Moporesitent Cyril Ramaphosa: Puo e e ka ga Kgatelopele e e Dirilweng ka fa Nageng mo go Samaganeng le go Anama ga Leroborobo la Mogare wa Corona (COVID-19)

MaAforika Borwa a gaetsho,

E setse e le sebakanyana re sa itshebe re le baagi ba ka fa nageng.

Go setse jaanong go fetile dikgwedi di le dintsinyana fa e sale mogare wa corona o rotoga ka fa nageng ya Aforika Borwa.

Leroborobo leno le ketefaditsa matshelo a batho botlhe ba ka fa nageng ya rona.

Morago ga sebaka se se telele sa ketsaetsego le go tshwenyega, botlhe re fisegela gore botshelo bo boele sekeng.

Ke a itse gore bontsi jwa rona bo setse bo lapisitswe ke mogare wa corona.

Matsapa a magolo ke gore re setse re itebatsa gore mogare ono o santse o re aparetse.

Fa ke bua le lona mo maetsiboeng ano, leroborobo la COVID-19 lona le tsweletse go ntsha ga tshwene mo lefatsheng ka bophara.

Fa e sale leroborobo leno le simolola lefatshe lotlhe le sa tswa go rekota palo e e kwa godimo go gaisa ya dikgetse tse dintšhwa tsa ditshwaetso tse di rekotiwang beke le beke mmogo le palo e e kwa godimo ya dintsho tse di rekotiwang beke le beke.

Batho ba feta ba le dimilione di le 51 mo lefatsheng ba tshwaetsegile, mme le batho ba bangwe ba ka nna dimilione di le 1.2 ba thutse botala ka tlhogo.

Dinaga di le dintsi di ka fa teng ga mpa ya go runya lekgetlo la bobedi ga ditshwaetso tseno, tse gantsi di gakalang go gaisa mo ntlheng.

Se re se bonang ka matlho a rona ke se se boima thata: se se re rayang se re COVID-19 ga e kitla e fela mo gautshwane.

E santse e re aparetse. E bile e santse e tla re aparela sebaka se se telele.

Jaaka re le baagi ba Aforika Borwa, re itemogetse seo re tsayang gore ke setsuatsue se se bogale go gaisa.

Mo nakong e leroborobo leno le neng le le bogale, mo kgweding ya Phukwi, re ne re rekota ditshwaetso tse dintšhwa di le 12 000 letsatsi le lengwe le le lengwe.

E setse e le dikgwedi di feta di le pedi jaanong mo dipalo tse dintšhwa tsa ditshwaetso di sa feteng di le 2 000 ka letsatsi.

Dipalo tsa dintsho le tsona di ntse di fokotsega ka tolamo, mmogo le dipalo tsa batho ba ba tlhokang go amogelwa kwa bookelong.

Dipalo tsa balwetse ba bantšhwa ba ba amogelwang kwa bookelong di wetse kwa tlase lekgetlo la bo 14 mo sebakeng sa dibeke tse di tlhomaganeng.

Seno ke ka ntlha ya dikgato tse re di tsereng fa leroborobo leno le ne le simolola, mmogo le seabe seo moAforika Borwa yo mongwe le yo mongwe a nnileng le sona mo go lwantshaneng le mogare ono.

Seno gape ke ka ntlha ya badiredi ba rona ba ba ntseng ba digoga kwa pele mo maokelong ba ba re diretseng ka bopelojotlhe le ka boineelo, ba ba neng ba sutlhakaka le metse go lekola le go tlhatlhoba baagi ba naga ya rona, ba ba neng ba etse maemo tlhoko gore go rene kagiso le gore baagi ba se itirele boithatelo, mmogo le ba ba tsweleditseng ditirelo tse di botlhokwa.

Re lebile kgatelopele e re e dirileng, tsotlhe tse re ithutileng tsona, janong re na le tshepo ya gore mo kgatong e ga jaana re leng mo go yona ya bongwe re na le tsotlhe tse di tlhokagalang go ka thibela go runya sešwa lekgetlo la bobedi ga bolwetse jono.

Fa fela re tswelela go obamela ditaolelo tsotlhe tse di botlhokwa tsa boitekanelo mmogo le melawanakiletso e e santseng e le mo tirisong ga jaana – re le baagi ka bongwe jwa rona, re le dikgwebo, re le ditheo – go ka se nne le setlhokwa sa go boele kwa maemong a melawanakiletso mo go yona a neng a le bogale thata.

