa ditshenyegelo tse di tlhokegang mo go simololeng kgwebo mmogo le go tlhatlosa tiro e e tswileng pele le kgolo ya yona.

Mathata a re nang le ona a motlakase ke a mangwe a magolo a a tshosetsang kgatelopele e re setseng re e fitlheletse mo ikonoming ya rona le mo matshelong a rona.

Mo matsatsing a le mmalwanyana a a fetileng, tlamelo ya naga ya rona ya motlakase e re jele segakolodi gore e santse e le matsapa.

Go tshaba ga motlakase go santse go tswelela go ama matshelo a maAforika Borwa otlhe, go kgoreletsa dikgwebo go dira ditiro tsa tsona, mme e bile gape go rwesa malapa le baagi mo metseng mathata a mangwe a magolo.

Ka ntlha ya diteišene tsa motlakase tse di onetseng tsa naga ya rona, go se di tlhokomelo le go se di tsosolose, go dira diphoso mo dipholising mmogo le ditshenyegelo tse di tlhodilweng ke ditiro tsa go goga puso ka nko, naga ya rona e santse e tlhoka dimekawate di le d 4 000 tsa motlakase.

Mo ngwageng yo o fetileng re tsere gape le dikgato tse dingwe tse di utlwagalang go tlisa motlakase o mongwe o o tlhokagalang ka bonako jo bo kgonagalang go thiba phatlha

Ka jalo, mo dingwageng di le mmalwa tse di tlang re tla simolola ka diporojeke di le mmalwa tse dintšhwa tsa tlhagiso ya motlakase. Tsona ke:

  • go samagana le diporojeke tse di saletseng morago mo thendareng ya bo 4 tsa dimekawate di feta di le 500 go tswa mo letsholong la motlakase wa go fetlhiwa ka ditsela tse dintšhwa, mme tsona kgatelopele ya tsona e setse e le kgakala.
  • go samagana le diporojeke tsa thendara ya bo 5 tsa dimekawate di feta di le 2 600 go tswa mo letsholong la motlakase wa go fetlhiwa ka ditsela tse dintšhwa, mme tsona re itsisitse bao ba di fentseng mo ngwageng yo o fetileng,
  • go samagana le diporojeke tsa go thulana le matsapa a motlakase tsa dimekawate tsa go fitlha go di le 800 mme tsona di setse di siametse go ka diragadiwa,
  • go samagana le diporojeke tsa thendara ya bo 6 tsa dimekawate di feta di le 2 600 go tswa mo letsholong la motlakase wa go fetlhiwa ka ditsela tse dintšhwa, mme tsona e tla re mo nakong e e sa fediseng pelo tsa bulelwa gore di gaisanelwe,
  • go samagana le diporojeke tsa digase tsa dimekawate di le 3 000 mmogo le tsa polokelo ya motlakase wa dibeteri tsa dimekawate di le 500, mme tsona e tla re kwa bokhutlhong jwa monongwaga tsa phasaladiwa,
  • go samagana le dimekawate tse di ka fitlhang mo go di le 4 000 mo diporojekeng tsa tlhagiso e e tswakilweng ya motlakase go tlamela lekala la meepo,
  • dimasepala tse di farologaneng jaanong di tobane le go reka dimekawate tse di ka fitlhang mo go di le 1 400.
     

Mo godimo ga go thiba diphatlha mo lekaleng la tlamelo ya motlakase, re tlisa gape le diphetogo tse di botlhokwa thata mo thulaganyong ya lekala la motlakase.

Setlamo sa Eskom se setse se tlhomile setheo se se tla samaganang le tsamaiso ya motlakase, e bile se tla konosetsa dikgato tsa go ikgaoganya go nna makala a a ikemetseng ka Sedimonthole 2022.

Setlamo seno se tsweletse go diragatsa tiro ya sona ya go tlhokomela le go tsosolosa meago le dithoto tsa sona, e leng maiteko a go busetsa kwa morago dikgato tse di dirilweng mo dingwageng di le dintsi tse di fetileng tsa go itlhokomolosa go tlhokomela mafelo a a leng teng a bodutelo jwa motlakase le go itlhokomolosa tirelo ya ona e e sa tswang diatla.

Gore diphetogo tsotlhe tseno e nne molao, Kabinete mo maabaneng e tlhotse e nesetsa pula dikarolo tse di kwalolotsweng sešwa tsa Molao wa Taolo ya Motlakase wa ngwaga wa 2006 (Molao wa bo 04 wa 2006)

Diphetogo tse dikgolo tseno di tla dira gore mo lephateng la tlhagiso ya motlakase batlhagisi ba bantsinyana ba gaisanele maraka mmogo le go dira gore go nne le setheo se se ikemetseng sa puso se se samaganeng le tsamaiso ya motlakase.

Ikonomi ya rona e ka se kgone go iponela kgolo fa diterene le mafelo a dikepe di folosang le go rwala dithoto kwa go ona a sa dire ka fao a tshwanetseng

Mo dingwageng di le mmalwa tse di fetileng mafelo a dikepe di folosang le go rwala dithoto kwa go ona a phutlhame go gaisa a mangwe a a jaaka a rona mo lefatsheng le mo kontinenteng ya Aforika. Seno se thibela ditiro tsa ikonomi.

Go naya sekao, lekala la temothuo le itshetlegile thata mo thulaganyong e e senang diphoso ya go folosa le go rwala dithoto mo dikepeng gore di romelwe kwa dinageng tse dingwe.

Dijo tse di foreše ga di kgone go leta matsatsi a sena palo kgotsa dibekebeke di letile gore di tle go rwalwa kwa boemelakepeng.

Seno se ama bobe dikgwebo tsa ka fa nageng le go dira gore seriti sa naga ya rona mo go tlhagiseng dijo tse di foreše se wele fatshe.

Transnet e rarabolana le dikgwetlho tseno e bile e samagane le go tokafatsa tiro ya yona gore e nne e e tswileng diatla kwa maemelakepeng jaaka e reka didirisiwa tse dingwe le go tsenya tirisong dithulaganyo tse dintšhwa go fokotsa tshubetlhelano.

E tla re mo dikgweding di le mmalwa tse di tlang Transnet ya kopa ditshitshinyo mo badirisanimmogong ba yona mo makaleng a poraefete tse di mabapi le mafelo a go rwala le go folosa dithoto a kwa Durban le kwa Ngqura, mme seno se tla dira gore e re ka Diphalane 2022 ga bo go na le tirisanommogo e e tsetsepetseng.

Transnet e tla simolola ka thulaganyo ya go letlelela maphata a mangwe go iponela ditirelo tsa thoto ya dithoto go simolola ka kgwedi ya Moranang 2022 ka go dira gore le bona ba neelwe mafelo a go nametsa le go folosa dithoto kwa mafelong a go rwala le go folosa dithoto a Durban le City Deep kwa Gauteng.

Transnet e dirisana le makala a poraefete go thusana go thibela bogodu jwa megala ya motlakase wa diterene le tshenyo ya diterene ka go dirisa thekenoloji e e tlhabologileng le go thapa batlhankedi ba bangwe ba bantsinyana ba ba femelang diterene.

Tirisano eno e setse e iponagatsa gore e mosola gonne jaanong go thibelwa go tsamaya ga diterene go fokotsegile thata.

Maemo a a phutlhameng a diterene mo nageng ya Aforika Borwa a ama matshelo a batho ba naga ya rona ka tsela e e sa itumediseng.

Ka ntlha ya seno re samagane le go busetsa sekeng maemo a diterene mo diteišeneng di le 10.

Diterene tsa Southern Line kwa Cape Town le tsa Mabopane Line kwa Pretoria di butswe mme tse dingwe tse di setseng le tsona di tla di latela mo ngwageng yo o tlang.

E nngwe ya dikgwetlho tse dikgolo mo mererong ya rona ya tlhabololo ya thekenoloji mo ikonoming ke dintlha tse di saletseng morago thata mo go fetoleng kgaso go tswa mo go ya analoko go ya kwa go ya dijithale.

Mo diporofenseng di le dintsinyana thulaganyo ya go tima kgaso ya analoko e setse e garetswe.

Jaaka ke tlhalositse mo go SoNA ya ngogola, diporofense tse dingwe tse di setseng thulaganyo eno ya gore di nne le kgaso ya dijithale mo go tsona e tla garelwa fa kgwedi ya Mopitlwe 2022 e konosela.

Mo thulaganyong eno, puso e tla tswelela go thusa malapa a a tlhokang thuso ka go ba duelelela bontlha bongwe jwa mabokoswana a kgaso eno gore le ona a kgone go tsena mo kgasong ya dijithale.

Mo dibekeng di ka nna di le tharo tse di tlang lephata la naga ya rona le le laolang mafaratlhatlha a ditlhaeletsano, e leng  ICASA, le tla simolola ka fantisi ya lona ya go fantisa marang a kgaso.

Seno se tla dira gore lephata la mafaratlhatlha a ditlhaeletsano tsa megala ya seatla, fa e sale dingwaga di le lesome tse di fetileng, le nne le marang a mantšhwa a kgaso.

Mo godimo ga seno, re tla tswelela go disa mafaratlhatlha a porotebente a a tsenngwang tirisong ka lepotlapotla mo di,asepaleng tsotlhe mme re tla dira seno ka go tlhoma mokgwatiriso o o tla dirisiwang go rebolela dimasepala tetla.

Diphetogo tseno di tla tlhabolola go utlwagala thekenoloji ya ka fa nageng, e leng se se tla dirang gore batho ba ba batlang porotebente e e dirang ka bonako ba kgone go iponela yona mmogo le go fokotsa ditshenyegelo tse motho a di tlhokang fa a tshwanetse go tlhaeletsana le ba bangwe a dirisa didirisiwa tsa dijithale.

Mo lefatsheng ka bophara, go kgona go nna le ikonomi ya mo matsatsing a segompieno e e atlegileng o tshwanetse wa bo o kgona go ngokela batswantle ba ba nang le bokgoni jo bo itlhophileng jo bo tlhokagalang.

