Pegelo ya Kopano ya Kabinete e e Neng e Tshwerwe ka Mafaratlhatlha a Ditlhaeletsano tsa Dibidio ya Laboraro, 09 Tlhakole 2022

A.       Merero ya ga Jaana

1.       Puo ya Maemo a Setšhaba (SoNA) 

1.1.    Kabinete e amogetse go alwa ga SoNA 2022 ke Moporesitente Ramaphosa mo Mannong a a Kopanetsweng a Kokoanobosetšhaba le Lekgotla la Bosetšhaba la Diporofense kwa Cape Town City Hall ka Labone, 10 Tlhakole 2022, e leng tiragalo e e ngokang setšhaba sotlhe. 

1.2.    SoNA ke tiragalo ya botlhokwa mo lenaneong la puso ya temokerasi ka ntlha ya fa e neela Tlhogo ya Khuduthamaga tšhono ya go leba maemo a naga a ikonomi le loago gammogo le a sepolotiki, le go tlhagisa maikaelelo a puso a ngwaga o o latelang le morago ga moo, go baemedi ba sepolotiki ba batho gammogo le setšhaba ka kakaretso. 

1.3.    Mo dibekeng tse di latelang, Ditona di tla tlhalosa Lenaneotiro la 2022 la puso, le le tla tlhotlhelediwang ke Puo ya Tekanyetsokabo ya Bosetšhaba e e tla alwang ka Laboraro, 23 Tlhakole 2022 gammogo le dipuo tsa ditekanyetsokabo tsa mafapha otlhe a puso.  

2.      Go Nna le Seabe mo Lenaneong la Mmalabatho la 2022 

2.1.    Kabinete e ikuetse go baagi botlhe le batho ba ba nnang mo nageng e, go nna le seabe mo lenaneong la Mmalabatho la 2022, e leng tiragalo e e simolotseng ka Labone, 3 Tlhakole 2022 mme e tla tswelela go fitlha ka Mosupologo, 28 Tlhakole 2022. 

2.2.    Le ke letsholo la bone la go bala batho fa e sale re nna le temokerasi mme la bofelo e ne e le ka 2011. Dipoelo tsa Mmalabatho di botlhokwa thata go thusa mo kabong ya metswedithutso go fitlhelela thebolo ya ditirelo le ditlhoko tsa motheo tsa batho ba rona.

2.3.    Maaforika Borwa a ka nna le seabe mo lenaneong la Mmalabatho la 2022 ka go tsaya karolo ka go ikwadisa ka mogala, go ikwadisa ka khomphiuta kgotsa go kwadisiwa ke batlhankedi ba ba tsenang ntlo kwa ntlwala. Gore motho a kgone go ikwadisa ka khomphiuta o tshwanetse a bo a ikwadisitse ka mafaratlhatlha a inthanete pele ga 5 Tlhakole. 

3.       Peodinakong ka ga Bolwetse ba Mogare wa Corona (COVID-19) 

3.1.    Kabinete e akgotse Maaforika Borwa ka boineelo ba bona bo bo tsweletseng mo ntweng kgatlhanong le COVID-19, e leng se se thusitseng gore ditshwaetsego di nne di le kwa tlase le fa tota go nnile le matshosetsi ka lekhubu la bone.  

3.2.   COVID-19 e tswelela go nna karolo ya matshelo a rona, mme mekgwataolo yotlhe ya boitekanelo le pabalesego e tshwanetse go latelwa ka gale go akaretsa go katogana ka sekgala se se maleba, go tlhapa diatla le go di forogotlha ka sebolayaditwatsi, le go apara mmaseke o o thibang molomo le nko fa o le fa gare ga batho. Jaaka mogare o o kotsi o o tswelela go tsaya matshelo a batho, go entiwa e santse e le sebetsa sa rona se re se tshepang. Fa batho ba bantsi ba entiwa, re tla babalesega jaana setšhaba.  

