Pegelo ya Kopano ya Kabinete ya la bo 24 Phukwi 2019

Kabinete e ne e tshwere kopano ya yona ka Laboraro, la bo 24 Phukwi 2019, kwa Tuynhuys, Motsekapa.

A. Merero ya ga Jaanong

1. Phetolo ya thefosano ya boeteledipele mo makaleng a ikonomi le go tlhola ditiro
Kabinete e amogetse koketsego e e leng gone ya dikgatlhegelo tsa bao ba lakatsang go beeletsa mo nageng le bao ba setseng ba beeleditse ya go bona naga ya Aforika Borwa jaaka yona eo ba ka beeletsang mo go yona. Dikgato tsa sešweng di bontsha seno ka tlhamalalo, go akaretsa le dikgato tsa setlamo sa dijanaga (Ford), setlamo sa dikhemikhale (BFG Rail) le sa ditlhagisiwa tsa diintaseteri tsa motlakase (Aberdare) mmogo le bao ba fisegelang go beeletsa ba makala a tshwana le la tlhagiso ya dijo (PepsiCo) mme setlamo seno sa bofelelo go letetswe gore se tlhagise thulaganyo e e tlhamaletseng ka merero ya sona fa go tla mo bao ba tshotseng dišere le mo melawanataolong.

1.1 Phisegelo ya PepsiCo ya go reka Pioneer Foods ka R25 bilione ke maitlhomo a a tlhamaletseng a a supang gore e na le tshepo mo tsamaisong ya ikonomi mo nageng ya Aforika Borwa.

1.2 Setlamo seno sa dijanaga se tsibositse gore maano a sona a go atolosa setlamo a tla tlholela batho ba le 1200 ditiro, mme seno se tla kgonagala ka go diragatsa maikano a sona a go beeletsa R3 bilione. Lekala la setlamo seno la kwa Silverton le thapile batho ba ba lekaneng go ka tlhagisa dijanaga tsa mobetlo wa Rangers le wa Everests di le 168 000 ka ngwaga – mme palo eno e supa koketsego ya dijanaga di le 44 000 pele go ka simololwa ka katoloso e e rerilweng.

1.3 Mo godimo ga foo, R50 milione e e beeleditsweng ke setlomo sa tlhagisodikuno BFG Rail eo go tla agiwang ka yona lefelo la maemo a a kwa godimo la tlhagisodikuno kwa Gauteng e tla re neela lefelo la maemo a a kwa godimo la tlhagisodikuno leo le ikgantshang ka thulaganyo e e tokafaditsweng ya boenjenere mo go tla dirisiwang gape le thekenoloji ya maemo a a kwa godimo.

1.4 Kwa Nelson Mandela Bay, setlamo sa Aberdare Cables se tsibositse ka go atolosa palo ya badiredi ba sona fa ba bula Setlamo sa Bodutelo jwa Megala ya Motlakase o Mogolo, ka go beeletsa R135 milione le go tlhola ditiro tse dingwe gape di le 58 mo godimo ga di le 429 tse di leng teng ga jaana mo setlamong seno kwa lefelong leno la tirelo.

1.5 Dipeeletso mo bodutelong jono jo bošwa, mo didirisiweng le mo katolosong ya tlhagiso di tla tlhola ditiro tse dintšhwa le go godisa Palogotlhe ya Boleng jwa Dikuno tsa Naga (GDP). Makala a tlhagiso e ntšhwa e tla iponagatsang mo go ona a mo lephateng leo Moporesitente Ramaphosa a le nopotseng mo Puong ya Maemo a Setšhaba (SoNA). Aforika Borwa e na le mafaratlhatlha a ikonomi a motshwananosi a maemo a a kwa godimo, ikonomi ya dimaraka tse di supogang tse di solofetsang mmogo le kgolagano le mebaraka ya kontinente ya Aforika ya ikonomi e e golang ka lebelo. Aforika Borwa gape ke modigogakwapele mo makaleng a mantšhwa a dipeeletso a a jaaka ikonomi ya tshomarelo ya tlhago, ya go aga dikepe tse di rwalang leokwane le gase mmogo le mo ikonoming ya kwa mawatleng.

