Pegelo ya Kopano ya Kabinete ya la bo 27 Motsheganong 2015

1. Letsatsa la Aforika
1.1. Kabinete e rata go ka leboga maAforika Borwa otlhe a a tsereng karolo mo meketeng ya Letsatsa la Aforika ya 2015, e leng seo se supileng maikemisetso a rona a go aga Aforika o o tshwaraganeng, o o renang kagiso le o o humileng.

1.2. Kabinete e boeletsa boikuelo jwa ga Moporesitente Jacob Zuma mo ditheong le mo ditlamong tsotlhe tsa Aforika Borwa go fofisetsa kwa godimo folaga ya Mokgatlhokitlano wa Aforika (AU) le ya Aforika Borwa. Seno e le go tsamaisana le tlhokego ya go rotloetsa ponelopele ya Aforika o o tshwaraganeng, o o renang kagiso le o o humileng.

2. Go Tsenngwatirisong ga Manaane a Puso a a Botlhokwa

2.1. Kabinete e gopotsa maAforika Borwa le batswantle ba boditšhaba ba ba tsayang maeto le bana gore Molao wa Ditokomane tsa go Tsaya Maeto le Makwalo a Mosepele o tla tsenngwa tirisong go simolola ka la bo 01 Seetebosigo 2015.

2.2. Ka fa tlase ga molao o mošwa, batsadi ba ba tsayang maoto le bana ba dingwaga tse di ka fa tlase ga di le 18 ba tshwanetse gore ba tlhagise makwalonetefaletsa a bona a tsalo. Seno ke karolo ya maikemisetso a puso a go sireletsa dikgatlhegelo tsa bana le go thibela bosenyi jwa go gweba ka bana.

3. Ditshwetso tse di Botlhokwa tsa Kabinete

3.1. Kabinete e letleletse Pholisi ya Bosetšhaba ya Dipalangwa tsa Baithuti, e e abelanang ka dikaedi mo go abelanang ka ditirelo tsa dipalangwa tsa botlhe tsa baithuti tse di mosola, tse di nonofileng e bile di babalesegile. Go tsenngweng tirisong ga yona go tla dira gore ditirelo tsa dipalangwa tsa baithuti di golaganngwe mme go nne le maemo a a beewang a dipalangwa tseo di tshwanetseng go dirisiwa mmogo le lenaneo la dituelelo tsa go dirisa ditirelo tsa dipalangwa tsa baithuti. Pholisi eno gape e tsamaisana le Molao wa Dikolo tsa Aforika Borwa wa 1996 (Molao wa bo 84 wa 1996).

3.2. Kabinete e letleletse go tlisiwa ga Pegelo ya 1994 go fitlha ka 2014 ka ga Kgatelopele ya Aforika Borwa mo go Tsenyeng Tirisong ga Maikano a Semolao a Ditlhogo tsa Dinaga tsa Mokgatlhokitlano wa Aforika (AU) ka ga Tekatekano ya Bong mo Aforika mo pele ga Bokwaledi jwa AU. Pegelo e santse e baakanyediwa Kopano ya Kopanokgolo ya Dinaga tsa AU e e tla tshwarwang ka Seetebosigo 2015.

Pegelo e e akaretsang paka ya go simolola ka 1994 go fitlha ka 2014, e atlhaatlha le go sekaseka bomosola jwa melao ya rona, dipholisi le manaane a a diretsweng go oketsa kemedi ya rona, go abelana ka ditirelo tsa motheo, go tlhamiwa ga ditiro, phokotso ya lehuma, go fedisiwa ga dintwa, le tshireletsego ya ditshwanelo tsa botho mo basading le mo basetsanyaneng.

3.3. Kabinete e letleletse Pholisi ya Bašwa ya Bosetšhaba ya 2015-2020 (NYP2020). Pholisi eno e tsena mo legatong la Pholisi ya Bašwa ya Bosetšhaba ya 2009-2014 eo ga jaanong e sa tlholeng e dirisiwa. Pholisi eno e tlhagisitswe morago ga dipuisano tse di tseneletseng le bašwa ba Aforika Borwa go tswa mo diporofenseng tsotlhe di le robongwe. E tla nna karolo ya motheo wa go tlhagisa Togamaano ya Tlhabololo ya Bašwa e e golagantsweng.