3.3.   Jaaka naga e boela maemong ka ikonomi e bulega le dikolo di simolotse go boela kwa mokgweng wa tlwalelo wa dithuto letsatsi le letsatsi, Kabinete e ikuela go batho botlhe ba dingwaga tse 12 go ya godimo ba ba sa entiwang gore ba entiwe ka bonako bo bo kgonegang. O tlhoka fela go ya kwa lefelong la go entiwa, le fa e le gore o ne o sa ba itsise gore o tla tla go enta, mme o tla bona tsa go kwadisiwa le go entiwa mahala kwa teng.  

3.4.    Kabinete e rotloetsa gape ba ba setseng ba entilwe ka botlalo gore ba tlhabiwe moento wa go tsosolosa e ba setseng ba e tlhabetse, o o tla thusang go oketsa maatla a masole a mmele go kgona go koafatsa mefuta ya COVID-19. 
Meento ya go tsosolosa e ba e tlhabetseng e tlhabiwa fela mongwe le mongwe yo a setseng a tlhabetse lebotlolwana la bofelo la meento ya ntlha e bile a na le sebaka sa bonnye jwa dikgwedi tse thataro a tlhabile meento eo. Ka go nna mo dinakong ka meento, ga re fokotse fela kotsi ya bolwetse jo bo masisi, go amogelwa kwa bookelong le loso, re fokotsa gape le kotsi ya mefuta e e kotsi ya isago.  

4.       Pegelo ya Khomišene ya Dipatlisiso tsa Ditatofatso tsa go Goga Puso ka Nko 

4.1.    Kabinete e amogetse gore go rebolwa ga dikarolo tse pedi tsa Pegelo ya Dipatlisiso tsa Ditatofatso tsa go Goga Puso ka Nko go Moporesitente Ramaphosa ke kgato e e botlhokwa mo ntweng kgatlhanong le bonweenwee. 
4.2.   Kabinete e tshegetsa ka botlalo tirego e mo go yona Moporesitente a tla rulaganyang ditsereganyo tsa go tsenya tirisong dikatlanegiso tsa khomišene e, fa a tla bo a romela pegelo ka botlalo kwa Palamenteng pele ga 30 Seetebosigo 2022. 

5.       Pegelo ya Dipatlisiso tsa Dikhuduego tsa ka fa Nageng tsa Phukwi 2021  

5.1.    Kabinete mmogo le Moporesitente Ramaphaso ba amogetse go rebolwa ga pegelo ya Setlhopha sa Bomankge se se neng se tlhomilwe go sekaseka tsibogo ya puso kgatlhanong le ditiragalo tsa bosenyi, tshenyo le kgoreletso ya ditirelo, tse di neng di rulagantswe ka Phukwi 2021. Moporesitente o ne a tlhagisa pegelo ya Setlhopha sa Bomankge kwa kopanong ya Lekgotla la Bosetšhaba la Tshireletso ka Labotlhano, 4 Tlhakole 2022 mme a neela tetla ya gore e phasaladiwe. 

5.2.   Monnasetilo wa Setlhopha se e ne e le Moporofesara Sandy Africa mme se ne se akaretsa Atefokheiti Mojanku Gumbi le Rre Silumko Sokupa jaaka maloko a yona, fa Rre Michael Sarjoo ene e ne e le mokwaledi wa setlhopha se. 

5.3.    Setlhopha se ne se laetswe go sekaseka tsibogo ya tshireletso kgatlhanong le dikhuduego tse di nnileng teng segolo kwa KwaZulu-Natal le Gauteng le go dira dikatlenegiso tse di ka thusang go matlafatsa bokgoni ba tshireletso. Pegelo e le dintlha tse e di rebolang ka ga tiro le dikgwetlho tse di lebaneng ditirelo tsa tshireletso, ditheo tsa tsenyotirisong ya molao le ditheo tse di maleba tsa puso, e tla kaela puso gore e tsiboge jang. 