2. Lenaane la Dinagakopano le le Tshwaraganetsweng mabapi le HIV le AIDS (UNAIDS)

2.1 Kabinete e rotloeditswe ke Pegelo ya Lefatshe ya sešweng ya UNAIDS, e e ribotsweng mo malobeng mo Aforika Borwa. Go ya ka pegelo eno, Aforika Borwa e atlegile mo go fokotseng ditshwaetso tsa sešweng tsa HIV ka palo e e fetang 40% mmogo le mo go fokotseng dintsho tse di tlhodiwang ke AIDS ka 40% fa e sale ka ngwaga wa 2010.Pegelo eno e totobatsa mosola wa matsholo a rona a go tsereganya go bontsha gore go fokotsa ketegelo ya ditshwaetso tsa sešweng mmogo le go tlhokomela bao ba nang le bolwetse jono a tswelela go nna le mosola.

2.2 Kabinete e rotloetsa maAforika Borwa otlhe go tshela ba itekanetse gore ba fokotse kgonagalo ya go fetelwa ke ditshwaetso tsa sešweng.

3. Go Lwantsha Bosenyi

3.1 Kabinete e totobatsa maikano a yona a go dira gore ditikologo tse re tshelang mo go tsona di nne di bolokesegile e bile di babalesegile. Fa puso le baagi ba tshwarisana tiro eno, re ka fedisa bosenyi, ra bo ra dira gore metse e re tshelang mo go yona e nne ditikologo tse di bolokesegileng e bile di rene le kagiso di bo di tshwanele go ka beeletswa mo go tsona.

3.2 Matsholo a a farologaneng a a thankgolotsweng ke ba tirelo ya tsa molao go ralala le naga a nnile mosola mo go direng gore babelaelwa ba le bantsi ba golegiwe mmogo le mo go direng gore go utololwe le diritibatsi tseo di seng mo molaong. Masole a mangwe go tswa kwa Sesoleng sa Tshireletso ya Naga ya Aforika Borwa (SANDF) a rometswe kwa mafelong ao botlhokotsebe bo setseng bo tswile mo taolong go thusana le mapodisi a Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa (SAPS) mo matsholong a ba a kopanetseng a go busetsa mo taolong bosenyi jwa tirisodikgoka jo bo tlhodiwang ke digongwana mmogo le bogwebi jwa diritibatsi tseo di seng mo molaong.

3.3 Kabinete e ikuela mo baaging go ntsha matlho dinameng le go begela sepodisi ka ditiragalo dingwe le dingwe tsa bosenyi, go sa kgathalesege gore ke mang yo o amegang mo go tsone.

B. Ditshwetso tsa Kabinete

1. Pholisi le Ditaelo tsa Pholisi tebang le go Rebola Dilaesense tsa Makhubu a a Tlhokegang Thata a Kgaso

1.1 Kabinete e neseditse pula kgang ya Pholisi le Ditaelo tsa Pholisi tebang le go Rebola Dilaesense tsa Makhubu a a Tlhokegang Thata a Kgaso go latela dipuisano tse di tseneletseng le lekala le baagi. Pholisi eno le Ditaelo tsa Pholisi di tlhagisa letlhomeso la ka fao lekala leno le tla refosanang ka gone go kgontsha batsayakarolo ba bantšhwa go nna le seabe mo marakeng ono o o botlhokwa fa mo letlhakoreng le lengwe o tla tlhotlheletsa dipeeletso le boitshimololedi. Tona ya Ditlhaeletsano, Mme Stella Ndabeni-Abrahams, e tla re mo matsatsing a le mmalwa a a tlang a rebola pholisi ya bofelo e e neseditsweng pula ke Kabinete le go tsibosa bobegakgang ka yona.

2. Phanele ya Boeletsi ya Moporesitente mabapi le Pegelo ya Pusetso ya Dinaga le Temothuo

2.1 Kabinete e amogetse pegelo ya bofelo go tswa kwa Phanele ya Boeletsi ya Moporesitente mabapi le Pusetso ya Dinaga le Temothuo. Moporesitente Ramaphosa o thapile phanele eno ka Lwetse 2018 gore e tlhagise dikeletso tse di solofetsang ka pholisi ya pusetso ya dinaga. Pegelo eno e nopotse seemo se ga jaana le go tlhagisa dikeletso tse di ka thusang go potlakisa tiro ya puso mo go samaganeng le dikgato tsa mo nakong e e fetileng tsa go abelana dinaga ka go se lekalekane.

2.2 Kabinete e laetse gore Ditona tsotlhe, ka mafapha otlhe a ba a okameng, ba lekole pegelo eno mmogo le dikeletso tse e di tshitshinyang mme ba boele kwa Kabineteng ka dikakanyo tsa bona. Komiti ya Ditona tsa ka fa Nageng ya Merero ya Pusetso ya Dinaga e Monnasetulo wa yona e leng Motlatsamoporesitente David Mabuza e tla samagana le thulaganyo eno.