Ka ntlha ya seno re samagane le go fetola dithulaganyo tsa go dira kopo ya go tsena ka fa nageng gore e tsamaisane le ya matsatsi a segompieno mme seno se tla dira gore go nne bonolo gore batho ba ba tswang kwa dinageng tsa kwa ntle ba tla mo Aforika Borwa e le bojanala, bagwebi le ba ba batlang ditiro ba kgone go tla ka fa nageng.

Jaaka mo ngwageng yo o fetileng re dirile boikanyo, thulaganyo ya eVisa ya rona e setse e dirilwe mo ga jaana e dirisiwang ke batho ba ba tswang kwa dinageng di le 14 mme mo go tsona go na gape le naga ya China, ya India, ya Kenya le ya Nigeria.

Fa e sale ka ngwaga wa 2014, jaanong re phasaladitse Lenaane la Ditiro tse di Botlhokwa Thata tse re di Tlhokang ka fa Nageng tse mo go tsona Batswantle ba Letleletsweng go ka Thapiwa mo go Tsona, mme seno se letleletswe fa e le gore mothapi o tsere matsapa a a tseneletseng go leka go batla motho yo a ka thapiwang mo ditirong tseno ka fa nageng mme a reteletswe e bile a setse a kile a leka go kopa thuso le mo dikgwebong tse dingwe le mo mekgatlhong ya badiri. Lenaane leno le bontsha bokgoni jo bo tlhokagalang mo matsatsing ano, mme le dira gore pholisi ya rona e e ka ga batswantle e tsamaelane le seo ikonomi ya rona e se tlhokang.

Jaanong go samaganwe le go sekaseka ka botlalo thulaganyo ya go letlelela batswantle go iponela ditiro ka fa nageng, mme yona e eteletswe pele ke Mokaedi yo Mogolo wa Maloba wa Lefapha la Merero ya Selegae, Rre Mavuso Msimang.

Tshekatsheko eno e samagane le go lebelela gore a go ka kgonagala go dira gore go tsenngwe dithulaganyo tse dingwe tse dintšhwa tsa dikopo tsa go rebolelwa tetla go batswantle go iponela ditiro ka fa nageng e leng seo se ka dirang gore ikonomi ya rona e kgone go gola, go tshwana le go letlelelwa go itshimololela dikgwebopotlana le go letlelelwa go dira ka fa nageng ba le kwa malapeng a bona.

Metsi a botlhokwa thata mo nageng.

A botlhokwa mo botshelong, mo go tliseng tlhabologo le mo go godiseng ikonomi.

Ke ka ntlha ya seno re beileng kwa setlhoeng tlhabololo ya ditheo mo lephateng leno go netefatsa gore mo isagong ga re itemogele matsapa a metsi, go netefatsa gore re beeletsa mo metsweding ya metsi mmogo le go tlhokomela le go tsosolosa mafaratlhatlha a metsi a re nang le ona.

Re setse re simolotse ka dikgato tsa go tsosolosa setheo ka go tlamela Lefapha la Metsi le Kgeleloleswe  ka tseo le di tlhokang mmogo le go sekaseka diboto tse di leng teng mo ditheong tsa metsi go lebelela segolobogolo tiro ya tsona mmogo le go netefatsa gore di tlamela dimasepala ka tirelo go ya ka Leano le le Ikaegileng ka Ditikologo la Tiragatso ya Kabo ya Ditirelo.

Diphetogo tseno di eteletswe pele ke Tona ya Lefapha la Metsi le Kgeleloleswe, yo a setseng a etetse mafelo otlhe a ka fa nageng a metswedi ya metsi.

Ga jaanong go samaganwe le go tsenya tirisong leano le le feletseng la go fetola matsapa mo mererong ya metsi go dira gore dikopo tsa go rebolelwa tetla ya go dirisa metsi di tsamaisane. Maitlhomo a seno ke go samagana le dikopo tse di saletseng morago pele Seetebosigo 2022 a goroga mmogo le go fetisa dikopo tse di ka dirang 80% mo dikopong tseno tsotlhe pele matsatsi a le 90 a konosela mo ngwageng yo re o lebileng.

Molao o setse o kwadilwe o o kaelang gore go tlhomiwa Setheo sa Naga se se Disang Mafaratlhatlha a Metsi, mme ona o tla tle o phasaladiwa gore baagi ba ntshe se se mo mafatlheng a bona ka ga ona pele kgwedi e e tlang e ka konosela.

Thulaganyo ya go lekola boleng jwa metsi e buseditswe tirisong go thusa go tlhabolola melao ya maemo a metsi mo dimasepaleng, mmogo le go kgontsha Lefapha la Metsi le Kgeleloleswe go rarabolola matsapa a a ka tswang a ka nna teng mo ditirelong tse di phutlhamang tsa metsi le kgeleloleswe.

Re tla sekaseka pholisi mmogo le melawana ya leano la go tsamaisa tiro go dira gore motekwane o rekisiwe ka mmetela wa diintaseteri gore o kgone go re unngwela ka dipeeletso le ka ditiro tse dintsi.

Le fa phetolo ya dipopego tsa ditheo e le botlhokwa gore re kgone go tsosolosa kgolo ya ikonomi, di le esi di santse di tlhaela.

Monongwaga re tsaya dikgato tse di iseng di bonwe go dira gore dikgwebopotlana, tse dikgolwana le tse di sa kwadisiwang di atlege.

Tseno ke tsona dikgwebo tse di tlholelang maAforika Borwa a mantsi ditiro le go neela batho ba bantsi ba ba sokolang ditšhono tsa gore le bona ba kgone go iphedisa.

Re setse re simolotse go bontshana le badirisanimmogo mo mererong ya loago e leng maiteko a go sola mosola letsholo la go ema baagi nokeng ka go sekaseka melao ya ditiro mo dikgwebopotlaneng go dira gore di thape batho ba bangwe gape ba bantsi, fa ka fa letlhakoreng le lengwe e tswelela go sireletsa ditshwanelo tsa badiri.

Go tsenngwatirisong sekema se sengwe gape se sentšhwa sa madikadimo a dibanka se se engweng nokeng ke puso go thusa dikgwebopotlana gore di boele sekeng go latela gore di ripitliwe ke leroborobo leno mmogo le megwanto e e saleng ya runya mo malobeng.

Sekema seno se sentšhwa sa go itharabologelwa ga dikgwebopotlana se tlhatlhetse ka gonne se ithutile di lo tse dintsi mo sekemeng sa mo malobeng sa madikadimo a dibanka se se neng se engwe nokeng ke puso.

Se tla tsenyeletsa mo teng ga sona gape le ditheo tsa matlole a tlhabololo mmogo le batlamedi ba bangwe ba e seng ba dibanka ba ba tlamelang dikgwebopotlana, tse dikgolwane le tse dikgolo ka matlole, ka go atolosa ditšhono tse ba nang le tsona tsa matlole mmogo le go atolosa lenaneo le le dirisiwang la go lebelela fa dikgwebo di na le matshwanedi a go ka thusiwa ka go rotloetsa gore di oketse seelo sa tsona sa go rebola thuso.

Lefapha la Matlotlo a Bosetšhaba le tshwarisane tiro eno le bannaleseabe ba intaseteri eno go garela sekema seno mme e tla re mo nakong e e sa fediseng pelo ba itsese dintlha tsa sona ka botlalo.

Re samagane le go kwalola sešwa Molao wa Dikgwebo wa ngwaga wa 1991 (Molao wa bo 71 wa 1991) – mmogo le go sekaseka e mengwe gape e mentsi melao e e tsamaisanang le Dikgwebopotlana, tse Dikgolwana le tse Dikgolo (di-SMME) – maitlhomo ke go fokotsa ntletsentletse ya melao e e kgoreletsang dikgwebo tse di sa kwadisiwang go ikwadisa.

Mo nageng eno go na le melawanataolo e mentsi thata e e tlhakatlhakantshang tlhogo mo go sa tlhokagaleng, e e tlhokang madi a a boitshegang go e latela e bile e boima thata go ka ikobela yona. Seno se dira gore ditlamo di palelwe ke go gola le go tlhola ditiro.

Ka jalo re samagane le go tokafatsa dikgwebo go dira gore ditlamo tsotlhe go sa kgathalesege bogolo jwa tsona di kgone go thusiwa ke setheo se se tla rwalang tiro ya go fokotsa melao e e di kgoreletsang go dira kgwebo mme sona se tla bo se le kwa Kantorong ya Moporesitente.

Fa e le gore re batla go fokotsa dilo tse di seng botlhokwa tse di dirang gore dikgwebo di diege, re tlhoka batho ba ba boineelo mo go tliseng diphetogo.

Ka jalo ke thapile Rre Sipho Nkosi gore a etelele pele setlhopha mo kantorong ya me se se tla fokotsang melao e e kgoreletsang dikgwebo e e leng teng mo mafapheng a puso.

Rre Nkosi o na le maitemogelo a mantsi mo dikgwebong, e bile o kile ya nna Mokaedikhuduthamagamogolo wa setlamo sa Exxaro Resources, mme ga jaanong ke monnasetulo wa Setheo sa Dikgwebopotlana.

Setlhopha seno se se tla samaganang le go fokotsa melao e e kgoreletsang dikgwebo se tla nopola dikarolo tse di tlhokang go sekegelwa tsebe ka bonako mo ngwageng yo re o lebileng, mmogo le go utolola ditsela tse di ka latelwang go netefatsa gore mafapha a puso ga a diege fa go tla mo go dueleleng batlamedi ba ditirelo tsa puso pele matsatsi a a beilweng semolao a le 30 a ka feta.

Setlhopha seno se tla dirisana gape le mafapha a mangwe mmogo le ditheo tse dingwe tsa puso go fedisa tse dingwe tsa dikgoreletsi tse di rileng tse di kgoreletsang dipeeletso le kgolo ya dikgwebo. E tla ema nokeng dikgato tsa ga jaana tsa go nolofatsa dithulaganyo tse di tsamaisanang le tsa go kwadisa lefelo la kgwebo, go gwebisana le dinaga tse dingwe mmogo le go rebolelwa diphomete tsa go tsena mo dikgwebong tsa go aga.

Mafaratlhatlha a botlhokwa thata mo go tsosoloseng le mo go itharabologelweng ga ikonomi ya naga ya rona.