Re tshwanetse go ikotla mo sehubeng mabapi le dikgato tse re di tsereng re le naga go samagana le bolwetse jono, e leng dikgato tse bontsi mo lefatsheng ka bophara bo di opetseng legofi le go di rolela hutshe.

Maabane ke ne ka tshwara kopano e e tshwerweng ka mafaratlhatlha a ditlhaeletsano tsa dibidio eo e neng e tsenetswe ke baeteledipele ba dikgwebo tsa boditšhabatšhaba ba le bantsinyana bao ditlamo tsa bona di dirang mo diageng di le dintsi mo lefatsheng. Botlhe ba akgotse ka fao naga ya Aforika Borwa e samaganeng le leroborobo leno.

Le fa tota seno e le kgatelopele e re itumelelang yona, re tshwanetse go amogela gape le gore leroborobo leno go fitlha mo motsing ono le dubile boitekanelo le matshelo a batho ba naga ya rona.

Go fitlha mo motsing ono Aforika Borwa e setse e rekotile dipalo tsa batho ba ba tshwaeditsweng ke mogare wa corona ba le 742 394.

Mo bathong bano, ba le 92% ba setse ba itharabologetswe.

Fela phoso e kgolo e re iphitlhetseng e re aparetse fa e sale leroborobo leno le simolola ke dipalo tse di totobaditsweng tsa batho ba ba thutseng botala ka tlhogo ba le 20 011 ka ntlha ya COVID-19.

Le fa tota palo ya batho ba ba thutseng botala ka tlhogo mo nageng ya rona e le kwa tlase fa e bapisiwa le ya dinaga tse dingwe tse dintsi, seo ga se okobatse kutlobotlhoko e e tlhodilweng ke dintsho tseno.

Fa e sale bothata jono bo simolola, seo re nengg re se lwela e ne e le go boloka matshelo a batho le go babalela ka fao batho ba iphedisang ka teng.

Jaaka re tla bo re aga sešwa naga ya rona re ntse re dubana le thankga ya leroborobo leno, ntlha eno e tshwanetse go nna e e re tshwenyang thata.

Le fa ditshwaetso di fokotsegile, batho ba le bantsi letsatsi le lengwe le le lengwe ba nna ba ntse ba tshwaetsega mme ka ntlha ya seno re tswelela go nna mo tlalelong.

Re bona ka fao ditshwaetso di kgonang go oketsega ka bonako le ka lebelo ka teng mo dinageng di le dintsinyana.

Re bona gape le ka fao maokelo a ka ketefalelwang ka teng fa ditshwaetso di tswelela go tlhatloga.

Go tlhatloga ga palo ya ditshwaetsego kwa dinageng tse dingwe go tlhodile gore melaokiletso e e gagametseng e busediwe tirisong.

Re bone gape le ka fao mo dinageng tse dingwe go runya sešwa ga bolwetse jono go dirileng gore ditsholofelo tsa ikonomi ya bona tsa go itharabologelwa ka bonako di feleditseng e le tse di letobo.

Re tshwanetse go dira tsotlhe tse di mo matleng a rona go thibela gore seno se feletse se diragetse mo nageng ya rona.

Fa e le gore re batla go thibela go runya sešwa ga ditshwaetsego ka fa nageng ya rona go na le dintlha di le mmalwa tse re tshwanetseng go di ela tlhoko.

Ntlha ya ntlha ke ya seemo sa kwa porofenseng ya Kapa Botlhaba, se se bontshang e kete se tloga se itemogela thunyosešwa ya ditshwaetso.

Mo bekeng e e fetileng, palo ya dikgetse tse dintšhwa tsa ditshwaetso mo porofenseng e ne e feta ya ditshwaetso tsa yona tsa mo bekeng e e fetileng ka 50%.

Mme le palogotlhe ya dikgetse tse dintšhwa mo matsatsing a a fetileng a le 14 e ne e feta ya mo matsatsing a a fetileng a pele ga ano a le 14 ka 145%.

Ditlhatlogo tseno di tlhotlhelediwa bogolosegolo ke dipalo tse di tlhatlogang kwa Masepaleng wa Teropokgo ya Nelson Mandela mmogo le kwa Masepaleng wa Tikologo ya Sarah Baartman.

Mo kgweding e e fetileng, go nnile le tlhatlogo ya dipalo tsa batho ba ba amogelwang kwa maokelong mo porofenseng eno.

Bopaki jono bo supa gore ditlhatlogo tseno kwa Kapa Botlhaba di tlhotlhelediwa ke go runya ga bolwetse jono mo ditheong tsa thuto e kgolwane tse di jaaka diyunibesiti, dikolo mmogo le dikopano tse mo go tsona go nang le matšhwititšhwiti a batho.