2.3 Kabinete e leboga phanele eno e monnasetulo wa yona e leng Ngaka Vuyokazi Mahlati ka tiro e ba e dirileng mme e neseditse pula le gore pegelo eno e fitlhelelwe ke mongwe le mongwe wa baagi.

2.4 Tona ya Temothuo, Pusetsomafatshe le Tlhabololo ya Metsemagae, Mme Thoko Didiza, mmogo le phanele eno, ba tla tshwara kopano le bobegakgang go tlhalosa ka botlalo diteng tsa pegelo eno. Kopano eno e tla tshwarwa ka Latshipi la bo 28 Phukwi 2019 ka ura ya bo 10:00 mo mosong kwa GCIS Tshedimosetso House mo phaposing ya Ronnie Mamoepa Media Centre kwa Hatfield mme go tla nna le dikgolagano ka bidio le bao ba leng kwa GCIS Imbizo Centre e e kwa Motsekapa.

C. Melaotlhomo
1. Go amogela semolao Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Manyalo a Setso wa ngwaga wa 2019

1.1 Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go isiwa ga Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Manyalo a Setso wa ngwaga wa 2019 kwa Palamenteng.

1.2 Molaotlhomo ono o dira gore Karolo ya bo 7(1) le ya bo (2) ya Molao o o Amogelang Semolao Manyalo a Setso (RCMA), wa ngwaga wa 1998 (Molao wa bo 120 wa 1998) e tsamaelane le dikatlholo tsa Kgotlatshekelo ya Molaotheo, tse di ntshitseng katlholo ya gore dikarolo tseno ga di tsamaisane le molaotheo. Dikarolo tseno di ne di tsaya letlhakore kgatlhanong le basadi ba ba tseneng mo manyalong a setso.

1.3 Molaotlhomo ono o laela gore go nne le tekatekano e e tshwanang mo basading bao ba tsenetseng manyalo a go nna mosadi a le nosi mo lenyalong le ao e leng a setso ao monna a ikokotlelang ka basadi ba le bantsinyana mo lenyalong bao ba nyadisitsweng pele Molao ono o ka tsenngwa tirisong. Dikarolo tseno tse di kwalolotsweng sešwa di khutlhisa tlhaolele e e ikaegileng ka bong mo manyalong a setso ao batho ba ikgolagantseng mo go one pele molao wa RCMA wa 1998 o ka tsenngwa tirisong. Balekane ba ba ikgolagantseng mo lenyalong leno ba tla nna le ditshwanelo tse di feletseng ka go lekalekana fa go tla mo dithotong tse di bokeleditsweng ka ntlha ya lenyalo la bona.

D. Ditiragalo tse di Tlang

1. Setlankana sa Moporesitente se se ka ga Boitekanelo

1.1 Moporesitente Ramaphosa o tla emela mmuso kwa moketeng wa go saenela Setlankana sa Moporesitente se se ka ga Boitekanelo kwa Dr George Mukhari Academic Hospital mo Ga-Rankuwa, wa City of Tshwane, ka Labone, 25 Phukwi 2019. Setlankana sa Moporesitente se se ka ga Boitekanelo ke sesupo sa dipoelo tsa Samiti ya Moporesitente e e ka ga Boitekanelo e e neng e tshwerwe ka Diphalane 2018.Mokete ono o bontsha katlego mo dikgatong tse re di tsereng mmogo gore re fitlhelele thulaganyo ya boitekanelo jo bo nang le boleng jo bo nnelang ruri.

2. Foramo ya Ntlha ya Maemo a a kwa Godimo ya Dipuisano tsa Ngwaga le Ngwaga ka Pholisi e e ka ga Thuto ya Maemo a a mo Bogareng mo Kontinenteng ya Aforika

2.1 Lefapha la Thuto ya Motheo le tla tshwara Foramo ya Ntlha ya Maemo a a kwa Godimo ya Dipuisano tsa Ngwaga le Ngwaga ka Pholisi e e ka ga Thuto ya Maemo a a mo Bogareng mo Kontinenteng ya Aforika: Go Baakanyetsa Bašwa Ditiro tsa mo Nakong e e Tlang, mmogo le Mokgatlho wa Tlhabololo ya Thuto mo Kontinenteng ya Aforika.