Re potlakisa diporojeke tsa mafaratlhatlha go ema nokeng kgolo ya ikonomi le go tokafatsa ditsela tse batho ba iphedisang ka tsona, segolobogolo mo ditheong tsa motlakase, tsa ditsela le tsa metsi, ka go batla ditsela tse dingwe tsa tlamelo ya matlole mmogo le go tokafatsa bokgoni jwa rona jwa setegeniki.

Setheo sa Tlamelo ya Matlole a Mafaratlhatlha se botlhokwa thata mo maitekong ano, mo re tlametseng ka matlole a a kanaka dibilione tsa diranta di le 100 go tswa mo matloleng a naga sebaka sa dingwaga di feta di le 10.

Setheo seno sa matlole a mafaratlhatlha se dirisana le ditheo tsa puso go rulaganya diporojeke di le dintsinyana tse boleng jwa tsona jotlhe tsa dipeeletso bo ka dirang R96 bilione e e tla dirisediwang go agela baithuti ba kwa ditheong tse digolwane madulo, go aga dintlo tsa setšhaba, go samagana le mafaratlhatlha a ditlhaeletsano, go samagana le mafaratlhatlha a metsi le a kgeleloleswe mmogo le dinamelwa.

Diporojeke di le mmalwa tse dingwe tse di botlhokwa tsa boleng jwa dibilione tsa diranta di le 21 tsa kago go solofetswe gore go tla simololwa ka tsona monongwaga. Mo go tsona puso e tsenya seatla ka madi a le kanaka dibilione tsa dranta di le 2.6 mme a a setseng a tswa kwa lekaleng la poraefete le kwa ditheong tsa matlole a tlhabololo.

Puso e tla nna yona e e di bulelang ka go beeletsa ka bokanaka bilione e le nngwe le dikete di le makgolo a marobedi a diranta mo mafaratlhatlheng a mantsi, mme yona e tla dira gore diporojeke di le supa tsa lekala la poraefete tsa boleng jo bo kanaka dibilione tsa diranta di le 133 di simolole go diragadiwa.

Dimilionemilione tsa maAforika Borwa kwa metseselegaeng ba dirisa ditsela le maborogo gore ba ye kwa marekelong, fa ba ya go batla ditiro kgotsa ba ya go batla ditirelo tsa thuso ya baagi.

Le fa go le jalo, barutwana ba bantsi le gompieno ba santse ba gapeletsega gore ba kgabaganye dinoka tse di phophomang ka metsi fa ba ya dikolong e bile le bakganni ba dijanaga le bona ba santse ba sotliwa ke ditsela tse di sa tsamaegeng fa ba tshwanetse go ya kwa teropong e e gautshwane.

Ka ntlha ya seno re oketsa tiro ya Letsholo la go Aga Maborogo kwa Metseselegae la Welisizwe gore mo ngwageng le se tlhole le aga maborogo a le 14 mme le age a le 95.

Lephata la Naga ya Rona la Sesole ke lona le le tla gogang kwa pele letsholo leno la Welisizwe, e bile le ipontshitse gore fa go tla mo boenjenereng jwa go aga maborogo eo tiro ba e itse jaaka ba iketse.

Mo bekeng eno fa e simolola ke ne ke le kwa motseng wa Thakgalane kwa porofenseng ya Limpopo ke ile go bula tsela e ntšhwa e e tla tswelang mosola baagi ba moo le ba metse e ba agisaneng le yona. Tsela eno e agilwe ka ditena le ka didirisiwa tse dingwe tsa go aga tsela, mme seno se re thusa go aga ditsela tse di tsayang nako go fela e bile di sa tlhoke madi a mantsi go le kalo go di aga.

Letsholo la go aga ditsela kwa metseselegae le tla tlhoka batho ba le bantsi go aga le go tsosolosa tsela ya kwa metseselegae ya bogolo jwa dikhilomitara di le 685 sebaka sa dingwaga di le tharo tse di tlang. Letsholo leno la go aga ditsela tse digolo le tsenyeletsa go aga ditsela tse di golaganyang baagi le mafelo a mangwe kwa porofenseng ya Limpopo le kwa Kapa Botlhaba, go aga ditsela tsa dikontiri mo go neng go na le tsa lekgwarana kwa porofenseng ya Foreistata le ya Bokone Bophirima, mmogo le go oketsa ditsela le go oketsa kgolagano ya tsona kwa porofenseng ya Kapa Bophirima.

Puso e setse e simolotse ka thulaganyo ya go diragatsa Porojeke ya Metsi ya uMzimvubu

Mo porojekeng eno go tshwanetswe go samaganwe le Letamo la Ntabelanga le la Lalini, mafaratlhatlha a go nosetsa mmogo le lefelo la go fetlha motlakase ka metsi, lefelo la go tlhatswa metsi la Ntabelanga mmogo le mafaratlhatlha a go tsamaisa metsi ka bontsi go a lebisa kwa metseng e e fa gaufi.

Kwa bofelong jwa kgwedi eno go tla tswalelwa thendara ya ntlha ya tse pedi tse di phasaladitsweng, mme yo a fentseng thendara go na le kgonagalo ya gore o tla itsisiwe ka Lwetse 2022.

Puso e tsenya tirisong thulaganyo ya go itlhamela ya go tlisa mafaratlhatlha a baagi go samagana le matsapa a a thibelang gore dikolo di nne le mafaratlhatlha.

Thulaganyo eno e tla samagana le lebelo la go wetsa tiro, tlamelo ya matlole, boleng jwa tiro, go thapa batho ka bontsi le go tlhokomela le go tsosolosa mafaratlhatlha.

Thulaganyo e ntšhwa eno e tla tsenya tirisong Mokgwa o Montšhwa o o Samaganang le Dintlha tse di Rileng, ka go enngwa nokeng ke Ditheo tse di Tumileng tsa Matlole a Tlhabololo le makala a poraefete, e tla aga mafaratlhatlha a dikolo di a tlhokang.

Thulaganyo eno e ntse e lekelelwa kwa dikolong tsa kwa porofenseng ya Kapa Bokone le Kapa Botlhaba.

Mo ngwageng yo o fetileng puso e tsweleditse pele leano la yona le le atlegileng la motlakase o o fetlhiwang ka metsi mo Aforika Borwa go tlisa diphetogo tse dikgolo go dira gore Aforika Borwa e nne le seabe se segolo mo mebarakeng e mentšhwa ka go di goga kwa pele.

Mo go tseno go buiwa le ka Leano la Dinaga tse di Fetlhang Motlakase ka Metsi mo sebakeng sa dingwaga di le 10 tse di tlang mmogo le Leano la Tlhokomelo ya Tikologo la go Fetlha Motlakase ka Metsi kwa porofenseng ya Kapa Bokone, go ema nokeng letsholo la go aga moedi wa go tlhokomela tikologo wa go fetlha motlakase ka metsi o o ka tlhokang madi a a kanaka dibilione tsa diranta di le 270.

Tshenyo e re nnileng le yona mo mafaratlhatlheng a rona a a jaaka motlakase, diterene le a mangwe a ditirelo tse di botlhokwa thata e nnile e kgolo thata ka ntlha ya go utswiwa ga dikarolo tse di botlhokwa tsa mafaratlhatlha go di isa kwa mafelong a go gakolosa dikarolo tsa mafaratlhatlha tsa ditshitswana.

Karolo e e botlhokwa thata mo leanong la naga ya rona la go tsosolosa ikonomi ke go tsosolosa lephata la naga ya rona la tlhagisodikuno mmogo le go dira gore re nne le diintaseteri tse mo lefatsheng di gaisanang le tse dingwe mo dikunong tse re di rekisetsang dinaga tse dingwe mo lefatsheng.

Mo ngwageng yo o fetileng re ne ra thankgolola  maano a mantšhwa a magolo mo dikgwebong tsa intaseteri ya tshipi, mo dikgwebong tsa diphatlho le mo dikgwebong tse di tlamelang dinaga tse dingwe mo lefatsheng ka ditirelo.

Ka ntlha ya maano ano, dikgwebo, puso le mekgatlho ya badiri botlhe ba dirisana sentle ka maitlhomo a go oketsa ditlhagisiswa gore ba kgone go tlhola ditiro tse dingwe gape mo makaleng ao.

Mo intasetering ya diaparo, mabentlele a le mantsi a diaparo a setse a tlhagisitse maano a ona a magolo a go reka diaparo tsa bona mo baloging ba diaparo ba ka fa nageng.

Le lengwe la mabentlele ano, Foschini, le nneile sutu e le bonang ke iterekile ka yona eno gompieno mme e tswa mo lephateng le lengwe la bona le lentšhwa la diaparo tsa go itereka le ba reng ke, Prestige Epping.

Mo dingwageng di le tlhano tse di fetileng bontsi jo bo ka dirang 80% jwa diaparo tsa Foschini Group di ne di rekiwa kwa dinageng tsa kwa Botlhaba. Gompieno palo e e batlileng go fitlha halofo ya bontsi jwa tsona ba di reka mo baloging ba diaparo ka fa nageng.

Ditlhako tseno tsa sekaletlalo tse ke di apereng tseno di logilwe ke batlhankedi ba National Union of Leather mmogo le ba Allied Workers kwa Bolton Footwear kwa teropong ya Motsekapa mmogo le ba Dick Whittington Shoes kwa teropong ya Pietermaritzburg.

E setse e le sebaka se se ka batlang e nna dingwaga di le nne tse di fetileng jaanong fa re ne re ipeela maemo a re batlang go a fitlhelela a go bokeletsa dipeeletso tse dintšhwa di ka dira ditrilione tsa diranta di le 1.2 mo sebakeng sa dingwaga di le tlhano tse di latelang.

E rile mo nakong ya ga re tsena mo Khonferenseng ya boraro ya Dipeeletso ya naga ya Aforika Borwa ka kgwedi ya Ngwanaitseele 2020, ke fa re setse re kgonne go bokeletsa ditsholofetso tsa go beeletsa madi a le kanaka dibilione tsa diranta di le 776.

Mo kgweding e e tlang ka la bo 24 Mopitlwe re tla bo re tshwere Khonferense ya bone ya Dipeeletso ya naga ya Aforika Borwa kwa Johannesburg.