3.4. Kabinete e tsibositswe ka kgatelopele e e dirilweng mo go tlhomeng Setheo sa Bolaodi jwa Kgwebisano ka Dithoto (PMTE). Setheo seno se netefaletsa mosola le tshomarelo ya dituelo mo bolaoding jwa photefolio ya dithoto tsa puso. Kabinete e kgotsofaditswe ke kgatelopele e e diragaditsweng le tlhabololo ya mokgwakgwebo wa PMTE, e leng se se tla tlhabololang boleng jwa meago ya puso.

Kabinete gape e letleletse go romelwa ga Rre P Serote go nna tlhogo ya PMTE, Rre Mr M Govender jaaka tlhogo ya Ditirelo tsa Tlhokomelo ya Setheo le tsa Bolaodi jwa Moago mmogo le Mme BS Mathews jaaka tlhogo ya Ditirelo tsa Kwadiso ya Moago.

4. Ditiragalo tse di Tlang

4.1. Aforika Borwa e tla tshwara Kopanokgolo ya Dinaga tsa AU kwa Sandton Convention Centre go simolola ka la bo 7 go fitlha ka la bo 15 Seetebosigo 2015 ka fa tlase ga moono o o reng: “Ngwaga wa Matlafatso ya Basadi le Tlhabololo ya go leba kwa lenaneong la Aforika la 2063”. Ditiragalo tsa beke di tla konosetsa ka Kopano ya Ditlhogo tsa Dinaga go simolola ka la bo 14 go fitlha ka la bo 15 Seetebosigo 2015.

Rephaboliki ya Zimbabwe, jaaka modulasetilo wa AU ka 2015, e tla nna modulasetilo wa kopanokgolo mmogo le dikopano tse dingwe tse di amanang le yona. E tla tsepamisa mogopolo mo ditshweetsong tse di tserweng ka Kopanokgolo ya Ferikgong 2015, tse di akaretsang Lenaneo la 2063 mmogo le Leano la lona la Ntlha la Dingwaga di le 10 la go Tsenya Tirisong, Maemo a go Rena Kagiso le Tshireletsego mo Kontinenteng, go akaretsa le a Tlhobaetso ya Naga; Matlafatso le Tlhabololo ya Basadi; Ditsela tse Dingwe tsa go Tlamela AU ka Matlole; Kgolaganyo ya kontinente le go tsenya tirisong Tikwatikwe ya Aforika e e ka ga Taolo le Thibelo ya Malwetse ka 2015.

Moporesitente Zuma o tla tsenela Boikanisio jwa ga Moporesitente wa Nigeria yo a tlhophilweng e leng Moporesitente Mohammadu Buhari kwa Abuja, Nigeria ka la bo 29 Motsheganong 2015.

4.2. Foramo ya Ikonomi ya Lefatshe ka ga Aforika e tla tshwarelwa kwa Motsekapa go simolola ka la bo 3 go fitlha ka la bo 5 Seetebosigo 2015 ka fa tlase ga moono o o reng: “Maloba le jaanong: Re Akanya Sešwa ka Bokamoso jwa Aforika.”

Kabinete e amogela baeteledipele botlhe ba sepolotiki le ba kgwebo go tswa kwa dikgaolong tsotlhe tsa kontinente ya Aforika le dikarolong tse dingwe tsa lefatshe jaaka kopano eno e tshwaya dingwaga di le 25 tsa phetogo mo Aforika.

Aforika Borwa e fisegela go nna karolo ya dipuisano ka ga go potlakisa kgolo ya ikonomi e e akaretsang botlhe le tlhabololo mo Aforika. Kontinente e tswelela go nna le lengwe la mafelo a ikonomi ya ona e golelang ka bonako mo lefatsheng e bile ke lefelo le le ngokelang dipeeletso.

4.3. Motlatsamoporesitente Cyril Ramaphosa, jaaka modulasetilo wa Lekgotlha la Aforika Borwa la Bosetšhaba la AIDS o tla neela puo ya pulo ya Kokoanyo ya bo 7 ya Aforika Borwa kwa Kgosi Albert Luthuli International Convention Centre kwa Durban go simolola ka la bo 09 go fitlha ka la bo 12 Seetebosigo 2015 ka fa tlase ga moono o o reng: “Tebosešwa, Tsepamisosešwa ya mogopolo le Ntšhwafatso”.

Kokoanyo eno, e e tshwarwang morago ga dingwaga tse dingwe le tse dingwe di le pedi, e setse e le selekanyetsi sa puso le sa maAforika Borwa go supa dikgatelopele tse di dirilweng mo go laoleng ditshwaetso tsa HIV. Gape e neelana batho ba ba dirang ka HIV le AIDS, Malwetse a Thobalano (STIs) le bolwetse jwa Lohuba (TB) tšhono ya go abelana ka maitemogelo le kitso.

