Boikwadiso le Setheo se se kwa godimo sa thuto

Ka ga 
Se o tshwanetseng go se dira
Nako ya tiragatso
Tuelo ke bokae
Diforomo tse di tladiwang 
O ka golagana le mang

 

 

Ka ga go ikwadisa kwa setheong se segolo sa thuto

O ka tsweletsa dithuto tsa gago kwa yunibesithi, yunibesithi ya thekenoloji le kwa dikholetšheng tsa thuto le katiso ya tiro ya diatla (TVET) tse o di itlhophetseng, fa o fitlheletse ditlhokwa.

Diyunibesithi di neela ka mananeo a borutegi le a boporofešinale, fa diyunibesithi tsa thekenoloji le dikhotshe TVET tsona di neelana ka mananeo a a ikaegileng ka tiro ya diatla.

O tshwanetse go netefatsa bonnye jwa ditlhokego tsa go ithuta tsa setheo se o se itlhophetseng.

Fa o le moithuti wa boditšhaba, o tshwanetse go simolola ka go dira kopo ya tetla ya go ithuta kwa Khomišeneng e e kwa Godimo ya Aforika Borwa, Embasing, Ntlokemedin kgotsa Borongweng jwa Kgwebisano jo bo leng kwa nageng ya gaeno. Makwalo a gago a thuto a boditšhaba a tshwanetse go tlhatlhojwa pele ke Bothati jwa Dithebolo tsa Makwaloithuto a Aforika Borwa (SAQA) pele o ikwadisa. Ditlhatlhobo tse di ka tsaya go fitlha go matsatsi a le 16.

Se o tshwanetseng go se dira

  1. Go ya ka maduo a dipholo tsa gago le maduo ao setheo se a tlhokang, tlhopha khoso e maduo a gago a go kgontshang go ithutela yona.
  2. Fa o ikwadisa kwa setheong sa poraefete, tlhola pele gore a se kwadisitswe le Lefapha la Thuto.
  3. Dira kopo ya kamogelo ka tlhamalalo kwa setheong se o se itlhophelang.
  4. Tlatsa foromo ya kopo e e maleba ya setheo seo.
  5. Romela foromo ya go tsenya kopo le ditlankana tsotlhe tse di tlhokegang kwa setheong seo.

Fa o le moithuti wa boditšhaba, dira kopo ya tse di latelang:

Go tsaya nako e e kana kang

Ditheo tse di farologaneng di na le dinako tse difarologaneng.

Go ja bokae

Dituelelo tsa thuto di farologana go ya ka ditheo.

Diforomo tse o tshwanetseng go di tlatsa

Diforomo tsa kwadiso di ka bonwa kwa diyunibesithing le kwa dikholetšheng tsa TVET.

Ke mang yo o ka ikgolaganyang le ena

 

Diyunibesithi

Dikholetšhe tsa setšhaba tsa TVET

Dikholetšhe tsa poraefete tsa TVET

 

Share this page