Re tla tlhagisa ditšhono tse go ka beelediwang mo go tsona ka fa nageng jaaka Aforika Borwa e tswelela go itharabologelwa mo leroborobong la COVID-19, mmogo le go itsese baagi gore go diragala eng ka ditsholofetso tse di dirilweng.

Morago ga ditshweetso tse di tserweng mo Kopanong ya Mokgatlhotshwaraganelo wa Aforika mo bokhutlhong jono jwa beke, dinaga tsa kontinente jaanong di ka simolola go gwebisana go ya ka Tumelano ya Kgwebisano e e Senang Dikgoreletsi mo Dinageng tsa Kontinente ya Aforika.

Ditlamo tsa Aforika Borwa di a gapeletsega go nna le seabe le go sola mosola ditšhono tseno gore di rekisetse naga enngwe le e nngwe e di batlang go e rekisetsa ka fa kontinenteng ya rona.

Kgang eno ya Tumelano ya Dinaga tsa Aforika go Gwebisana ntle le go Kgorelediwa ke Sepe e mabapi le go dira gore Aforika e ikemele ka boyona le go dira gore e godise diikonomi tsa dinaga tsa yona ka bonako.

Re tla tswelela go gagamatsa go ikemela ga Aforika mo mererong ya boitekanelo, ka go thusana le dinaga tse dingwe tsa Aforika le dinaga tse dingwe tsa boditšhabatšhaba go ema nokeng dikgato tsa kontinente ya rona mo go samaganeng le leroborobo leno.

Re tla godisa dikgato tsa rona tsa go oketsa bokgoni jwa Aforika gore e kgone go itirela meento ya yona.

Mo Aforika Borwa re setse re gatetsepele go utlwagala fa go tla mo ntlheng eno.

Jaanong re na le ditlamo di le pedi tsa Aforika Borwa - e leng setlamo sa Aspen le sa Biovac - tse di neilweng dikonteraka tsa go tlhagisa meento ya COVID-19. Go na gape le diporojeke tse dingwe gape di le pedi tse di itsisitsweng.

Mo godimo ga tseno tsotlhe, re na le mafelo a a dirang didirisiwa tsa go thusa go hema, a a dirang dibolayamegare, dimaseke le ditlelafo tse di dirisiwang kwa maokelong mmogo le melemo ya go oka mmele le ya go idibatsa balwetse ba ba tlhokang karo.

Ditheo tseno tsotlhe tsa tlhagiso tse re buang ka tsona tse di jang dibilione tsa diranta di re tsere sebaka se se ka fa tlase ga dingwaga di le pedi gore re nne le tsona e bile mo go tsona go tlhagisiwa didirisiwa tse di dirang dibilione tsa diranta mo ngwageng.

Ditlhagisiwa tse di tswang ka fa nageng ya Aforika Borwa di rekiseditswe dinaga tsa kontinente ya Aforika, go di thusa go di tlamela ka didirisiwa tse di botlhokwa mmogo le go tlholela bašwa ba Aforika Borwa ditiro.

Fa ka fa letlhakoreng le lengwe re tsweletse go thusana le diintaseteri tse re nang le tsona gore di gole, ka fa letlhakoreng le lengwe re thusa gore go nne le ditšhono tse dingwe tse batho di ka ba tswelang mosola mmogo le tsa ditiro.

Puso le lekala la poraefete ba dirisana mmogo go godisa lekala la ditirelo tsa kgwebo mo lefatsheng go dira gore ditlamo tsa dikgwebopotlana di gole mme e nne tse dingwe tsa dikgwebo tse dikgolo tse di itlhomileng kwa pele mo lefatsheng.

Lekala la ditirelo tsa kgwebo mo lefatsheng jaanong le ithulagantse sentle go ka kgona go dira ditiro tse dingwe tse dintšhwa di feta di le 500 000 mo dingwageng di le mmalwa tse di tlang.

Lekala la motekwane le ka kgona go tlhola ditiro tse dintšhwa di feta di le 130 000.

Ka jalo, re samagane le go rulaganya melawana go dira gore lekala la motekwane le atlege go tshwana le a mangwe a a kwa dinageng tse dingwe tse di jaaka naga ya Lesotho.

Baagi ba naga ya rona kwa porofenseng ya Kapa Botlhaba le ya KwaZulu-Natal le kwa diporofenseng tse dingwe ba setse ba ntse ba ipaakantse go ka lema sejalo seno sa bogolotala se se botlhokwa seno mmogo le go se rekisa mo mebarakeng ka ditsela tse dintšhwa.

Lekala la tlhokomelo ya baagi, mmogo le la thuto ya bomapimpana, la booki, la batlhakedi ba thuso ya baagi mmogo le ditirelo tsa baagi otlhe a na le bokgoni jo bo seng kana ka sepe e seng fela mo go tlholeng ditiro, mmogo le mo go tlameleng baagi ka ditirelo tse di botlhokwa tse ba di tlhokang.

Tse dingwe tsa diintaseteri tse dikgolo tsa naga ya rona go na le go le gontsi go di ka thusang ka gona mo go tsosoloseng bokgoni jwa diintaseteri le jwa tlhagisodikuno ka fa nageng.

Lekala la temothuo le ka kgona go tlhagisa ditiro tse dintsi mo lephateng la namune, la maungo a a golelang mo ditlhatshaneng tse di sa goleleng kwa godimo mmogo le maswabi a diterebe, maungo a a golelang mo tikologong e e ruthufetseng, diabakhado, diberi le ditokomane.

Maano a magolo mo diintasetering tsa tshukiri le tsa dikgogo a thusa thata mo go oketseng dipeeletso, mo go tokafatseng tlhagiso le mo go fetoleng seemo mo diintasetering tseno.

Mo nakong e e sa fediseng pelo re tla konosetsa maano a rona a go bula meepo gore re kgone go ngokela babeeletsi mo meepong ya dirašwa tse dintšhwa tse di tlhokegang mo ikonoming ya mo matsatsing a gompieno mo lefatsheng.

Re tla tswelela go ema nokeng dikgato tsa go godisa intaseteri ya go oketsa digase, go nne e na le kgonagalo ya go ka tlhama ditiro tse dintsi le go godisa ikonomi.

Re tla netefatsa gore dikgato tseno di latela melao ya tlhokomelo ya tikologo kgotsa melao ya ka fa nageng, le go netefatsa gore fa re sa utlwaneng teng ka dikakanyo, re nna fatshe mme re bontshane gore re kgone go tswela baagi ba naga ya rona mosola.

Re nna mo e nngwe ya dikgaolo tsa lefatshe tse di anngwang tota ke phetogo ya maemo a loapi.

Gangwe le gape re aparelwa ke komelelo, merwalela le tse dingwe tsa ditiragalo tse di tsamaisanang le phetogo ya maemo a loapi mo lefatsheng. Mo malobeng diporofense di le dintsinyana ka fa nageng di aparetswe ke merwalela e leng porofense ya KwaZulu-Natal, Gauteng le ya Kapa Botlhaba.

Merwalela eno e sentse go utlwagala mafaratlhatlha le mekgwa eo batho ba iphedisang ka yona.

Mo ngwageng yo o fetileng re tsere dikgato tse di botlhokwa mo go lwantshaneng le phetogo ya maemo a loapi, mme ka go dira jalo, re kgonne go dira gore ikonomi ya naga ya rona e kgone go ka gaisana le tse dingwe.

Ka fa nageng ya rona ke lantlha re gaisana le dinaga tse dingwe ka go ipeela sekgala sa go fokotsa mogote ka fa nageng gore o se fete ditekerii selešiase di le 1.5.

Seno ke sekgala se dinaga tsotlhe di ipeetseng sona mo Tumelanong e e Utlwanetsweng ke Dinaga kwa Teropong ya Paris, e bile e botlhokwa thata mo go direng gore re se itemogele maemo a a galefileng thata a phetogo ya maemo a loapi.

Fa e sale ke tlhoma Khomišene ya Moporesitente e e Samaganang le Merero ya Phetogo ya Maemo a Loapi e e nang le sebaka se se ka fetang ngwaga se se fetileng, khomišene eno e setse e dirile go ka tlala seatla go ema nokeng phetogo e e tlhokagalang go ka dira gore re nne le ikonomi e e tla nnelang ruri, e botlhe ba nang le seabe mo go yona, e e sa tseweng ke diphefo e bile e sa itshegetsa ka diintaseteri tse di kgotlhelang tikologo.

Kwa khonferenseng ya boditšhabatšhaba ya maemo a phetogo ya loapi e e tshwerweng ngogola ka kgwedi ya Ngwanaitseele kwa Glasgow, Aforika Borwa e tsenetse tumelano ya motlholo ya dibilione tsa diranta di le 131 le Mokgatlho wa Dinaga tsa Yuropa, naga ya Fora, naga ya Jeremane, naga ya United Kingdom le naga ya Amerika.

Tumelano eno ya motlholo e tla thusa gore re fetole meepo ya malatlha e e tla felelwang ke nako e se kgale go dira gore e dirisediwe tiro e nngwe, mme seno se tla thusa badiredi le baagi ba ba tla anngwang ke diphetogo tseno ka go ba naya ditsela tse dintšhwa tseo ba tla iphedisang ka tsona.

Go netefatsa gore Aforika Borwa e tswelwa mosola ke tirisanommogo eno mmogo le ditumelano tse dingwe tsa go dirisana mmogo, ke thapile Rre Daniel Mminele, yo e neng e le Motlatsatlhogo wa Banka ya Naga, gore e nne Tlhogo ya Setlhopha sa Barongwa sa Kantoro ya Moporesitente se se Samaganang le go Bokeletsa Matlole a go Lwantshana le Phetogo ya Maemo a Loapi gore go bokelediwe matlole a gore re kgone go samagana le diphetogo tseno tse di tlhokegang.

Fa lephata la motlakase le ka tlhokomelwa ka tshwanelo, go fetolwa ga setheo seno go tla tswela batho botlhe mosola.