Aforika Borwa e na le lenaane la dianthiretrobaerale (ARV) le lekgologadi mo lefatsheng, ka batho ba le dimilione di le tharo ba ba tsayang di-ARV go simolola ka Sedimonthole 2014. Seno se thusitse thata mo go fokotseng tshwaetso e ntšhwa ya HIV le dintsho tse di bakiwang ke AIDS, le go netefatsa tshomarelo ya maphelo a bana. Togomaano e e makgethe ke karolo e kgolo ya katlego ya lenaane leno la bosetšhaba, le le netefaditseng gore go nna le di-ARV tse di lekaneng kwa bookelong bongwe le bongwe jwa puso.

Aforika Borwa, ka thuso ya Lefapha la Saense le Thekenoloji (DST), e ntse e beeletsa mo dipatlisisong tsaHIV mo dingwageng tse dintsi thata. Dipeeletso tsa DST mo dipatlisisong tsa HIV di simolotse ka 1999 fa yona mmogo le Lefapha la Boitekanelo ba ne ba tlhola Maitlhomo a Moento wa Aforika Borwa wa AIDS.

Ka 2009, tshegetso ya DST mabapi le dipatlisiso tsa HIV e ne ya atolosiwa go akaretsa ditsereganyo tse dingwe tse di jaaka go tlhomamisediwa tshwaetso ya bolwetse, di-ARV, di-microbicide, mo godimo ga moento. Re tlhomile Serala sa Boitshimololedi le Dipatlisiso tsa Aforika Borwa ka ga HIV (SHARP) go tlamela ka matlole dipatlisiso tse di atlegileng tsa HIV le AIDS mmogo le go nolofatsa tlhabololo ya ditharabololo tsa boitshimololedi mo bolwetseng jono.

Ga jaanong re tshegetsa diporojeke di se kae tse di tsamaelanang le HIV mo dikarolong tse di farologaneng tsa tlhabololo ka lenaane le le bediwang Togamaano ya Tirisanommogo ya Boitshimololedi mo Boitekanelong, e leng se se akaretsang SHARP ka fa tlase ga tlhokomelo ya Lekgotlha la Dipatlisiso la Aforika Borwa ka ga Boitekanelo. Mosola wa lenaane leno ke go nolofatsa dipusiano tsa babatlisisi ba ba Aforika Borwa ba HIV le AIDS, le go tlhoma Setlhopha sa Bosetšhaba sa Ditikwatikwe tsa Dipatlisiso tse di Tsayang Karolo mo HIV le AIDS.

Ga jaanong bontsi jwa ditheontsi, ditirontsi, diporojeke tsa tlhagiso ya didirisiwa tse di akaretsang tlhomamisetso ya tshwaetso ya bolwetse, meento le di-microbicide di salwa morago go atolosa maitlhomo a SHARP. Aforika Borwa e na le maikaelelo a a botlhokwa a go lwantsha AIDS, ka thibelo jaaka e le ntlha e e botlhokwa thata mo Leanong la naga la Togamaano ya Bosetšhaba Mabapi le HIV, STIs le TB (2012-2016).

4.4. Lenaane la Kgwedi ya Tikologo

Ka Seetebosigo Aforika Borwa e tla keteka matsatsi a a botlhokwa a a ka ga tikologo. Ka ketopele ya Lefapha la Merero ya Tikologo, ka la bo 05 Seetebosigo re tla keteka Letsatsi la Tikologo la Lefatshe kwa Kimberley, Kapa Bokone.

Letsatsi la Lewatle la Lefatshe ka la bo 08 Seetebosigo le tla tshwarelwa kwa Bloemfontein, Foreisetata ka balekane ba ba farologaneng ba ba tsenyang tirisong Operation Phakisa ya Ikonomi ya Mawatle ka go abelana tshedimosetso le ditšhaba tse di mabapi e e ka ga ditšhono tse di leng teng mo ikonoming ya mawatle le mo mafelong a mangwe a a amanang nayo.

Ka la bo 17 Seetebosigo Aforika Borwa e tla keteka Letsatsi la Lefatshe la go Lwantsha Mekgwa e e Tlholang Komelelong kwa motseng wa Nqutu kwa KwaZulu-Natal. Matsatsi ano otlhe a a botlhokwa a tikologo ano maitlhomo a ona ke go lemosa baagi ka ga tikologo mme mo letlhakoreng le lengwe a tlhagisetsa bašwa ba diporofense tse di nopotsweng tseno ditšhono mo lekaleng leno.