6.       Tirisodikgoka e e Ikaegileng ka Bong le Polao ya Basadi (GBVF)

6.1.    Jaaka karolo ya naga ya ntwa kgatlhanong le GBVF, Moporesitente Ramaphosa o sa tswa go saena Melao e meraro e e matlafatsang maiteko a go khutlisa GBVF – Molaotlhomo o o Kwadilweng Sešwa wa Bosenyi le Merero e e Amanang Nabo, Molao wa Bosenyi (Molaotlhomo o o Kwadilweng Sešwa wa Ditlolomolao tsa Thobalano le Merero e e Amanang Natso) gammogo le Molaotlhomo o o Kwadilweng Sešwa wa Merero ya Tirisodikgoka e e Magareng ga Batho ba ba Amanang. 

6.2.    Kabinete e dumela gore go saeniwa ga melao e mešwa e ke kgato ya botlhokwa mo go fenyeng GBVF mme e ikuela go Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa le Bothati ba Botšhotšhisi ba Bosetšhaba go dirisa ka botlalo ditlamelo tse dišwa tse go rebola bosiamisi go ba ba latlhegetsweng ke ba ba ba ratang, ditsala le badirammogo ka ntlha ya leroborobo le.   

6.3.    Kabinete e solofela fa go itlhaganedisiwa ga go tsenngwa tirisong ga melao e go tla tlamela batswasetlhabelo ba bosenyi le tshotlako ka tshireletso. 

6.4.    Gakologelwa go bega ditiragalo tsa GBVF kwa seteišeneng sa sepodisi se se gaufi nao, ka mogala wa mahala wa Thibelo ya Bosenyi: 08600 10111 kgotsa go letsetsa Tikwatikwe ya Taolo ya GBV: 0800 428 428. 

7.       Leeto la Tiro kwa Mozambique 

7.1.    Kabinete e amogetse go konosediwa ka katlego ga Leeto la Tiro kwa Mozambique ka Moporesitente Ramaphosa ka Labone, 3 Tlhakole 2022, jaaka a ne a laleditswe ke Moporesitente Filipe Nyusi, Moporesitente wa Rephaboleki ya Mozambique. 

7.2.    Ka maemo a gagwe jaaka Monnasetilo wa Lephata la Dipolotiki, Phemelo le Tirisanommogo ya Tshireletso wa Dinagatlhabololo tsa Borwa ba Aforika (SADC), Moporesitente Ramaphosa o ne a etela mephato e e leng karolo ya Morero wa SADC kwa Mozambique le go nna le seabe mo Segopotsong sa bo 53 sa polao ya ga Ngaka Eduardo Mondlane, e leng motlhami le Moporesitente wa ntlha wa Mozambique Liberation Front (FRELIMO).  

7.3.    Moporesitente Ramaphosa le molekananae ka kemo wa Mozambique ba ne ba buisana ka merero e e amang dinaga ka bobedi, kontinente le lefatshe, le go tiisa boineelo ba bona ba go tswelela go dirisana mmogo mo mererong ya makalamantsi. 

8.      Samiti ya Mokgatlo wa Tshwaraganelo ya Aforika (AU) 

8.1.    Kabinete e amogetse dipoelo tsa Samiti ya bo35 ya AU e e neng e tshwaretswe kwa Addis Ababa, Ethopia ka 5 le 6 Tlhakole 2022, e maikaelelo a yona e neng e le go tlisa kagiso le tshireletso mo kontinenteng le go kgala ka mafoko a a bogale diphetogo tse e seng tsa melaotheo ya dipuso mo Aforika. 