2.2 E tla tshwarwa ka la bo 29 le la bo 30 Phukwi 2019 kwa Emperors Palace, Johannesburg. Foramo eno e tla kopanya Ditona tse di rweleng maikarabelo a thuto, a bašwa le a merero ya ditiro go ralala le kontinente yotlhe ya Aforika, le dirutegi; batlhami ba dipholisi; baemedi ba maemo a a kwa godimo go tswa kwa badirisanimmogong ba dikoporasi tsa tlhabololo; makala a poraefete; mekgatlho ya baagi; barutabana le mekgatlho ya batsadi; mekgatlho ya bašwa mmogo le ya bobegadikgang.

2.3 Ditsereganyo tse di tla diriwang di tla ikaega ka dikgato tsa boitshimololedi tse di tlhokegang mo kgatong ya mo magareng ya thuto mo Kontinenteng ya Aforika gore barutabana mmogo le barutwana ba baakanyediwe ka tshwanelo go tshwanela ditiro tsa mo nakong e e tlang. Kabinete e tswelela go leboga botlhokwa jwa rona mo go tseeng karolo mo dipuisanong tse di matlafatsang tsa mothale ono.

3. Kgwedi ya Basadi

3.1 Mokete wa Letsatsi la Bosetšhaba la Basadi o o tla tshwarelwang kwa Vryburg, kwa Sidikweng sa Ruth Mompati kwa Bokone Bophirima ka Labotlhano, 9 Phatwe 2019, o tla tshwarwa ka moono yo o reng “Dingwaga di le 25: Go Godisa Aforika Borwa Mmogo go Samagana le Kgaratlho ya Basadi”.

3.2 Mokete yono o supa tlotlo mo basading ba feta ba le 20 000 bao ba neng ba bolotsa mogwanto go leba kwa Union Buildings ka la bo 9 Phatwe 1956 ba boloditse ditshupetso tsa boikuelo jwa go nna kgatlhanong le go atolosiwa ga Melao ya di-Dompase e jaanong e neng e atolositswe gore e akaretse le Basadi. Ditshupetso tseno di ne tsa fetola ntwa ya go lwela setšhaba se se gololesegileng sa temokerasi.

3.3 Le fa tota re fitlheletse dikgato tse di gagamatsang mo go godiseng kgaratlho ya basadi mo setšhabeng sa borona, go santse go na le leru le lentsho la tirisodikgoka le go tlhorisiwa ga basadi mo nageng ya rona le le santseng le re apere. Dikatlholelokgolegelong tse di bokete tse di rebolwang kwa Gauteng mo dikgetseng tsa tirisodikgoka le dipetelelo di re bontsha gore ditlhokotsebe tsa ditiro tsa bosenyi jwa thobalano le ditlolo tse dingwe tsa molao ga di kitla di iphitlhela tiragatso ya bosiamisi.

3.4 Kabinete e ikuela mo makaleng otlhe a setšhaba sa rona go ema kgatlhanong le mothale mongwe le mongwe wa tirisodikgoka, mmogo le go tsaya dikgatommogo go fokotsa dipalo tsa dikgetse tsa dipetelelo le tsa go tlhaselwa ga basadi le bana gore di fedisiwe ka bojotlhe.

E. Melaetsa
1.Melaetsa ya Matshediso

1.1 Kabinete e utlwisitswe botlhoko ke mogale wa ntwa ya go lwela kgololesego Rre Isaac Lesibe ‘Bra Ike’ Maphoto, yo a ragileng kgamelo a na le dingwaga di le 88. Moporesitente o laetse gore go diragadiwe Phitlho ya Semmuso e e Itlhophileng go felegetsa Bra Ike, yo a neng a tswa mo nageng ya Aforika Borwa ka ngwaga wa 1961 a ya go tsenela katiso ya sesole le ya sepolotiki kwa Beirut le kwa nageng eo mo malobeng e neng e bidiwa Soviet Union magareng ga ngwaga wa 1961 le wa 1963 pele a ka tsenela setlhopha se segolwane sa sesole seo se neng se bediwa Luthuli Detachment sa Umkhonto we Sizwe. Ka ngwaga wa 2006, Moporesitente wa mo malobeng Thabo Mbeki o ne a rebolela Bra Ike Kabo ya Naga ya Tlotla ya Luthuli ya Selefera, tebang le seabe se a nnileng le sona mo kgaratlhong gore re bone kgololesego le temokerasi.