Motlakase wa go Fetlhiwa ka Ditsela tse Dintšhwa o tla dira gore motlakase o se ture e bile o tla dira gore o se tlhole o tshaba gantsintsi, mme o tla dira gape le gore diintaseteri tsa naga ya rona di kgone go gaisana le tse dingwe mo lefatsheng ka bophara.

Go beeletsa mo dijanageng tse di tsamayang ka motlakase le mo motlakaseng o o fetlhiwang ka metsi go tla thusa Aforika Borwa gore e kgone go fitlhelela maemo a tlhagiso ya motlakase o o sa direseng dilo tse di kgotlhelang tikologo.

Re tla kgona go atolosa diintaseteri tsa rona tsa dirašwa tsa meepo go epa dirašwa tse di botlhokwa mo go re thuseng gore re nne le motlakase o o sa kgotlheleng tikologo go tshwana le dirašwa tsa polatinamo, venediamo, khobalete, koporo, mankanese le lithiamo.

Ka go sola mosola metswedi ya rona ya motlakase o o fetlhiwang ka letsatsi le o o fetlhiwang ka phefo mmogo le thekenoloji ya naga ya rona le baitseanape ba re nang le bona ka fa nageng, le rona re ka bona ditšhono mo go tlhagiseng motlakase o o sa kgotlheleng tikologo o o fetlhiwang ka metsi.

Dikgato tseno tsotlhe tse re di tsayang - go simolola ka tsa go fetola balaodi ba ikonomi go fitlha le mo go tsa go ema nokeng di-SMME, tsa go beeletsa mo mafaratlhatlheng mmogo le mo go tlhomeng makala a mantšhwa - di tla fetola maemo mo kgolong ya ikonomi e e tla bong e laolwa ke kgolo ya makala a poraefete mo dingwageng tse di tlang.

Re a itse gore go tla tsaya nako e telele gore lekala la poraefete le kgone go tlhola ditiro tse di tlhokagalang tse dimilione tsa maAforika Borwa ba di tlhokang, le fa maemo e le a a edileng go gaisa mo lephateng la dikgwebo kana le fa lebelo la kgolo la ikonomi e le le le kwa godimo.

Maikemisetso a rona ke gore go se nne le ope yo a sa boneng mosola wa seno.

Ke ka ntlha ya seo re oketsang ditiro mo pusong le mo ditirong tsa setšhaba.

Mo kgatong ya ntlha ya Letsholo la Maditshegetso a go Tlhola Ditiro la Moporesitente, e e thankgolotsweng ka kgwedi ya Diphalane 2020, letsholo leno le thusitse go tshegetsa ditiro di feta di le 850 000.

Mo bathong ba ba thapilweng bano bontsi jwa bona ba le 80% e ne e le bašwa, fa  bontsi jwa bona ba le 60% e ne e le basadi.

Letsholo leno le tshegeditse makgarebe a a jaaka Tracy Nkosi wa kwa Springs, yo a neng a thapilwe go nna mothusi wa barutabana kwa sekolong sa Welgedag Primary School, yo a rileng tšhono eno e mo neile maatla a go tsweletsa dithuto tsa gagwe mo dithutong tsa borutabana.

Letsholo leno le thusitse gape le Mama Nosipho Cekwana wa kwa Impendle kwa porofenseng ya KwaZulu-Natal yo a neng a dirisa boutšhara ya gagwe ya tse di neilweng balemirui go reka ka yona bupi jwa diphologolo, manyora le dilwana tse dingwe tse di botlhokwa.

Palo yotlhe ya batho ba letsholo leno le ba thusitseng mo nakong e e sa fediseng pelo e tla oketsega go feta maAforika Borwa a le milione.

Yona e tla tsenyeletsa le bašwa ba ba ka fetang halofo ya milione ba ba thapilweng go nna bathusi ba barutabana, mme seno se tla dira gore letsholo leno e nne la ntlhantlha le le kileng la diriwa ka fa nageng le le kileng la thapa bašwa ka makatlanamane.

Letsholo leno le tla thusa gape le Lefapha la Merero ya Selegae gore le kgone go thapa bašwa ba le 10 000 ba ba sa direng gore ba neelwe ditiro tsa go tsenya direkoto tsa lefapha mo dikhomphiutareng, mme seno se tla oketsa bokgoni jwa bona le go thusa gore ditirelo tsa ka fa nageng tsa baagi di tsamaye le dianko tsa segompieno.

Letlole la go Thusa Baagi ka Ditiro le tla tlhola ditiro tse dingwe gape di le 50 000 ka go thusiwa ke e mengwe mekgatlho e e seng ya puso, mo maphateng a a jaaka la temothuo mo metseseteropong, la thuto ya bomapimpana, la mebetlo le metako mo setšhabeng mmogo le mo lephateng la twantsho ya tirisodikgoka e e totileng batho ba bong jo bo rileng.

Mo godimo ga go oketsa ditiro tse di tlhodiwang ke puso, re ema bašwa nokeng ka go ba baakanyetsa go ka tsena mo ditirong le go ba golaganya le ditšhono tsa ditiro.

Go rotloetsa dikgwebopotlana gore di kgone go thapa batho, re le puso re tla tlhatlosa boleng jwa lekgetho le go oketsa ditlhokwa tsa go nna le seabe mo Merokotsong ya  Lekgetho la Bathapi.

E setse e le dingwaga di le mmalwanyana jaanong tsela eno e le yona e e mosola mo go rotloetseng ditlamo go thapa batho ba e leng lantlha ba simolola go batlana le ditiro. Diphetogo tse di nnang teng mo merokotsong eno di tla dira gore go nne bonolo thata gore dikgwebopotlana di kgone go thapa bašwa.

Tona ya Matlole o tla neelana ka dintlha ka botlalo ka ga diphetogo tseno mo puong ya gagwe ya tekanyetsokabo.

Re ikuela mo ditlamong go ema nokeng dikgato tseno, go iponela merokotso eno mmogo le go thapa bašwa mo dikgwebong tsa bona gore le bona ba ikutlwise go tsena mo ditirong.

Webesaete ya SAYouth.mobi e e thusang bašwa go iponela ditiro le go ba ema nokeng jaanong e setse e na le bašwa ba feta ba le dimilione di le 2.3 ba maAforika Borwa ba ba ikwadisitseng mo go yona.

Mo go bona go setse go filwe ba le 600 000 ditiro.

Setheo se se tlhabolotsweng sa Naga sa Ditirelo tsa Bašwa se tla thapa badiredi ba sona ba ntlha ba e leng bašwa ba le 50 000 mo ngwageng yo o tlang, e leng seo se tla dirang gore bašwa ba nne le ditiro tse di ba kgontshang go thusa metse e ba tswang kwa go yona, ba oketse kitso le bokgoni le go dira gore ba kgone go thapega.

Lefapha la Ditheo tse Dikgolwane tsa Thuto le Katiso le tla tsenya mo tirong baithuti ba ba alogileng mo ditheong tsa Katiso le Thuto ya Diatla le ya Setegeniki (di-TVET) ba le 10 000 go simolola ka Moranang 2022.

Fa ke ne ke samagane le go rulaganya SoNA eno ke ne ka thusiwa ke bašwa ba le babedi ba maAforika Borwa ba ba thapilweng mo ditirong tsa boithutelatiro kwa Kantorong ya Moporesitente, e leng Naledi Malatji le Kearabetswe Mabatle bao e leng makgarebe.

Ba ne ba ntsopolela kutlobotlhoko eo bašwa ba le bantsi ba iphitlhelang ba le mo go yona bao ba nang le makwalo a thuto, mme fela ba sa bone ditiro ka ntlha ya fa ba sena maitemogelo.

Seno se ba gapeletsa gore ba iphitlhele ba tsaya tiro e nngwe le e nngwe fela le fa e sa tsamaisane le dithuto tsa bona.

Dikgato tsotlhe tse ke buileng ka tsona di botlhokwa thata mo go tlameleng bašwa ka maitemogelo a ditiro a ba a tlhokang gore ba kgone go tsena mo ditirong.

Re ikuela mo makaleng a poraefete go ema dikgato tseno nokeng - mme mo go tlhokagalang, ba emise go nna ba ntse ba re batho ba tshwanetse go tla ka maitemogelo - gore seno se kgone go thusa bašwa ba bantsi ka fao go ka kgonagalang gore lwa ntlha mo botshelong jwa bona  ba iponele ditiro.

Fa re samagane le go godisa ikonomi le go tlhola ditiro, re tla thusa malapa a a sokolang gore go se nne le motho ope ka fa nageng eno yo a sotliwang ke tshokolo le go tlhoka le dijo.

Letsholo la naga ya rona la go tlhokomela baagi ke le lengwe la dilo tse dintle thata tse re di fitlheletseng mo pusong ya naga ya rona ya temokerasi, mme le thusa batho ba feta ba le dimilione di le 18 mo kgweding e nngwe le e nngwe.

Fa e ne e se ka letsholo leno, dimilione tsa batho ka fa nageng ba ne ba kabo e le badidi ba nta e e motopo.

Fa e sale COVID-19 e simolola, Megolo ya go Thusa Baagi ba ba sa Direng ba ba Wetsweng ke Mathata a Ditšhelete ka Ntlha ya COVID-19 e thusitse batho ba feta dimilione di le 10 ba ba sa direng ba tota leroborobo leno le ba tliseditseng mathata a a seng kana ka sepe.

Ba bangwe ba batho bano ba dirisitse madi a ba neng ba a neelwa mo megolong eno go itshimololela dikgwebo

Thando Makhubu, lekau la kwa Soweto, o ne a bona mogolo ono wa R350 sebaka sa dikgwedi di le supa mo ngwageng yo o fetileng, mme o ne a boloka madi ano mme ka ona a bula kgwebo ya go rekisa dibebetsididi mme jaanong o setse a thapile batho ba le bane.

Lindokuhle Msomi, lekau la kwa KwaMashu Hostel, yo a sa direng mme e le Motlhagisi wa Mananeo a Thelebišene, o ne a boloka madi ano a R350 sebaka sa dikgwedi di le robongwe mme ka ona a itshimololela kgwebo ya go rekisa dijo tse di apailweng.

Le fa yona e tswetse batho mosola, re tshwanetse go dumela gore re na le matsapa a magolo a madi.