Fa ditiragalo tseno di tlhakanngwa le dikgato tse di botlhaswa tsa go se obamele dikgato tsa go katogana, tsa go apara dimaseke mmogo le dikgato tse dingwe tsa go iphepafatsa, maemo a gore ditshwaetso di gakale a tlhatloga.

Jaaka batho ba bantsi ba tsena le go tswa mo porofenseng ya Kapa Botlhaba le go leba kwa diporofenseng tse dingwe – bogolosegolo go leba kwa porofenseng ya Kapa Bophirima – ke fela nako e nnye pele ditshwaetso tseno di rotoga kwa dikarolong tse dingwe tsa naga ya rona.

Ka jalo re tlhoka go tsaya dikgato go thibela go tlhatloga ga dikgetse tsa ditshwaetsego.
 
Mo go tsibogeleng ditshwaetsego tse di tlhatlogang, re tsenya tirisong leano la go thibela go rotoga ga bolwetse jono le le tlhagisitsweng ke naga ya rona mmogo le Setlhopha sa Barongwa ba Mokgatlho wa Lefatshe wa Merero ya Boitekanelo (WHO)se se remotsweng ka fa nageng ya Aforika Borwa.

Dikgato tseno di tsenyeletsa tsa ditlhotshwana tse di etelang baagi kwa malapeng a bona go ba tlamela ka ditirelo tsa motheo tsa tlhokomelo ya boitekanelo e le maitlhomo a go gagamatsa dikgato tsa go gata motlhala batho bao ba kopaneng le bao go netefaditsweng gore ba tshwaetsegile, dikgato tsa go rotloetsa baagi go itshireletsa letsatsi le lengwe le le lengwe, go netefatsa gore maokelo a rulagantswe ka tshwanelo go amogela balwetse, mmogo le go ithulaganya sentle gore re kgone go tsibogela dikarolo tseo di itemogelang go runya sešwa ga mogare ono.

Re tla thusana le puso ya porofense, dimasepala le ditheo tse dingwe kwa porofenseng ya Kapa Botlhaba mo matsatsing a a tlang le mo dibekeng tse di tlang go netefatsa gore bolwetse jono ga bo runye e bile bo laolwa ka tshwanelo.

Se re itemogelang sona kwa Kapa Botlhaba e tshwanetse go nna selo se se re bulang matlho mo go rona rotlhe, e leng gore ga re a tshwanela go nna kwa mothakga le go goga maoto.

Re etse gape tlhoko maemo mo mafelong a ditshwaetsego tse dintšhwa di fetang tse di tlwaelegileng mo go ona.

Mafelo a mo go ona re bonang ditshwaetsego tse dintšhwa di feta tse di tlwaelegileng a tsenyeletsa Lejweleputswa le Mangaung kwa Foreistata, Frances Baard le Pixley ka Seme in kwa Kapa Bokone, mmogo le Garden Route kwa teropokgolong ya Motsekapa kwa Kapa Bophirima.

Go netefatsa gore dikgatokiletso tsotlhe tse di botlhokwa di tswelela go nna mo tirisong, jaaka e le sotlhokwa sa Molao wa Maemo a Masetlapelo a Naga, re oketsa nako ya go nna tirisong ya Molao wa Maemo a Masetlapelo a Naga ka kgwedi e nngwe gape go fitlha ka la bo 15 Sedimonthole 2020.

Karolo ya bobedi e e re tshwenyang e re tlhokang go samagana le yona ke ya matsatsi a boikhutso a bofelo jwa ngwaga, mo maAforika Borwa a le mantsi a tsayang maeto go leba kwa dikarolong tse di farologaneng tsa naga eno e bile le batho ba rata go kgobokana mo nakong eno go tlhaba kgobe ka mmutla.

Ditiragalo tsa mothale ono, fa di sa diriwe ka maikarabelo, di ka tlhola dikotsi tse dikgolo mo dithulaganyong tsa rona tsa go laola leroborobo leno.

Fela re ka efoga go runya ga leroborobo leno lekgetlo la bobedi fa yo mongwe le yo mongwe wa rona a ka tshameka karolo ya gagwe, fa rotlhe re gakologelwa se re tshwanetseng go se dira gore re bolokesege le go boloka batho ba bangwe.

Batho botlhe ba kwa diteropokgolong le ba kwa metseselegaeng e mennyennye, rotlhe re tlhaloganya sentle gore go diragala eng ka mogare ono.

