Kopo ya ditshiamelo tsa bolwetse go UIF

O ka tsenya kopo ya ditshiamelo tsa bolwetse kwa lefelong le le gaufi nao la badiri fa o le modiri yo a dulelang dikabelo mo UIF mme o sa kgone go dira ka ntlha ya bolwetse.

Go tshwanelwa ke ditshiamelo tse, o tshwanetse go bo o amogela mogolo o o ka fa tlase ga wa gale fa o le mo matsatsing a boikhutso ka ntlha ya bolwetse.

Bona dintlha ka botlalo mabapi le go dira topotuelo ya ditshiamelo tsa bolwetse ya UIF kgotsa ikgolaganye le UIF.

 

Share this page