Go nna le matsapa a ditšhelete ke selo se se tla tlisetsang batho ba ba sokolang mathata a a seng kana ka sepe ka ntlha ya fa a tla dira gore ditirelo tse di botlhokwa tse ba itshepetseng mo go tsona di fokotsege.

Ka ntlha ya mosola o mogolo ono o nnileng le ona, re tla oketsa nako ya mogolo ono wa go naya batho madi a di- R350  gore o tswelele sebaka se sengwe sa ngwaga, mme o tla fedisiwa mo kgweding ya Mopitlwe fa e konosela mo ngwageng o o tlang wa 2023.

Fa nako eo e goroga, re tla buisana ka ntlha eno ka tsenelelo gore ke kgato efe e re ka e tsayang e e tla tsenang mo legatong la ona.

Kgato e nngwe le e nngwe e re tla e tsayang mo nakong e e tlang ga e a tshwanela go dira gore re dirise madi a mantsi, e bile ga ya tshwanela go tsaya madi a a beetsweng ditirelo tse di botlhokwa kgotsa ya dira gore re dirise madi a re ka se kgoneng go itse gore re tla a bokeletsa go tswa mo dikarolong dife.

Re santse re eme ka lefoko le le reng re batla go thusa batho ba ba tlhokang ka fao re ka kgonang.

Go thusa batho go iponela dinaga go botlhokwa thata mo dikgatong tsa rona tsa go fokotsa tlala le go dira gore batho ba tshele matshelo a a nang le seriti

Re gatela pele ka dikgato tsa pusetso ya dinaga re ipapisitse le Molaotheo, e bile re solofela gore monongwaga Molaotlhomo wa Puso wa go Busetsa Dinaga go Beng o tla nesediwa pula.

Dikgato tsa go tlhomiwa ga Setheo sa Tlhabololo ya Temothuo le Pusetso ya Dinaga  di tla konosediwa monongwaga.

Lefapha la Ditiro tsa Puso le Mafaratlhatlha a Setšhaba le tla konosetsa dikgato tsa go neela Setheo sa Kago ya Dintlo naga e e leng mo diatleng tsa puso ya bogolo jwa diheketara di le 14 000.

Re na le mafatshe a mantsi a a nang le motlhaba o o lemegang a re ka thusang dimilionemilione tsa balemirui ba ba potlana ba ba ntseng ba dira bontle gore ka ona ba rue dikgogo, leruo, ba leme maungo le merogo.

Ka ntlha ya Letsholo la Maditshegetso a go Tlhola Ditiro la Moporesitente mmogo le Letlole la Tshwaraganelo, balemirui ba feta 100 000 ba setse ba neilwe diboutšhara tsa go ba thusa go oketsa dilwana tse ba di tlhagisang mo dipolaseng tsa bona.

Letsholo leno le ipontshitse gore le na le mosola.

Lekala la temothuo le lona le nopotse botlhokwa jwa go ema nokeng balemirui ba ba potlana le go ba tsenya mo dikgwebong tse di gwebisanang.

Ka leano le legolo la tshukiri, intaseteri eno e neile konteraka ya kgwebo e e ka dirang dimilione tsa diranta di le 225 go balemirui ba ba potlana ba ba fetang 12 000 ba ba lemang ngoba mme seno ke karolo ya maikano a a dirilweng a go ema nokeng balemirui ba bathobantsho ka bilione e le nngwe ya diranta.

Re tla oketsa diboutšhara tsa go thusa balemirui mme e bile re tla kopa thuso mo makaleng a mangwe go nna le seabe, gore e tle e re monongwaga re kgone go thusa balemirui botlhe ba ba potlana ba le 250 000.

Ga go epe fela ya dikgato tsa rona tsa go tsosolosa ikonomi tse di tla atlegang fa e le gore ga re fedise go ya go ile bonweenwee jo bo iphileng maatla.

Fa e sale ngwaga o simolola ke neilwe dipegelo di le pedi tsa di le tharo tsa Khomišene ya Diphuruphutso Mabapi le go Goga Puso ka Nko e e eteletsweng pele ke Moatlhodimogolo Raymond Zondo.

Le fa re santse re letetse gore tshwetso ya bofelelo ka se se diragetseng e tla rebolwa kwa bokhutlhong jwa kgwedi eno, dipegelo di le pedi tse di setseng di rebotswe go tlhamaletse mo go tsona gore ke boammaruri gore go ne go na le ditiragalo tsa go goga puso ka nko.

Seno se raya gore ditheo tsa puso le dikgwebo tsa puso di ne di tseneletswe ke magodu a a neng a batla go di lotha madi a tsona gore ba kgone go ikhumisa ka ona.

Dipegelo tseno di tlhagisitse setshwantsho se ka sona o kgonang go bona bogodu jo bo neng bo diriwa kwa Setlamong sa Difofane sa Aforika Borwa, kwa setlamong sa Transnet, kwa setlamong sa Denel, kwa Setheong sa Tirelo ya Lekgetho la Aforika Borwa (SARS) le kwa Setheong sa Ditlhaeletsano tsa Puso (GCIS).

Ditiragalo tseno tsa go goga puso ka nko di nnile le seabe se se sa itumediseng mo matshelong a maAforika Borwa, segolo jang mo baaging ba ba sokolang le ba ba humanegileng mo setšhabeng sa rona.

Di dirile gore puso e se kgone go abelana ka ditirelo mmogo le go dira gore e se kgone go diragatsa ditsholofetso tsa yona le go diragatsa ditshwanelo tsa batho go ya ka molaotheo.

Re tshwanetse go dira sengwe le sengwe se re ka kgonang go se dira mo matleng a rona go netefatsa gore selo sa mothale oo ga se kitla se ipoeletsa gape.

Maikarabelo a me ke go netefatsa gore pegelo ya khomišene eno e sekasekiwa ka tshwanelo le ka kelotlhoko le go tseelwa dikgato.

E tla re pele ga letsatsi la bo 30 ka Seetebosigo ka tlhagisa leano la dikgato tse di tla tsewang go samagana le ditshitshinyo tse khomišene e di dirileng.

Jaaka pegelo ya ntlha ya khomišene e setse e tshitshintse, re tla gagamatsa thulaganyo ya go sireletsa batho ba ba ntshang musi ka sekhurumelo ka bonweenwee, jaaka ba le botlhokwa thata mo go lwantshaneng le bonweenwee e bile ba ipaya mo kotsing e e seng kana ka sepe ka go buletsa bao ba sa tsamaising dilo ka tolamo.

Re samagane le go sekaseka ka tsenelelo melao e e leng teng le go bapisa melao ya rona le ya dinaga tse dingwe gore re kgone go sireletsa batho ba ba buletsang ditiragalo tsa bonweenwee.

Maphata a a matshwanedi a ditheo tse di disang kobamelo ya molao a setse a simolotse ka go tsaya dikgato tse di tlhokegang go rarabolola matsapa a a leng teng a a ka ga pabalesego ya bao ba ntshang mosi ka sekhurumelo.

Batho ba le bantsi mmogo le ditlamo tseo khomišene eno e fitlhetseng gore ba na le mofetsho mo ditiragalong tsa go goga puso ka nko jaanong ba tla nkgelwa ke seroba.

Ke na le tshepo e e feletseng mo Bothating jwa Bosekisi jwa Bosetšhaba (NPA) gore bo tla dira tiro ya yona ka botlalo ka go dira dipatlisiso tse di tseneletseng mo dintlheng tse khomišene e di umakileng gore di batlisisiwa, le gore bo tla dira gore botlhe ba ba amegang mo bogodung jo bo phuagantseng puso le go e goga ka nko ba digame ba sa ditlhapela.

Lephata le le dirang dipatlisiso mo go NPA jaanong le tshwanetse go dira tiro ya lona e e botlhokwa mme go setse go tlhomilwe setlhopha se se ineetseng mo tirong eno gore se sale morago dikgetse tseno.

Go latela gore Tlhogo ya Lephata la Dipatlisiso e role tiro, e bong Moatefokate Hermione Cronje, re tla thapa tlhogo e ntšhwa go tsaya marapo ano.

Go kwalolwa sešwa mo kgweding ya Seetebosigo 2020 ga melawanataolo ya Khomišene ya go Dira Dipatlisiso tsa Ditatofatso tsa go Goga Puso ka Nko, go dirile gore go nne botlhofo jaanong gore Khomišene eno mmogo le maphata a ditheo tsa molao ba arolelane tshedimosetso e ba nang le yona go thusa go dira dipatlisiso.

Diphetogo tseno di dirile gape gore badiredi ba Khomišene ya go Dira Dipatlisiso tsa Ditatofatso tsa go Goga Puso ka Nko go nne bonolo gore ba ka thapiwa le ke ditheo tsa molao fa di ba tlhoka.

Dikarolo tse di kwalolotsweng sešwa tseno tse di matlafatsang ditheo tsa molao di dira gore Lephata la Dipatlisiso le ithulaganye sentle gore di kgone go sala morago motlhala wa dipatlisiso tse di tswang mo Khomišeneng eno.

Re setse re amogetse kemonokeng e e tswang kwa makaleng a poraefete a a ithaopang go re tlamela ka bokgoni jo re bo tlhokang mo pusong gore re kgone go atlega mo go saleng motlhala morago le mo go sekiseng dikgetse tsa bosenyi ka katlego.

Gore re kgone go netefatsa gore bothati jwa bosekisi ga bo fapoge maikarabelo a bona a molaotheo le go netefatsa gore ga go nne le mahunelo, re samagane le go kwala leano la go tsamaisa tiro le makala a poraefete mme lona le tla laolwa ke Lefapha la Matlotlo a Naga.

Re samagane le go buisana le lephata la boatlhodi go bona gore ba ka se re adime dikgotlhatshekelo nakwana gore mo teng re kgone go sekisa dikgetse tse di amanang le bonweenwee jwa go goga puso ka nko.

Le fa re ikotlile sehuba gore re fedise ditiragalo tsa go goga puso ka nko, re a itse gore go lwantshana le bonweenwee ga se mantlwane, go tla re tsaya sebaka.