8.2.    Aforika Borwa e ne ya tlhagisa Pegelo ya Bobusi mo Aforika ya 2021 kwa Kopanong ya AU, e e neng e supa tswelopele mo go tsweletseng temokerasi le tsela ya momaganyo ya ikonomi ka Lefelo la Kgwebisano e e Gololosegileng ya Kontinente ya Aforika. E atlenegisitse gape gore baeteledipele ba tsee dikgato ka bonako go samagana le dilabe tse di rotloetsang ketsaetsego, jaaka botlhokatiro mo bašweng, bogogelathoko, khudugo e e kwa godimo le go tlhoka tekatekano go go etegelang.  

8.3.    Mo ntlheng ya go tlhoma tolamo ya boitekanelo go botlhe mo kontinenteng, samiti e ne ya gatelela kgopolo ya Aforika Borwa ya go tlhoma letlole la go tsibogela maroborobo le ditshitshinyo tsa gore kontinente e ka itshireletsa jang kgatlhanong le matshosetsi a mangwe a boitekanelo. 

8.4.    Kabinete e amogetse gape le go tlhophiwa ga Aforika Borwa mo Lekgotleng la Kagiso le Tshireletso la AU (AUPSC). AUPSC ke setheo se se tsayang ditshwetso sa AU tebang le thibelo, taolo le tharabololo ya dikgotlhang. Ke setheo sa tshireletso le tsiboso ka bonako sa botlhe se maitlhomo a sona e leng go netefatsa tsibogo e e bonako e bile e nonofile kgatlhanong le dikgotlhang le maemo a a sa jeseng di welang mo Aforika. AUPSC e na le maloko a le 15 a a nang le dithata tse di lekanang tsa go tlhopha. 

8.5.    Baeteledipele ba Aforika ba tla kopanela kwa Brussels, Belgium ka Samiti ya European Union-AU ya borataro ka 17 le 18 Tlhakole 2022, e e tla samaganang le dintlha tse di lebileng lefatshe jaaka phetogo ya tlelaemete, le ntšhwafatso ya kagiso le tshireletso. 

9.       Mokgwa wa Aforika wa Tlhatlhobo ya Balekane ka Kemo (APRM)

9.1.    Aforika Borwa e konoseditse paka ya yona ya dingwaga tse pedi jaaka monnasetilo wa Foramo ya Aforika ya Tlhatlhobo ya Balekane, e leng lephata la APRM le maikaelelo a lona e leng go rotloetsa le go sireletsa ditshwanelo tsa botho, go tsweletsa temokerasi le puso e e siameng gammogo le molao mo dinageng tsa Aforika. 

9.2.    Mo tshekatshekong ya yona ya tlhatlhobo ya balekanenayo, Aforika Borwa e amogetse dipholo tse di itumedisang mo ntlheng ya tsenyotirisong ya molao, ditheo tsa tlhokomelo jaaka Ditheo tse di Eman Nokeng Molaotheo, tsweletso ya ditshwanelo tsa basadi, tshireletso e e maatla ya batshabi le phetogo ya tsamaiso ya ditlhopho, taolo e e maatla ya dikgwebo, ditirego tsa tekanyetsokabo tse di bulegileng le go rotloetsa maiteko a maikarabelo a loago mo dikgwebong. Naga e ne ya akgolwa gape ka ntlha ya boeteledipele ba yona le taolo ya leroborobo la COVID-19. 

9.3.    Dintlha tse di sa jeseng di welang tse di neng tsa supiwa – jaaka go etegela ga go tlhoka tekatekano le botlhokatiro, bonweenwee, ditiragalo tsa letlhoo la batswantle le thebolo e e bokoa ya ditirelo – go samaganwa natso mo maanong a rona le mananeo a puso.

10.     Dikabo tsa Bobegakgang tsa SADC 

10.1.   Kabinete e rotloeditse bobegakgang ba Aforika Borwa go tsenela kgaisano ya Dikabo tsa Bobegakgang tsa SADC tsa 2022. Dikabo tse di rotloetsa tirisanommogo ya kgaolo, le go putsa botswerere mo bobegakgannyeng mo makaleng a kgatiso, ditshwantsho, thelebišene le radio, e bile di rotloetsa dinaga tse e leng ditokololo go bega dikgang tse di amanang le kgaolo e. 