Rotlhe re itse sentle gore mogare wa corona o anama jang, go itse tota le barutwana ba Mophato wa R le badiredi ba kwa difemeng, baithuti ba kwa diyunibesiti le bagodi kwa gae.

Kajalo se ke se kopang mo go yo mongwe le yo mongwe wa lona ga se selo se se ntšhwa. Ke le kopa gore le dire se le itseng sentle fela gore le tshwanetse go se dira.

Re a itse gore mogare ono o anama fa re ka ema gaufi le batho ba bangwe.

Tla re gakologelweng gore e anama ka marothodi a a tswang mo nkong le mo molomong fa re bua, re gotlhola, re ethimola kgotsa e bile gape le fa re gema ka maatla.

Re a itse e bile gape gore rotlhe seo re tshwanetseng go se dira go itshireletsa le go sireletsa bao re leng gaufi le bona.

Maseke wa lesela fa o o apere o thibile nko le molomo e santse e le selo se se botlhokwa thata mo go itshireletseng.

Ke a itse gore ka dinako dingwe go apara maseke go a sokodisa.

Maseke o bolelo e bile ga o tlwaelege.

Go boima gore o itse motho yo a apereng maseke kgotsa go mo utlwa sentle gore o a reng.

Fela dimaseke tsa lesela ga di ture, di tletsetletse gotlhe, e bile go botoka go itshokela go kokonelwa ke ona go na le gore o tshwaetsege kgotsa o tshwaetse batho ba bangwe.

Go apara dimaseke fa re tswa kwa malapeng a rona go botoka thata go gaisa go rupoga ga mogare ono lekgetlo la bobedi.

E bile go botoka that go na le gore re boele kwa kgatong e e gagametseng ya go sekega nakwana ditiro tsa ka fa nageng le ya go emisa ditiragalo tsa ikonomi.

Ditshwaetso di le dintsinyana go setse go tlhagisitswe gore di tlhodilwe ke meago e mo go yona e sa tsenelweng ke mowa o o lekaneng e bile ka fa teng ga yona batho ba sa kgoneng go ka katogana.

Le fa tota go tlhaloganyega gore fa matsatsing a boikhutso a atumela re batla go keteka le ba lelapa le ditsala tsa rona. Ono ngwaga e nnile yo o gatelelang maikutlo e bile o tshosa e le ruri. Re batla go tlhaba kgobe ka mmutla mme re itumele.

Fela seno ga se raye gore re tshwanetse go itlogelela fela.

Re tshwanetse go gakologelwa gore motho yo mongwe le yo mongwe yo re kopanang le ene go na le kgonagalo ya gore ditshwaetsego di ka tlhatloga.

Re tshwanetse go efoga go kopana mo batho ba kgotlhaganeng. Go botoka gore re kopane re le setlhotshwana se sennye.

Fa tota e le segapeletsa go ikentsha, re tshwanetse go netefatsa gore ga re kopane le batho ba le bantsi.

Ke ntse ke tshwenngwa le go tshoswa tota ke seo ke se bonang mo mafaratlhatlheng a ditlhaeletsano le mo dithelebišeneng mo batho ba leng mo meletlong e megolo, ba kgobokane ka bontsi e bile ba na le mo meketeng e kete mogare ono ga o sa tlhole o le teng.

Ke ntse ke bona ditshwantsho tsa batho ba tletse ka fa teng ga meago mme batho ba sa apara dimaseke e bile go bonagala gore batho ga ba katogana.

Ditiragalo tsa mothalo ono ke tsona tse di jalang peo ya bolwetse jono ka lebelo le le kwa godimo mme di tshwanetse go se diriwe ka ntlha ya gore seno se kotsi thata.

Melao e re neng re e dirisa kwa tshimologong ya go sekega nakwana ditiro tsa ka fa nageng e tshwanetse go sekegelwa tsebe le mo motsing ono.

Mme e bile jaanong jaaka re le mo tlhabuleng go bonolo go kopanela mo ntle ga meago kgotsa mo teng ga meago mo matlhabaphefo a atlhamisitsweng.

Jaaka re tlhalositse mo malobeng go botlhokwa go dirisa ditsela tse di farologaneng tsa go samagana le mogare wa corona go lwantshana le mogare ono.

Re ka dirisa gape le thekenoloji go samagana le mogare ono.

Ke ikuela mo go lona lotlhe go ikamanya le maAforika Borwa a le 700 000 ka go taonelouta epe ya megala ya mo seatleng ya COVID Alert SA.

