Polelo ka Moporesidente Cyril Ramaphosa ka maiteko a Bosetšhaba a go fokotsa leroborobo la mogare wa Corona (COVID-19)

MaAforika Borwa ka nna,

E setse e le nakonyana fa e sale re ne re na le kopano ya lelapa.

Fa ke ne ke bua le lona la bofelo, dikgwedi tse pedi tse di fetileng, Aforika Borwa e ne e itharabologelwa mo lekhubung le le botlhoko la bobedi la ditshwaetsego tsa mogare wa corona.

Ka nako eo, palo ya ditshwaetsego tse dintšhwa tsa letsatsi le letsatsi e ne e le kwa tlase, mme re ne ra baya naga mo Legatong la Ntlha la Tsibogelo ya mogare wa Corona.

Le fa re ne re tsweletse go ikuela gore le ikele tlhoko, seelo se se kwa tlase sa tshwaetsano se ne sa re letla go repisa ditekanyetso tsa bogolo jwa dikokoano.

Fela jaanong, morago ga dikgwedi di le mmalwa tsa tshwaetsano e e kwa tlase, palo ya ditshwaetso e simolotse go tlhatloga thata mo dikarolong di le mmalwa tsa naga ya rona.

Re bone re bone dipalo tsa ditshwaetso di tlhatloga mo dibekeng tse nne tse di fetileng.

Mo matsatsing a le supa a a fetileng, re bone ditshwaetso tse dintšhwa di fitlha go 3 745 ka letsatsi.

Seno ke koketsego ya diphesente di le 31 go tswa mo bekeng e e fetileng, le koketsego ya diphesente di le 66 go tswa mo bekeng ya pele ga eo.

Selekano sa diteko tsa COVID-19 tse di bontshang go nna teng ga mogare se oketsegile go feta gabedi mo kgweding e e fetileng go tswa go bokana ka 4% go ya go go feta 11% le fa tota re okeditse diteko go ralala naga.

Re gakololwa gore seelo sa go nna teng ga mogare sa go feta 5% se tshwanetse go re tlhobaetsa.

Diporofense tsa Foreisetata, Kapa Bokone, Bokone Bophirima le Gauteng di fitlheletse selekano sa ditshwaetso tsa lekhubu la boraro.

E tla re go ise go ye gope fela, naga yotlhe e bo e tsena mo lekhubung la boraro.

Go ya ka baitseanape ba rona ba boitekanelo, go gakala ga ditshwaetso tse dintšhwa tsa fa gautshwane ya ke ka ntlha ya palo e e oketsegang ya dikopano tsa mo loagong moo batho ba sa obameleng diporothokolo tsa botlhokwa tsa boitekanelo.

Diporothokolo tseno di akaretsa go apara dimaseke, go katogana le batho ba bangwe, go netefatatsa gore go na le phefo e e lekaneng le tekanyetso ya batho ba ba tsenelang dikokoano.

Mafelo a mangwe a ditshwaetsego di gakalang mo go ona ke diphitlho le meletlonyana e e bidiwang 'after tears' gammogo le ditiragalo tsa kwa dikolong tsa go ya dikampeng le tsa metshameko.

Ka ntlha ya gore seelo sa ditshwaetso se ntse se le kwa tlase le ka ntlha ya gore rotlhe re na le letsapa la leroborobo, re setse re itebetse.

Re ntse re sa apare dimaseke ka tshwanelo, re ntse re sa efoge mafelo a a nang le batho ba le bantsi, mme re ntse re tlhaba kgobe go feta tekano.

Ka ntlha ya seo, ditshwaetso di simolotse go tlhatloga gape.

Koketsego ya dikgetse tsa letsatsi e tshwana le ya mo malobeng fa re ne re le kwa tshimologong ya makhubu a a fetileng a mabedi.

Re bone ditlamorago tsa masetlapelo a kwa dinageng tse dingwe ka ntlha ya go letla mogare go anama o sa elwe tlhoko.