10.2.   Bafenyi ba moputso wa ntlha ba tla begiwa kwa Samiting ya bo42 ya Ditlhogo tsa Dinaga le Dipuso. Diforomo le melao ya kgaisano ya 2022 di ka fitlhelwa mo go www.gcis.gov.za/newsroom/media-releases/launch-2022-sadc-media-awards-co....

11.     Thuto 

11.1.   Kabinete e akgotse Setlhopha sa 2021 le go leboga botlhe ba ba nnileng le seabe mo rekotong e e fitlheletsweng ke baithuti le fa tota go nnile le dikgwetlho ka ntlha ya COVID-19. Palogotlhe ya baithuti ba le 897 163 ba kwadile ditlhatlhobo tsa Setefikheiti sa Bosetšhaba sa Materiki (NSC), e leng koketsego ya 23,6% fa go bapisiwa le 2020.  
11.2.  Seelo sa phalolo sa NSC 2021 sa 76,4%, ka baithuti ba le 256 000 ba siametse go tsena kwa yunibesithi, ke koketsego ya 0,2% fa go bapisiwa le seelo sa phalolo sa 76,2 sa Setlhopha sa 2020.  

11.3.   Kabinete e eleletsa baithuti botlhe masego jaaka ba tla bo ba semelela mo dingwageng tsa bona tsa morago ga sekolo. Ka Sekema sa Bosetšhaba sa Thuso ya Matlole go Baithuti, puso e tshegetsa baithuti ba ba tshwanelwang ba ba tswang mo malapeng a a dikobo dikhutshwane le a badiri ba ba eletsang go tsweletsa dithuto tsa bona kwa yunibesithi kgotsa kwa kholejing ya Thuto le Katiso ya Setegeneki le Ditiro. 

B.       Ditshwetso tsa Kabinete

1.    Dipegelo tsa Gabedi ka Ngwaga tsa Tiragatso 

1.1.    Kabinete e amogetse dipegelo tsa gabedi ka ngwaga tsa tiragatso go tloga go 1 Moranang go fitlha go 30 Lwetse 2021. Dipegelo tse ke karolo ya Letlhomeso la Togamaano ya Pakagare ya 2019-2024. Dipegelo tsa ditlhopha tsa mafapha di ka ga dintlhakgolo tse supa tsa puso le ditsereganyo tse di nyalanang tsa tsamaiso ya borataro. 

1.2.    Kabinete e amogetse dikarolo tse di nnileng le tswelopele mo maitlhomong a a neng a tlhomilwe mo pakeng e e sekasekiwang. E lemogile gape le maikaelelo a go samagana le tiego mo go fitlheleleng mangwe a maitlhomo.  

1.3.    Motseletsele wa dikopano tse mo go tsona ditlhopha tsa Ditona di tla emang bobegakgang ka lefoko di tla rulaganngwa ke GCIS go letla mafapha go tlhalosa dipegelo tsa ona tsa tiragatso. 

2.       Go Romelwa ga Mafelo a Aforika Borwa a Bonno a Marope go tlhophiwa Jaaka Mafelo a Ngwaoboswa a Lefatshe 

2.1.    Kabinete e dumeletse go romelwa ga Tlhagelelo ya Batho ba Sešweng: mafelo a Bonno a Marope gore a lejwe le go mametlelelwa jaaka mafelo a Ngwaoboswa a Lefatshe. A mararo a ona a kwa Kapa Bophirima (Diepkloof Rock Shelter; Pinnacle Point Site Complex le Blombos Cave); le le lengwe le kwa Kapa Botlhaba (Klasies River Caves) fa a mabedi a le kwa KwaZulu-Natal (Sibhudu Cave le Border Cave). 