Epe eno ya COVID Alert SA e tla go lemosa fa o kopane le motho yo a nang le mogare ono – go sa kgathalesege gore ke ka fa thekesing, kwa molong kgotsa kwa moletlong – mme e tla go loma tsebe ka seno ntle le go go gata motlhala le go abelana ka dintlha tsa ope.

Go ya ka ditlamo tsa megala ya mo seatleng epe eno ga e duelelwe, ka jalo ga o kitla o duelela le fa e le sente yo montsho gore o itshireletse mmogo le batho ba bangwe.

Ka go taonelouta epe eno, o thusa gore mogare ono jaanong re kgone go o bona ka leitlho la namana mmogo le go kgaotsa ditiragalo tseno tsa go tshwaetsana.

Re batla go ikuela mo ditlamong tsotlhe go rotloetsa badiredi ba bona mmogo le baeng ba tsona go taonelouta epe eno fa ba tsena mo dikantorong tsa bona, mo mabentleleng a bona, mo dikolong tsa bona, mo diyunibesiting tsa bona le mo meagong e mengwe.

Mo godimo ga ditiragalo tseno tse rotlhe re tshwanetseng go di tsaya go thibela go runyasešwa ga bolwetse jono, re gagamatsa dikgato tsa rona tsa tirelo ya boitekanelo ya puso.

Go dira diteko go botlhokwa fa e le gore re batla go atlega mo go thibeleng go runyasešwa ga bolwetse jono.

Ka ntlha ya go tlhoka badiredi e leng kgwetlho e re tobaneng le yona mo dikgweding di le mmalwa tse di fetileng, jaanong re semeletse go oketsa palo ya diteko tse re di dirang letsatsi le lengwe le le lengwe.

Dipetlele tsotlhe, tsa puso le tsa poraefete, di tshwanetse go dira diteko mo balwetseng ba ba leng kwa bookelong e leng go latela ditaelo tsa mosupetsatsela tse di kwalolotsweng sešwa.

Re tla atolosa gape le dikgato tsa go dira diteko mo baaging mo mafelong a mogare ono o itelekelang mo go ona.

Moento o o mosola o o seng kotsi ke ona fela o o tla re babalelang mo go COVID-19, mme jaanong go na le meento e e solofetsweng e e santseng e sekasekiwa go ralala le lefatshe ka bophara.

Tetlaphitlhelelo e e lekanang le ya ba bangwe go ka fitlhelela moento ono o o mosola e botlhokwa thata mo go atlegeng mo go fediseng leroborobo leno.

Mo bekeng eno fa e ne e roga, lefatshe le iponetse dikgato tse di tla fetolang ka fao lephata la saense le ntseng le dira dilo ka teng ka le tlhagisitse moento.

Seno ke bopaki jwa ntlha jwa gore moento o o mosola o ka kgonega go diriwa go fedisa mogare wa corona.

E bile go tlhageletse gore tshedimosetso e e tlhagisitswe lantlha e e leng teng ga jaana e tshitshinya gore go na le kgonagalo ya 90% ya gore moento ono o ka nna mosola.

Seno se fetola ka fao re bonelang pele ntlha ya leroborobo la mogare wa corona.

Ditiragalo tseno tsa sešweng jaana di tsosolosa tsholofelo ya rona mo ntweng ya rona ya go lwantshana le mogare ono.

Aforika Borwa e dira mmogo le ditlamo tsa boditšhabatšhaba tsa melemo mo go rekeleng batho ba naga ya rona moento o o bolokesegileng o o mosola e bile e tshameka karolo mo go direng gore moento ono o romelwe gape le ko dinageng tsotlhe tsa kontinente ya rona.

Re dira seno ka go dirisa Setheo sa Aforika sa Twantsho le Thibelo ya Malwetse gore se reke le go tlamela ka matlole moento o o tla dirisiwang mo kontinenteng ya Aforika.

Go balwela gore Aforika e tla tlhoka madi a le kanaka $12 bilione le meento e e mosola e le 750 milione.

Fa beke eno e roga, ka go dirisa maatla a me a go nna monnasetulo wa Mokgatlhotshwaraganelo wa Aforika (AU), ke tlhomile Setlhophatiro sa Aforika sa go Reka Moento wa COVID-19 gore se goge kwa pele dikgato tseno.

Tona ya rona ya Boitekanelo o tla nna karolo ya setlhophatiro seno mmogo le ba bangwe ba baagisani ba kontinente ya rona ba ba dirang tiro e e tswileng diatla.