Ka jalo, Komiti ya Bogakolodi ya Ditona ya COVID-19 e atlenegisitse gore naga e tsenye tirisong ditekanyetso tse dingwe ka potlako go fokotsa koketsego ya ditshwaetso.

E theile katlenegiso eno mo koketsegong e e tsweletsegang ya dikgetse tse dintšhwa mo matsatsing a a fetileng a le 14, koketsego ya dikamogelo tsa kwa sepetlele kwa diporofenseng tsotlhe le koketsego ya bogolo jwa diteko tsa COVID-19 tse di bontshang go nna teng ga mogare.

Go tlhokega ditekanyetso tse dingwe go netefatsa gore ditlamelo tsa boitekanelo ga di imelwe le gore ga re latlhegelwe ke matshelo a a ka bolokiwang.

Go diegisa go anama ga mogare go botlhokwa thata jaanong jaana go letla gore batho ba le bantsi ka moo go kgonegang ka gona ba ka entiwa pele ga lekhubu la boraro le fitlhelela setlhoa.

Dikatlenegiso tseno di buisanetswe kwa Lekgotlataolong la Bosetšhaba la mogare wa Corona le, pejana gompieno, le Ditonakgolo, boratoropo le magosi kwa Lekgotlakgokaganyong la Moporesidente.

Go ikaegilwe ka dipuisano tseno, Kabinete e sweditse ka jalo gore naga e tla bewa mo Legato la Bobedi le le Atolositsweng la Tsibogelo go tloga ka moso.

Seno se kaya gore:

  • Nako e e beilweng ya go iletsa go tsamaya masigo e tla simolola ka ura ya bolesomelebongwe bosigo mme e khutli ka ura ya bone mo matsheng.
  • Ditheo tse e seng tsa botlhokwa di tshwana le diresetšhorente, dibara le ditikwatikwe tsa ikatiso di tla tlhoka go tswala ka ura ya bolesome bosigo. Seno ke go letla gore badiri le badirisi ba bona ba kgone go ya gae pele nako ya dikiletso tsa go ebela masigo e simolola.
  • Go letleletswe fela batho ba le 100 go ka kgobokana mo teng ga kago le ba le 250 go kgobokana kwa ntle ga kago.

Fa lefelo le le lennye go ka amogela dipalo tse ka katologano ya batho e e maleba, gone palo e e dumeletsweng ga e a tshwanela go feta halofo ya palogotlhe e e metswang ke mothamo wa lefelo leo.

Seno se akaretsa ditirelo tsa bodumedi, ditiragalo tsa sepolotiki le dikokoano tsa go tlhaba kgobe, gammogo le diresetšhorente, dibara, dithabene le mafelo a a jalo.

Dikgato di le mmalwa tsa botlhokwa di tla tswelela go nna mo tirisong.

E sa ntse e le molao gore mongwe le mongwe a apare maseke o o apesang nko le molomo wa gagwe ka dinako tsotlhe fa a le fa gare ga batho.

Go se dire jalo ke tlolomolao.

Beng le batsamaisi ba dikago tsa setšhaba, ditikwatikwe, mabenkele, diresetšhorente, dithekisi le dibese botlhe fela ba na le maikarabelo a go netefatsa gore batho ba ba mo mafelong a bona gongwe mo dipalangweng tsa bona ba apara dimaseke, le gore go dirisiwa dikgato tse di maleba tsa go katogana.

Fa o fitlhelwa ona le COVID-19, o tshwanetse go itlhaola kwa gae sebaka sa matsatsi a le 10 go tloga ka letsatsi la ntlha le o nnileng le matshwao ka lone.

Fa o amane le motho yo o nang le COVID-19 le wena o tshwanetse go itlhaola sebaka sa matsatsi a le 10 go latela kamano eo, le fa o sa bontshe matshwao ape.

Go supa le go tlhaola baamani botlhe ba dikgetse tse di nang le COVID-19 ke tsela ya rona e e gaisang go thibela gore mogare o se ke wa anamela go ya pele, mme ka jalo go botlhokwa thata gore rotlhe re obamele melawana ya go itlhaola.