Mafelo a, a a nang le seabe mo go tlhaloganyeng tlholego ya batho, a setse a goeleditswe jaaka mafelo a Ngwaoboswa a Bosetšhaba go ya ka Molao wa Metswedi ya Ngwaoboswa ya Bosetšhaba wa ngwaga wa 1999 (Molao wa bo 25 wa 1999). A bontsha tatelano e telele ya manno a batho dingwaga di le diketekete tse di fetileng ka bopaki bo bo simololang kwa tlhagelelong ya batho ba sešweng. 
2.2.    Go romelwa ga mafelo a go nyalana le Molao wa Tumalano ya Lefatshe wa Ngwaoboswa (Molao wa bo 49 wa 1999) o o tlamelang gore dinaga di ka dira ditlhagiso tse jaaka karolo ya lefatshe ya go tlhaloganya tlholego ya batho. 

3.       Go Atolosiwa ga Maemo a Matlhotlhapelo a Bosetšhaba 

3.1.    Kabinete e ne ya begelwa ka tiro e e setseng e dirilwe ke Setheo se se Kopaneng sa Ditiro le Matlhale sa Bosetšhaba go sekaseka ka moo taolo ya leroborobo la COVID-19 e santseng e tlhoka go nna teng ga Maemo a Matlhotlhapelo a Bosetšhaba. Ditshwaelo di amogetswe go tswa go mafapha a a farologaneng a puso go sekaseka dikarolo tsa tiro tsa ona tse di setseng di le gaufi le go konosediwa. 

3.2.    Le fa go le jalo, morago ga go lemoga gore mangwe a mafapha a a botlhokwa mo ntweng kgatlhanong le COVID-19 ga a ise a konosetse diteko tsa ona, Kabinete e dumeletse katoloso ya bofelo ya Maemo a Matlhotlhapelo a Bosetšhaba go fitlha ka 15 Mopitlwe 2022, go ya ka Karolo 27(5)(c) ya Molao wa Taolo ya Matlhotlhapelo (Molao wa bo 57 wa 2002).

4.       Sekalwa sa Pholisi ya Peoditlhwatlhwa tsa Motlakase (EPP)

4.1.    Kabinete e amogetse go phasaladiwa ga tebosešwa ya EPP go ngoka ditshwaelo tsa baagi. EPP e e tlhabolotsweng e ikaelela go fitlhelela bokgoni ba go tlamela ka ditlhwatlhwa tse di kwa tlase tsa motlakase go badirisi ba letseno le le kwa tlase le ditlhwatlhwa tse di supang ditshenyegelo go badirisi ba bangwe. 

4.2.    Pholisi e e tlamela ka melawana ya peoditlhwatlhwa ka kakaretso, ditlhwatlhwa tsa thekiso ya motlakase ka bontsi le phetisetso, le ditlhwatlhwa tsa kabo le thekiso. EPP e tla phasaladiwa mo Kuranteng ya Puso mme e ka fitlhelelwa mo webosaeteng ya Lefapha la Dikungo tsa Diminerale le Maatla (DME): www.dmr.gov.za.

C.       Melaotlhomo

1.      Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Setheo sa Bosetšhaba sa Tlhabololo ya Bašwa (NYDA) 

1.1.    Kabinete e dumeletse go romelwa ga Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa NYDA wa 2022 kwa Palamenteng. Diphetogo tse di tshitshinngwang di fetola Molao wa NYDA wa ngwaga wa 2008 (Molao wa bo 54 wa 2008). Molao wa ga jaana o tlamela ka letlhomeso la semolao la tlamelo ya Tirelo ya Bosetšhaba ya Bašwa, tshegetso ya matlafatso ya bašwa, ditirelo tsa maele le tshedimosetso go bašwa. 