Aforika Borwa gape e tlhophilwe go nna Monnasetulommogo mo mokgatlong wa lefatshe wa letsholo la ACT-A le le tsamaisang ditharabololo tsa boitshimololedi – go tsenyeletsa le meento – mo dinageng tsotlhe.

Dinaga di tla tshwanelwa ke go tlamela ka matlole gore re kgone go reka moento ono gore re kgone go thibela ditshwaetso tse dingwe gape tsa mogare wa corona.

Ka go lemoga bokgoni jwa ka fa nageng ya rona jwa go tlhagisa melemo se sengwe sa ditlamo tse di di gogang kwa pele mo lefatsheng, sa Johnson & Johnson, se tsenetse tumelano ya ntlha le setlamo sa ka fa nageng, Aspen Pharmacare, gore se tlhagise dikuno tsa moento wa sona le go o phuthela.

Setlamo sa Aspen se na le bokgoni jwa go tlhagisa meento eno e e lekelelwang e le kanaka 300 milione kwa bodutelong jwa sona jwa kwa Nelson Mandela Bay. Ono ke molemo o o tla falosang matshelo a batho o o tla tlhokagalang lefatshe ka bophara, o o tla bong o tlhagisiwa ke badiri ba ka fa nageng ya Aforika Borwa.

Eno ke kgato e nngwe gape e e oketsang mo dikgatong tsa kgatelopele tse di dirilweng ke setlamo sa Biovac, e leng setlamo sa melemo sa ka fa nageng se se dirisanang le puso ya naga ya Aforika Borwa.

Biovac e setse e le kgakala ka dipuisano tsa yona le batlhagisi ba moento ba boditšhabatšhaba tse le tsona di tla se kgontshang go tlhagisa moento wa COVID-19 ka fa nageng go netefatsa gore ga go nne le tlhaelo ya tlamelo ka fa nageng le ka fa kontinenteng.

MaAforika Borwa a gaetsho,

Fa e sale bothata jono bo simolola, seo re neng re se lwela e ne e le go boloka matshelo a batho le go babalela ka fao batho ba iphedisang ka teng.

Ke ka ntlha ya seo mo kgweding ya Moranang re tsentseng tirisong dikgato tse di namagadi tsa ikonomi mmogo le matsholo a loago a go thusa baagi ka maitlhomo a go fokotsa seabe se leroborobo leno le nnileng le sona mo ditlamong, mo badireding mmogo le mo malapeng a baaging ba naga ya rona.

Dikgatotharabololo tseno di ne di tlhokega go tsewa gore dikgwebo di se phutlhame, batho ba se felelwe ke ditiro le go thibela gore dimilione tsa batho ba rona ba gosomele mo lehumeng.

Jaanong, jaaka ikonomi ya rona e ntse e simolola go bulela ditiro tsa ikonomi ka iketlo le go repisa melaokiletso ya motsamao le ya ditiragalo tsa ikonomi, re kgonne go simolola go loga maano go tswa mo matsholong ano a tshoganyetso gore mo go ona re loge maano a magolo a tsosoloso ya ikonomi.

Ka dikgatotharabololo tse di farologaneng tse re di tsayang go samagana le leroborobo la COVID-19, jaanong re katogang matsholo a loago a go thusa baagi mme ka ona re tsena mo matsholong a tsosoloso ya ikonomi.

Jaaka ikonomi ya rona e simolola go itharabologelwa, bontsi jwa matsholo a loago a go thusa baagi a simolola go fokodiwa.

Re a leka gore – ka bonnye jo re nang le bona – re a fedise ka iketlo.

Re a itse gore go na le diintaseteri tse dingwe tse di i seng di kgone go boele sekeng ga ka dira ka botlalo jaaka go ne go le mo malobeng e bile re a itse gore go tla tsaya lobakanyana gore bontsi jwa ditšhono tsa ditiro di boele sekeng.

Ke ka ntlha ya seno re okeditseng nako ya letsholo la loago la Madithuso a a Itlhophileng a COVID-19 ka sebaka sa dikgwedi tse dingwe gape di le tharo, go fitlha ka Ferikgong 2021.

Letsholo leno le tla thusa batho ba le dimilione di le 6 ba ba senang ditiro e bile ba sena thuso epe e ba e amogelang go tswa kwa pusong.

Go latela dipuisano tse di tseneletseng le badirisanimmogo ba rona mo mererong ya loago, ba Letlole la go Kgaolwa kwa Tirong (UIF) le bona ba ne ba oketsa nako ya letsholo la go thusiwa la COVID-19 UIF Ters ka kgwedi e nngwe gape, go fitlha ka la bo 15 Diphalane 2020.