Le mo nakong eo ka fa nageng re neng re samagane le leroborobo la COVID-19, tse dingwe tsa ditlamo mmogo le batho ba bangwe ba ne ba samagane le go mena lemena le batlhankedi ba puso gore ba ka utswetsa jang puso dibilionebilione tsa diranta mo dikonterakeng tsa dithendara tsa go lwantshana le COVID-19.

E rile fa bopaki bo tlhagelela ka bonweenwee jono, ga re a ke ra tlhole re senya nako.

Re ne ra busetsa morago tse dingwe tsa dithendara tseno, ra tlhoma Tikwatikwe ya Ditirelo tse di Golaganeng tsa go Phuruphutsha Bonweenwee e mo teng re kopantseng ditheo tse di farologaneng tsa molao go tshwarisana tiro, ra phasalatsa tshedimosetso ya dithendara tse di tsamaisanang le COVID-19 mo phasalatseng ka inthanete le go thankgolola dipatlisiso tse dikgolo tse Yuniti e e Batlisisang Dikgetse tse di Itlhophileng (SIU) e iseng e ke e di dire.

Ka kgwedi ya Sedimonthole ngogola, SIU e nneile pegelo ya yona ya bofelo ka dipatlisiso mo dikonterakeng tsa dithendara tsa COVID-19.

Ka ntlha ya seno, dikgetse di le 45, tse boleng jwa tsona jotlhe fa bo kopano bo dirang dibilione di le 2.1 tsa diranta, di rometswe kwa Lekgotleng la go Sekela Dikgetse tse di Itlhophileng.

SIU e laetse gore batlhankedi ba puso ba le 224 ba tshwanetse go sekisiwa ke bathapi ba bona mo dithulaganyong tsa dikgatokgalemo mme dikgetse di le 386 tsona di rometswe kwa go NPA gore di isiwe tshekong.

Kantoro ya Moporesitente e tlhomile dithulaganyo tsa go disa dikgato tseo di tsewang mo go diragatseng ditshitshinyo tsa SIU le mo go netefatseng gore mafapha a puso mmogo le ditheo tsa yona di tsaya dikgato kgatlhanong le bao ba tlotseng melawanataolo le go roba molao.

Ntwa ya go lwantshana le bonweenwee jaanong e tla gagamadiwa ka tsela e e sa tlwaelegang mme seno ke ka ntlha ya seo Khomišene ya go Dira Dipatlisiso tsa Ditatofatso tsa go Goga Puso ka Nko e di utolotseng, ke kantlha ya dikgato tse di tserweng go gagamatsa ditheo tsa molao mmogo le dikgato tse dintšhwa tse di tsentsweng tirisong go lwantshana le bonweenwee mo pusong.

Dikgwebo tsa Puso di botlhokwa thata mo ikonoming ya naga ya rona.

Ditheo tse di samaganang le kago ya ditsela, tsa motlakase, tsa mafelo a go folosetsa le go rwala dithoto kwa maemelakepeng, tsa sesole le tsa difofane, ditheo tseno tsotlhe di botlhokwa thata mo go direng gore naga ya rona e nne se e leng sona.

Go botlhokwa thata gore re busetse morago phutlhamo ya tsona mme re dire gore di nne le mosola.

Ka ntlha ya seno re tsere dikgato di le dintsinyana gore re kgone go di tsosolosa, fa ka fa letlhakoreng le lengwe re dira diphetogo tse dikgolo tse di tla dirang gore dikgwebo tsa rona tsa puso di nne le mosola, di gaisane le tse dingwe, di nne le maikarabelo e bile di se phutlhame.

Lekgotla la Moporesitente la Dikgwebo tsa Puso, leo le tlhomilweng mo ngwageng wa 2020, le tshitsintse gore puso e dirise ditsela tsa go sekegela tsebe beng ba dišere mo ditlamong tsa yona tsa puso. Seno se tla dira gore puso e se tlhole e rwala maikarabelo a go dira dipholisi le a go dira bonnete jwa gore ga e nne le seabe mo melawanataolong ya dikgwebo tseno, seno se tla fokotsa go nna le seabe ga dipolotiki mo dikgwebong tseno, go tla dira gore mo dikgwebong tseno go nne le batho ba bantsi ba ba dirang tiro e e tswileng diatla mme seno se tla dira gore dithoto tsa puso di tlhokomelwe fela jaaka go diriwa fa go tlhokomelwa gore boleng jwa dišere bo se wele kwa tlase.

Ka ntlha ya seno, re setse re simolotse ka dithulaganyo tsa go ipaakanyetsa go tlhoma setlamo se segolo sa go laola dišere tsa ditlamo tsa puso mme setlamo seno se tla tlhokomela dišere tsa dikgwebo tsa puso tse di botlhokwa mmogo le go disa dithulaganyo tsa tsamaiso ya boleng jwa dišere.

Go netefatsa gore dikgwebo tseno tsa puso di diragatsa maikarabelo a tsona, Lekgotla la Moporesitente la Dikgwebo tsa Puso le samagane le go tlhagisa ditshitshinyo tsa lona ka ga dikgwebo tsa puso gore di se ntshiwe mo diatleng tsa puso, di kopanngwe le ditheo tse dingwe kgotsa di rekisiwe.

Tshitshinyo e nngwe le e nngwe e lekgotla leno le e tshitshinyang e tla bo e sekasekilwe go utlwagala.

Re tsaya dikgato gore re kgone go sireletsa temokerasi ya naga ya rona, re sireletse mafaratlhatlha a ikonomi ya rona le go dira gore metse yotlhe mo ditšhabeng tsa rona e bolokesege.

Fa beke eno e simolola, re golotse pegelo e e ka ga megwanto e e runtseng ngogola ka kgwedi ya Phukwi, mme yona e tswa mo setlhopheng sa baitseanape.

Pegelo eno e bontsha setshwantsho se se tlhobaetsang ka ditirelo tsa rona tsa pabalesego gore di kgona go le kanakang mmogo le ditheo tse re nang le tsona tseo di tsamaisang tiro ya pabalesego.

Pegelo eno e garela ka gore tsela eo puso e samaganeng le ditiragalo tseno tsa kgwedi ya Phukwi 2021 kwa tshimologong e ne e sokame, maano a go samagana le tiro a sepodisi a ne a le bodipa, go ne go se yo a sekegelang yo mongwe tsebe magareng ga sepodisi le batlhankedi ba tshireletso ya puso, e bile gape mapodisi ga e sa tlhole e le karolo e le nngwe le baagi bao ba ba direlang.

Setlhopha seno sa baitseanape se re fa e le gore go na le sengwe se tirisodikgoka eno e se utolotseng ke tshokolo le go se lekalekane ga baagi e leng sona setlhodi se segolo sa ditiragalo tseno jaaka baagi ba naga ya rona ba le mo tlalelong.

Setlhopha seno se rile maloko otlhe a Kabinete a tshwanetse go rwala maikarabelo fa go tla mo ditiragalong tsa kgwedi ya Phukwi 2021.

Eno ke nnete e e senang tshutiso e bile re a dumela gore re tshwanetse go rwala maikarabelo.

Fela jaaka setlhopha seno se tshitshinya, re tla dira leano la naga la go samagana le makoa a setlhopha seno se re supeditseng ona le go le sala morago.

Re tla simolola seno ka ponyo ya leitlho ka go thapa batlhankedi ba ba tshwanetseng mo diphatlhatirong tse di botlhokwa tse di bulegileng ka ntlha ya go emisiwa ga batlhankedi ba bangwe mo Setheong sa Phemelo ya Puso (SSA) mmogo le mo setheong sa Boitseanape mo Mererong ya Bosenyi.

E tla re mo nakong e e sa fediseng pelo ra itsise setšhaba gore ke bo mang ba ba okameng maemo a taolo mo ditheong tsa phemelo gore re tle re kgone go gagamatsa ditheo tsa rona tsa phemelo.

Yuniti ya Ditirelo tsa go Laola Megwanto mo Tirelong ya Sepodisi sa Aforika Borwa (SAPS) le yona e tla tlhabololwa, batlhankedi ba yona ba tla katisiwa gore ba nne le bokgoni jo bo tlhokagalang.

Bogodu jo bo tsweletseng jwa go utswa dikarolo tsa mafaratlhatlha a a leng botlhokwa mo ikonoming ya rona bo dirile gore batho ba se tshepe naga ya rona, mme bo dirile gore ikonomi ya rona e goge boima thata mo go goleng, ya dira gore dipeeletso di boele kwa morago le go dira gore re palelwe ke go tlhola ditiro.

Ka fa letlhakoreng le lengwe, re tshwanelwa ke go thulana ka ditlhogo le magodu a a tsenang mo mafelong a kago le mo dikgwebong tse dingwe mme ba fete ba batle gore beng ba dikonteraka le ba dikgwebo ba ba duelele madi a a rileng gore ba kgone go tswelela ka ditiro tsa bona.

Ntlha eno e tlhoka gore re robale kobo e le nngwe le yona.

Ka jalo, puso e tlhomile diyuniti tsa ditiro tse di itlhophileng tsa go samagana le mefuta e mentsi ya bosenyi gore e kgone go samagana le ditiro tsa go phutlhamisa ikonomi ka bomo, ditiro tsa go tseela beng ba dikonteraka tsa kago madi mmog le ditiro tsa go senya mafaratlhatlha a naga.

Re tla baakanya didirisiwa tse di tlhokagalang gore re kgone go thapa le go katisa mapodisi a mangwe a mantšhwa a le 12 000 gore re kgone go dira gore SAPS e nne le palo e e tlhokagalang ya mapodisi.

E nngwe ya dintlha tse re tla tshwanelang ke go samagana le tsona ka bonako ke go busediwa tirisong ga diforamong tse di dirisanang le sepodisi mo mererong ya pabalesego mo metseng ya bona mme seno se tla diriwa ka go tsosolosa tirisanommogo magareng ga mapodisi a mo motseng oo le baagi ba ona.

Go tlhamaletse go ya ka seo se utolotsweng ke setlhopha seno sa baitseanape gore re tlhoka go dirisana le mang le mang gore re kgone go mekamekana le matshosetsi a naga ya rona e tobaneng le ona fa go tla mo pabalesegong ya yona mmogo le go tla ka ditsela tse di tlhokagalang tsa go samagana le ona.