1.2.    Ditlhabololo tse di tshitshinngwang di matlafatsa dikarolo tse di rileng tsa ditsereganyo mo teng ga dikgwetlho tse bašwa ba lebaganeng natso; e tlhalosa tatelano ya maikarabelo a sepolotiki ya setheo le go tshitshinya gore go okediwe bogolo ba Boto ya NYDA go tswa go maloko a le supa go ya go a le lesome. E tlamela ka go tlhongwa ga ditirelo tsa NYDA kwa maemong a selegae, segolo go bašwa ba kwa metsemagaeng ba ba sa kgoneng go fitlhelela ditirelo tsa NYDA. 

1.3.    Ditlhabololo tse di tshitshinngwang e ne e le ditlamorago tsa dipuisano tse di tseneletseng le bannaleseabe ba ba maleba mo diporofenseng tsotlhe tse robongwe.

2.    Molaotlhomo wa Kgotlelo ka Oli (Ipaakanyo, Tsibogo le Tirisano) (OPRC) wa 2022

2.1.    Kabinete e amogetse go romelwa ga Molaotlhomo wa OPCR wa 2022 kwa Palamenteng, o o neng wa dumelelwa go ka phasalediwa ditshwaelo tsa baagi ka Diphalane 2019. Ditshwaelo tse di tseneletseng tse di amogetsweng go tswa go bannaleseabe ba ba farologaneng di akareditswe mo Molaotlhomong o. 

2.2.    Fa e sena go nna molao, Molaotlhomo o tla tlamela ka taolo le bolaodi ba tsibogo ya naga kgatlhanong le ditiragalo tsa kgotlelo ya metsi ka oli kwa mawatleng a naga kwa mabopong.  

2.3.    Aforika Borwa e fa gare ga mawatle a a tlhanaselang go gaisa le ditsela tsa dikepe tse di ralalang Mawatle a Indian, Atlantic le Lewatle la Borwa, go fitlha le kwa kgaolong ya Antarctic. Naga e gape e saenile tumalano ya OPRC. 

3.       Sekalwa sa Pholisi ya Mosepele wa Badiri (NLMP) le Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Ditirelo tsa Ditiro o o Tshitshinngwang (ESAB)

3.1.    Kabinete e amogetse go simolola ga dipuisano le baagi le bannaleseabe ka ga sekalwa sa pholisi ya mosepele wa badiri gammogo le ESAB e e tshitshinngwang. Pholisi e tlamela ka tekano magareng ga tshireletso ya ditiro go Maaforika Borwa go lebilwe dinonofo tsa ikonomi tse naga e di tlhokang. O tsaya tsia gape le maikarabelo a naga kwa SADC, AU le ditumalano tse dingwe tsa boditšhaba tebang le mesepele ya badiri.  

3.2.    NLMP e tlamela ka letlhomeso le motheo wa semolao go laola gore bathapi ba ka thapa baditšhaba go le kana kang mo ditlamong tsa bona mme ba ntse ba sireletsa ditshwanelo tsa bafudugedi. Pholisi e tlamela ka motheo wa ESAB e e tshitshinngwang. 

3.3.    Kabinete e dumeletse gore Lefapha la Ditiro le ka simolola ka ditheetso tsa baagi tebang le pholisi e, tse di tla neelang baagi le bannaleseabe ba ba maleba tšhono ya go neela ditshwaelo tsa bona mo NLMP ya naga. 

4.       Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Taolo ya Motlakase 

4.1.    Kabinete e dumeletse go phasaladiwa ga Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Taolo ya Motlakase. Molaotlhomo o o tshitshinya ditlhabololo mo teng ga Molao wa Taolo ya Motlakase wa ngwaga wa 2007 (Molao wa bo 28 wa 2007). Ditlhabololo tse di tshitshinngwang tse, di atolosa letlhomeso la taolo la bosetšhaba mo intasetering ya tlamelo ya motlakase. Di nyalanya naga le mekgwa e e gaisang ya boditšhaba ya maatla le go tlamela ka ditiro tsa Modiri wa Tsamaiso ya Phetisetso, le letlhomeso la go rebola dilaesense tsa go fetlhwa ga motlakase, phetisetso, kabo le thekiso. 

