Kopo ya ditshiamelo tsa setswetse go tswa mo Letloleng la Inšorentshe ya Botlhokatiro (UIF)

Jaaka motho wa mosadi yo o dirang le go duela dikabelo kwa UIF, o ka tsenya kopo ya ditshiamelo tsa pelegi fa o ya matsatsing a boikhutso a pelegi.

Go nna le tshwanelo ya ditshiamelo, o tshwanetse go bo o amogela ka fa tlase ga mogolo wa gago wa go le gale fa o le mo matsatsing a boikhutso a pelegi.

Bona dintlha ka botlalo mabapi le ditshiamelo tsa pelegi kgotsa ikgolaganye le UIF.

 

Share this page