4.5. Go tlhomiwa ga Kgwebisano ya Maphatatharo a Dinaga tse di sa Duedisaneng Lekgetho la Kgwebisano (TFTA) kwa Sharm-el-Shaik

Kgwebisano ya Maphatatharo a Dinaga tse di sa Duedisaneng Lekgetho la Kgwebisano (TFTA) e leng maphata a COMESA-EAC-SADC e tla tlhomiwa ka la bo 10 Seetebosigo 2015 kwa Sharm-el-Shaik, e e kwa Egepeta. TFTA e tla tlhoma dimaraka tsa dinaga di le 26, tsa baagi botlhe ba feta dimilione di le 625 le Seelosotlhe sa Ditlhagisiwa tsa Naga mo Ngwageng (GDP) se feta $1 trilione.

Tlhongo eno e bontsha botlhokwa jwa konosetso ya dipuisano tsa Tumelano ya Tetlelelo ya Kgwebisano e leng e e tlhomang melao le matlhomeso ao dituelelo le maikano a mangwe a tla diragadiwang ka fa tlase ga one. Dipuisano tsa dituediso le melao ya boitshimololedi di tla tswelediwa jaaka karolo ya lenaneo le le ageletsweng mo go tsone.

Go kgakolwa ga TFTA ke phitlhelelo e e botlhokwa thata mo Kontinenteng ya Aforika e bile e ikaegile ka Leanotiro la Lagos le le mo go AU le mo Tumelanong ya Abuja e e ikaelelang go tlhoma Setšhaba sa Ikonomi ya Aforika. Re dumela gore seno se romela molaetsa o o botlhokwa wa gore Aforika e ikemiseditse go diragatsa lenaneo la yona la go golaganya ikonomi ya yona le go diragatsa tikologo e e nolofetseng fa go tla mo kgwebisanong le mo dipeeletsong. Dipusiano tse di mabapi le TFTA di simolotswe ka Seetebosigo 2011 kwa Kopanokgolong e e neng e tshwerwe ke Aforika Borwa kwa Sandton.

4.6. Go tlhomiwa ga dipuisano tsa Kontinente tsa FTA kwa Kopanokgolong ya AU ka Seetebosigo.

Go tlhomiwa ga dipuisano tsa Tumelano ya Tetlelelo ya Kgwebisano ya Kontinente (CFTA) ka Kopanokgolong ya AU go tla diragadiwa ka la bo 15 Seetebosigo 2015 kwa Johannesburg, Aforika Borwa.

CFTA e tla tlhoma maraka wa batho ba feta dibilione di le 1.3 ka GDP e e kopanetsweng e e fetang $2 trilione. E tla agelela mo go TFTA le mo kgatelopeleng e e fitlheletsweng mo ditšhabeng tsa ikonomi ya tikologo. E tla neela gape bagwebi le babeeletsi phitlhelelo ya maraka o o golang le go abelana ka motheo o o nolofaditsweng wa kgwebisanong ka mo gare ga dinaga tsa Aforika.

5. Go Thapiwa

Go thapiwa gotlhe go tla diragadiwa fa makwalothuto otlhe a netefaditswe mme go amogetswe tetlelelo e e matshwanedi.

5.1. Baemedi go tswa kwa Lefapheng la Dikgwebo tsa Puso go ya kwa Botong ya Dikeletso tsa Mafelo a a Itlhophileng a Ikonomi:
a) Mme Jacky Molisane (tokololo e e tlhophilwengmember);
b) Mme Nontsikelelo Rose Mbono (tokololo e e thefosano).

5.2. Ngaka Reginald Cassius Lubisi – Motlatsamokaedikakaretso kwa Kantorong ya Moporesitente yo e leng gape Mokwaledi wa Kabinete (konteraka ya gagwe e ntšhwafaditswe gape mo dingwageng di le tlhano tse di tlang).

5.3. Rre Christopher Kobla Gavor – Motlhatlhobi wa Boleng kwa Lefapheng la Tlhabololo ya Metseselegae le Ntšhwafatso ya Naga.

Dipotsiso: Mme Phumla Williams (Sebueledi sa Kabinete sa namaotshwere)
Mogala: 083 501 0139

Share this page

Similar categories to explore