Diphitlho di sa ntse di lekanyeditswe batho ba ba sa feteng 100, mme, fela jaaka mo malobeng, ditebelelo, dikokoano tsa morago ga phitlho gongwe tse di bidiwang "after tears" ga di a letlelelwa.

Fa naga e lebile kwa lekhubung la boraro la ditshwaetso, ga re ise re itse gore lekhubu leno le tla nna bogale go le kana kang le gore le tla nna sebaka se se kana kang.

Go ya ka basaense ba ba gakololang puso, bogale jwa lekhubu la boraro bo tla laolwa ke seelo sa kamano e mongwe le mongwe wa rona a nnang nayo le batho ba bangwe.

Seno se kaya gore mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse go akanya ka batho botlhe ba re amanang nabo letsatsi le letsatsi le go dira sengwe le sengwe se re ka se kgonang go fokotsa dikamano tseo.

Ka dinako dingwe ga go na gore go ka tilwa go amana le batho ba bangwe, go tshwana le kwa tirong gongwe fa o ya mabankeleng gongwe o le mo sepalangweng sa botlhe.

Mo mabakeng ao, go botlhokwa gore re obamele diporothokolo tsotlhe tsa boitekanelo ka go apara maseke, go katogana le ba bangwe le go netefatsa gore mafelo a re leng mo go ona a tsenelwa ke phefo.

Fela moo go kgonegang teng, re tshwanetse go fokotsa go amana ga rona mo nakong eno.

Seno se kaya gore re fokotse dikopano tsa go itumedisa, re tile go nna mo mafelong a botlhe le gore re seke ra tsaya maeto ntle le fa fela go tlhokega e le ruri.

Dikokoano ke motswedi o mogolo wa tshwaetsano, e ka nna manyalo, diphitlho, meletlo ya mo loagong, ditirelo tsa bodumedi, dikopano tsa sepolotiki gongwe dikokoano fela tsa balesika le ditsala.

Re tshwanetse go gakologelwa gore mogare ono ga o ye kwa le kwa ka bo ona; o tsamaya le batho.

Fa re fokotsa go eta, mogare o tla fokotsa go anama.

Go botlhokwa thata go tila go nna mo mafelong a a tswalegileng gonne mogare wa corona o anama mo moweng fa motho a bua, a gotlhola gongwe a ethimola.

Fa o tlhoka go kopana le mongwe, go akarediwa mongwe wa lelapa la gago, go babalesegile go dira jalo kwa ntle moo go nang le phešwana teng.

Ba ba leng mo matshosetsing thata, go akarediwa bagodi le ba ba nang le malwetse a mangwe, ba tshwanetse go ikela tlhoko thata mme ba fokotse dikamano tsa bona ka moo go ka kgonegang ka gona.

Fa mongwe le mongwe wa rona a ka dira maiteko ano gona jaanong, re tla thusa go fokotsa go gola ga ditshwaetsano.

Re tla fokotsa kgatelelo mo dipetlele tsa rona mme, ka go dira jalo, re tla boloka matshelo a le mantsi.

Jaaka re tswelela go tota go fokotsa go anama ga mogare ka maitsholo a rona, re simolotse lenaneo le legolo thata la moento wa bontsi mo hisetoring ya naga ya rona.

Mo dibekeng tse pedi tse di fetileng, re simolotse legato la bobedi la lenaneo la moento, re lebeletse badiri ba rona ba boitekanelo ba ba neng ba ise ba entiwe mo legatong la ntlha le baagi ba naga ya rona ba bogolo ba dingwaga di le 60 le go feta.

Seno se latela legato la ntlha la lenaneo leno, moo badiri ba boitekanelo ba ka nna 480 000 ba neng ba entiwa.

Go setse go entilwe badiri ba boitekanelo ba feta 67%.

Badiri bano ba boitekanelo ba entilwe ka moento wa Johnson & Johnson o motho a tlhokang go entiwa gangwe fela ka ona.