4.2.    Ditlhabololo tse di tshitshinngwang ke karolo ya dikgato di le mmalwa tse naga e di tsayang go fetola lekala la motlakase gore le fitlhelele tlamelo ya motlase e e tsepameng e bile e sireletsegile. Di tla matlafatsa gape le tiragatso ya intaseteri ya motlakase le go tlhola maemo a a edileng a kgolo ya ikonomi. 
Molaotlhomo o o tla phasaladiwa mo teng ga Kuranta ya Puso mme o ka fitlhelelwa gape mo webosaeteng ya DMRE: www.dmr.gov.za.

D.       Melaetsa

1.       Go akgola 

Kabinete e akgola le go eleletsa masego: 

1.1.   Kgosigadi Nomandla Dorothy Mhlauli, ka go tlhophiwa jaaka Monnasetilo o mošwa wa Ntlo ya Bosetšhaba ya Baeteledipele ba Setso le ba Khoi-San. Kgosigadi Mhlauli ke mosadi wa ntlha go etelela pele bothati ba boeteledipele ba setso. O ne a tlhophiwa morago ga go tlhokafala ga moeteledipele wa pele, Kgosi Sipho Mahlangu. 

E.       Go Thapiwa 

Go thapiwa gotlhe go tla diragadiwa fa makwalothuto otlhe a netefaditswe mme go amogetswe tetlelelo e e matshwanedi. 
1.       Maloko a Lekgotlakgakololo la Bosetšhaba la Merero ya Dikgwa (NFAC). 
Kabinete e dumalane le Tona ya Merero ya Dikgwa, Bodirelatlhapi le Tikologo go thapa maloko a Boto ya NFAC sebaka sa dingwaga tse tharo:

a.       Mme Nosisa Euticus Nzuza (Monnasetilo); 
b.      Ngaka Pulane Elsie Molokwane (Motlatsa Monnasetilo);
c.       Mme Getrude Mathithwa Nonginzi; 
d.       Mme Maropeng Dipitseng Manamela;
e.       Rre Bhutinyana Calvin Chirwa;
f.        Mme Phindiwe Keletso Mokoena;
g.       Mme Manushka Moodley;
h.       Rre Bishop Ngobeli;
i.        Mme Nombuso Mlambo;
j.        Rre Mzwandile Roy Mendu;
k.       Rre Sikhumbuzo Sipho Masuku;
l.        Rre Thabo Simon Moloi;
m.      Mme Felicity Blakeway;
n.       Rre Jim Matsho;
o.       Mme Fefekazi Sefara;
p.       Rre Phemelo Sebitlo;
q.       Rre Goodman Gcaba;
r.        Rre Nkosipendule Quvile;
s.       Rre Sixolile Msayi; le
t.        Rre Makale Ngwenya.

2.       Ngaka Jennifer Molwantwa – Motlhankedikhuduthamaga Mogolo (CEO) wa Khomišene ya Ditlhotlhomiso tsa Metsi. 
3.       Rre Petrus Maselaganye Matji – CEO wa Amatola Water. 
4.       Rre Frans Moatshe – Motlhankedikhuduthamaga wa Matlotlo wa Lefapha la Metsi le Kgelelaleswe.
5.       Mobirikatire Mokgadi Bertha Bokaba – Tlhogo ya Porofense ya Ditlhotlhomiso tsa Bosenyi bo bo kwa Setlhoeng (DPCI) kwa Foreisetata.
6.       Mobirikatire Mathipa Solomon Makgato – Tlhogo ya Porofense ya DPCI kwa Kapa Bophirima.

Dipotso:
Mme Phumla Williams
Sebueledi sa Kabinete mo go 083 501 0139

Share this page

Similar categories to explore