Ke ikuela mo go maAforika Borwa otlhe go nna le seabe mo go tlhagiseng Leano la Pabalesego la Naga.

Ke tla ikopanya le ditlhogo tsa Palamente gore ba kope maloko a Palamente go nna le seabe se se golo mo go diragatseng dithulaganyo tsa go batla maikutlo a baagi botlhe.

Ditirelo tsa pabalesego di neilwe tiro ke Lekgotla la Phemelo ya Naga (NSC) gore go tlhagisiwa ka bonako maano a a ka dirisiwang go samagana le ditshitshinyo tse dintsi tse di farologaneng tse di dirilweng ke setlhopha seno sa baitseanape.

Dikgato tseno di tla nna le ,osola thata mo go samaganeng dintlha tse dikgolo tse di jaaka go se sekegelane tsebe ga ditheo tsa molao mo setšhabeng.

Monongwaga re gagamatsa ntwa kgatlhanong le tirisodikgoka e e totileng batho ba bong jo bo rileng le dipolao tsa basadi (GBVF) mme re dira seno ka go tsenya tirisong Leano la go Tlhola Maano a Naga a go Lwantshana le Tirisodikgoka e e Totileng Batho ba Bong jo bo Rileng le Dipolao tsa Basadi mmogo le go tsaya dikgato tse dingwe go ema nokeng dikgato tsa go matlafatsa basadi.

Kwa tshimologong ya monongwaga ke saenile melao e mentšhwa e le meraro, mme yona e matlafaditse ditheo tsa twantsho ya bosenyi, ya dira gore ditheo tsa puso di rwale maikarabelo mmogo le go ema batswasetlhabelo nokeng.

Go tsenya tirisong ga melao eno go tla nna le mosola o mogolo thata mo go direng gore dikgetse tse di lebang kwa kgotlatshekelo di a atlega, mo go direng gore batswasetlhabelo ba a sirelediwa le go dira gore go nne le dikgato di le dintsinyana tse di tla thibelang gore ditiragalo tseno di se ipoeletse.

Re gatetsepele thata mo tshalelong morago ya go sekaseka di-DNA, re di fokoditse go tloga mo go di le 210 000 ka Moranang 2021 mme ga jaanong di eme mo go 58 000.

Le fa go le jalo, ntwa ya go lwantshana le GBV e ka se fenngwe ntle le gore re le baagi re ipope ngatana e le nngwe mme re tsaye dikgato.

Fela jaaka leroborobo la COVID-19 le re bontshitse, fa setšhaba se sa itekanela mo pholong go nna le tshalelomorago mo ikonoming le mo setšhabeng.

Ka ntlha ya seno, re tla tswelela ka tiro ya rona go netefatsa gore motho yo mongwe le yo mongwe ka fa nageng ya Aforika Borwa o tlhokometswe fa go tla mo boitekanelong, go sa kgathalesege gore o kgona go ituelela ditirelo tsa kalafo kgota ga a kgone.

Le fa go ntse go tsweletswe ka dingangisano tsa Molaotlhomo wa Inšorense ya Bosetšhaba ya Boitekanelo (NHI) kwa Palamenteng, tiro yona e setse e dirilwe ka bontsi go ithulaganya sentle gore go kgonwe go e tsenya tirisong.

Batho ba feta ba le dimilione di le 59 ba setse ba kwadisitswe mo Webesaeteng ya go Kwadisa Balwetse mo Ditirelong tsa Boitekanelo.

Ka kgwedi ya Lwetse 2021 go ne go setse go thapilwe batlhankedi ba boitekanelo ba feta ba le 56 000 mme batlhankedi ba boitekanelo ba ba tsenang ntlo ka ntlwana ba ba neng ba setse ba kwadisitswe mo webesaeteng ya bathusi ba maokelo bona ba ne ba le kanaka 46 000.

E setse e le sebaka sa dingwaga di le pedi tse di fetileng bana ba rona ba sa tsene sekolo ka tshwanelo.

Jaaka dikolo jaanong di boela maemong re tla dira ka natla go netefatsa gore baithuti le barutwana botlhe ba neelwa thuto e e boleng e ba e tlhokang e gape e ba tshwanetseng.

MaAforika Borwa a gaetsho,

Puso e tshwanetse go tswela baagi mosola.

Ke ka ntlha ya seno maikemisetso a rona a magolo e leng go aga puso e e nang le bokgoni, e e nang le seriti e bile e tlisa tlhabologo.

E tla re mo nakong e e sa fediseng pelo ra konosetsa leano la go tsamaisa tiro la go dira gore tirelo ya puso e nne ya maemo a a manontlhotlho.

Seno se tla dira gore go gagamadiwe dithulaganyo tsa go thapa batho mo pusong, go dira gore thuto mo batlhankedipusong e se fele ka go dirisana le Sekolokatiso sa Bosetšhaba sa Puso (NSG) seo se tla dirisanang le ditheo tse dingwe tsa puso, mekgatlho ya ditiro le diyunibesiti.

Re setse re simolotse ka tiro ya go tlhotlhomisa ka fao batlhankedi ba puso ba tshelang ka teng.

Monongwaga re tla tswelela ka go tsenya tirisong ga Leano la Tiragatso ya Kabo ya Ditirelo  le le Ikaegileng ka Ditikologo (DDM).

Leano leno le dira gore maphata otlhe a le mararo a puso a dirisane mmogo le badirisanimmogo ba bangwe mo mererong ya loago mo tikologong e nngwe le e nngwe gore re kgone go nna le diikonomi tsa ka fa nageng tse mo go tsona botlhe ba nang le seabe mo go tsona mmogo le go tokafatsa matshelo a baagi.

DDM e samagana bogolosegolo le go golaganya maano le tiriso ya matlole mo maphateng otlhe a puso gore kabo ya diporojeke tsa naga mo ditikologong e tlhabologe.

Le fa go na le maphata a le mantsi a puso a a santseng a saletse morago thata, go santse go na le tse dingwe tsa ditheo tsa puso tse di tsweletseng go abela baagi ba ka fa nageng ka ditirelo tseo ba di tlhokang ka tsela e e tswileng diatla.

E nngwe ya ditheo tse ke buang ka tsona tseno ke SARS, eo monongwaga e tla bong e tshwara dingwaga di le 25.

Le fa SARS e ne ya phutlhamisiwa ke ditiragalo tsa go goga puso ka nko, e dirile bontle thata mo go busetseng seriti sa yona, tlhompo ya yona le mo tirong ya yona.

Fa e sale SARS e nna teng e setse e bokeleditse naga madi a a ka fitlhang diterilione di le 16 tsa diranta tse di diriseditsweng go thusa baagi le ikonomi. Setheo seno se thusitse puso gore e kgone go tokafatsa matshelo a dimilione tsa batho ka go dira gore go nne le ditirelo tsa tlhokomelo ya boitekanelo jwa baagi, go nne le ditirelo tsa go tlamela baagi ka thuto mo dikolong, go dira gore go nne le ditirelo tsa megolo ya go thusa baagi mmogo le go dira gore go nne le ditirelo tse dingwe tse dintsi tse di botlhokwa ka fa nageng.

Puso e e nang le bokgoni ga se fela e batlhankedi ba yona ba itseng tiro ya bona le ditheo tse di dirang bontle.

Puso e e nang le bokgoni ke e gape e thusang go matlafatsa seabe se baagi ba yona ba nang le sona.

Re tshwanetse go thusana go netefatsa gore dithata tse di jaaka tsa makgotlataolo a dikolo mmogo le diforamo tse di dirisanang le sepodisi mo mererong ya pabalesego mo metseng ya bona di solwa mosola le go tsenelwa ke botlhe.

Setšhaba se batho ba sona ba leng matlhagatlhaga se botlhokwa thata mo go direng gore re nne le puso e e nang le bokgoni e gape e tlisang tlhabologo.

Ka ntlha ya seno re tla dirisana le badirisanimmogo mo mererong ya loago gore re tshware kopano ya seabe sa baagi e e sa bolong go letelwa.

Kopano eno e tla tokafatsa kutlwano e e leng teng magareng ga puso le baagi mmogo le go tšhotlha dikgwetlho tseo mekgatlho e e seng ya puso mmogo le mekgatlho ya baagi e kopanang le tsona.

Naga ya rona e fetile mo matsapeng a le mantsinyana a a phutlhamisitseng serodumo sa yona.

Dikgogakgogano tse di thulanang, tse bontsi jwa tsona re sa kgoneng go ka di kgalema, ke tsona tse di dirileng gore gompieno re bo re le fano.

Re kopane le matsapa a magolo a a re nyemisang mmoko.

Ke nnete e e senang tshutiso gore re lwela botshelo jwa naga eno ya rona.

Fela ga re na pelaelo epe gore re tla fenya.

Ke ikuela mo go moAforika Borwa yo mongwe le yo mongwe go ema nokeng ntwa ya rona ya go lwantshana le bonweenwee, mo ntweng ya rona ya go tlhola ditiro le mo ntweng ya rona ya gore re nne le setšhaba se rotlhe mo matlhong a sona re lekalekanang.

Re kopane le mathata a thiba letsatsi mo nakong e e fetileng, fela re a fentse.

Re kopane le dikgwetlho tse di neng di re gapeletsa gore re tsaye ditshwetso tse di boima, mme re kgone go di tsaya.

Fa go ne go le boima re ipetile sebete mme ra nna digatlhamelamasisis.

Gangwe le gape re ne ra ikgoga go tswa mo ganong la tau mme ra nna le tsholofelo, ra ikaga sešwa mme ra nna le kgatelopele e kgolo.

Jaanong re tshwanetse go dira seno gape.

Jaanong tla re ipopeng ngatana e le nngwe e ntšhwa mme re tobane le botshelo jwa rona jo bontšhwa, re ipope ngatana e e tla dirang gore re nne seoposengwe mo dikgatong tsa rona tsa go fetola ikonomi ya rona le go tsosolosa ditheo tsa rona.

Tle re tlhanaseleng.

Tla re tsosoloseng naga ya rona.

E bile tla re direng jalo mme go se nne ope yo a salang kwa morago.

Pula.

Share this page

Similar categories to explore