1.2 Kabinete e romela matshidiso a yona a kutlobotlhokwa kwa balelapa, ditsala le balatedi ba seopedi se se fentseng dikabo seo gape se neng se kwala dipina Jonathan ‘Johnny’ Clegg, seo se dirisitseng mmino wa sone go rotloetsa gore re nne setšhaba se se senang tlhaolele. Ka metlha yotlhe o tla nna a gopolwa ka maikemisetso a gagwe a go aga setšhaba, go dira gore re nne seoposengwe le go nna setšhaba se se senang tlhaolele. E ne e le moamogedi wa Kabo ya Naga ya Tlotla ya Ikhamanga ya Selefera, tebang le seabe se a nnileng le sona mo tirong ya gagwe mo mminong mmogo le mo go golaganyeng mmino wa setso wa seAforika le mefuta e mengwe ya mmino.

2. Melaetsa ya go Akgola

Kabinete e Akgola:

2.1 Setlhopha sa Naga sa Bolotloa sa di-Proteas, go bo se dirile tiro e ntle mo go tsholetseng Folaga ya naga ya Aforika Borwa ka go bo se fitlheletse dikamakgaolakgang mo Sejaneng sa Lefatshe kwa Liverpool. Go tlhabolola maemo a yona go tloga mo maemong a botlhano go ya mo maemong a bone mo maemong a lefatshe ke tiro e ntle e le tota. Re rata gape le go akgola Mme Karla Pretorius go bo a tlhophilwe jaaka Motshameki yo o diphatsa mo kgaisanong ya Sejana sa Lefatshe sa 2019.

2.2 Baatlelete ba Aforika Borwa go bo ba tlhageletse ka magetla kwa London kwa Dikgaisanong tsa Taemane tsa Federeišene ya Diatlelete tsa Mekgatlho ya Boditšhabatšhaba. Motsholarekoto wa Naga Akani Simbine o ne a le mo maemong a mantle e le tota mo metabogong ya banna ya 100m, fa a ne a fenya bontle motabogo wa bofelo mo setlheng seo ka disekene di le 9.93. Mo metlolong ya banna, Luvo Manyonga o fentse ka maemo a mantle mo setlheng seo ka dimitara di le 8.37 fa yo mongwe wa bona Ruswahl Samaai ene a kakatletse go nna mo maemong a boraro ka dimitara di le 8.11.

2.3 Setlhopha sa Khwaere ya Bašwa sa Ndlovu, seo tiragatso ya bona e e tswileng diatla e ba kgontshitseng go fetela kwa kgatelong e nngwe mo kanaleng ya thelebišene e e gasang ka tlhamalalo ya America's Got Talent.

2.4 Setlhopha sa Naga ya rona sa Rakabi, sa di-Springboks, seo se fentseng ka dino di le 35 kgatlhanong le di le 17 tsa setlhopha sa Australia kwa Johannesburg mo kgaisanong e e tsweletseng ya 2019 Rugby Championship. Dikgaisano tseno di botlhokwa thata mo metshamekong e e tsenyeletsang dinaga di tshwana le New Zealand, Australia, Argentina le Japan. Re ba lakaletsa masego jaaka ba tsweletse go tshameka mo dikgaisanong tseno.

2.5 Setlhopha sa Aforika Borwa, tebang le seabe sa sona mo go thuseng go kwala sešwa hisetori ya kontinente ya Aforika mo kgatisong ya bo 30 ya sekwalwa sa Federeišene ya Metshameko ya Yunibesiti ya Boditšhabatšhaba kwa Naples, Italy. Aforika ka dinaga tsa yona di kopane e fentse palogotlhe ya dimetale di le 26. Mo dimetaleng di le 18 tse di fentsweng ke Aforika Borwa, di le thataro tsa tsona ke tsa gauta, di le robedi tsa tsona ke tsa gauta mme di le nne tsa tsona ke tsa boronse.

F. Go thapiwa

Go thapiwa gotlhe go tla diragadiwa fa makwalothuto otlhe a netefaditswe mme go amogetswe tetlelelo e e matshwanedi.

1. Bakaedi ba nakwana ba Boto ya Setheo sa Matlole a Dikgwebopotlana:
(a) Ms Mphokolo Makara;
(b) Adv Nomathemba Mlonzi;
(c)  Ms Delicate Mabuza;
(d) Mr Martin Mahosi;
(e) Mr Justice Kganyago; 
(f)  Mr Maurice Radebe; and
(g) Ms Nonkululeko Dlamini – (reappointment). 

Dipotsolotso: Mme Phumla Williams – Mmueledi wa Kabinete wa Namaotshwere
Mogala: 083 501 0139

Share this page

Similar categories to explore