Ka ntlha ya fa bosupi bo bontsha gore bagodi ba mo matshosetsing a magolo a go ka lwala thata ka ntlha ya COVID-19 le go ka tlhokafala, re beile bagodi kwa pele mo legatong leno la bobedi.

Mo dibekeng tse pedi tse di fetileng, batho ba feta 480 000 ba entilwe ka botlolwana ya ntlha ya moento wa Pfizer mo letsholong la moento wa botlhe.

Ka ntlha ya gore moento wa Pfizer o tlhoka mabotlolwana a mabedi go tiisa masole a mmele ka botlalo, batho bano ba tla tlhoka go boa go tla go entiwa gape ka lebotlolwana la bobedi fa matsatsi a le 42 a sena go feta go tloga ka letsatsi le ba tlhabetsweng lebotlolwana la ntlha.

Ka jalo, batho botlhe ba feta 960 000 mo Aforika Borwa ba setse ba entilwe ka botlolwana ya ntlha ya moento.

Mo matsatsing a le mmalwa a a latelang, re tla bo re setse re kgonne go enta maAforika Borwa a a mo matshosetsing go gaisa a feta milione.

Go a itumedisa tota go bona ditshwantsho tsa bagodi ba rona ba tlhabiwa meento, le go buisa dikgang tse dintsi tsa molemo le kemommogo go tswa go ba ba etetseng mafelo a meento.

Maitemogelo a a siameng a go anamisiwa ga moento ga jaana a bontsha boineelo le boporofešenale jwa badiri ba rona ba tlhokomelo ya boitekanelo, le dipaakanyo tse di tseneletseng tse di dirilweng go netefatsa gore letsholo la go tlhaba meento leno le a atlega.

Sefalanatshedimosetso sa Ikwadisetso ya go Tlhaba Moento (EVDS) se mosola thata mo tsamaisong ya ikwadiso le kabelo ya meento.

Sefalana seno se golaganya batho ba ba ikwadisitseng le lefelo la moento le le gaufi nabo.

Sefalana seno se thusa setlhopha sa bosetšhaba go tlhokomela tiriso ya meento le go romela meento koo e tlhokegang gona.

Thulaganyo ya ikwadiso le ya go entiwa ga batho ba dingwaga di le 60 le go feta e tsamaya ka tolamo.

Ga jaana re na le batho ba ba fetang dimilione di le tharo ba ba ikwadisitseng mo go EVDS.

Ka ntlha ya fa e le la ntlha go dirisiwa tsamaiso eno, go a tlhaloganyega gore go nnile le mathatanyana kwa tshimologong, a a sitetseng batho mme ka dinako dingwe a bakile tiego.

Ka lesego, re samagana le mathata ano ka bonako mme sefalana seno se nna se tsamaya se baakangwa foo se kgotšwang gone fa re ntse re tsweletse ka letsholo la go tlhabela meentp.

Go na le dikgwetlho tse dingwe tse re samaganeng natso.

Palo e e bonalang ya bagodi e kopane le mathata a go ikwadisa mo go EVDS.

Seno ke ka ntlha ya go tlhoka didiriswa tse di tlhokegang go ikwadisa mo inthaneteng di tshwana le khomphiutha, didirisiwa tsa inthanete gongwe selefounu, gongwe ona mathata a go latela ditaelo tse di kwadilweng ka puo ya Sekgowa.

Re samagane le go baakanya mathata ano, mme go na le letsholo le legolo thata la go tshegetsa bagodi gore ba ikwadise.

Go na le ditsela di le nne tsa go ikwadisa gore o amogele moento wa COVID-19:

  • Ka go dirisa polatefomo ya go ikwadisa mo inthaneteng e e fitlhelwang mo webosaeteng ya https://sacoronavirus.co.za/
  • Ka go tobetsa *134*832# mme o ikwadise ka go latela ditaelo
  • Ka go romela lefoko “REGISTER” go 0600 123 456 ka WhatsApp
  • Ka go letsetsa tikwatikwe ya megala ya mahala ya bosetšhaba mo 0800 029 999, moo mongwe a tla go thusang go ikwadisa le go araba dipotso dipe malebana le letsholo la go tlhaba moento.