Dipuisano le badirisanimmogo ba rona mo mererong ya loago mabapi le go tshegediwa ga dikgwebo tse di tlhokang thuso fa re gatela kwa pele di tsweletse, e bile re tlhaloganya sentle gore go tlhokega gore UIF e nne le matlole a a lekaneng go kgona go mekamekana le e e solofetsweng ya ditopotuelo tsa go kgaolwa kwa tirong.

Sekema sa COVID-19 UIF go fitlha mo motsing ono se setse se duetse badiredi ba ka nna 4.7 milione matlole a a kanaka R53 bilione.

Dikgato tseno di ne di tlhokagala go tsewa go thusa bao ba neng ba le mo tlalelong mo ba neng ba tlhoka thuso ya rona thata, fela le fa go le jalo matsholo ano a tlo tshwanelwa ke go fedisiwa.

Matsholo ano a go thusa baagi a re thusitse gore re kgone go tlhoma motheo o mo go ona re tla kgonang go agelela matsholo a magolo a itharabologelo ya ikonomi, mo re tla dirang gore dikgaoto tsa go kgaolwa kwa tirong di se tswe mo taolong le go dira gore dikgwebo tse dintsi tse di neng di ka bo di tswaletswe di tswelele go dira ka tolamo.

Jaaka re tla bo re tsaya kgato e ntšhwa mo dikgatong tsa rona tsa go samagana le matsapa a re tobaneng le ona, tsela e le nngwe fela e re ka tswang mo go ona ke ya itharabologelo ya ka bonako e e tla nnelang ruri ya ikonomi.

Ka jalo re semeletse go dira ka natla gore dikarolo tsotlhe tsa ikonomi di boele sekeng go dira ka botlalo ka bonako jo bo kgonagalang le ka mokgwa o o babalesegileng ka mo go ka kgonagalang.

Ka jalo re samagana le go rulaganya sešwa melawanataolo ya maemo a ntlha ka go busetsa sekeng dinako tse di tlwaelegileng tsa thekiso ya notagi kwa mabentleleng.

Re bulela gape le maeto a go tswa le go tsena ka fa nageng go tswa le go leba kwa dinageng tsotlhe fa fela go ikobetswe ditaolelo tsa boitekanelo le go tlhagisiwa ga lekwalonetefaletso le le supang gore diteko di ribolotse gore ga o na COVID-19.

Ka go dirisa diteko tse di diriwang gangwe le gape mmogo le go ela maemo tlhoko re ikaelela go laola ditshwaetso tse di ka runyang ka ntlha ya maeto a go tsena le go tswa kwa dinageng tsa kwa ntle.

Re solofela gore dikgato tseno di tla thusa bogolosegolo dikgwebo mo lekaleng la bojanala le la borobasogo.

Re tsepamisa mogopolo mo go diragatseng leano la rona ka go latela dintlha di le mmalwa tse di kwa setlhoeng ka tsotlhe tse re nang le tsona, ntle le go felelwa ke matla, le go netefatsa gore re a di diragatsa.

Lenaane la rona la mafaratlhatlha le tsweletse go ntsha tema, ka tshegetso e kgolo e e tswang kwa makaleng a poraefete mmogo le kwa ditheong tsa tlhabololo.

Manaane a le mantsi a a tshegediwang ka Letsholo la Maditshegetso a go Tlhola Ditiro la Moporesitente a setse a simolotse, mme batho ba bangwe ba le bantsi ba tsweletse go thapiwa ka ntlha ya seno.

Gare ga ano otlhe, Lefapha la Thuto ya Motheo mo bekeng eno le thankgolotse dikgato tsa go thapa bathusi ba barutabana le ba dikolo, mo bašwa ba ba senang ditiro mo porofenseng e nngwe le e nngwe e leng bona ba ba thapiwang.

Mo bekeng e e tlang re tla tshwara lekgetlo la boraro Khonferense ya Dipeeletso ya Aforika Borwa, e leng sesupo sa botlhokwa sa ka fao naga e tseelang kwa godimo boleng jwa yona jwa go nna lefelo le le ratiwang ke babeeletsi ba ka fa nageng le ba boditšhaba fa go tla mo dipeeletsong.

Re tla tswelea go nna le kgatelopele mo leanong la rona la go itharabologelwa le go aga sešwa ikonomi ya rona, go tsenyeletsa le go fetola maemo a mekgatlho gore re gatetse pele seemo sa ikonomi ya rona.

Ke ditiro tsa rona tse di tla re kgontshang gore re seke ra itelekele mo maitekong a rona a go tsosolosa ikonomi ya rona.

MaAforika Borwa a gaetsho,

Re latlhegetswe ke matshelo a le mantsi thata ka ntlha ya leroborobo leno.

Bontsi jwa rona re ne ra gapeletsega gore re boloke yo mongwe wa batho ba re phelang le bona, tsala kgotsa modirimmogo.

Fa re gadima kwa morago ngwaga o o sa re rateng o o tletseng ka kutlobotlhoko le khutsafalo, go botlhokwa mo go rona rotlhe re le naga gore re bontshe tlotlo le go gopola bao ba ragileng kgamelo ka ntlha ya bolwetse jono.

Go tla nna matshwanedi gore mo pakeng ya Matsatsi a le 16 a Bolweladitshwanelo Kgatlhanong le Tiririsodikgoka mo Basading le mo Baneng – e leng selo se sengwe gape se e leng leroborobo la bobedi leo re tobaneng le lona – re dire segopotso sa bao botlhe ba lobileng matshelo a bona ka ntlha ya leroborobo la COVID-19 le ka ntlha ya leroborobo tirisodikgoka e e totileng batho ba bong jo bo rileng (GBV)

Kabinete e tsere tshwetso ya gore go tloga ka la bo 25 go fitlha ka la bo 29 Ngwanaitseele monongwaga, naga eno e tshwanetse go dirisa matsatsi a le tlhano go gopola batswasetlhabelo bano.

Re tla letla gore folaga ya naga e fofisediwe kwa tlase goralala le naga go tloga ka ura ya borataro mo mosong go fitlha ka ura ya borataro maitseboa go tloga ka Laboraro wa la bo 25 Ngwanaitseele go fitlha ka Latshipi wa la bo 29 Ngwanaitseele.

Re ikuela mo go moAforika Borwa yo mongwe le yo mongwe go apara lesela le letsho mo seatleng kgotsa sesupo se sengwe le se sengwe go supa tlotlo go bao ba tlogetseng lefatshe le le ka kwano.

Re ikuela mo go maAforika Borwa otlhe go nna seoposengwe mme ba dire seno e le segopotso sa gore re gopole basadi le banna ba naga eno ba re agileng mmogo le bona, e le go bontsha kutlobotlhoko e re e jarileng mo dipelong tsa rona, e bile e le sesupo sa go bontsha maikemisetso a rona a go fenya bolwetse jono jo bo tsweletseng go re lautsa.

MaAforika Borwa a gaetsho,

Fa ke eme fa pele ga lona ka lefoko jaana mo bosigong jono, naga ya rona e sa tswa go amogela dikgang tse di hutsafatsang e le ruri tsa gore Morunikakaretso yo a neng a lebile paka ya gagwe ya go rola tiro Rre Kimi Makwetu o thutse botala ka tlhogo.

Mo nakong ya gagwe fa a ne a dira jaaka Morunikakaretso, Rre Makwetu o diretse naga ya gaabo ka boineelo, ka bontle le ka seriti.

Mo kutlobotlhokong eno e ba lelapa la gagwe ba leng mo go yona, re ba beile mo megopolong ya rona le mo dithapelo tsa rona.

Re le naga tla re tsweleleng go dira tsotlhe tse re itseng sentle gore re tshwanetse go di dira gore re ipoloke le go boloka ba bangwe.

Tla re tsweleleng go itshupa gore ga re batho ba letsopa ka jalo ga re pheule ke diphefo mme e bile re na le sebete.

Tla re bontsheng gore re utlwelana botlhoko mo khutsafalong, mo bolwetseng le mo selelong sa khurano ya meno.

Ke maitsholo a rona ka bongwe jwa rona a a tla re bolelelang gore mo dibekeng le mo dikgweding di le mmalwa tse di tlang ke eng se naga ya rona e se batlang.

Dikgato tse re tshwanetseng go di tsaya ga di potapote, ebile di botlhokwa thata.

Di ka pholoso matshelo e bile di a a pholosa.

Tla re tsweleleng go dirisana mmogo jaaka losika lwa Aforika Borwa lo re leng lona gore re kgone go tsosolosa, go busetsa sekeng le go aga sešwa ikonomi ya rona.

A Modimo a tshegofatsa naga ya rona e ntle ya Aforika Borwa le go boloka setšhaba sa yona.

Ke a leboga.

Share this page

Similar categories to explore