Mongwe le mongwe wa rona a ka thusa bagolo ba rona, bontatemogolo le bommemogolo ba rona, gongwe bagodi ba ba mo setšhabeng go kwadisa mo sefalaneng seno gore ba tle ba babalesege.

Meento yotlhe e e reboletsweng go dirisiwa mo Aforika Borwa e babalesegile e bile e a dira.

E lekeleditswe ka kelotlhoko mo ditekeletsong tse dikgolo mme e fetile mo tiregong e e matsetseleko ya tumelelo ya Bothati jwa Aforika Borwa jwa Taolo ya Ditlhagiswa tsa Boitekanelo le mo ditheong di le mmalwa tsa boitekanelo mo lefatsheng.

Sa botlhokwatlhokwa, yotlhe e tlamela ka tshireletso kgatlhanong le malwetse a a tseneletseng gongwe dintsho ka ntlha ya COVID-19.

Re tsweletse ka dipuisano le batlhagisi ba bangwe ba meento gore re kgone go akaretsa meento e e farologaneng mo lenaneong la rona.

Bangwe ba batlhagisi bano ba tshwaragane le go batla ditumelelo tse di tlhokegang go tswa kwa bothating jwa rona jwa ditlhagiswa tsa boitekanelo.

Letsholo la go enta ka mogoso ke maiteko a a tshwaraganetsweng le balekane botlhe ba rona.

Jaanong go na le mafelo a feta 400 a meento a a dirang go ralala naga mo maphateng a setšhaba le a poraefete.

Jaaka re begile mo nakong e e fetileng, re bone meento e e lekaneng go fitlhelela bagolo botlhe mo nageng, e leng batho ba ba ka nnang dimilione di le 40.

Yona e akaretsa mabotlolwana a le dimilione di le 31 tsa moento wa Johnson & Johnson, o go tlhokegang lebotlolwana le le lengwe fela fa o enta motho, mme o tla tlhagiswa gona mo Aforika Borwa mo.

E akaretsa mabotlolwana a le dimilione di le 20 tsa moento wa Pfizer, o o tlhokang o o tlhokang mabotlolwana a le mabedi fa o enta motho a le mongwe gore o kgone go dira ka botlalo.

Le gale kgoroso e e neng e rulagantswe ya meento ya Johnson & Johnson e diegisitswe ka ntlha ya dintlha tsa taolo tse di amanang le go se obamele seemo se se siameng kwa polanteng ya tlhagiso kwa Amerika.

Re emetse gore dintlha tseno di rarabololwe pele ga setlhopha sa ntlha sa meento ya Johnson & Johnson se ka gololwa go tswa kwa tlamelong ya kwa Gqeberha kwa Kapa Botlhaba.

Le fa seno e le kgwetlho e e amileng tlamelo ya meento mo dinageng tse dintsi, e seng fela mo nageng ya rona, re ntse re golagana le bothati jo bo maleba go netefatsa gore melemo ya rona e gololwe ka bonako jo bo kgonegang.

Meento e ka nna 1.3 milione ya Pfizer e setse e phatlaladitswe mme e ka nna 500 000 e setse e dirisitswe.

Meento e e latelang e le 636 000 e tla goroga phirimaneng eno mme go tla nna le dikgoroso tsa beke le beke tsa meento eno go fitlha kwa bokhutlong jwa Seetebosigo, moo re tla bong re amogela meento e le dimilione di le 2.5.

Go ikaega ga rona mo moentong wa Pfizer ga jaana go amile lebelo le re kgonang go bula mafelo a meento ka lona.

Ka ntlha ya ditswaki tsa moento wa Pfizer tse di tlhokang serame se se boitshegang, go boima gore re bule mafelo a mannye a go entela le a mangwe a kwa metsemagaeng.

Fa moento wa Johnson & Johnson o golotswe, go tla nna bonolo go o dirisa. Ke moento o o entiwang gangwe fela mme o ka bewa mo setsidifatsing sengwe le sengwe se re se tlwaetseng.

Fa re tlhatlosa letsholo la rona la go tlhabela moento mo dibekeng tse di tlang, ke ikuela go botlhe go nna pelotelele le go emela sebaka sa bona.

Go botlhokwa gore re letle badiri ba tlhokomelo ya boitekanelo le batho ba ba nang le dingwaga di le 60 le go feta go entiwa pele, gonne ke bone ba ba mo matshosetsing a magolo ka bolwetsi jo bo ka ba gatelela thata le go ka ba robatsa kwa sepetlele.

Ga jaana, ke ditlhopha tse pedi tseno fela tse di nang le tshiamelo ya go amogela moento go fitlhelela go itsisewe ditlhopha tse dingwe.

Ke rata go leboga balekane botlhe ba rona ba loago, go akarediwa lephata la poraefete, badiri, mekgatlho ya baagi, ditlhopha tsa bodumedi le baeteledipele ba setso, ka go tla ka ditsela tsa boitshimololedi tsa go tshegetsa letsholo leno.

Jaaka kontinente ya Aforika re tswelela pele ka maiteko a go atolosa bokgoni jwa rona jwa go tlhagisa moento re lebeletse gore re ikemele mo tlhagisong ya moento.

Gape re karolo ya maiteko a lefatshe lotlhe a go netefatsa gore dinaga tsotlhe di fitlhelela meento e e lekaneng ka potlako.

Re tsweletse go ikuela mo dinageng tsotlhe go tshegetsa go beelwa thoko ga tumelano ya TRIPS kwa Mokgatlhong wa Kgwebisano wa Lefatshe gore meento ya COVID-19 le dikalafi di tle di tlhagisiwe ka seelo se se kwa godimo, ka tlhotlhwa e e kwa tlase le ka lebelo le le kwa godimo.

Fela jaaka tsibogelo ya rona ya leroborobo e ne e ikaegile mo goreng rotlhe re dire mmogo, go diragatsa letsholo la go tlhabela moento le teng go tlhoka setšhaba sotlhe go tshwarisana gore re atlege.

Gone jaanong jaana, setlapele sa rona ke go godisa letsholo la rona la meento go fitlhelela batho ba le bantsi ka moo go kgonegang ka gona, ka bonako jo bo kgonegang, mo karolong nngwe le nngwe ya naga ya rona.

Ka ntlha ya seno, re tlhoka go diegisa go oketsega ga ditshwaetso sebaka se re ka se kgonang go letla gore bontsi jwa baagi ba rona ba ba mo matshosetsing ba sireletsege.

Beke nngwe le nngwe e re diegisang setlhoa sa lekhubu la boraro ka yona e re letla go enta makgolokgolo a diketekete tsa batho mme seo se ka sireletsa matshelo a bona.

Ke ka moo go leng botlhokwa gore re diragatse gone jaanong, le gore re dire mmogo, go fokotsa go anama ga mogare ka go apara maseke, go tila dikokoano le mafelo a a tswaletsweng, go katogana le ba bangwe le go tlhapa diatla tsa rona gongwe go itsikitletsa ka sebolayamegare gangwe le gape.

Ka go tlhatlosa lebelo la go tlhabela moento, ka iketlo re nna ntse re atumela seemo sa go fenya leroborobo leno.

Re ka se ke ra itlhoboga gone jaanong. Re ka se ke ra itebala.

Go mo go mongwe le mongwe wa rona go itshireletsa, go sireletsa malapa a rona le baagi ba rona go fitlha rotlhe re entiwa.

Ke kopa gore le batle maatla otlhe a lona, bopelokgale le maitlamo a lona jaaka MaAforika Borwa go ema mmogo mme re thibele lekhubu leno la boraro.

Re ka atlega e bile re tla atlega, fela jaaka re atlegile mo nakong e e fetileng. Modimo a segofatse Aforika Borwa mme a sireletse bana ba gagwe.

Ke a leboga.

Share this page

Similar categories to explore